Lelapa le le Kgaoganeng—Kafa Tlhalo e Amang Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome ka Teng
BOMANKGE ba ne ba akanya gore ba itse kafa ba ka rarabololang bothata jono ka teng. Ba ne ba gakolola batsadi ba manyalo a bone a nang le mathata jaana: ‘Lo tlhoka go tlhoma mogopolo mo boitumelong jwa lona,’ mme ba bo ba oketsa ka bonako jaana: ‘Lo se ka lwa tshwenyega ka bana. Ga ba amege thata. Go motlhofo mo go bone gore ba lepalepane le tlhalo go na le gore ba nne le batsadi ba babedi ba ba sa utlwaneng!’
Le fa go ntse jalo, bagakolodi bangwe ba ba kileng ba buelela tlhalo jaaka tharabololo ba fetotse maikutlo a bone. Gone jaanong ba re: ‘Tlhalo ke ntwa. Ga go na ope wa balekane yo o falolang mo go yone a se na matsadi, le bana tota.’
Leinane la Tlhalo e e Motlhofo
E ka nna thulaganyo ya thelebishene ya metlae. E tla bo e tlhamilwe jang? Mmè le Rre ba a tlhalana. Mmè ke ene a fiwang tlhokomelo ya bana ke kgotlatshekelo mme o nyalana le moswagadi yo o nang le bana ba gagwe. Beke le beke go na le mathata a a latelanang a a sa tlwaelegang a lelapa le le sa tlwaelegang leno le lebanang le one—mme bothata bongwe le bongwe bo rarabololwa mo metsotsong e le 30 fela go ntse go na le metlae e e tshegisang fa go ntse go dirwa jalo.
Gongwe seemo se se fa godimo ke thulaganyo ya thelebishene e e ka tshegisang thata. Mme mo botshelong jwa mmatota, tlhalo ga se sengwe se se tshegisang jaaka thulaganyo ya thelebishene ya metlae. Go farologana le seo, ke sengwe se se utlwisang botlhoko. M. Gary Neuman mo bukeng ya gagwe ya Emotional Infidelity o kwala jaana: “Tlhalo e akaretsa gore go tsewe dikgato tsa semolao. Mongwe o isa yo mongwe kgotlatshekelo go mo duedisa sengwe. Ka nako e o swetsang go tlhala, o dumela gore o tla bo o sa tlhole o na le taolo mo ngwaneng wa gago. Mme gape ga o tlhole o tla laola madi a gago, gongwe e bile le lefelo le o tla nnang mo go lone. Go ka nna ga direga gore lo rarabolole mathata a lona ka go dira tumalano kwa kgotlatshekelo mme ga go na sepe se se tlhomamisang gore seo se tla direga. Kgabagare, motho o sele yo o bidiwang moatlhodi e tla bo e le ene yo o tla go bolelelang gore o ka bona ngwana wa gago gantsi go le kana kang le gore o tla sala ka madi a a kana kang. Ka maswabi, motho yoo ga a akanye jaaka wena.”
Gantsi, tlhalo e tlisa fela mathata a mangwe mo boemong jwa a mangwe. Ee, sengwe le sengwe go tloga ka tsela e lo tla nnang ka yone le seemo sa lona sa madi se ka fetoga—mme gantsi e se ka tsela e e tla lo solegelang molemo. Mme go tla bo go latela tsela e tlhalo e tla amang bana ka yone.
Tlhalo le Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome
Tlhalo e ka utlwisa bana botlhoko thata, go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga di le kae. Bangwe ba re bana ba dingwaga tsa bolesome ba kgona go amogela seemo botoka. Ba tlhalosa gore, tota e bile, ba godilenyana e bile ba mo seemong sa go tloga ba kgaogana le batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba bona mathata ka seemo seno. Ba lemogile gore ka ntlha ya one mabaka ao, tlhalo e ka ama bana ba dingwaga tsa bolesome thata go feta ba bangwe.a Akanya ka se se latelang:
◼ Fa ba ntse ba feta mo dingwageng tseno ba fetela mo bogolong, bana ba dingwaga tsa bolesome ga ba itshepe, gongwe e bile le e leng go feta ka nako ya fa ba ne ba le bana. O se ka wa tsiediwa ke kgang ya gore ba batla go ikemela—bana ba dingwaga tsa bolesome ba tlhoka tshegetso ya lelapa le le tlhomameng go feta le fa e le leng pele.
◼ Ka yone nako e bana ba dingwaga tsa bolesome ba ithutang go nna le dikamano le batho ba ba godileng, tlhalo e ba ruta gore ba se ka ba tshepa dinonofo tse di jaaka go tshepa ba bangwe, go ikanyega le go rata. Moragonyana, fa ba godile, ba ka nna ba tila go nna le dikamano tse di atamalaneng le mongwe gotlhelele.
◼ Le fa gone go tlwaelegile gore bana ba dingwaga tsotlhe ba bontshe kutlobotlhoko ya bone, bana ba dingwaga tsa bolesome ba ka nna ba e bontsha ka ditsela tse di kotsi, go akaretsa botlhokatsebe le go dirisa bojalwa le diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.
Seno ga se reye gore bana ba dingwaga tsa bolesome ba batsadi ba bone ba tlhalaneng ba ka se ka ba atlega mo dikamanong tse ba tla nnang le tsone le ba bangwe. Ba ka kgona go atlega, segolobogolo fa e le gore ba na le kamano le batsadi ba bone ka bobedi.b Le fa go ntse jalo, ga go botlhale go akanya gore ka metlha tlhalo, jaaka bangwe ba bolela, e tla ‘nna botoka mo baneng’ kgotsa gore e tla fedisa kgogakgogano yotlhe e e fa gare ga banyalani. Tota e bile, bangwe ba fitlhela gore ba tshwanetse go nna le dikamano thata le molekane wa bone “yo ba sa mmatleng” morago ga tlhalo go na le kafa go neng go ntse ka teng pele mme e le ka dikgang tse di bakang dikgotlhang thata tse di jaaka thuso ya madi kgotsa tlhokomelo ya ngwana. Mo maemong a a ntseng jalo, tlhalo ga e fedise mathata a lelapa; e a isa fela go sele.
Tlhopho ya Boraro
Go tweng fa e le gore o mo lenyalong le le nang le mathata mme o akanya ka go tlhala? Setlhogo seno se tlhalositse mabaka a o tshwanetseng go a akanyetsa. Tlhalo ga e rarabolole mathata otlhe a lenyalo.
Mme tlhaloganya seno sentle: Karabo ga se fela go itshokela lenyalo le le nang le mathata. Go na le tsela e nngwe e o ka e tlhophang—fa lenyalo la gago le na le mathata, ke eng o sa leke go dira gore le nne botoka? O se ka wa kgaphela kgopolo eno kwa thoko ka bonako, ka go bolela gore mathata a lenyalo la gago a ka se ka a fela. Ipotse dipotso tseno:
◼ ‘Ke dinonofo dife tse kwa tshimologong di ileng tsa dira gore ke kgatlhegele molekane wa me? A dinonofo tseo ga di tlhole di le gone ka selekanyo se se rileng?’—Diane 31:10, 29.
◼ ‘A maikutlo a ke neng ke na le one pele ga lenyalo a ka tsosolosiwa?’—Sefela sa Difela 2:2; 4:7.
◼ ‘Go sa kgathalesege gore molekane wa me o dirile eng, a nna nka kgona go dirisa dikakantsho tse di mo ditsebeng 3 go ya go 9 tsa makasine ono?’—Baroma 12:18.
◼ ‘A nka kgona go tlhalosetsa molekane wa me (re lebane difatlhego kgotsa ka go mo kwalela) gore nka rata gore kamano ya rona e tokafale jang?’—Jobe 10:1.
◼ ‘A re ka kgona go nna fa fatshe le tsala e e godileng e e ka re thusang gore re ipeele mekgele e re ka e fitlhelelang go tokafatsa lenyalo la rona?’—Diane 27:17.
Baebele ya re: “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Molaomotheo oo ga o dire fela fa motho a tlhopha molekane mme gape le fa o akanya ka se o ka se dirang ka kamano ya lenyalo le le sa tlhomamang. Ee ruri, jaaka go bontshitswe mo tsebeng ya 9 ya makasine ono, malapa a a atlegileng le one a na le mathata—pharologano ke kafa one a rarabololang mathata ka teng.
Ka sekai: Akanya o tsaya loeto lo loleele ka koloi. Ga go na pelaelo gore o tla nna le mathata mo tseleng, go akaretsa maemo a bosa a a maswe, pharakano ya dikoloi le maparego a mo ditseleng. Gangwe le gape o ka nna wa timela. O tla dira eng? A o tla boela morago kgotsa a o tla batla tsela e ka yone o ka tilang dikgoreletsi mme o bo o tswelela pele ka loeto? Ka letsatsi la lenyalo la gago, o ne wa tsaya loeto lo lo neng lo tla go tlisetsa mathata a a rileng, ka gonne Baebele ya re “ba ba tsenang mo lenyalong ba tla nna le botlhoko le bohutsana.” (1 Bakorintha 7:28, The New English Bible) Kgang ga se gore a mathata a tla nna teng mme ke gore o tla lebana jang le one fa a tlhaga. A o ka kgona go bona tsela e o ka fenyang bothata joo ka yone mme o tswelele pele ka botshelo? Tota le fa o akanya gore lenyalo la gago le senyegile gotlhelele, a o tla leka go batla thuso?—Jakobe 5:14.
Thulaganyo ya Modimo
Lenyalo ke thulaganyo ya Modimo e e sa tshwanelwang go tsewa motlhofo. (Genesise 2:24) Fa go bonala mathata a le magolo thata, gakologelwa dintlha tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong seno.
1. Leka go tsosolosa lorato lo o kileng wa nna le lone.—Sefela sa Difela 8:6.
2. Dira tshwetso ya gore wena o tla dira eng go tokafatsa lenyalo la gago mme o go dire.—Jakobe 1:22.
3. Ka tsela e e utlwalang mme e le ka tsela e e bontshang tlotlo bolelela molekane wa gago—e ka tswa lo lebane difatlhego kgotsa ka go mo kwalela—gore ke dilo dife tse o akanyang gore lo tlhoka go di dira mo lenyalong.—Jobe 7:11.
4. Kopa thuso. Ga o tlhoke go boloka lenyalo la gago o le nosi!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Setlhogo seno se bua thata ka bana ba dingwaga tsa bolesome, mme tlhalo e ama le bana ba babotlana. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona dimakasine tsa Tsogang! tsa December 8, 1997, ditsebe 22-30, le May 8, 1991, ditsebe 19-27.
b Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha go kgonegang gore ba nne le kamano e e ntseng jalo, segolobogolo fa e le gore motsadi mongwe o latlhile lelapa kgotsa ka tsela nngwe o itshupa a se na maikarabelo kgotsa le e leng go nna kotsi.—1 Timotheo 5:8.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]
‘MO LEKGETLONG LENO KE TLA ATLEGA’
Dipatlisiso di bontsha gore manyalo a bobedi a na le selekanyo se se kwa godimo sa go senyega go na le a ntlha mme a boraro a maswe le go feta. Mo bukeng ya gagwe ya Emotional Infidelity, M. Gary Neuman o tlhalosa lebaka le le lengwe la seno. A re: “Fa e le gore o na le mathata mo lenyalong la gago la ntlha, ga se ka go bo o tlhophile molekane yo o sa siamang. Mme bothata bo mo go wena. O ile wa rata motho yono. O ile wa dirisana le motho yono gore lo nne le se lo nang le sone kgotsa se lo se nang sone.” Neuman o swetsa ka goreng? “Go botoka go fedisa bothata mme o nne le molekane wa gago go na le gore o tlogele molekane wa gago mme o sale ka bothata.”
[Lebokoso mo go tsebe 21]
FA LENYALO LE KA FELA
Baebele e dumela gore maemo a a feteletseng a ka dira gore lo tlhalane.c Fa seno se direga mo lelapeng la gago, o ka thusa jang bana ba gago ba dingwaga tsa bolesome gore ba lepalepane le gone?
Bolelela ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome gore go diragala eng. Fa go kgonega batsadi ka bobedi ba tshwanetse go dira seno. Ka bobedi jwa lona, itsiseng ngwana wa lona wa dingwaga tsa bolesome gore tshwetso ya go tlhala ke ya makgaolakgang. Mo tlhomamisetseng gore ga se molato wa gagwe le gore batsadi ka bobedi ba tla tswelela ba mo rata.
Bayang marumo fa fatshe—ntwa e fedile. Batsadi bangwe ba nna ba ntse ba gogagogana nako e telele morago ga tlhalo. Moitse mongwe o tlhalosa gore e nna “batho ba ba tlhalaneng semolao mme e sa ntse e le baba ba ba tlhoaneng ba ba sa kgoneng go dira kagiso.” Seno ga se dire fela gore bana ba dingwaga tsa bolesome ba latlhegelwe ke batsadi ba bone—ka gonne Papa le Mama ba tlhola ba lwele—mme gape go ba rotloetsa gore ba lotlhaganye batsadi gore bone ba bone se ba se batlang. Ka sekai, mosimane a ka nna a raya mmaagwe a re: “Papa o dira gore ke tle bosigo go ya kafa nna ke batlang ka teng. Ke eng fa wena o sa batle gore ke go dire?” E re ka mmè a sa batle gore morwawe a ye kwa “mmabeng wa gagwe” Mmè o a ineela.
Dira gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a bue. Bana ba dingwaga tsa bolesome ba ka nna ba ipolelela gore, ‘Fa e le gore batsadi ba me ba ile ba tlogela go tlhola ba ratana, ba ka nna ba tlogela go tlhola ba nthata’ kgotsa ‘Fa e le gore batsadi ba me ba ile ba tlola melao ke eng fa nna ke sa tshwanela go go dira?’ Go fokotsa dipoifo tsa ngwana wa gago le go baakanya dikakanyo tse di sa siamang, mo neye tshono e ntsi ya go bua. Mme nna kelotlhoko: O se ka wa fetola dilo mme wa simolola go batla gore e nne ngwana wa gago yo o go gomotsang. Ke ngwana wa gago, e seng mongwe yo o ka mmulelang mafatlha.
Kgothaletsa ngwana gore a nne le kamano e e siameng le molekane wa gago wa nako e e fetileng. Motho yo o tlhalaneng le ene ke molekane wa gago wa nako e e fetileng mme ga se motsadi wa nako e e fetileng wa ngwana wa gago. Go senya motho yoo leina go tla baka mathata. Buka ya Teens in Turmoil—A Path to Change for Parents, Adolescents, and Their Families ya re: “Fa batsadi ba tlhopha go dirisa bana ba bone go nna dibetsa mo ntweng ya tlhalo, ba tshwanetse go lebelela go roba se ba se jadileng.”
Itlhokomele. Ka dinako tse dingwe, o tla ikutlwa o tlaletswe. Mme o se ka wa itlhoboga. Nna le thulaganyo e e siameng. Fa e le gore o Mokeresete, nna le seabe ka metlha mo dilong tsa semoya. Go dira jalo go tla thusa wena le ngwana wa gago gore lo nne tekatekano.—Pesalema 18:2; Mathaio 28:19, 20; Bahebera 10:24, 25.
[Ntlha e e kwa tlase]
c Go ya ka Baebele, ke kamano ya tlhakanelodikobo ka kwa ntle ga lenyalo fela e e neelang motho mabaka a a utlwalang a go fedisa lenyalo mme a bo a kgona go nyala gape. (Mathaio 19:9) Fa go nna le go sa ikanyege, go ikaegile ka molekane yo o se nang molato—e seng maloko a mangwe a lelapa—go dira tshwetso ya gore a go tla nna botoka go tlhala.—Bagalatia 6:5.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Dira maiteko a go tshelela maikano a o a dirileng ka letsatsi la lenyalo la gago
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Fa e le gore ka bobedi lo filwe tetla ya go tlhokomela bana, kgothaletsa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome gore a nne le kamano e e siameng le motho yo pele e neng e le molekane wa gago