Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Meneelo e e dirwang ka bopelotshweu e dirile gore go kgonege gore diphuthego di le 15 di bone dikadimo tsa go aga Diholo tsa tsone tsa Bogosi fa esale go tloga ka October 1990. Re rata go dirisetsa sebaka seno go leboga mongwe le mongwe mmogo le phuthego nngwe le nngwe re e lebogela go bo e ile ya ntsha moneelo ka boikanyego e o ntshetsa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi. Tsweetswee tswelelang pele lo bontsha moya ono o o molemo.
Maiteko a go akofisa lebelo la go aga Diholo tsa Bogosi a ile a boela gape a segofadiwa. Diphuthego di le pedi tsa Soweto, ya kwa Diepkloof East le Central, di ne tsa ipela fa karolo e kgolo ya tiro mo Holong ya tsone ya Bogosi e ne e wediwa mo malatsing a bofelo a mane a May. Badiri ba ba Agang Diholo tsa Bogosi ba le kafa tlase ga kaelo ya Komiti ya bone E E Agang ya Kgaolo ba ile ba dira ka natla go thusa diphuthego tseno. A le wena o ka rata go ithaopa? Kopa molebedi wa lona yo o okamelang gore a go neye “Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire.”
Phuthego ya Lindize ya kwa bokone jwa KwaZulu e ile ya itumelela moya o o molemo thata oo o ileng wa bontshiwa ke ditlhopha tsa Badiri Ba Ba Agang Diholo tsa Bogosi ba ba tswang dikarolong tse di farologaneng tsa Natala, bao ba ileng ba ba thusa go wetsa Holo ya bone ya Bogosi mo mafelobekeng a le marataro. Holo ya bone e kgakotswe ka July.
Phuthego ya Eastleigh ya kwa East Rand, Phuthego ya Wilberforce gaufi le Vereeniging, le Phuthego ya Midrand kwa bokone jwa Johannesburg, le tsone di ile tsa kgakola diholo tsa tsone tse disha ka July.
Rwanda: Mafoko a a molemo! Lekgotla la Basupi ba ga Jehofa kwa Rwanda le ile la letlwa go ikwadisa semolao ka April 13, 1992. Go nnile le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 502 ka March.