Ithuteng Buka ya O Ka Tshelela Ruri Le ya Go Utlwana mo Kobamelong
1 Dipampitshana, diboroutšhara, dimakasine, le dibuka—tsotlhe di ka dirisiwa go simolola dithuto tsa Bibela tsa legae le batho ba ba kgatlhegang. Buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela e ile ya dirisiwa go simolola dithuto ka gonne e anamisitswe gongwe le gongwe e bile e a gogela. Eleruri, mongwe le mongwe o tshwanetse a kgothalediwa go e bala le go e ithuta. Re dirile seno ka go ipaakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego le go nna gone ka metlha mo go yone.
2 Lefa go ntse jalo, go na le dibuka di le pedi tse di tlhomologileng tse di tshwanetseng tsa ithutiwa le batho ba ba sa tswang go kopanela go ba thusa gore ba tlhaloganye dithuto tsa motheo tsa Bibela mmogo le ditekanyetso tse Bakeresete ba tshelang ka tsone. Ke tse di latelang: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise le Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri. Go akantshiwa gore ka bofefo jo bo ka kgonegang, bao ba tshwarang dithuto tsa Bibela tsa legae ka dikgatiso tse dingwe ba di fetole mme ba dirise nngwe ya dibuka tseno. Fa e le gore moithuti o ne a ntse a ithuta ka buka ya Monna Yo Mogolo, mo kgothaletse gore a tswelele pele a e ipalela. Thuto ya Bibela e tshwanetse ya tswelela pele go fitlhelela motho a fetsa buka ya O Ka Tshelela Ruri le ya Go Utlwana mo Kobamelong, le mororo a ka nna a kolobediwa pele buka ya bobedi e fela. Mokgwa ono o tla neela moithuti wa Bibela temogo e e oketsegileng le gore a tiye semoyeng.