LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 8/1 ts. 32
  • “Re Batla go Araba re re ‘Ee!’”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Re Batla go Araba re re ‘Ee!’”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 8/1 ts. 32

“Re Batla go Araba re re ‘Ee!’”

BOSHENG jaana ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Nigeria e ile ya amogela lekwalo le bontlhanngwe jwa lone bo balegang jaana:

“Morwaarona e bong Anderson, o ne a tlhokafala a le dingwaga di le 14. Pele a tlhokafala, o ne a ntse a godisa dikoko tse pedi. O ne a batla go di rekisa a bo a romela madi a tsone kwa ofising ya lekala gore e nne moneelo wa tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe. Mme o ne a tlhokafala pele ga a ka rekisa dikoko tseo.

“E re ka a ne a batla go romela madi ao koo, rona batsadi ba gagwe re ne ra godisa dikoko tseo mme ra di rekisa. Re lo romelela madi ano e le moneelo wa ga Anderson. Ka ntlha ya tsholofetso ya ga Jehofa, re itse sentle gore go ise go ye kae—mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo—re tla bona Anderson gape. Re batla go araba re re ‘Ee!’ fa a re botsa gore a re ile ra dira se a neng a batla go se dira. Ee, re lebeletse pele go bona e seng Anderson fela, mme gape le ‘leru le legolo la basupi’ ba ba tla tsosiwang mo baswing.”—Bahebera 12:1; Johane 5:28, 29.

Jaaka lekwalo le le fa godimo le bontsha, go dumela mo tsogong ya baswi ke tsholofetso e e nonotshang Bakeresete ba boammaaruri. A bo dimilione tsa malapa di tla itumela jang ne fa jaaka lelapa la gaabo Anderson, ba tla bo ba boa ba amogela gape baratiwa ba bone ba ba ileng ba ba amogwa ke mmaba, e leng loso!—1 Bakorintha 15:24-26.

Lefoko la Modimo le re neela tsholofelo eno e e gomotsang ya tsogo ya baswi e leng sengwe sa dilo tse dintsi tse di tla tlogang di diragala mo lefatsheng le lesha la tshiamo mo Bogosing jwa Modimo. (2 Petere 3:13) Fa Baebele e bua ka se Modimo a tla se direlang batho ka nako eo, ya re: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela