LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/09 ts. 9-10
  • Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa Modimo a re Bopile?
  • Ithute ka Modimo
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Boikaelelo jwa Mmatota jwa Botshelo
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 12/09 ts. 9-10

Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?

GO YA ka Baebele, Modimo yo leina la gagwe e leng Jehofa, o botlhale thata. Ke ene Motswedi wa maatla otlhe a lobopo le Mmopi wa lobopo. (Pesalema 83:18; 92:5) Kgaolo ya ntlha ya Baebele e bolela jaana: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” Morago ga foo, Modimo o ne a bopa motho mo “setshwanong” sa gagwe—se se rayang gore, a na le dinonofo tse di tshwanang le tsa gagwe—mme Modimo a raya motho a re a ate a tlatse lefatshe.—Genesise 1:1, 26, 28.

A seno se raya gore Modimo o ne a bopa lobopo, go akaretsa lefatshe le diphologolo le dimela tse dintsi tse di mo go lone, e le fela gore batho ba itumelele go nna le tsone? Mme a re mono fela gore re itumelele botshelo ka masome a se kae a dingwaga, re je, re nwe le go nna le bana?

Ke Eng fa Modimo a re Bopile?

Jehofa Modimo o ne a bopa batho go supa lorato lwa gagwe—o ne a batla go itumelela botshelo le batho. Ga go na pelaelo gore Modimo o ne a itumela thata fa a ne a bopa dibopiwa tsa mefuta yotlhe gore batho ba dikologiwe ke bontle le dilo tse dintsi. Se se botlhokwa le go feta, batho ba ne ba tshwanetse go nna le kamano e e gaufi le Mmopi wa bone, ba mo itse le go buisana le ene. Ba ne ba bopiwa gore ba tshelele ruri mo maemong a a itekanetseng, a kagiso.—Genesise 3:8, 9; Pesalema 37:11, 29.

Jehofa gape o ne a naya batho tiro e e kgotsofatsang le e e nang le bokao. Modimo o ne a raya batho ba ntlha a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Ee, banyalani ba ntlha le bana ba bone ba ne ba tshwanetse go fetola lefatshe lotlhe paradaise e e itumedisang.

Ka yone nako eo, dilo ga di a ka tsa nna ka tsela e Jehofa a neng a ikaeletse ka yone.a Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho bo tla diragadiwa.—Isaia 46:9-11; 55:11.

Mme gone jaanong, keletso ya motho—se a se tlhokang—ya go itse Modimo le go nna le kamano le ene e supiwa ke go bo a batla go itse lebaka la go bo re le mono. Motho o bopilwe e le sebopiwa se se botlhale se se nang le keletso ya go batlisisa dilo le go tlhaloganya. Mme Baebele ya re motho o tla tswelela a bona kitso e e kgotsofatsang ka Modimo le ka popo ya gagwe go ya go ile.

Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a tlhalosa boikaelelo jwa motho ka tsela eno: “Ke bone tiro e Modimo a e neileng bomorwa batho gore ba tshwarege mo go yone. O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore le ka motlha batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong. Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka mo go bone fa e se go ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Moreri 3:10-13) Ka jalo, batho ba ka se fetse go batlisisa ka Modimo le ka popo ya gagwe.

Ithute ka Modimo

O ka kgona go itse Jehofa ka go sekaseka popo ya gagwe. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a bolela gore “dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Ee, bontsi jwa lorato lwa ga Jehofa, botlhale jwa gagwe le maatla a gagwe di bonala mo popong ya gagwe.

Motswedi o mongwe o o botlhokwa o o ka re nayang tshedimosetso ka Modimo ke Baebele. Buka e e tlhotlheleditsweng eo e re bolelela go le gontsi ka Jehofa—tsela e a lebang dilo ka yone, dinonofo tsa gagwe le boikaelelo jwa gagwe—go na le se re ka ithutang sone fa re sekaseka popo ya gagwe.

Baebele e bolela jaana malebana le boikaelelo jwa Modimo: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Go bonala lefelo le le lengwe fela le le tshwanelang mo lobopong le batho ba ka nnang mo go lone e le lefatshe, le Jehofa a le diretseng lone lebaka leo.

Mme go tweng ka lobopo lo lo se nang selekanyo? A dinaledi tse di re dikologileng di teng fela gore di boloke thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e le mo selekanyong se se tshwanelang sentle, gore botshelo bo kgonege mo lefatsheng? A masedi a legodimo a teng fela gore a dire gore loapi lo lebege lo le lontle bosigo? Re tshwanetse go dumela gore go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse re sa di itseng. Mme seo ke selo se se siameng! Ka ntlha yang?

Go tshela ka bosakhutleng go ka se lekane gore batho ba tlhaloganye dilo tsotlhe tse Modimo a di dirileng le tse a ikaeletseng go di dira. O batla gore isagwe ya rona e nne e re tla tswelelang re lemoga dilo tse disha mo go yone ka bosakhutleng le ya boipelo jo bo sa feleng. Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng bo tla naya batho ba ba kutlo tshono ya go lemoga dilo tse dintsintsi ka lobopo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Boikepo le go boga di dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba dumela mo Mmoping yo o lorato. Malebana le kgang eno, tsweetswee bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Motho o bopilwe e le sebopiwa se se botlhale se se nang le keletso ya go batlisisa dilo le go tlhaloganya

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Baebele e bontsha gore lefatshe le ile la bopiwa segolobogolo gore batho ba le itumelele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela