NSHOLO WE ZWIDIYO 21
LUMBO 21 Nnang lo Batle Bogosi Pele
Shaka Nzi u Nowo Galila Cha Chose
“Koga titjashaka [nzi] unozha.”—BAH. 13:14.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tlile go bona gore Bahebera kgaolo 13 e ka re tswela mosola jang gone jaanong le mo nakong e e tlang.
1. Jesu wa ka lebela mbeli kuti Jerusalema ye century ye kutanga i nowo shingikaligwa neni?
MALATSI a le mmalwa pele Jesu a swa, o ile a bolelela balatedi ba gagwe boporofeti jo bo neng jwa diragadiwa lekgetlo la ntlha fa Jerusalema e senngwa. O ile a ba tlhagisa gore letsatsi lengwe motse oo o ne o tla ‘dikologiwa ke masole.’ (Luke 21:20) Jesu o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore fela fa ba bona masole ao, ba ne ba tshwanetse go tswa mo Jerusalema. Motse oo o ne o tla dikologiwa ke masole a Baroma.—Luke 21:21, 22.
2. Mpolostolo Paulo wa ka kumbuludzani Bakirisiti be Bahebera ba ka be ba li ku Judea ne Jerusalema?
2 Dingwaga di le mmalwa pele motse wa Jerusalema o dikologiwa ke masole a Baroma, moaposetoloi Paulo o ile a kwala lekwalo le le nang le molaetsa wa botlhokwa le gompieno re le itseng e le buka ya Bahebera. Mo lekwalong leo, o ile a naya Bakeresete ba kwa Judea le Jerusalema kgakololo e e neng e tla ba thusa go ipaakanyetsa maemo a a thata a ba neng ba tla lebana le one. Ke maemo afe ao? Jerusalema e ne e tlile go senngwa. Fa e le gore Bakeresete bao ba ne ba batla go falola, ba ne ba tshwanetse go ikemisetsa go tlogela magae a bone le dikgwebo tsa bone. Ka jalo, fa Paulo a ne a bua ka motse wa Jerusalema, o ne a re: “Ga re na motse o o nnelang ruri, mme ka tlhoafalo re letetse o o tla agiwang mo nakong e e tlang.”—Baheb. 13:14.
3. “Nzi u singa lobe” ini, ngono ini ti u shaka?
3 Batho ba le bantsi ba ka tswa ba ile ba sotla Bakeresete ba ba ileng ba tswa kwa Jerusalema le Judea ba bo ba ba ja ditshego. Mme gone, go dira jalo go ile ga boloka matshelo a bone. Le rona batho ka re sotla ka gonne re sa dumele gore batho ba ka kgona go rarabolola mathata a lefatshe e bile re sa tshele botshelo jwa manobonobo. Mme gone, goreng re sa dire jalo? Re a itse gore lefatshe leno le tlile go fedisiwa. Ka jalo, re “letetse motse o o nang le metheo ya mmatota,” o o tla agiwang mo nakong e e tlang e leng Bogosi Jwa Modimo.a (Baheb. 11:10; Math. 6:33) Mo ditlhogwaneng tsotlhe tse di mo setlhogong seno, re tlile go bona gore (1) Bakeresete ba ile ba dirisa jang kgakololo e Paulo a neng a ba neile yone ya gore ba nne ba letetse motse o o neng ‘o tla agiwa mo nakong e e tlang,’ (2) gore Paulo o ile a ba thusa jang gore ba ipaakanyetse se se neng se tla direga le (3) gore kgakololo e a ileng a ba naya yone e ka re thusa jang gompieno.
THEMBA MU NA IYE U SINGA KE A KA KU LASHA
4. Ini Jerusalema ya ka be i li chithu chikuklu mu Bakirisiti?
4 Bakeresete ba bagologolo ba ne ba tsaya Jerusalema e le botlhokwa thata ka gonne phuthego ya ntlha e ile ya tlhomiwa kwa Jerusalema ka 33 C.E., e bile setlhopha se se laolang se ne se le koo. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba le bantsi ba ne ba na le matlo le dilo tse dingwe tse dintsi mo motseng oo. Mme gone, Jesu o ile a tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla tshwanelwa ke go tswa kwa Jerusalema tota le kwa Judea.—Math. 24:16.
5. Paulo wa ka baakanya mikumbulo ye Bakirisiti chini mu na cha ka be chi chowo shingikala?
5 E re ka Paulo a ne a batla gore Bakeresete bao ba ipaakanyetse se se neng se tlile go direga, o ile a ba thusa go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka motse wa Jerusalema. O ile a ba gopotsa gore tempele, baperesiti le ditlhabelo tse di neng di ntshiwa kwa Jerusalema di ne di sa tlhole di le boitshepo. (Baheb. 8:13) Gape batho ba le bantsi ba ba neng ba nna kwa motseng oo ba ne ba ganne Mesia. Ka jalo, go ne go sa tlhole go tlhokega gore batho ba ye go obamela Jehofa kwa tempeleng e e kwa Jerusalema e bile e ne e tlile go senngwa.—Luke 13:34, 35.
6. Ini matama a Paulo a mu na Bahebera 13:5, 6 a ka be e fanila Bakirisiti?
6 Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera lekwalo, batho ba le bantsi kwa Jerusalema ba ne ba tshela monate. Mokwadi mongwe wa Moroma wa motlha oo o ne a re Jerusalema e ne e le “motse o o tumileng thata mo karolong eo ya lefatshe.” Bajuda ba ba tswang kwa mafelong a le mantsi, ba ne ba ya kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga gore ba ye go keteka meletlo mengwe. Seo se ne se nonotsha ikonomi ya motse oo. Ga go pelaelo gore Bakeresete bangwe le bone ba ne ba dira madi a mantsi. Gongwe ke gone ka moo Paulo a ileng a ba raya a re: “Lo se ka lwa rata madi, go na le moo, kgotsofalelang dilo tse lo nang le tsone.” Go tswa foo, o ile a nopola ditemana tse mo go tsone Jehofa a rayang motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe a re: “Ga nkitla ke go tlogela, e bile ga nkitla ke go latlha.” (Bala Bahebera 13:5, 6; Dute. 31:6; Pes. 118:6) Goreng Bakeresete ba ba nnang kwa Jerusalema le kwa Judea ba ne ba tlhoka go kgothadiwa jalo? Ka gonne fela fa ba sena go amogela lekwalo leno, ba ne ba tshwanetse go tswa mo magaeng a bone, go tlogela dikgwebo tsa bone le dilo tse dingwe tse ba nang le tsone mme ba ye go simolola botshelo sesha.
7. Ini ta ka fanila simisa thembo yedu mu na Jehova ngwenu?
7 Se re se ithutang: Ke eng se se tlileng go direga mo nakong e e sa fediseng pelo? “Pitlagano e kgolo” e tla simologa, go tswa foo lefatshe leno le tla fedisiwa. (Math. 24:21) Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng e bile re ipaakantse. (Luke 21:34-36) Ka nako ya pitlagano e kgolo, re ka nna ra tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe kgotsa dilo tsotlhe tse re nang le tsone. Ka nako eo, re tshwanetse go tshepa gore Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe. Tota le pele pitlagano e kgolo e simologa, re ka bontsha gore re tshepa mang. Ipotse go re: “A se ke se dirang le mekgele e ke ipeelang yone e bontsha gore ke tshepa gore Jehofa o tla ntlhokomela kgotsa e bontsha gore ke ikantse dikhumo?” (1 Tim. 6:17) Le fa gone re ithuta dilo di le dintsi mo go se se diragaletseng Bakeresete ba bogologolo, boammaaruri ke gore ka nako ya “pitlagano e kgolo” go tla nna thata tota. Mme gone, re ka itse jang gore re tshwanetse go dira eng fa pitlagano e kgolo e simologa?
HWILILANI BA KA MU TUNGAMILA
8. Jesu wa ka laya badiyiwa babe chini?
8 Dingwaga di le mmalwa Bakeresete ba Bahebera ba sena go amogela lekwalo le Paulo a neng a ba kwaletse lone, ba ile ba bona masole a Baroma a dikologile motse wa Jerusalema. Seo e ne e le sesupo sa gore ba ne ba tshwanetse go tshaba. Motse wa Jerusalema o ne o tlile go senngwa. (Math. 24:3; Luke 21:20, 24) Mme gone, ba ne ba tla tshabela kae? Jesu o ne a sa ba bolelela dintlha tse dintsi, o ne a ba reile fela a re: “A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.” (Luke 21:21) Go ne go na le dithaba tse dintsi mo kgaolong eo. Ka jalo, ba ne ba tla itse jang gore ba tshabele kwa thabeng efe?
9. Ini Bakirisiti ba ka be be zwibuzwa kuti ba nga tizhila ku matombo api? (Bona mmepe.)
9 Dithaba dingwe tse Bakeresete ba neng ba ka tshabela kwa go tsone, e ne e le: dithaba tsa Samarea, dithaba tsa Galalea, Thaba ya Heremone le dithaba tsa kwa Lebanona, mmogo le dithaba tse di ka kwa ga Joredane. (Bona mmapa.) Metse mengwe e e neng e le kwa dithabeng tseo, e ne e ka lebega e sireletsegile. Ka sekai, motse wa Gamala o ne o le mo thabeng e e goletseng kwa godimo e bile go ne go le thata go fitlha kwa go one. Bajuda bangwe ba ne ba tsaya motse oo e le lefelo le le sireletsegileng le motho a neng a ka nna mo go lone. Mme gone, Bajuda le Baroma ba ile ba tlhabana mo motseng ono e bile batho ba le bantsi ba ba neng ba nna mo go one ba ne ba bolawa.b
Go na le dithaba tse dintsi tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba ka tshabela kwa go tsone, mme gone e ne e se dithaba tsotlhe tse di neng di sireletsegile (Bona serapa 9)
10-11. (a) Jehova u nga dwa a ka tungamila bathu chini? (Bahebera 13:7, 17) (b) Bakirisiti ba ka batshiwa chini mu ku hwilila ba ka be ba ka ba tungamila? (Bona itshwantsho.)
10 Go lebega Jehofa a ne a kaela Bakeresete a dirisa bakaulengwe ba ba tlhomilweng mo phuthegong. Moragonyana, rahisitori mongwe yo o bidiwang Eusebius o ne a re ‘Modimo o ile a dirisa banna ba ba tlhomilweng gore ba senolele batho ba phuthego ya kwa Jerusalema gore ba tshwanetse go tswa kwa Jerusalema mme ba ye kwa Pela, e leng motse o o kwa Perea.’ Motse oo o ne o siametse gore Bakeresete ba tshabele kwa go one. O ne o se kgakala le Jerusalema e bile go ne go tla nna motlhofo gore ba ye kwa go one. Gape batho ba le bantsi ba kwa Pela, e ne e se Bajuda. Ba ne ba sa leke go lwantsha Baroma.—Bona mmapa.
11 Bakeresete ba ba ileng ba ‘utlwa ba ba etelelang pele’ mo phuthego, ba ile ba tshabela kwa dithabeng kwa Pela. (Bala Bahebera 13:7, 17.) Seo se ile sa dira gore ba se ka ba bolawa. Jehofa ga a a ka a ba latlha ka gonne ba ne ba nna ba “letetse motse o o nang le metheo ya mmatota,” e leng Bogosi Jwa Modimo.—Baheb. 11:10.
Pela e ne e sireletsegile (Bona serapa 10-11)
12-13. Jehova wa ka tungamila bathu babe chini mu zwibaka zwa ka sima?
12 Se re se ithutang: Jehofa o dirisa bakaulengwe ba ba etelelang pele gore ba neye batho ba gagwe ditaelo tse di tlhamaletseng. Baebele e na le dikai di le dintsi tse di bontshang gore Jehofa o ile a dirisa banna ba ba ikanyegang gore ba kaele batho ba gagwe ka dinako tse di thata. (Dute. 31:23; Pes. 77:20) Le rona re bone kafa Jehofa a ileng a dirisa bakaulengwe ba ba etelelang pele go re kaela.
13 Ka sekai, ka nako ya bolwetse jwa COVID-19, bakaulengwe “ba ba . . . etelelang pele” ba ile ba naya diphuthego ditaelo. Ba ile ba laela bagolwane gore ba tshwanetse go tshwara dipokano jang. Dikgwedi di le mmalwa fa bolwetse jono bo sena go simologa, re ile ra tshwara kopano ka dipuo di feta 500 re dirisa Internet, thelebishene le radio. Ruri Jehofa o ile a re naya se re neng re se tlhoka gore re tswelele re atamalane le ene! Seo se ile sa dira gore re nne seoposengwe. Ga re belaele gore Jehofa o tla nna a thusa bakaulengwe ba ba etelelang pele gore ba dire ditshwetso tse di siameng mo nakong e e tlang fa re lebana le diteko. Gore re ipaakanyetse pitlagano e kgolo le gore re dire ditshwetso tse di botlhale ka nako eo e e thata, re tshwanetse go tshepa Jehofa le go ikobela ditaelo tsa gagwe. Mme gone, ke dinonofo dife gape tse re tshwanetseng go nna le tsone?
LAKIDZA LUDO GWE BUZWALANI NE KU AMUCHILA BEZI
14. Ku yenda na Bahebera 13:1-3, Bakirisiti ba ka be ba ka fanila ku be ne buthu gwa ka tini mu mazhuba e bupelo e njendiso ye Chijuta?
14 Fa pitlagano e kgolo e simologa, re tla tlhoka go ratana go feta le fa e le leng pele. Ka nako eo re tla tlhoka go dira se Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Jerusalema le Judea ba neng ba se dira. Ba ne ba ratana. (Baheb. 10:32-34) Mme gone, dingwaga di le mmalwa pele Jerusalema e senngwa, ba ne ba tlhoka go “ratana jaaka bana ba motho ba ratana” le “go amogela baeng” le go feta.c (Bala Bahebera 13:1-3.) Le rona re tla tlhoka go dira se se tshwanang ka nako ya pitlagano e kgolo.
15. Ini Bakirisiti be Bahebera ba ka be ba ka fanila ku lakidzana ludo gwe buzwalani ne ku amuchila bezi shule kwe ku tizha kwabo
15 Fa masole a Baroma a sena go dikologa Jerusalema go tswa foo a bo a tsamaya go sa lebelelwa, Bakeresete ba ile ba nna le tshono ya go tshaba ba tshwere dilo di sekae fela. (Math. 24:17, 18) Ba ne ba tshwanetse go thusana fa ba tsamaya mo dithabeng le fa ba goroga kwa Pela. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba tlhoka dijo, diaparo le lefelo le ba ka nnang mo go lone. Ka jalo, ba ne ba ka bontsha gore ba ratana jaaka bana ba motho le gore ba amogela baeng ka go emana nôkeng le ka go abelana se ba neng ba na le sone.—Tito 3:14.
16. Ti nga lakidza bazwalani bedu ba no sheta batsho ludo chini? (Bona itshwantsho.)
16 Se re se ithutang: Lorato lo re tlhotlheletsa gore re thuse bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba tlhoka thuso. Ka sekai, ba le bantsi ba ile ba itumelela go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tshabileng kwa magaeng a bone ka ntlha ya ntwa kgotsa masetlapelo a tlholego. Ba ile ba ba naya dilo tse ba di tlhokang e bile ba ile ba ba kgothatsa gore ba tswelele ba direla Jehofa. Kgaitsadi mongwe wa kwa Ukraine yo o ileng a tswa kwa legaeng la gagwe ka ntlha ya ntwa o ne a re: “Re ile ra lemoga gore Jehofa o ne a dirisa bakaulengwe go re kaela le go re naya dilo tse re neng re di tlhoka. Ba ile ba re amogela mo magaeng a bone ba bo ba re thusa fa re le kwa Ukraine, kwa Hungary le gone jaanong fa re le mo Germany.” Fa re amogela bakaulengwe le bokgaitsadi mo magaeng a rona e bile re ba naya dilo tse ba di tlhokang, re a bo re letla Jehofa gore a re dirise.—Diane 19:17; 2 Bakor. 1:3, 4.
Re tshwanetse go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tshabileng kwa magaeng a bone (Bona serapa 16)
17. Ini ta ka fanila lakidza ludo gwe buzwalani ne ku amuchila bezi ngwenu?
17 Ka nako ya pitlagano e kgolo re tla tlhoka go thusana go feta le fa e le leng pele. (Hab. 3:16-18) Gone jaanong Jehofa o re ruta gore re ratane jaaka bana ba motho le gore re amogelane mo magaeng a rona, e leng dinonofo tse re tla di tlhokang thata ka nako eo.
CHI CHOWO SHINGIKALA
18. Ti nga yedza Bakirisiti be Bahebera be century ye kutanga chini?
18 Bakeresete ba ba ileng ba tshabela kwa dithabeng ga ba a ka ba bolawa fa Jerusalema e senngwa. Le fa ba ile ba tlogela sengwe le sengwe mo motseng oo, Jehofa ga a a ka a ba tlogela. Re ithuta eng mo go bone? Ga re itse sengwe le sengwe se se tla diregang mo nakong e e tlang. Mme gone, Jesu o ne a re tlhagisa gore re nne re ipaakantse. (Luke 12:40) Gape kgakololo e Paulo a ileng a e naya Bakeresete ba Bahebera e ka re thusa fa re e dirisa. Mo godimo ga moo, Jehofa o tla dira se a se solofeditseng, ga a kitla a re tlogela kgotsa a re latlha. (Baheb. 13:5, 6) E kete re ka nna re letetse motse o o tla nnelang ruri, e leng Bogosi Jwa Modimo, le masego a re tla a itumelelang go ya go ile.—Math. 25:34.
LUMBO 157 Go Tla Rena Kagiso!
a Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, gantsi motse o ne o busiwa ke kgosi. Motse oo o ne o ka tsewa e le bogosi.—Gen. 14:2.
b Seno se ne sa direga ka 67 C.E., nakwana morago ga gore Bakeresete ba tshabe kwa Judea le Jerusalema.
c Le fa lefoko le le ranotsweng e le ‘ratanang jaaka bana ba motho ba ratana’ le ka dirisiwa fa go buiwa ka ba lelapa, Paulo ene o le dirisa go tlhalosa lorato lo Bakeresete ba ratanang ka lone mo phuthegong.