Nkwalo u pasi
b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o simolotse go rapela Jehofa a sa ntse a le monnye. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo ruta go rapela fa e sa ntse e le ngwana. Fa a le mosha o ne a nna mmulatsela, mme gantsi o ne a kopa Jehofa gore a segofatse bodiredi jwa gagwe. Dingwaga moragonyana, o ile a kopa Jehofa gore a mo neye maatla a gore a itshoke fa monna wa gagwe a ne a lwala fela thata. Gone jaanong ke motlholagadi, mme o tswelela a rapela Jehofa e bile o na le tumelo ya gore Rraagwe yo o kwa legodimong o tla nna a araba dithapelo tsa gagwe, fela jaaka a ntse a dira.