LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 10/1 ts. 8
  • “Seno se Sesha mo Ditsebeng Tsa Me!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Seno se Sesha mo Ditsebeng Tsa Me!”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo e a Lekwa Kwa Poland
    Tsogang!—2000
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Batsadi, Sireletsang Boswa Jwa Lona jo bo Botlhokwatlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 10/1 ts. 8

Pego ya Baboledi ba Bogosi

“Seno se Sesha mo Ditsebeng Tsa Me!”

DOROTA modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa kwa Poland, o ne a isitse morwawe wa dingwaga di le 14 kwa tliliniking ya sekolo go ya go tlhatlhobiwa. Fa ngaka Janinaa a ntse a tlhatlhoba mosimanyana yono, o ne a botsa Dorota gore ke ditiro dife tsa fa gae tse morwawe a di dirang.

Dorota a araba jaana: “Morwaake o baakanyetsa lelapa lotlhe la rona re le barataro dijo tsa maitseboa fa nna ke sa kgone. Gape o phepafatsa ntlo le go baakanya dilwana tsa mo lapeng tse di senyegileng. O rata go bala. Mme ke moithuti yo o tlhoafetseng.”

Janina a bo a re: “Ga ke dumele. Ke na le dingwaga di le 12 ke bereka mono mme ke lantlha ke utlwa selo se se tshwanang le se.”

Fa Dorota a lemoga gore eno e ne e le tshono ya gore a neele bosupi o ne a mo tlhalosetsa jaana: “Mo malatsing ano batsadi ba le bantsi ga ba kgone go thapisa bana ba bone ka tsela e e tshwanetseng. Mme seo ke sone se dirang gore gantsi bana ba bone ba nne le maikutlo a go inyatsa.”

Janina a mmotsa jaana: “O itse jang dilo tseno tsotlhe? Batsadi ba le bantsi ga ba itse sepe ka dikgang tse di tshwanang le tseno.”

Dorota a araba jaana: “Tshedimosetso eno yotlhe e tswa mo motsweding wa botlhokwatlhokwa e leng Baebele. Ka sekai, go ya ka Duteronome 6:6-9, re tshwanetse gore rona ka borona re ithute pele gore re kgone go ruta bana ba rona. A ga re a tshwanela gore mekgwa eno e mentle e re batlang go e ruta bana ba rona re e tsenye pele mo dipelong le mo megopolong ya rona?”

Janina a akgela a re: “Ga ke dumele se ke se utlwang! Ruri ga ke dumele!” Mme morago ga moo o ne a botsa Dorota gore Baebele e mo thusitse jang go godisa bana ba gagwe le go ba ruta.

Dorota o ne a mo tlhalosetsa jaana: “Re ithuta Baebele beke le beke le bana ba rona. Re dirisa buka e e nang le setlhogo se se reng Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.”b Mme a mmolelela gore buka eno e tlotla ka eng a ba a mo tlhalosetsa ka ditlhogo dingwe tse di mo go yone.

Janina a bua jaana a gakgametse: “Seno se sesha mo ditsebeng tsa me! A o ka ntlisetsa buka eo gore ke e bone?”

Morago ga ura, Dorota o ne a tla ka buka eo.

Fa Janina a ntse a lebile buka eo o ne a botsa jaana, “O wa bodumedi bofe?”

“Ke Mosupi wa ga Jehofa.”

“Basupi ba ga Jehofa ba dirisana jang le batho ba madumedi a mangwe?”

“Fela jaaka ke dirisana le wena—ka tlotlo,” Dorota o ne a araba jalo a bo a oketsa ka gore: “Gone ke boammaaruri gore re eletsa e kete ba ka itse boammaaruri jwa Baebele.”

Janina a araba ka gore, “E bile ke setse ke ikutlwa botoka.”

Kwa bokhutlong jwa loeto loo, Dorota a kgothaletsa Janina go bala Baebele. “E tla dira gore botshelo jwa gago bo nne le bokao mme e tla go thusa le mo tirong ya gago.”

Janina a dumela jaana, “O setse o ntlhotlheleditse gore ke dire jalo.”

Dorota o ne a dira ka botlhale le boikemisetso go neela bosupi jo bo molemo fa a ne a etetse kwa ofising ya ngaka.—1 Petere 3:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ga se leina la gagwe.

b E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela