Thulaganyo ya Beke ya September 20
BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 20
Pina 37 (46)
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cf kgao. 10 ¶18-23, lebokoso le le mo ts. 107
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 19-22
No. 1: 2 Dikgosi 20:1-11
No. 2: Ke Eng fa o Tshwanetse go Nna Bonolo? (Math. 5:5)
No. 3: Motho a ka Rata Jehofa Jang Fa e Le Gore o Tshwanetse Gape go Mmoifa? (rs ts. 196 ¶1-2)
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 105 (175)
5 mets: Dikitsiso.
10 mets: Re Dirile Jang Ngogola? Puo e e neelwang ke molebedi wa tirelo. Sekaseka pego ya phuthego ya ngwaga o o fetileng wa tirelo, mme o bue thata ka dilo tse di molemo tse di fitlheletsweng mo bodireding o bo o ba akgole ka tsela e e tshwanetseng. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba nnileng le maitemogelo a a tlhomologileng. Umaka karolo e le nngwe kgotsa di le pedi tsa bodiredi tse phuthego e tlhokang go tokafatsa mo go tsone mo ngwageng o o tlang wa tirelo mme o neele dikakantsho tse di ka ba thusang go tokafatsa.
10 mets: “Ditaelo Go ba Ba Abetsweng Dipuo Tsa Pokano ya Tirelo.” Puo e e neelwang ke mogolwane.
10 mets: Thusa Ngwana wa Gago go Nna Mmoledi. Motlotlo o o theilweng mo tsebe 81 ya buka ya Re Rulaganyeditswe. Botsolotsa motsadi yo o tlhomang sekao yo o nang le ngwana yo mmotlana yo e leng mmoledi yo o sa kolobediwang. O ile a thusa ngwana wa gagwe jang go gatela pele le go tshwanelegela go nna mmoledi?
Pina 41 (157)