LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 189-ts. 196
  • Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A4 Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Sehebera
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Jehofa ke Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Leina la Modimo le “Kgolagano e Ntšha”
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Leina la Modimo le Baranodi ba Bibela
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 189-ts. 196

Jehofa

Tlhaloso: Leina la sebele la Modimo o o osi wa boammaaruri. Leina la gagwe le a le itlhophetseng ka boene. Jehofa ke Mmopi mme, ka tshwanelo, ke Molaodi Mogolo wa lobopo lotlhe. “Jehofa” le ranotswe go tswa ditlhakeng tse nne tsa Sehebera, יהוה tseo di rayang “O Dira Gore go Diragale.” Ditlhaka tse nne tseno tsa Sehebera di emelwa mo dipuong di le dintsi ke ditlhaka JHVH kana YHWH.

Leina la Modimo le fitlhelwa kae mo dithanolong tsa Bibela tseo di dirisiwang thata gompieno?

The New English Bible: Leina Jehofa le bonala mo go Ekesodo 3:15; 6:3. Bona gape Genesise 22:14; Ekesodo 17:15; Baatlhodi 6:24; Esekiele 48:35. (Mme fa eno le dithanolelo tse dingwe di dirisa “Jehofa” fale le fale, ke eng di sa tlhomame mo go le diriseng gongwe le gongwe fa ditlhaka tse nne tsa Sehebera di bonalang gone mo mokwalong wa Sehebera?)

Revised Standard Version: Mokwalo o o kwa tlase go Ekesodo 3:15 wa re: “Lefoko Morena fa le kwalwa ka ditlhaka tse ditona, le emela leina la Modimo, YHWH.”

Today’s English Version: Mokwalo o o kwa tlase go Ekesodo 6:3 o tlhalosa jaana: “Morena: . . . Fa temana ya Sehebera e nang le Yahweh, ka tlwaelo le emiseditsweng jaaka Jehofa, thanolo eno e dirisa Morena ka ditlhaka tse dikgolo, ka go latela tiriso e e anameng mo dithanolelong tsa Sekgowa.”

King James Version: Leina Jehofa le fitlhelwa go Ekesodo 6:3; Pes. 83:18; Isaia 12:2; 26:4. Bona gape Genesise 22:14; Ekesodo 17:15; Baatlhodi 6:24.

American Standard Version: Leina Jehofa le dirisiwa ka tlhomamo mo Dikwalong tsa Sehebera mo thanolong eno, go simolola ka Genesise 2:4.

Douay Version: Mokwalo o o kwa tlase go Ekesodo 6:3 wa re: “Leina la me ke Adonai. Leina, le le mo temaneng ya Sehebera, ke le le siameng thata la Modimo, leo le kayang go nna gone ga gagwe mo go sa feleng, (Ekes. 3, 14,) leo Bajuda ka ntlha ya tshisimogo ba sekeng ba le bitsa; mme, go na le lone, gongwe le gongwe mo le bonalang gone mo Bibeleng, ba bala Adonai, eo e rayang Morena; mme, ka gone, ba tsenya dintlha kana ditumanosi, tseo eleng tsa leina Adonai, mo ditlhakeng tse nne tsa leina le lengwe leo le sa buiwang, jaaka Jod, He, Vau, He. Jalo batho bangwe ba metlha ya segompieno ba ne ba bopaganya leina la ga Jehofa, le le sa itsiweng ke bagologolo botlhe, e kane e le Bajuda kana Bakeresete; ka gobo go bidiwa ga leina, le le mo temaneng ya Sehebera, ka go sa dirisiwe ka sebaka se seleele, jaanong go latlhegile.” (Go a kgatlha gore The Catholic Encyclopedia [1913, Bol. VIII, ts. 329] e bo e re: “Jehofa, leina le le tshwanetseng la Modimo mo Testamenteng e Kgologolo; jalo Bajuda ba ne ba le bitsa leina ka tlotlomalo, leina le legolo, leina le le nosi.”)

The Holy Bible e e ranotsweng ke Ronald A. Knox: Leina Yahweh le fitlhelwa mo mekwalong e e kwa tlase go Ekesodo 3:14 le 6:3.

The New American Bible: Mokwalo o o kwa tlase go Ekesodo 3:14 o amogela mofuta “Yahweh,” mme leina ga le bonale mo thanolong ka kakaretso. Go Saint Joseph Edition, bona gape appendix Bible Dictionary tlase ga “Morena” le “Yahweh.”

The Jerusalem Bible: Ditlhaka tse nne tsa Sehebera di ranoletswe go Yahweh, go simolola ka go bonala ga tsone ga ntlha, go Genesise 2:4.

New World Translation: Leina Jehofa le dirisiwa mo Dikwalong tsoo-pedi tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete mo thanolong eno, le bonala makgetlo a le 7210.

An American Translation: Go Ekesodo 3:15 le 6:3 leina Yahweh le a dirisiwa, le go latelwa ke “Morena” mo masakaneng.

The Bible in Living English, S. T. Byington: Leina Jehofa le dirisiwa go ralala Dikwalo tsa Sehebera.

The ‘Holy Scriptures’ e e ranotsweng ke J. N. Darby: Leina Jehofa le bonala go ralala Dikwalo tsa Sehebera, gape le mo mekwalong e mentsi e e kwa tlase mo ditemaneng tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, go simolola ka Mathaio 1:20.

The Emphatic Diaglott, Benjamin Wilson: Leina Jehofa le bonwa mo go Mathaio 21:9 le mo mafelong a mangwe a le 17 mo thanolong eno ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete.

The Holy Scriptures According to the Masoretic Text—A New Translation, Mokgatlho wa Kgatiso wa Sejuda wa Amerika, Max Margolis mokwadi-mogolo: Go Ekesodo 6:3 ditlhaka tse nne tsa Sehebera di bonala mo temaneng ya Sekgoa.

The Holy Bible e e ranotsweng ke Robert Young: Leina Jehofa le fitlhelwa go ralala Dikwalo tsa Sehebera mo thanolong eno ya sebele.

Ke ka ntlha yang fa dithanolo tsa Bibela di le dintsi di sa dirise leina la Modimo la sebele kana go le dirisa fela go se kae?

Ketapele ya Revised Standard Version e tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya mabaka a le mabedi Komiti e boetse kwa tirisong e e tlwaelegileng thata ya King James Version: (1) lefoko ‘Jehofa’ ka tlhamalalo ga le emele mofuta ope wa leina lepe le le kileng la dirisiwa mo Sehebereng; le (2) tiriso ya leina lepe fela le le siameng la Modimo o mongwe fela le o o osi, jaaka ekete go ne go na le medimo e sele eo a neng a tshwanetswe go farologanngwa le yone, e ne ya emisiwa mo Sejudeng pele ga motlha wa Bokeresete mme ga le a tshwanela gotlhelele go tumelo yotlhe ya Kereke ya Bokeresete.” (Ka gone go ne ga ikaegwa ka pono ya bone ya se se tshwanetseng jaaka motheo wa go tlosa mo Bibeleng e e Boitshepo leina la sebele la Mokwadi wa yone wa Bomodimo, yo leina la gagwe le bonalang mo Sehebereng sa tlholego gantsi thata go na le leina lepe fela kana sereto. Ba ne ba itetla go latela sekao sa bakgomaredi ba Sejuda, bao Jesu a rileng ka bone: “Lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona.”—Math. 15:6.)

Baranodi bao ba ileng ba ikutlwa ba patelesega go tsenya leina la sebele la Modimo mo e ka nnang gangwe kana makgetlo a sekae mo thanolong ka kakaretso, lefa gone ba sa dire jalo ka nako tsotlhe fa le bonala mo Sehebereng, ka phepafalo ba latetse sekao sa ga William Tyndale, yo o neng a tsenya leina la bomodimo mo thanolong ya gagwe ya Pentateuch e e gatisitsweng ka 1530, ka gone a nna kgatlhanong le tlwaelo ya go tlogela leina le gotlhelele.

A leina Jehofa le ne le dirisiwa ke bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete?

Mo lekgolong la bone la dingwaga, Jerome, o ne a kwala jaana: “Mathaio, yo gape eleng Lefi, le yo e rileng a tlogela bokgethisi a nna moaposetoloi, la ntlha o ne a tlhama Efangele ka ga Keresete mo Judea ka puo ya Sehebera le mekwalo ya sone gore e solegele molemo bao e neng e le ba thupiso bao ba neng ba dumetse.” (De viris inlustribus, chap. III) Efangele eno e ne e akaretsa ditsopolo tse di tlhamaletseng di le 11 tsa dikarolo tsa Dikwalo tsa Sehebera koo ditlhaka tse nne tsa Sehebera di fitlhelwang gone. Ga go na lebaka la go dumela gore Mathaio o ne a se ka a tsopola ditemana jaaka di ne di kwadilwe mo mokwalong wa Sehebera o a neng a tsopola mo go one.

Bakwadi bangwe ba ba tlhotlheleditsweng bao ba neng ba tlaleletsa go diteng tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete ba tsopotse ditemana di le dintsi go tswa go Septuagint, thanolo ya Dikwalo tsa Sehebera go ya mo Segerikeng. Bontsi jwa ditemana tseno bo ne bo akareletsa ditlhaka tse nne tsa Sehebera fela mo mokwalong wa Segerika wa dikaelo tsa pele tsa Septuagint. Tumalanong le boikutlo jwa ga Jesu malebana le leina la ga Rraagwe, barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla tshegetsa leina leo mo ditsopolong tseo.—Bapisa Yohane 17:6, 26.

Go Journal of Biblical Literature, George Howard wa Unibesithi ya Georgia o kwadile jaana: “Re itse sentle gore Bajuda ba ba buang Segerika ba ile ba tswelela ba kwala יהוה mo teng ga Dikwalo tsa bone tsa Segerika. Go feta moo, ga go bonale fa Bakeresete ba pele ba Bajuda ba ba buang Segerika ba ne ba kgaogana le tlwaelo eno. Lemororo mo ditshupisong tse dingwe go Modimo gongwe ba ile ba dirisa mafoko [Modimo] le [Morena], go ne go tla bo go sa tlwaelega thata gore ba ntshe ditlhaka tse nne tsa Sehebera mo mokwalong wa Bibela ka bo yone. . . . Ereka ditlhaka tse nne tsa Sehebera di ne di sa ntse di kwalwa mo dikaelong tsa Bibela ya Segerika eo e neng e le yone Dikwalo tsa kereke ya pele, go a utlwala go dumela gore bakwadi ba T[estamente] e N[tšha], fa ba ne ba tsopola go tswa Dikwalong, ba ne ba dibela ditlhaka tse nne tsa Sehebera mo teng ga mokwalo wa Bibela. . . . Mme fa di ne di tlosiwa mo T[estamenteng] e K[gologolo] ya Segerika, di ne gape tsa tlosiwa mo ditsopolong tsa T[estamente] e K[gologolo] mo T[estamenteng] e N[tšha]. Ka gone nako nngwe mo e ka nnang tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga tiriso ya maemedi [diemedi] e tshwanetse ya bo e ile ya khurumetsa ditlhaka tse nne tsa Sehebera mo Ditestamenteng tsoo-pedi.”—Bol. 96, No. 1, March 1977, dits. 76, 77.

Ke mofuta ofe wa leina la bomodimo o o siameng—Jehofa kana Yahweh?

Ga go na motho ope gompieno yo o ka supang ka tlhamalalo ka moo le neng le bidiwa ka gone kwa tshimologong ka Sehebera. Ka ntlha yang? Sehebera sa Bibela kwa tshimologong se ne se kwalwa fela ka dituma-mmogo, go se na dituma-nosi. Fa puo e ne e dirisiwa tsatsi le letsatsi, babadi ka motlhofo fela ba ne ba tsenya dituma-nosi tse di siameng. Lefa go ntse jalo, fa nako e ne e ntse e ya, Bajuda ba ne ba simolola go nna le kakanyo ya tumelo botlhodi ya gore go ne go le phoso go buela leina la Modimo la sebele kwa godimo, jalo ba ne ba dirisa ditlhaloso tse di emelang. Makgolo a dingwaga moragonyana, baithuti ba Bajuda ba ne ba simolola tsela eo ka yone ba neng ba supa ditumanosi tseo di neng di dirisiwa fa go balwa Sehebera sa bogologolo, mme ba baya ditumanosi mo boemong jwa ditlhaloso tse di emelang go dikologa ditumammogo tse nne tseo di neng di emela leina la bomodimo. Ka gone go buiwa ga kwa tshimologong ga leina la bomodimo go ne ga latlhega.

Baithuti ba le bantsi ba rata le kwalwa go twe “Yahweh,” mme ga le tlhomamisege ebile ga go na tumalano gareng ga bone. Mo letlhakoreng le lengwe, “Jehofa” ke mofuta wa leina o o itsegeng thata, ka gonne le sale le dirisiwa mo Sekgoeng ka makgolo a dingwaga mme ebile, le boloka sentlentle, le ka dibopego tse dingwe, ditumammogo tsa ditlhaka tse nne tsa Sehebera.

J. B. Rotherham, go The Emphasised Bible, o dirisitse mofuta Yahweh go ralala Dikwalo tsa Sehebera. Lefa go ntse jalo, moragonyana go Studies in the Psalms ya gagwe o ne a dirisa mofuta “Jehofa.” O ne a tlhalosa: “JEHOFA—Tiriso ya sebopego sa Seesemane ya leina la Segopotso . . . mo thanolelong ya bosheng ya buka ya Dipesalema ga e tswe mo pelaelong ya pitso e e leng yone tota, jaaka ya Yahwéh; mme segolo bogolo mo bosuping jo bo popota jo bo kgethegileng ka sebele mo keletsong ya go tsamaisana le seo se tlwaetsweng le go itsiwe ke batho mo kgannyeng ya mofuta ono, eo go yone kgang-kgolo e leng temogo e e motlhofo e e ikaeletsweng ya leina la Bomodimo.”—(London, 1911), ts. 29.

Morago ga go buisana ka dipitso tse di farologaneng, moporofesa wa Mojeremane Gustav Friedrich Oehler o ne a konela ka go re: “Go tswa fano go ya pele ke dirisa lefoko Jehofa, ka gonne, ke ya boammaaruri, leina leno jaanong le tlwaelegile thata mo go bueng ga rona, mme ga le ka ke la tlosiwa.”—Theologie des Alten Testaments, kgatiso ya bobedi, (Stuttgart, 1882), ts. 143.

Moithuti wa mo-Jesuit Paul Joüon o tlhalosa jaana: “Mo dithanolong tsa rona, go na le mofuta (o o hopholediwang) Yahweh, re dirisitse mofuta Jéhovah . . . o o leng mofuta o o tlwaetsweng go dirisiwa mo dibukeng tsa Sefora.”—Grammaire de l’hébreu biblique (Rome, 1923), footnote mo ts. 49.

Maina a le mantsi a fetoga go ya bokgakaleng bongwe jo bo rileng fa a fetolwa go tswa puong e nngwe go ya go e nngwe. Jesu o ne a tsalwa jaaka Mojuda, mme gongwe leina la gagwe mo Sehebereng le ne le bidiwa Ye·shuʹa‛, mme bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Dikwalo tsa Bokeresete ga baa ka ba okaoka go dirisa mofuta wa Segerika wa leina, I·e·sousʹ. Mo dipuong tse dingwe tse dintsi, pitso le gone e farologane go se kae, mme re dirisa mofuta o o tlwaelegileng mo lolemeng lwa rona ka kgololesego. Go ntse jalo le ka maina a mangwe a Bibela. Jalo he, ke jang, re ka bontshang tlotlo e e tshwanetseng go Ene yo leina le le botlhokwa thata go gaisa otlhe e leng la gagwe? A e ka nna ka go sa bue le go sa kwale leina la gagwe ka go bo re sa itse sentle ka mo le neng le bidiwa ka gone kwa tshimologong? Kana, go na le moo, a e tla bo e le ka go dirisa pitso le mokwalo tse di tlwaelegileng mo puong ya rona, fa re ntse re bua sentle ka Mong wa lone le go itshwara jaaka baobamedi ba gagwe ka mokgwa o o mo tlotlang?

Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse le go dirisa leina la Modimo la sebele?

A o atamelane thata le mongwe yo o sa itseng leina la gagwe la sebele? Mo bathong bao Modimo o se nang leina gantsi o nna maatla fela a e seng a botho, e se motho wa mmatota, e se motho yo ba mo itseng le go mo rata le yo ba ka buang le ene go tswa pelong ka go mo rapela. Fa ba rapela, dithapelo tsa bone ke pina fela, poeletso e e rulagantsweng ya ditlhaloso tse di akantsweng.

Bakeresete ba boammaaruri ba na le thomo go tswa go Jesu Keresete go dira batho ba merafe yotlhe barutwa. Fa go rutwa batho bano, go tla kgonagala jang go supa Modimo wa boammaaruri jaaka yo o farologaneng le medimo ya maaka ya merafe? Ke fela ka go dirisa leina la Gagwe la sebele, jaaka Bibela ka boyone e dira.—Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 8:5, 6.

Ekes. 3:15: “Modimo oa hèla oa bua le Moshe, oa re, U tla raea bana ba Iseraela yana, u re, YEHOFA, Modimo oa borra eno, . . . o nthomile kwano go lona; ye, ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ; me ke yeōna segopoco sa me go ea mo tshikatshikeñ cotlhe.”

Isa. 12:4: “Ntshetsañ Yehofa malebogō, bitsañ leina ya gagwè, kakanyañ ditihōtihō tsa gagwè mo dichabeñ, umakeñ, go re, leina ya gagwè le goletsegile.”

Esek. 38:17, 23: “Morèna Modimo o bua yana: . . . ke tla itlotlomatsa, ke tla iitshepisa, ke tla itiha gore ke itsiwe mo matlhoñ a merahe e le mentsi; me ba tla itse ha ke le Yehofa.”

Mal. 3:16: “Ba ba boihañ Yehofa ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.”

Yoh. 17:26: “[Jesu a rapela Rraagwe a re:] Ke ba [balatedi ba gagwe] itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise; gore loratō lo u nthatileñ ka lōna lo nnè mo go bōnè, le nna ke nnè mo go bōnè.”

Dit. 15:14: “Simone o boletse kaha e rileñ pele Modimo oa lekola Badichaba, gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè.”

A Jehofa mo “Testamenteng e Kgologolo” ke Jesu Keresete mo “Testamenteng e Ntšha”?

Math. 4:10: “Yesu a mo raea, a re, Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa [“Morena,” KJ le tse dingwe] Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Ka phepafalo Jesu o ne a sa re ene ka sebele o ne a tshwanetswe go obamelwa.)

Yoh. 8:54: “Yesu a . . . hetola [Bajuda], a re, Ha ke ikgalaletsa, kgalalèlō ea me e be e se sepè: Rrè ke èna eo o nkgalaletsañ; eo lona lo reñ, ke Modimo oa lona.” (Dikwalo tsa Sehebera ka phepafalo di kgetholola Jehofa jaaka Modimo o Bajuda ba neng ba iphaka gore ba a mo obamela. Jesu o ne a re ene ka boene e ne e se Jehofa, mme gore Jehofa e ne e le Rraagwe. Jesu fano o ne a phepafatsa sentle gore ene le Rraagwe e ne e le batho ba ba farologaneng.)

Pes. 110:1: “Yehofa a raea morèna [wa ga Dafide] a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō.” (Go Mathaio 22:41-45, Jesu o ne a tlhalosa gore ene ka boene o ne a le “Morèna” wa ga Dafide, yo go neng go buiwa ka ene mo pesalemeng eno. Jalo Jesu ga se Jehofa mme ke ene yo mafoko a ga Jehofa a neng a lebisitse go ene fano.)

Bafil. 2:9-11: “Ke gōna ka mouō Modimo le ōna o mo godisitseñ [Jesu Keresete] thata, me oa mo naea yeōna leina ye le hetañ maina aotlhe; Gore mañōle aotlhe a khubamè ka leina ya ga Yesu, a dilō tse di kwa legodimoñ, le a dilō tse di mo lehatshiñ, le a dilō tse di kwa tlhatse ga lehatshe, Le gore diteme cotlhe di bolèlè ha Yesu Keresete e le Morèna, kgalalecoñ ea Modimo Rara. [Dy e balega jaana: “. . . diteme tsotlhe di tla bolela gore Morena Jesu Keresete o mo kgalalelong ya Modimo Rara.” Kx le CC di balega ka go tshwana, mme mokwalo o o kwa tlase go Kx o tlhalosa jaana: “. . . Gongwe Segerika ka tlholego se lebisa thata ‘go kgalalelo.’” mme NAB le JB e lebisa ka tsela eo.]” (Elatlhoko gore fano Jesu Keresete o supiwa go bo a farologane le Modimo Rara mme a Mo laola.)

Motho o ka rata jang Jehofa fa gape a tshwanetse go Mmoifa?

Bibela e re bolelela gore re tshwanetse go rata Jehofa (Luke 10:27) ga mmogo le go mmoifa. (1 Pet. 2:17; Dia. 1:7; 2:1-5; 16:6) Poifo e e phepa ya Modimo e tla re dira gore re nne kelotlhoko thata go tila go mo itumolola. Lorato lwa rona go Jehofa le tla re tlhotlheletsa go batla go dira dilo tse di mo itumedisang, go bontsha kanaanelo ya rona go diponalo tse di ntsi-ntsi tsa lorato lwa gagwe le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang.

Ditshwantshetso: Morwa ka tshwanelo o boifa go itumolola rraagwe, mme kanaanelo go tsotlhe tse rraagwe a di mo direlang e tshwanetse gape go tlhotlheletsa morwa go bontsha lorato lwa sebele go rraagwe. Moshapi wa metsi o ka nna a re o rata lewatle, mme poifo e e phepa ya lone e mo dira gore a itse gore go na le dilo tseo di tshwanetsweng go tilwa go dirwa. Ka mo go tshwanang, lorato lwa rona go Modimo le tshwanetse go tiisiwa ka poifo e e phepa ya go dira sengwe le sengwe se se tla se keng se mo itumolole.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela