Lenaane la Diteng
May 15, 2013
© 2013 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. All rights reserved.
MAKASINE O O ITHUTIWANG
JULY 1-7, 2013
Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele
TSEBE 3 • DIPINA: 103, 102
JULY 8-14, 2013
A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’?
TSEBE 8 • DIPINA: 108, 93
JULY 15-21, 2013
Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e Molemo
TSEBE 14 • DIPINA: 36, 87
JULY 22-28, 2013
Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato
TSEBE 19 • DIPINA: 88, 3
JULY 29, 2013–AUGUST 4, 2013
Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale
TSEBE 26 • DIPINA: 14, 134
DITLHOGO TSA THUTO
▪ Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele
Go kaya eng go nna moefangele? Setlhogo seno se araba potso eno mme se bontsha lebaka la go bo batho ba tlhoka go utlwa dikgang tse di molemo. Gape se tlhalosa kafa re ka kgonang ka teng go diragatsa seabe sa rona sa go nna baefangele.
▪ A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’?
Setlhogo seno se sekaseka ditsela tse pedi tsa kafa go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemo’ go ka ngokelang batho kwa Modimong ka gone. (Tito 2:14) Tsela e nngwe ke ka go dira tiro ya rona ya go rera. E nngwe ke ka boitshwaro jwa rona jo bo siameng.
▪ Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e Molemo
▪ Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato
Go botlhokwa gore banyalani ba nne le puisano e e molemo gore ba nne le lenyalo le le itumetseng le gore ba itumelele botshelo mo lelapeng. Setlhogo sa ntlha se tlhalosa dinonofo tse di ka re thusang gore re buisane sentle. Setlhogo sa bobedi se bontsha gore batsadi le bana ba ka dira jang gore go se ka ga nna le dilo tse di ka ba kgoreletsang go buisana.
▪ Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale
Bakeresete ba na le boswa bofe jwa semoya? Re ka ithuta eng ka boswa jwa rona mo sekaong se se re tlhagisang sa ga Esau? Re ka tsaya dikgato dife tse di ka re thusang go dira ditshwetso tse di botlhale malebana le boswa jwa rona? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.
GAPE MO MAKASINENG ONO
13 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
24 Lebaka La go Bo Botshelo Jwa Rona Bo na Le Bokao
31 Go Tswa mo Mabolokelong a Rona
KHABARA: Bokgaitsadi ba rerela mong wa lebenkele ba dirisa dikgatiso tsa puo ya Se-Gujarati, kwa bokonebophirima jwa London
LONDON, ENGELANE