LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 294-ts. 295
  • Moganetsa-Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moganetsa-Keresete
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moganetsakeresete ke Mang?
    Tsogang!—2001
  • Moganetsakeresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Moganetsakeresete o a Senolwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Moganetsakeresete ke Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 294-ts. 295

Moganetsa-Keresete

Tlhaloso: Moganetsa-Keresete go raya yo o kgatlhanong kana mo boemong jwa ga Keresete. Lereo leno le dira go botlhe bao ba ganetsang seo Bibela e se buang kaga Jesu Keresete, botlhe bao ba ganetsang Bogosi jwa gagwe le botlhe bao ba tshwarang balatedi ba gagwe makgwakgwa. Gape le akareletsa le batho ka bongwe, diphuthego, kana merafe eo ka maaka e iphakang go emela Keresete kana eo ka mo go sa tshwanelang e ikayang fa e le yone Mesia ka sebele.

A Bibela e lebisa go moganetsa-keresete a le mongwe?

1 Yoh. 2:18: “Banyana, ke nakō ea bohèlō: me yaka lo kile loa utlwa ha moganetsa Keresete aa tla, le gompiyeno go setse go cogile baganetsa Keresete ba le bantsi; me re itse ka gōna ha e le nakō ea bohèlō.”

2 Yoh. 7: “Gonne batsietsi ba le bantsi ba cwetse mo lehatshiñ, eboñ bōnè ba ba sa ipoleleñ ha Yesu Keresete a tsile mo nameñ. Motsietsi ke èna eouō, le moganetsa Keresete.” (Elatlhoko gore “baganetsa Keresete” ba ga 1 Yohane 2:18 fano ba lebisiwa ba le seopo-sengwe jaaka “moganetsa Keresete.”)

A go tla ga moganetsa-keresete go boloketswe nako nngwe mo isagweng?

1 Yoh. 4:3: “Me mōea moñwe le moñwe o o sa ipoleleñ Yesu, ga se oa Modimo: me o ko ōna mōea oa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseñ ha o tla; me yanoñ o setse o le mo lehatshiñ.” (Seo se ne sa kwalwa gaufi le bofelo jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.)

1 Yoh. 2:18: “Le gompiyeno go setse go cogile baganetsa Keresete ba le bantsi; me re itse ka gōna ha e le nakō ea bohèlō.” (Ka “nakō ea bohèlō” Johane ka phepafalo o ne a raya bokhutlo jwa lobaka lwa baaposetoloi. Baaposetoloi ba bangwe ba ne ba sule, mme Johane ka boene o ne a setse a tsofetse thata.)

Bangwe ba bao ba kgethololwang jaaka moganetsa-keresete—

Batho bao ba latolang gore Jesu eleruri ke Mesia

1 Yoh. 2:22: “Moaki e mañ ha e se eo o latolañ, go re, Yesu ga se Keresete [kana, Mesia, motlodiwa]? Ke èna moganetsa Keresete.”

Botlhe bao ba latolang gore Jesu ke Morwa Modimo yo o tlotlegang segolo bogolo

1 Yoh. 2:22: “Ke èna moganetsa Keresete, eboñ èna eo o itatolañ Rara le Morwawè.”

Bapisa Yohane 10:36; Luke 9:35.

Batenegi

1 Yoh. 2:18, 19: “Go setse go cogile baganetsa Keresete ba le bantsi . . . Ba dule mo go rona, me ea bo e ne e se ba rona.”

Bao ba ganetsang balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete

Yoh. 15:20, 21: “Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa . . . Me dilō cotlhe tse, ba tla di lo dihèla ka ntlha ea leina ya me.”

Batho-ka-bongwe le merafe eo e ganetsang Keresete jaaka Kgosi kana bao ka maaka ba iphakang go nna Mesia ka bobone

Pes. 2:2: “Dikgosi tsa lehatshe dia ikemisa, le balaodi ba logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa [Keresete, kana Mesia] oa gagwè.”

Bona gape Tshenolō 17:3, 12-14; 19:11-21.

Math. 24:24: “Go tla coga Bakeresete ba e señ bōnè, le baperofeti ba e señ bōnè, me ba tla bōnatsa dichupō tse di kgolo, le dikgakgamaco; gore ha go ka nna yalo, ba timetsè le ba e leñ baitshenkedwi ka bosi.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela