LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/95 ts. 2
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 3/95 ts. 2

Dikitsiso

◼ Dibuka tse di tla dirisiwang ka March: Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R10,50. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R30,00 mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya dikgatiso tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi tse thataro mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R15,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R19,00 mme tse dingwe ke R9,50. June: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana la Batho? ka moneelo wa R3,50.

◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bonako morago ga moo. Itsise phuthego fa seno se sena go dirwa.

◼ Tora ya Tebelo ya November 1, 1994, tsebe 28, e ne ya kgothaletsa lelapa lengwe le lengwe go nna le laeborari ya lone ya puso ya Modimo. Re na le dibolumo tse di latelang tsa kgalenyana mo Bethele: The Watchtower: 1960-93; Awake!: 1984, 1986, 1989-93. Lefa go ntse jalo, fa setoko se se leng teng gone jaanong se fela, dibolumo tseno di ka se tlhole di nna gone. Ka jalo re kgothaletsa motho mongwe le mongwe le diphuthego go otara dibolumo tse ba di tlhokang gore fa go ka kgonega ba nne le laeborari e e feletseng. Dibolumo tsa dingwaga tse di tlang di tla nna gone fa di sena go gatisiwa.

◼ Go ya ka Cost List Instructions mo tsebeng ya 11, serapa 50, re batla go gakolola diphuthego tsotlhe gore di neye baboledi dimakasine tsa bone go ya ka tsela e matlha a ditokololo a latelanang ka yone, ka bonako fa di sena go goroga.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di leng Gone:

Seburu: New World Translation of the Christian Greek Scriptures (phuthego le batho botlhe: R5,60; babulatsela: R3,70). Sezulu: New World Translation of the Christian Greek Scriptures.

◼ Dikhasete tse disha tsa Bidio Tse Di leng Gone:

Seesemane sa Ba ba Sa Utlweng: You Can Live Forever in Paradise on Earth (Khasete ya Bidio No. 1; phuthego le batho botlhe: R52,00; babulatsela: R45,00). Kgabagare kgatiso eno e tla nna le dikhasete tsa bidio di le 11. Di tla kwalwa go ya kafa di tlhomaganang ka teng fa di sena go nna teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela