Kgaolo 23
“Lo Chwanetse Go Dihana le Bopelotelele”
1. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa e le batho ba ba itumetseng eleruri? (b) Mme ke kgakololo efe e e go Bahebera 10:36 e e dirang go rona rotlhe?
BATHO bao ba ikantseng Jehofa eleruri ke batho ba ka mmaanete ba itumetseng thata mo lefatsheng gompieno. Ba itse koo yone kgakololo tota ya kafa go ka dirisanngwang ka gone le mathata a botshelo e ka fitlhelwang teng—mo Lefokong la Modimo ka sebele. Ga ba boife fa ba ntse ba lebile isagwe, ka jaana ba itse seo e leng maikaelelo a Modimo ka lefatshe leno. (Yeremia 17:7, 8; Pesalema 46:1, 2) Lefa go le jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene a re: “Lo chwanetse go dihana le bopelotelele, gore e tle e re lo sena go diha go rata ga Modimo, lo bo lo amogèlè polèlō ea choloheco.” (Bahebera 10:36) Ke eng seo se dirang gore bopelotelele bo tlhokafale?
2. Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ga Jesu ba tla tlhoka bopelotelele?
2 Pele ga a swa, Jesu o ne a itsise baaposetoloi ba gagwe kaga seo se neng se le kwa pele, ka gore: “Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ. Gakologèlwañ lehoko ye ke le buileñ le lona, ka re, Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; ha ba tshegeditse lehoko ya me, le ya lona ba tla le tshegetsa. Me dilō cotlhe tse, ba tla di lo dihèla ka ntlha ea leina ya me, ka go bo ba sa itse eo o nthomileñ.” (Yohane 15:19-21) Abo seo se itshupile se le boammaaruri jang ne!
3. (a) Barutwa ba ga Jesu ba bogisiwa jang ‘ka ntlha ya leina la ga Jesu’? (b) Ke ka tlhaloganyo efe babogisi ‘ba sa itseng’ Ene yo o rometseng Jesu? (c) Ke mang yo thata-thata a lereng pogiso?
3 Balatedi ba ga Jesu ba tlhoilwe ka jaana ba tshela gareng ga lefatshe leo le ganang seo se emelwang ke Bokeresete jwa boammaaruri. Keresete o raya “Motlodiwa.” Jesu Keresete ke ene yo o tloditsweng ke Jehofa go nna Kgosi, a busa lefatshe lotlhe. Ka gone fa Jesu a ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba tla bogisiwa ka ‘ntlha ya leina ja gagwe,’ o ne a raya gore pogiso e ne e tla nna gone ka go bo ba ne ba ineela go ene jaaka Kgosi ya ga Jehofa ya Bomesia, ka ntlha ya go utlwa Keresete ga bone go gaisa mmusi le fa e ka nna ofe wa lefatshe, ka ntlha ya go ineela ka boikanyegi mo Bogosing jwa gagwe le go sa kopanyelediwe mo dikgannyeng dipe tsa bogoromente ba batho. Jesu o ne a oketsa ka gore kganetso e ne e tla nna gone ka go bo babogisi “ba sa itse eo o nthomileñ”—ba gana go lemoga Jehofa Modimo jaaka Molaodi wa Lobopo Lotlhe. (Bapisa Ekesodo 5:2.) Motlhotlheletsi yo mogolo wa pogiso eno ke mang? Satane Diabolo.—Tshenolō 2:10.
4. (a) Ke jang tiragatso ya Tshenolō 12:17 e amang matshelo a rona? (b) Boitlhomo jwa ga Satane ke bofe?
4 Segolo bogolo fa e sale Satane a digwa kwa legodimong morago ga go tsalwa ga Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia ka 1914, kgatelelo mo Bakereseteng ba boammaaruri e ile ya okediwa. O se ka wa ba wa e tlhaetsa matlho. Diabolo le badimona ba gagwe ba tlhabana ka maatla kgatlhanong le bao ba emeng kafa letlhakoreng la Bogosi jwa Modimo jwa ga Jesu Keresete. Malebana le seno, Tshenolō 12:17 e tlhalosa ka gore: “Me kgōgèla [Satane Diabolo] ea nna bogale le mosadi [phuthego ya selegodimo ya Modimo ya seka-mosadi], ea heta e ea go tlhasèla ba ba setseñ ba losika loa gagwè [balatedi ba ga Keresete ba ba mo lefatsheng ba ba tloditsweng ka moya], ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.” “Dinku di sele,” le tsone, di iphitlhela di le moteng ga ntwa. Ka ditsela tsa boferefere, Satane o leka go hepisetsa kana go ba patelela gore ba tlogele go utlwa ditaolo tsa Modimo. O batla gore a koafatse mme go tswa foo a bo a senye bomoya jwa bone gotlhelele. Boitlhomo jwa gagwe ke go didimatsa polelo mabapi le gore Jesu ke Kgosi ya ga Jehofa ya Bomesia. Mme mo ntweng eno ya semoya batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ntse ba tswa ba fentse.
BAKERESETE BA TSHWANETSE GO ITSHWARA JANG?
5. Ke dikgato dife tseo bogoromente ba di tsereng kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa?
5 Bagolwane ba le bantsi ba ga goromente ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba bolokang molao le gore ba na le tlhotlheletso e e phepa mo bathong. Lefa go le jalo, bogoromente botlhe ba batho ke bontlhanngwe jwa tsamaiso ya dilo ya lefatshe ya ga Satane. (1 Yohane 5:19; Tshenolō 13:2) Jalo ga go a tshwanela go gakgamatsa fa bogoromente bangwe ba iletsa dipokano tsa bao ba obamelang Modimo wa boammaaruri, ba thibelang dibuka tsa bone tsa Bibela, ba iletsang go rerwa ga Bogosi jwa Modimo, ee, le eleng go ba latlhela mo kgolegelong le go ba tlhokofatsa mo mmeleng. Fa wena ka bowena o tlelwa ke kgatelelo e e ntseng jalo, o tla dirang?
6. (a) Ke boikutlo bofe joo re tshwanetseng go nna najo tebang le bagolwane ba ga goromente? (b) Mme ke eng seo re ikemiseditseng gore re tla se dira? (c) Le eleng fa re bogisiwa, re ka tswelela jang re itumetse?
6 Baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba tlotla bagolwane ba ga goromente. Fa ba bogisiwa, ba ne ba se ka ba ipusolosetsa. Mme fa ba ne ba laelwa gore ba emise go dira seo Modimo a neng a se laetse, ba ne ba araba jaana ka go tia: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29; Baroma 12:19; 1 Petere 3:15) Le eleng fa matshelo a bone a ne a tshosediwa, go tshaba loso ga go a ka ga ba dira gore ba itatole. Ba ne ba itse gore ba ne ba direla “Modimo o o cosañ bashwi.” (2 Bakorintha 1:9; Bahebera 2:14, 15) Lemororo ba ne ba bogisiwa, ba ne ba itumetse—ba itumetse ka go bo ba ne ba itse gore ba ne ba itumedisa Modimo, ba itumeletse go nna le paka ya go abalana mo go galaletseng leina la gagwe le go supa boikanyegi jwa bone go Kgosi ya gagwe e e tloditsweng. (Ditihō 5:41, 42; Mathaio 5:11, 12) A o motho wa mofuta oo? A o ikgetholola phatlalatsa le bao ba nnang le maitemogelo a a ntseng jalo? Ebedemeleke o ne a se ka a ikgogona ka go boifa. E ne e le mang?
7. (a) Ebedemeleke e ne e le mang, mme ke ka ntlha yang fa a raya sengwe mo go rona jaanong? (b) Fa a utlwalela gore Jeremia o latlhetswe mo moleteng o o loraga, ke kgato efe eo Ebedemeleke a neng a e tsaya, mme ka ntlha yang?
7 Ebedemeleke e ne e le Mo-Ethiopia yo o neng a boifa Modimo yo o neng a nna mo Jerusalema mo lobakeng lwa fa a tla tloga a senngwa ke Bababelona. O ne a thapilwe mo ntlong ya ga Kgosi Sedekia. Ka nako eo Jeremia o ne a direla jaaka moperofeti wa ga Jehofa mo Bogosing jwa Juda le mo merafeng e e mo tikologong. Ka go bo a ile a isa molaetsa wa tlhagiso wa Modimo kwa ntle ga go iphitlha, o ne a tlelwa ke pogiso e e mahehe. Ka tlhotlheletso ya dikgosana dingwe mo Jerusalema, o ne a latlhelwa mo moleteng gore a nwele mo lorageng mme a swe. Lemororo Ebedemeleke a ne a se Moiseraela, o ne a lemoga fa Jeremia a ne a le moperofeti wa ga Jehofa. Fa a utlwalela seo se dirilweng, Ebedemeleke ka bofefo fela a ya go senka kgosi kwa kgorong ya motse gore a tle go thusa Jeremia. Ka ditaolo tsa kgosi, o ne a bitsa banna ba le 30 ka bofefo, a bo a senka megala le makgasa a a onetseng. O ne a raya Jeremia a re a a tsenye kafa magwafeng gore a se ka a gotlhiwa ke megala, go tswa foo ba tlhatlosa moperofeti mo moleteng.—Yeremia 38:4-13.
8. Ke tsholofetso efe e e tlhomamisetsang eo Jehofa a neng a e romelela Ebedemeleke, mme ka ntlha yang?
8 Go utlwala sentle gore ke eng fa Ebedemeleke a bo a ne a tshwenyegile ka seo dikgosana di neng di ka nna tsa se mo dira ka ntlha ya go dirolola morero wa bone, mme kamego ya gagwe e ne ya fenngwa ke go tlotla moperofeti wa ga Jehofa le go ikanya ga gagwe mo Modimong. Ka ntlha ya gone, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Ebedemeleke ka Jeremia a re: “Bōna ke tla dihatsa mahoko a me mo motsiñ o ka boshula, e señ ka molemō; me a tla dihadiwa ha pele ga gago ka tsatsi yeuō. Me wèna ke tla gu golola ka tsatsi yeuō, go bua Yehofa: me ga u ketla u tseñwa mo seatleñ sa banna ba u ba boihañ. Gonne rure ke tla gu boloka, ga u ketla u wa ka chaka, me botshelō yoa gago bo tla nna mo go wèna kgapō ea gago: ka u ikantse mo go nna, go bua Yehofa.”—Yeremia 39:16-18.
9. (a) Ke jang “dinku di sele” di ileng tsa tshwana le Ebedemeleke? (b) Jalo, ke eng seo tsholofetso ya ga Jehofa go Ebedemeleke e se rayang go “dinku di sele” gompieno?
9 Abo tsholofetso eo e eletsega jang go batlhanka ba ga Jehofa gompieno! Jaaka Ebedemeleke, “dinku di sele” di bona ditshiamololo tseo di direlwang setlhopha sa ga Jeremia sa motlha wa segompieno, masalela a a tloditsweng, le maiteko ao a dirwang go emisa gore ba se rere ka molaetsa wa ga Jehofa. Ga ba a oka-oka go tsaya kgato lefa e ka nna efe e ba ka e kgonang go sireletsa le go tshegetsa setlhopha sa batlodiwa. Ka gone, e le ka tshwanelo, tsholofetso ya ga Jehofa go Ebedemeleke e a ba nonotsha, e ba tiisetsa ikanyo ya bone ya gore Modimo ga o ketla o dumelela baganetsi go ba senya mme gore O tla ba boloka jaaka setlhopha mo tshenyegong ya lefatshe e e tlang go tsena mo ‘lefatsheng je lesha’ ja Gagwe.
10. Bakeresete ba itemogela pogiso mo dibakeng dife tsa botshelo?
10 Ga se gore botlhe ba ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete ba tshosediwa ka go latlhelwa mo kgolegelong, mme botlhe ba itemogela pogiso ka tsela e kana ele. (2 Timotheo 3:12) Diketekete tsa basadi ba Bakeresete, le banna, ba ile ka dingwaga tse dintsi ba itshokela kganetso e e mahehe gone fela mo malapeng a bone ka boikanyego. Bana le bone, ka ntlha ya keletso ya bone go direla Jehofa, ba ile ba itatolwa ke batsadi. (Mathaio 10:36-38) Basha ba Bakeresete le bone ba ka nna ba thulana le pogiso kwa sekolong; bagolo, kwa ba berekang teng. Basupi ba ga Jehofa botlhe ba a e ikutlwela fa ba ntse ba abalana phatlalatsa mo go supeng kaga Bogosi jwa Modimo. Go botlhe bao, mafoko a ga Jesu a a dira: “Lo tla ipolokèla meōea ea lona ka bopelotelele yoa lona.”—Luke 21:19.
11. (a) Ke maemo afe a mangwe ao a lereng pogiso e e botlhoko go ba le bantsi? (b) Ke bomang gape bao ba neng ba itemogela dilo tseno, mme ka ntlha yang?
11 Go ba le bantsi, go na le maemo a mangwe ao a ba bayang mo tekong. Ba ka ne ba na le bolwetsi jo bo maswe, jo bo ba amogang botshelo jo bo itumetseng. Kana, gongwe ba thulane le maemo a a bokete a itsholelo. E ka nna ya bo e le gore, ka dinako tse dingwe, dikakgelo tsa balekane ba bone ba ba atamalaneng di ka nna tsa bo di se tsa tshiamo kana tsa bopelonomi. Mo kgannyeng ya tlhogo-ya-lotso Jobe, Satane o ne a dirisa tseno tsotlhe ka boiteko jwa gore a robe bothokgami jwa gagwe. Re tla itshwara jang fa re iphitlhela re le mo maemong a a tshwanang?—Yakobe 5:11.
12. (a) Ke ka ntlha yang fa Noa segolo bogolo a ne a tlhoka bopelotelele mo bodiheding jwa gagwe? (b) Boemo bo ile jwa nna jo bo tshwanang jang mo motlheng wa rona?
12 Mo letlhakoreng je lengwe, go tweng fa rona ka borona re fitlhela go sena karabelo e e molemo mo maitekong a rona a go neela bosupi ka ga maikaelelo a ga Jehofa? Seo le sone, se tlhoka bopelotelele. Gakologelwa gore, mo dingwageng tsotlhe tseo Noa a neng a rera ka tsone pele ga Morwalela, ke mosadi wa gagwe fela le bana ba gagwe le basadi ba bone bao ba neng ba ikopanya le ene mo go direleng Jehofa. Batho botlhe ba bangwe “ba se ka ba tsaya tsia.” (Mathaio 24:39, NW) Ka mo go tshwanang gompieno, bontsi ‘ga bo tsee tsia.’ Lefa go ntse jalo, mo dinageng tse dingwe, koo pele go neng go se na karabelo e e molemo mo molaetseng wa Bogosi, jaanong go na le thobo e kgolo ya baobamedi ba Modimo wa boammaaruri. Go sego bao ba ileng ba itshokela dingwaga tsa botlhokomologi kana kganetso e e tlhamaletseng mme jaanong ba abalana mo phuthong eno e e gakgamatsang!
‘GO SEGO BA BA ITSHOKELANG DITEKO’
13. (a) Go tswelela re ntse re le pelotelele, ke eng seo re tshwanetseng ra nna re lebile kwa go sone? (b) Ke eng seo re tlhokang go se lemoga ka mekgwa ya ga Satane?
13 Go tila go latlhegelwa ke tebelelo e e gakgamatsang ya botshelo mo ‘lefatsheng je lesha,’ go botlhokwa-tlhokwa gore re nne le pono e e phepafetseng ka kganetsano e kgolo eo e lebaneng le popo yotlhe—kganetsano ya bolaodi jwa lobopo. A kwantle ga go iphitlha re kafa letlhakoreng la ga Jehofa? A re lemoga ka botlalo fa go na le matlhakore a le mabedi fela, gore ga go na go ka ema fa gare fela? Fa re sa batle go nna bagobadiwa ba ntwa eno, re tshwanetse ra lemoga gore letlhoo le diphepiso ke methale eo e dirisiwang ke Satane go roba bothokgami jwa rona, go re dira gore re tlogele go obamela Modimo, go re faposa mo tirong e e botlhokwa-tlhokwa ya go supa kaga Bogosi jwa Bomesia.—1 Petere 5:8, 9; Mareko 4:17-19.
14. (a) Ke kamano efe eo re tshwanetseng ra e tlhagolela, mme le mang? (b) O tla re thusa jang?
14 Re tshwanetse gape ra tlhagolela boikaego jo bo feletseng ka Jehofa. Abo go ka nna boeleele jang go leka go ikemela ka nosi ka thata ya rona go tila maano a a boferefere a mmaba yono yo o fetang motho ka nonofo! Mme fa re ikanya mo go Jehofa ka dipelo tsa rona tsotlhe, he e tla re fa re tsena mo mathateng le go lebana le dithaelo re tla atamalana gautshwane le ene. (Baefesia 6:10, 11; Diane 3:5, 6) Jehofa ga a re patelele gore re tsamaye ka tsela e e rileng. Ga a ketla a re gogela kwa re sa go rateng. Mme fa re leba Lefokong la gagwe go re kaela, re mo rapela gore a re thatafatse le go atamalana le phuthego ya gagwe, o tla tsamaisa dikgato tsa rona. Mme o tla re tiisa ka bosupi jo bo oketsegileng jwa lorato lwa gagwe lo lo sa tlhaeleng.—Baroma 8:38, 39.
15. (a) Ke mang yo o tshwanetseng go tla pele mo matshelong a rona? (b) Re tshwanetse ra leba jang maemo ao a lekang tumelo ya rona?
15 Mathata le dithaelo tseo o tsenang mo go tsone di tla go baya mo tekong. Ke mang yo o mo eteletsang kwa pele mo botshelong jwa gago? Manganga a ga Satane ke gore rotlhe re itebile fela. Batho ba le bantsi ba ntse jalo. Jesu Keresete o ne a farologane. Go tweng ka wena? A o ithutile go eteletsa kgalaletso ya leina la ga Jehofa kwa pele? Fa go ntse jalo, he, mo boemong jwa go tila maemo ao a lekang tumelo ya gago, o tla kgona go itebaganya le one ka tlhamalalo, o rapela Jehofa gore a go fe botlhale jwa go a dirisa gore o mo tlotle. Pitlagano eo o tsenang mo go yone e tla tlhagisa bopelotelele; bopelotelele ka ntlha ya go rata Jehofa ga gago bo tla dira gore a go amogele. “Go segō motho eo o ichokèlañ ditekō: gonne o tla re a sena go lekwa a lebogwe, a bōne serwalō sa botshelō, se Morèna o se sholoheditseñ ba ba mo ratañ.”—Yakobe 1:2-4, 12; Baroma 5:3, 4.
16. Ke mokgele ofe oo re tshwanetseng ra bo re lekela go o fitlhelela?
16 Ga go a lekana gore motho a simolole tirelo ya ga Jehofa kana a itshoke fela ka nako e khutshwane. Re mo lobelong, mme tuelo e ya go bao ba kgabolang mothadi o o digelang. Go sego botlhe bao ba sa ntseng ba iteka, matlho a bone a tlhomilwe ka tlhomamo mo tuelong fa tsamaiso e kgologolo eno e sugakana go nna matlotla! Abo ba emetswe ke ditebelelo tse di galalelang!—Bahebera 12:1-3; Mathaio 24:13.