Kgopolo E e Mo Baebeleng
Go Utlwana ka Bodumedi mo Lenyalong—Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa
LELAPA lengwe le nna fa fatshe go ja dijo tsa maitseboa. Fa rre a rapela, mmè le ene o rapela modimo yo mongwe mo pelong. Kwa lelapeng le lengwe mosadi o obamela kwa kerekeng, mme mogatse o ya kwa sinagogeng. Go na le malapa a mo go one motsadi yo mongwe a rutang bana ka Santa Claus, fa yo mongwe ene a ba bolelela ka Hanukkah.
Go ya ka dipatlisiso tsa bosheng, ditiragalo tse di ntseng jaana di tlwaelegile thata fa bontsi jwa batho bo nyala batho ba e seng ba bodumedi jwa bone. Patlisiso nngwe e bontsha gore kwa United States, diperesente di le 21 tsa Bakatoliki jaanong ba nyala batho ba e seng ba bodumedi jwa bone; gareng ga Ba-Mormon palo eno ke diperesente di le 30; mo Bamoselemeng, diperesente di le 40; mme mo Bajudeng, ke diperesente tse di fetang di le 50. Fa go lejwa gore ka makgolokgolo a dingwaga batho ba ntse ba ilana ka ntlha ya bodumedi, bangwe ba tsaya gore go nyala motho wa bodumedi bo sele go bontsha go fenya go se itshokelane. Mokwadi mongwe wa lokwalodikgang o kwadile jaana: “Manyalo a batho ba ba farologaneng ka tsela epe fela a tshwanetse go itumelelwa.” A eno ke kgopolo ya Baebele?
Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore Baebele ga e eme nokeng go tlhaola batho ka morafe kana lotso. Lefoko la Modimo le rotloetsa gore go se tlhaolwe batho ka morafe. Moaposetoloi Petere o ne a bua ka phepafalo ka ntlha eno: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) Mo godimo ga moo, Baebele e ruta gore baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go nyala ‘fela mo Moreneng.’ (1 Bakorintha 7:39) Ka ntlha yang?
Boikaelelo Jwa Lenyalo
Modimo o ne a batla gore lenyalo e nne sebofo se se nonofileng thata. (Genesise 2:24) Fa Modimo a ne a tlhoma thulaganyo ya lenyalo, o ne a sa akanya fela ka bolekane. Fa Jehofa a ne a abela banyalani ba ntlha tiro ya go godisa bana le go tlhokomela legae la bone la lefatshe, o ne a bontsha gore ba ne ba tshwanetse go dirisana mmogo thata fa ba dira go rata ga gagwe. (Genesise 1:28) Ka go dirisanammogo mo go direleng Modimo mo ntlheng eno, monna le mosadi ba ne ba tla ipelela, e seng fela bolekane, mme go kopana mo go kitlanyeng le mo go nnelang ruri.—Bapisa Malaki 2:14.
Jesu o ne a bua ka go kopana gono fa a ne a bolela mafoko ano a a itsegeng thata: “Ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo o se jokileng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:6) Jesu o ne a bua ka papiso, a bapisa bokopano jwa lenyalo le jokwe e e tshwaraganyang diphologolo tse pedi gore di goge kana di tsamaise morwalo o le mongwe. Akanya fela gore diphologolo tseno tse pedi tse di tsentsweng mo jokweng e le nngwe di ne di tla gobala jang fa di ne di gogela kwa dintlheng tse di farologaneng! Ka mo go tshwanang, ba ba nyetseng motho yo o seng mo tumelong ya boammaaruri ba ka fitlhela ba kgaratlha go tshela tumalanong le melaometheo ya Baebele fa molekane wa bone a gana. Ke ka tshwanelo Baebele e bolelang seno: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.”—2 Bakorintha 6:14.
Lenyalo le le Botoka
Kutlwano mo kobamelong ya boammaaruri e ka nonotsha lenyalo thata. Mokwadi mongwe o ne a akgela ka gore: “Go obamela mmogo ke sengwe sa dilo tsa konokono mo malapeng a a tshelang sentle, a a itumetseng.” Moreri 4:9, 10, (NW) ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”
Fa ba dira gore kobamelo ya bone e nne selo sa ntlha mo matshelong a bone, banyalani ba Bakeresete ga ba utlwane fela mo dilong tse di bonalang mme gape le mo semoyeng. Fa ba rapela mmogo, ba ithuta Lefoko la Modimo mmogo, ba phuthega le Bakeresetemmogo e bile ba bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone, ba bopa sebofo sa semoya se se dirang gore lenyalo la bone e nne le le kitlanyeng thata. Mosadi mongwe wa Mokeresete o akgetse jaana: “Kobamelo ya boammaaruri ke tsela ya botshelo. Ga ke kgone go akanya ke tlhopha go nyalana le mongwe yo o sa kopaneleng le nna mo go nneng motho yo ke leng ene le mo go nneng se ke leng sone.”—Bapisa Mareko 3:35.
Ba ba nyalang ‘mo Moreneng’ ba ka lebelela gore balekane ba bone ba etse boitshwaro jwa ga Jesu. Banna ba Bakeresete ba tshwanetse go tshwara basadi ba bone jaaka Jesu a ne a tshwara phuthego ka lorato. Basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlotla banna ba bone. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:25, 29, 33) Bakeresete ba dira seno e seng fela ka go bo ba eletsa go itumedisa balekane ba bone mme ke ka go bo ba eletsa go itumedisa Modimo, yo o dirang gore banyalani ba ikarabele ka tsela e ba tshwaranang ka yone.—Malaki 2:13, 14; 1 Petere 3:1-7.
Go ngaparela tumelo e e tshwanang gape go thusa banyalani ba Bakeresete go rarabolola mathata ka kagiso. Baebele e gakolola Bakeresete go tlhoma mogopolo, “e seng mo molemong wa ka namana mo dilong tse di amang [bone] fela, mme gape le mo molemong wa ka namana mo go tsa ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Le fa ba ka tswa ba na le dilo tse ba di ratang ka namana, balekane ba ba leng mo tumelong e le nngwe ba leba mo Lefokong la Modimo gore e nne lone le ba kaelang boobabedi fa ba rarabolola go sa dumalane gope fela ga bone. (2 Timotheo 3:16, 17) Ka go dira jalo ba latela kgakololo ya Baebele ya gore Bakeresete ba nne “ba mogopolo o o tshwanang.”—1 Bakorintha 1:10; 2 Bakorintha 13:11; Bafilipi 4:2.
Go Kgatlhegelana le Mekgwa e e Siameng e lo Nang le Yone Loobabedi
Gone ke boammaaruri gore go na le go le gontsi mo kamanong go feta fela go nna mo tumelong e le nngwe. Go kgatlhegelana ke sengwe se se ka akarediwang. (Sefela sa Difela 3:5; 4:7, 9; 5:10) Mme gore lenyalo e nne le le nnelang ruri, go botlhokwa gore loobabedi lo nne le mekgwa e e siameng. Go ya ka buka ya Are You the One for Me? “banyalani ba ba nang le mekgwa e e siameng e e tshwanang ba na le sebaka se segolo sa go bopa kamano e e itumetseng, e e utlwanang le e e nnelang ruri.”
Ka maswabi, batho ba ba kgatlhegelanang ba ka nna ba se ka ba tlotla ka dikgang tse di masisi tse ba sa dumalaneng mo go tsone go fitlha ba sena go nyalana. Fa re bapisa, akanya fela o reka ntlo ka go bo o rata tsela e e lebegang ka yone. Le fa go ntse jalo, ke fela fa o sena go fudugela mo go yone o lemogang gore motheo wa yone ga wa nonofa. Fa motheo o reketla, dikarolo tsotlhe tse dintle tsa ntlo ga di thuse sepe. Ka mo go tshwanang, motho a ka nna a kgatlhwa ke mongwe wa bodumedi bo sele yo o bonalang a mo tshwanela—mme morago ga lenyalo kamano eo e ka nna ya fetoga e e nang le diphoso tse di masisi.
Akanya fela ka mathata mangwe a a ka nnang a tlhaga moragonyana mo manyalong a batho ba bodumedi jo bo sa tshwaneng: Lelapa le tlile go obamela kae? Bana ba tlile go thapisediwa mo bodumeding bofe? Ke tumelo efe e lelapa le tlileng go e tshegetsa ka madi? A molekane yo mongwe o tla gatelela go nna le seabe mo dingwaong tse di rileng tsa bodumedi le mo malatsing a boikhutso a yo mongwe a a tsayang e le a boheitane? (Isaia 52:11) Lenyalo lengwe le lengwe le tlhoka gore molekane mongwe le mongwe a dire diphetogo tse di utlwalang; le fa go ntse jalo, go tlola melaometheo ya Baebele—e le fela go boloka lenyalo—Modimo ga a go amogele.—Bapisa Duteronome 7:3, 4; Nehemia 13:26, 27.
Go boloka kagiso mo lenyalong, banyalani bangwe mo manyalong a batho ba ba farologaneng mo bodumeding, mongwe le mongwe o itirela dilo tsa bodumedi jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, go obamela o le esi koo go baka logaba lwa semoya mo lenyalong. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o nyalaneng le monna yo o seng mo bodumeding bo le bongwe le ene o boletse jaana: “Le fa gone re ne re nyalane ka dingwaga di le 40, monna wa me o ne a sa nkitse tota.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, lenyalo le mo go lone balekane boobabedi ba obamelang “ka moya le ka boammaaruri” le dirile gore Modimo e nne karolo ya konokono ya lone. Jaaka Baebele e bolela jaana ka tsela ya poko, “mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonako.”—Johane 4:23, 24; Moreri 4:12.
Go Tweng ka Bana?
Bangwe ba ba akanyang ka go nyalana le motho wa bodumedi bo sele ba ka nna ba ikutlwa gore ba ka ruta bana ba bone ditumelo tsoopedi mme ba letlelele bana go itlhophela. Ke boammaaruri gore batsadi ka bobedi ba na le tshwanelo ya molao le e e lebeletsweng mo go bone go neela thapiso ya bodumedi, mme kgabagare, bana ba ka itirela tshwetso.a
Baebele e laela bana go utlwa batsadi boobabedi “seoposengweng le Morena.” (Baefeso 6:1) Diane 6:20 e tlhalosa seno jaana: “Morwaaka, tshegetsa taolo ya ga rraago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmaago.” Go na le go rutiwa dithuto tse di farologaneng, bana ba ba godisitsweng ke batsadi ba babedi ba ba leng mo tumelong e le nngwe ba kopane mo go se Baebele e se bitsang “Morena a le mongwe, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe.”—Baefeso 4:5; Duteronome 11:19.
‘Mo Moreneng’ Tota
Fa e le gore go nna le mekgwa e e siameng e e tshwanang ke selo sa konokono se se atlegisang lenyalo, a go tla nna botlhale go inyalela fela mongwe le mongwe yo o ipolelang gore ke Mokeresete? Baebele e arabela jaana: “Yo o reng o ntse seoposengwe le [Jesu], o patelesega gore le ene ka boene a tswelele a tsamaya fela jaaka ene yoo a ne a tsamaya.” (1 Johane 2:6) Ka jalo, Mokeresete yo o akanyang ka go nyala o tla senka Mokeresetemmogo le ene yo ruri a lwelang go latela Jesu. Molekane yo o ntseng jalo o tshwanetse a bo a neetse botshelo jwa gagwe mo Modimong e bile a kolobeditswe. O tshwanetse a bo a etsa botho jo bo lorato jwa ga Jesu le go rera ga gagwe ka tlhoafalo ka Bogosi jwa Modimo. Jaaka Jesu a ne a dira, o tla dira gore botshelo jwa gagwe bo laolwe ke go dira go rata ga Modimo.—Mathaio 6:33; 16:24; Luke 8:1; Johane 18:37.
Ka go leta ka bopelotelele gore ba bone molekane yo o tla ba tshwanelang mo teng ga lelapa la Modimo la baobamedi, ba ba akanyetsang go nyala ba tlhoma sekao sa go baya go rata ga Modimo kwa pele mo matshelong a bone. Kgabagare sekao se se ntseng jalo, se tla thusa mo lenyalong le le itumetseng, le le le kgotsofatsang thata.—Moreri 7:8; Isaia 48:17, 18.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Kgopolo E e Mo Baebeleng: A Bana Ba Ka Itlhophela Bodumedi Jwa Bone?” mo go Tsogang! ya March 8, 1997, ditsebe 20-1. Gape, bona ditsebe 24-5 tsa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 1995.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
Go Thusa Malapa a a Aroganeng mo Bodumeding
Banyalani ba bantsi gompieno ba arogane mo bodumeding ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Batho bangwe ba ka tswa ba tlhophile molekane yo o leng mo bodumeding bo sele. Mme banyalani ba le bantsi ba simolotse ba le mo bodumeding bo le bongwe mme moragonyana ba arogana mo bodumeding fa molekane yo mongwe a amogela mofuta o mongwe wa kobamelo. Go ka tswa go na le mabaka a mangwe a a dirang gore lelapa le arogane mo bodumeding. Le fa go ntse jalo, le fa mabaka e ka tswa e le afe, maikano a lenyalo ga a tshwanela go robiwa kana go nyenyefadiwa ka ntlha fela ya go bo balekane ba sa dumalane mo bodumeding jo ba bo tlhophang. Baebele e tlotla boitshepo le go nnela ruri ga lenyalo, le e leng le fa balekane ba se mo kobamelong e le nngwe. (1 Petere 3:1, 2) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa mokaulengwe mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme lefa go ntse jalo a dumalana go nna le ene, a a se mo tlogele.” (1 Bakorintha 7:12) Fa melaometheo e e fitlhelwang mo Baebeleng e dirisiwa e ka thusa banyalani bape fela go ipelela kagiso mo kamanong e e lorato le e e tlotlegang.—Baefeso 5:28-33; Bakolosa 3:12-14; Tito 2:4, 5; 1 Petere 3:7-9.