Kgopolo E e Mo Baebeleng
Kafa o ka Tlhophang Molekane wa Lenyalo ka Teng
MOSADI MONGWE YO O ISENG A NYALWE O NE A BODIWA GORE, “A O A TLE O AKANYE KA GO NYALWA?” O NE A ARABA JAANA KA BONAKO, “WA RE GO AKANYA? KE TSHWENYEGILE KA GONE.”
KARABO e khutshwanyane ya mosadi yono e supa sentle kafa batho bangwe ba eletsang go ratiwa le go nna le balekane ka teng. Ba le bantsi ba bolela gore go bona molekane wa lenyalo ke sengwe sa dilo tsa botlhokwa go gaisa mo botshelong. Ka jalo, mo lefatsheng lotlhe, go na le ditirelo tse dintsintsi tse di tlhametsweng go thusa batho go bona molekane wa lenyalo. Le fa go ntse jalo, mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, palo ya manyalo a a thubegang e gaisa palo ya manyalo a a atlegang.
Kwa dinageng tsa Bophirima go tlwaelegile gore batho ba itlhophele molekane wa lenyalo. Mo letlhakoreng le lengwe, kwa dikarolong dingwe tsa Asia le Afrika, go sa ntse go latelwa ngwao ya go rulaganyetswa lenyalo ke batho bangwe. Le fa go ntse jalo, tiragalo eno ga ya tshwanelwa go tsewa motlhofo. Ke ditshwetso di le mmalwa fela tse dingwe tse motho a di dirang mo botshelong tse di ka mo itumedisang kana tsa mo hutsafatsa. Lenyalo le le nang le lorato e ka nna le le itumedisang thata le le le kgotsofatsang. Kafa letlhakoreng le lengwe, lenyalo le le tletseng dikomang le utlwisa botlhoko e bile le ngomola pelo.—Diane 21:19; 26:21.
Fela jaaka ba bangwe, Bakeresete ba boammaaruri ba batla gore manyalo a bone a ba leretse boitumelo le kgotsofalo. Mme gape ba eletsa go itumedisa Modimo le go mo tlotla. (Bakolosa 3:23) E re ka Modimo e le Mmopi le Motlhodi wa lenyalo, o itse sentle se tota re se tlhokang le se se re siametseng. (Genesise 2:22-24; Isaia 48:17-19) Mo godimo ga moo, o bone manyalo a le dimilionemilione, a a siameng le a a sa siamang mo dingwageng tse di diketekete tse motho a nnileng teng ka tsone. O a itse gore ke eng se se a atlegisang le se se a thubang. (Pesalema 32:8) Ka Lefoko la gagwe e leng Baebele, o tlhomile melaometheo e e utlwalang, e e tlhomameng e e ka thusang Mokeresete mongwe le mongwe go tlhopha ka botlhale. Mengwe ya melaometheo eno ke efe?
Se Lebe Fela Ponalo ya Kafa Ntle
Kwa dinageng tse batho ba itlhophelang batho ba ba tla nyalanang le bone, ba ka nna ba kopana fela le ba e ka nnang balekane ba bone go sa lebelelwa kana ba ba itsisiwe ke ditsala kana ba lelapa. Gantsi maikutlo a lerato a simolola a tlhosetswa ke bontle jwa mmele. Le fa gone seno e ka nna selo sa tlholego fela le se se maatla, Baebele e re kgothaletsa gore re lebe kwa tengteng go feta go bona ponalo fela ya kafa ntle fa re batla go nyala.
Diane 31:30 ya re: “Boeletsego ke tsietso le bontle ke boithamako, mme mosadi yo o boifang Jehofa, ene o tlaa bakwa.” Moaposetoloi Petere o ne a bua ka “[diaparo] tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bori, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.” (1 Petere 3:4) Ee, dinonofo tsa semoya tsa motho yo o tla nnang molekane wa gago—go ineela ga motho yoo mo Modimong le go rata ga gagwe Modimo mmogo le botho jwa gagwe jwa Bokeresete—ke tsone dilo tsa botlhokwa thata go feta bontle jwa mmele. Go botlhokwa go tsaya nako gore o tlhophe sentle, o tlhophe motho yo o nang le mekgele ya semoya e e tshwanang le ya gago le yo o lekang go bontsha maungo a moya wa Modimo. Seno se tla thusa thata mo go direng gore lo nne le lenyalo le le itumetseng.—Diane 19:2; Bagalatia 5:22, 23.
‘Nyala Fela mo Moreneng’
Go nna le mekgele le ditumelo tse di tshwanang le tsa motho yo o batlang go nyalana le ene ke selo sa botlhokwa thata. Lenyalo ke kgwetlho ya mmatota, e e tlhokang gore bobedi jono bo dire diphetogo di le dintsi mo boitsholong le mo mokgweng wa bone. Go a utlwala gore fa wena le motho yo e tla nnang molekane wa gago lo setse lo na le dilo tse dintsi tse lo tshwanang ka tsone, go tla nna motlhofo go dira diphetogo tseno.
Seno se re thusa go bona lebaka la go bo moaposetoloi Paulo a ne a kgothaletsa Bakeresete go tila go “pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.” (2 Bakorintha 6:14) Paulo o ne a itse gore go nyala motho yo o sa dumeleng e bile a sa tlhaloganye melaometheo ya Baebele jaaka wena go ka baka dikgotlhang le go sa dumalane. Kgakololo ya go ‘nyala fela mo Moreneng’ e a utlwala. (1 Bakorintha 7:39) E supa tsela e Modimo a akanyang dilo ka yone. Ba ba e latelang ka botlhale ba tila dikgoreletsi tse dintsi tse di masisi le mathata.—Diane 2:1, 9.
Manyalo a a Rulaganngwang ke Batsadi
Go tweng ka mafelo a go sa ntseng go latelwa tlwaelo ya go rulaganyetswa lenyalo ke batsadi? Ka sekai, kwa borwa jwa India, bangwe ba lekanyetsa gore diperesente di le 80 tsa manyalo otlhe ke a a rulagantsweng ke batsadi. Gore a batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go latela ngwao eno kana nnyaa ke tshwetso ya bone ka namana. Le fa go ntse jalo, go rulaganya manyalo mo go ntseng jalo go tla atlega fa go lebilwe thata dinonofo tsa semoya.
Ba ba tlhophang manyalo a a rulagantsweng ke batsadi ba na le maikutlo a gore seno se baya maikarabelo a go dira ditshwetso mo magetleng a batho ba ba nang le maitemogelo le ba ba godileng. Mogolwane mongwe wa Mokeresete mo Afrika o bolela gore: “Batsadi bangwe ba ikutlwa gore ka ntlha ya dingwaga tsa bana ba bone le go tlhaela ga bone maitemogelo, ga ba ka ke ba naya bana ba bone gore e nne bone ba ikatlholelang gore yo e tla nnang molekane wa bone o godile sentle go le kana kang mo semoyeng.” Modiredi mongwe yo o etang go tswa kwa India o okeditse ka gore: “Basha ga ba na maitemogelo mo botshelong gape ba ka dira dilo ka go tseega maikutlo fela.” E re ka batsadi ba itse bana ba bone sentle go feta mongwe o sele, ba ikutlwa gore ba mo boemong jo bo kgethegileng jwa go ka kgona go tlhophela bana ba bone ka botlhale. Gape ba tla nna botlhale fa ba ka akanyetsa tsela e lekau kana lekgarebe le bonang dilo ka yone.
Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba itlhokomolosa melaometheo ya Baebele, ba ka nna ba feleletsa ba bogisiwa ke ditlamorago tsa fa lenyalo leo kgabagare le na le mathata. Ka ntlha ya go bo gantsi balekane bano ba ba tlileng go nyalana ba se ke ba nna le nako e e lekaneng ya gore ba itsane sentle pele, go ka nna ga tsoga mathata. Mme fa a tsoga, rre mongwe wa Mokeresete kwa India o tlhalosa gore “tlwaelo ke go pega batsadi molato.”
Batsadi ba Bakeresete ba ba rulaganyang lenyalo, ba tshwanetse go akanyetsa gape gore lebaka legolo la lenyalo leno ke lefe. Fa e le gore selo se se dirileng gore ba tlhophele ngwana molekane mongwe wa lenyalo ke gore ba fitlhelele mekgele mengwe ya dikhumo kana go eletsa maemo a a kwa godimo, go ka nna ga tsoga mathata. (1 Timotheo 6:9) Ka gone, ba ba rulaganyang lenyalo ba tshwanetse go ipotsa gore: ‘A tlhopho eno e tla dira gore bobedi jono bo itumele le go itekanela semoyeng? Kgotsa a ke fela go dira gore lelapa la rona e nne la maemo a a kwa godingwana kana gore re nne le dikhumo kana ke go dira gore le eme sentle mo go tsa madi?’—Diane 20:21.
Kgakololo ya Baebele e a utlwala e bile e solegela molemo. Fa o akanyetsa molekane wa lenyalo, dinonofo tse dintle le tsa semoya tsa motho yo e tla nnang molekane wa gago ka metlha di tshwanetse tsa tla pele, go sa kgathalesege gore molekane o tlhophiwa jang. Fa go dirilwe jalo, Jehofa Modimo, Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo, o a tlotliwa mme ba ba nyalanang ba ka simolola mo motheong o o nonofileng wa semoya. (Mathaio 7:24, 25) Seno se tla thusa thata mo go direng gore kgolagano eno e nne e e itumetseng, e e nonotshang.