Baperofeti ba Maaka
Tlhaloso: Batho le mekgatlho e e bolelang melaetsa e go tweng e tswa kwa motsweding mongwe o o fetang motho ka nonofo mme melaetsa eo e sa tswe kwa Modimong wa boammaaruri e bile e se tumalanong le thato ya gagwe e e senotsweng.
Baperofeti ba boammaaruri le ba maaka ba ka lemogiwa jang?
Baperofeti ba boammaaruri ba ipolela tumelo ya bone mo go Jesu, mme mo gontsi go a tlhokafala go na le go iphaka fela go rera mo ineng ja gagwe
1 Yoh. 4:1-3: “Lo tlhotlhomisè meōea, bo ke ea Modimo: ka baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba cwetse mo lehatshiñ. Mōea oa Modimo lo tla o itse ka gōna mo: mōea moñwe le moñwe o o ipolèlañ, go re, Yesu Keresete o tsile mo nameñ, ko ōna oa Modimo: Me mōea moñwe le moñwe o o sa ipoleleñ Yesu, ga se oa Modimo.”
Math. 7:21-23: “Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ. E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea, ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago . . .? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”
Baperofeti ba boammaaruri ba bua mo ineng la Modimo, mme go iphaka fela go mo emela ga go a lekana
Dute. 18:18-20: “Ke tla ba cosetsa moperofeti mo baneñ ba ga rrabō, eo o chwanañ nau [jaaka Moshe]; ke tla tsenya mahoko a me mo molomuñ oa gagwè, me o tla bua nabō cotlhe tse ke tla di mo laolèlañ. Me go tla dihala, go re, leha e le mañ eo o ganañ go reetsa mahoko a me, a o tla a buañ mo ineñ ya me, ke tla go lehetsa mo go èna. Me moperofeti eo o tla italetsañ go bua lehoko ka leina ya me, ye ke sa le mo laolèlañ go le bua, kgotsa eo o tla buañ mo ineñ ya medimo e sele, moperofeti eouō a a shwè.” (Bapisa Yeremia 14:14; 28:11, 15.)
Jesu o rile: ‘Ga ke dire sepe ka nosi, mme ke bua dilo tse fela jaaka Rara a nthutile.’ (Yoh. 8:28) O ne a re: “Ke tsile ka leina ya ga Rrè.” (Yoh. 5:43) Jesu gape o ne a re: “Eo o ipuisañ hèla, o senka go ikgalaletsa.”—Yoh. 7:18.
Fa batho bape fela kana mekgatlho ba iphaka go emela Modimo mme ba palelwa ke go dirisa leina la Modimo la sebele, mme go na le moo ba na le tlwaelo ya go tlhalosa megopolo ya bone mo dikgannyeng, a ba fitlhelela tshwanelego e e botlhokwa eno ya moperofeti wa boammaaruri?
Kgono ya go dira “dichupō tse di kgolo” kana “dikgakgamaco” ga se yone thata-thata e e kayang moperofeti wa boammaaruri
Math. 24:24: “Go tla coga Bakeresete ba e señ bōnè, le baperofeti ba e señ bōnè, me ba tla bōnatsa dichupō tse di kgolo, [“metlholo,” TEV] le dikgakgamaco; gore ha go ka nna yalo, ba timetsè le ba e leñ baitshenkedwi ka bosi.”
2 Bathes. 2:9, 10: ‘Go tla ga yo o boiphehero go kafa go direng ga ga Satane ka thata yotlhe le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso tsa maaka, le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba nyelelang; ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaaruri, gore ba bolokwe.’
Mo letlhakoreng le lengwe, Moshe o ne a dira dikgakgamatso ka kaelo ya ga Jehofa. (Ekes. 4:1-9) Jehofa gape o ne a nonotsha Jesu go dira dikgakgamatso. (Dit. 2:22) Mme dilo tse dingwe gape kwantle ga dikgakgamatso di ne tsa supa gore tota ba ne ba romilwe ke Modimo.
Se baperofeti ba boammaaruri ba se bolelelang pele se a diragala, mme ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya gore tota se tla diragala leng kana jang
Dan. 12:9: “Daniela, tsamaea hèla: gonne mahoko a cwalecwe, a kanelecwe go ea go hitlha mo motlheñ oa bokhutlō.”
1 Pet. 1:10, 11: “Baperofeti . . . Ba kèlèka kaga motlha, le kaha motlha ouō o tla nnañ ka gōna, o Mōea oa ga Keresete o o noñ o le mo go bōnè o o shupañ, ka o kaile galè dipogisègō tsa ga Keresete, le dikgalalèlō tse di tla di salañ moragō.”
1 Bakor. 13:9, 10: “Re itse ka bontlha ñwe, re perofesa ka bontlha ñwe: Me e tla re se se itekanetseñ se tsile, se se emeñ ka bontlha ñwe se tla khutlisiwa.”
Dia. 4:18: “Tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.”
Baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba pele ba Bakeresete ba ile ba nna le ditebelelo dingwe tse di phoso, mme Bibela ga e ba sobokanye le “baperofeti ba maaka.”—Bona Luke 19:11; Yoh. 21:22, 23; Dit. 1:6, 7.
Moperofeti Nathane o ne a kgothaletsa Kgosi Dafide go tswelela pele ka se se neng se le mo pelong ya gagwe malebana le kago ya ntlo ya kobamelo ya ga Jehofa. Mme moragonyana Jehofa o ne a bolelela Nathane go itsise Dafide gore e ne e se ene yo o neng a tla e aga. Jehofa o ne a se ka a latlha Nathane ka se a neng a se buile go le pelenyana mme o ne a tswelela go mo dirisa ka go nne o ne a siamisa kgang ka boikokobetso morago ga fa Jehofa a se na go e phepafatsa.—1 Ditih. 17:1-4, 15.
Dipolelo tsa moperofeti wa boammaaruri di etleetsa kobamelo ya boammaaruri mme di tumalanong le thato ya Modimo e e senotsweng
Dute. 13:1-4: “E re ha go coga moperofiti mo gare ga gago, leha e le molori oa ditōrō, me a gu naea seshupō kgotsa segakgamatsi, Me seshupō kgotsa segakgamatsi seuō se dihala, se o buileñ nau kaga shōna, a re, A re saleñ medimo e sele moragō, e u e señ u e itse, a re e diheleñ; U seka ua reetsa mahoko a moperofiti eouō, kgotsa molori eouō oa ditōrō; gonne Yehofa Modimo oa lona oa lo leka, go itse boo lo rata Yehofa Modimo oa lona ka pelo eotlhe ea lona le ka mōea otlhe oa lona. Lo sepelè moragō ga Yehofa Modimo oa lona, lo boihè èna, lo tshegetsè ditaolō tsa gagwè, lo inèlè go utlwa lencwe ya gagwè, lo mo dihèlè, lo mo ñaparèlè.”
Ereka Bibela e re “tsala ea lehatshe” ke mmaba wa Modimo, a baruti ba ba kgothaletsang maloko a dikereke tsa bone go tsenelela mo dikgannyeng tsa lefatshe ba etleetsa kobamelo ya boammaaruri? (Yak. 4:4; 1 Yoh. 2:15-17) Modimo wa boammaaruri o rile merafe ‘e tla itse fa ke le Jehofa,’ mme Bibela e tlhalosa gore Modimo o tla tlhaola mo merafeng ‘batho ba leina la gagwe,’ a mme mekgatlho ya bodumedi eo e ngotlafatsang botlhokwa jwa go dirisa leina la Modimo la sebele ba dira tumalanong le thato e e senotsweng ya Modimo? (Esek. 38:23; Dit. 15:14) Jesu o rutile balatedi ba gagwe go rapelela Bogosi jwa Modimo, mme Bibela e tlhagisa kgatlhanong le gore motho a ikanye batho, ka jalo a baruti kana mekgatlho ya bopolotiki eo e kgothaletsang batho go baya tsholofelo ya bone mo bobusing jwa motho ke baperofeti ba boammaaruri?—Math. 6:9, 10; Pes. 146:3-6; bapisa Tshenolō 16:13, 14.
Baperofeti ba boammaaruri le ba maaka ba ka itsiwe ka loungo lwa bone jaaka lo iponatsa mo matshelong a bone le mo matshelong a bao ba ba latelang
Math. 7:15-20: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè . . . Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula . . . Me ke gōna lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.”
Ke eng se se kgethololang tsela ya go tshela ga bone? ‘Ditiro tsa nama ke . . . boaka, bomaswe, le bopepe, le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo. . . . Bao ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Mme loungo lwa moya wa [Modimo] ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo, le boingotlo, le boikgapo.’—Bagal. 5:19-23; bona gape 2 Petere 2:1-3.
A Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba dira diphoso mo dithutong tsa bone?
Basupi ba ga Jehofa ga ba iphake go nna baperofeti ba ba tlhotlheleditsweng. Ba ile ba fosa. Jaaka baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, ka dinako tse dingwe ba ile ba nna le ditebelelo tse di phoso.—Luke 19:11; Dit. 1:6.
Dikwalo di baakanyetsa ka dipaka tsa nako tseo di amanang le go nna gone ga ga Keresete, mme Basupi ba ga Jehofa ba ile ba di ithuta ka kgatlhego e kgolo. (Luke 21:24; Dan. 4:10-17) Jesu gape o tlhalositse ka sesupo se se dikarolo dintsi seo se neng se tla golagana le dipolelelo pele tsa nako tse di neng di tla kgetholola losika lo lo neng lo tla bo lo sa ntse lo tshela fa tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane e khutla. (Luke 21:7-36) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ntsha bosupi jwa gore sesupo seno se diragetse. Go boammaaruri gore Basupi ba ile ba fosa mo go tlhaloganyeng ga bone se se neng se tla diragala kwa bokhutlong jwa dipaka dingwe, mme ga ba dira phoso ya go latlhegelwa ke tumelo kana go khutlela go tlhokomela tiragatso ya maikaelelo a ga Jehofa. Ba ile ba tswelela ba ntse ba akantse ka metlha ka kgakololo e e neilweng ke Jesu: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”—Math. 24:42.
Dikgang tseo go tsone go neng ga tlhokega dipaakanyo tsa pono di ile tsa nna dipotlana fa di bapisiwa le boammaaruri jwa Bibela jo bo botlhokwa joo ba ileng ba bo lemoga le go bo phatlalatsa. Gareng ga tse go na le tse di latelang: Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri. Jesu Keresete ga se karolo ya Modimo o o tlhogo tse tharo mme ke Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le nosi. Kgololo go tswa sebeng e kgonagala fela ka tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete. Moya o o boitshepo ga se motho mme ke maatla a a dirang a ga Jehofa, mme loungo lwa one lo tshwanetse go bonala mo matshelong a baobamedi ba boammaaruri. Moya wa motho ga se o o sa sweng, jaaka baheitane ba bogologolo ba ile ba bolela; o a swa, mme tsholofelo ya botshelo jwa mo isagweng e mo tsogong. Go dumelela boikepo ga Modimo go ile ga nna ka ntlha ya kganetsano ya bolaodi jwa lobopo. Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya setho. Fa e sa le go tloga ka 1914 re ntse re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo ya dilo ya lefatshe lotlhe. Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba 144 000 ke bone fela ba ba tla nnang dikgosi le baperesiti le Keresete kwa legodimong, fa ba bangwe ba batho ba ba kutlo ba tla amogela botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise.
Lebaka le lengwe le le ka akanyediwang malebana le dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa ke le: A tseno ruri di ile tsa tokafatsa boitsholo jwa batho? A ba ba ngaparelang dithuto tseno ba tlhomologile mo metseng ya bone ka ntlha ya boikanyegi jwa bone? A botshelo jwa malapa a bone bo tlhotlhelediwa ka mo go molemo ke go dirisa dithuto tseno? Jesu o rile balatedi ba gagwe ba tla lemogiwa sentle ka go ratana. (Yoh. 13:35) A nonofo eno ke e e tlhomologileng gareng ga Basupi ba ga Jehofa? Re letla mabaka gore a ipuelele ka boone.
Fa Mongwe A Re—
‘Moruti wa me o rile Basupi ba ga Jehofa ke baperofeti ba maaka’
‘O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme mma ke go botse jaana, A o go supegeditse sengwe mo Bibeleng seo se tlhalosang se re se dumelang kana se re se dirang se se reng batho ba mofuta oo ke bone baperofeti ba maaka? . . . A ke ka go bontsha ka mo Bibela e tlhalosang baperofeti ba maaka ka gone? (He dirisa ntlha e le nngwe kana tse di oketsegileng tseo di ileng tsa thadisiwa mo ditsebeng 42-46.)’
Kana o ka nna wa re: ‘Ke tlhomamisa gore o tla dumela gore bosupi jo bo papametseng bo tshwanetse jwa tshegetsa tatofatso e e ntseng jalo e e masisi. A moruti wa gago o ile a umaka dikai dingwe tse di papametseng? (Fa mong wa ntlo a lebisa go maiphako mangwe a “dipolelelo-pele” tseo di ileng tsa se ka tsa diragala, dirisa dintlha tse di mo tsebeng ya 43, le mo tsebeng 45 go ya kwa godimo ga tsebe 47.)’
Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Ke tlhomamisa gore fa mongwe a ne a ka go baya molato ka sengwe se se tshwanang o ne o tla itseela sebaka seo go mo tlhalosetsa boemo jwa gago kana pono ya gago, a o ne o ka se dire jalo? . . . Ka jalo a o ka mma ka go kaela go tswa Bibeleng . . .?’