Kgaolo 5
Kganetsano E E Go Kopanyeletsang
1. Ke eng fa batho ba go fitlhetse go le thata go tlhaloganya gore ke eng fa Modimo o dumeletse bosula gareng ga setho?
GO SA tlhokomelege keletso e e tlwaelegileng ya kagiso le polokesego, ditiragalo tsa motho di tladikilwe ka tshololo ya madi le bohutsana. Ereka Bibela e bontsha gore Modimo o ila dilo tse di ntseng jalo, ke eng a sa khutlisa maemo a bogologolo? Ruri e ka se nne ka go tlhoka kgatlhego. Bibela, gammogo le bontle jwa tiro ya diatla ya Modimo ya selefatshe, di neela bosupi jo bontsi jwa lorato lwa ona le kamego sethong. (1 Yohane 4:8) Sa botlhokwa-tlhokwa, tlotlo ya leina la Modimo e a kopanyelediwa, ereka maemo a a baketse batho gore ba o kgobe. Go na le lebaka lefe, he, la go bo a itshoketse dikete tsa dingwaga tsa go sa iketla le bothubaki?
2. (a) Ke kae mo Bibeleng mo re fitlhelang gore ke eng fa Modimo o dumeletse maemo a a bosula ka lobaka lo loleele mo go kana? (b) Ke eng se se sedihatsang gore polelo ya Bibela kaga Adame le Efa ke bonnete jwa ditiragalo?
2 Karabo e fitlhelwa mo polelong e e bulang ya Bibela kaga Adame le Efa. Polelo e ga se setshwantsho fela. Ke bonnete jwa ditiragalo. Bibela e neelana ka pego ya losika e e feletseng, e e kwadilweng e fitlha lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng go boela morago bathong ba ntlha. (Luke 3:23-38; Genesise 5:1-32; 11:10-32) Jaaka bagologolwane ba pele ba rona, Adame le Efa ba nnile le tlhotlheletso e e tlhamaletseng go rona. Mme se Bibela e re bolelelang sone ka bone se re thusa go tlhaloganya maemo a a amang matshelo a rona gompieno.
3. Modimo o ne wa direla setho dipaakanyetso tsa mofuta ofe kwa tshimologong?
3 Bibela e senola gore dipaakanyetso tsotlhe tsa Modimo tsa banyalani ba batho ba ntlha di ne di le molemo thata. Ba ne ba na le sengwe le sengwe sa botshelo jo bo itumedisang—legae je le tshwanang le paraka mo Edena, letlepu la dijo tsa methalethale, tiro e e kgotsofatsang, tebelelo ya go bona lelapa la bone le gola mme le tlala ka lefatshe, le tshegofatso ya Mmopi wa bone. (Genesise 1:28, 29; 2:8, 9, 15) Ke mang yo o ka bong a kopile mo go oketsegileng?
4. (a) Popong ya bone, ke ka ditsela dife batho ba neng ba fapaane le dibopiwa tse dingwe tsa selefatshe? (b) Ba ne ba baakanyediwa tsamaiso e e tlhokegang ka mokgwa ofe?
4 Pego e e tlhotlheleditsweng go Genesise e senola gore batho ba ne ba na le boemo jo bo kgethegileng mo lefatsheng. Ka go sa tshwane le diphologolo, ba ne ba na le tlhaloganyo ya boitsholo mme ba ne ba neetswe thato e e gololesegileng. Ke ka baka leo ba neng ba tlhomeletswe ka maatla a go akanya le go atlhola. Go ba goga, Modimo o ne wa jala go monna le mosadi nonofo ya segakolodi e le gore, jaaka batho ba ba itekanetseng, tshekamelo ya bone e e tlwaelegileng e lebe molemong. (Baroma 2:15) Kwantle ga sotlhe se, Modimo o ne wa ba bolelela lebaka la go tshela ga bone, se ba neng ba tshwanetse go se dira, le gore ke mang a baakanyeditseng dilo tsotlhe tse di galalelang go ba dikologa. (Genesise 1:28-30) Re tlhalosa jang, he, maemo a a bosula a a gone jaanong?
5. (a) Modimo o ile wa baya tlhokafalo efe e e motlhofo godimo ga batho ba ntlha ba babedi, mme ka lebaka lefe? (b) Ke eng fa ditebelelo tsa bone tsa botshelo tsa isagwe di ne di kopanyelediwa ka tshwanelo?
5 Pego ya Dikwalo e bontsha gore go ne ga tsoga kganetsano—e e kopanyeletsang mongwe le mongwe wa rona gompieno. E tlile ka maemo a a nnileng gone ka pejana morago ga popo ya batho ba babedi ba ntlha. Modimo o ne wa neela monna le mosadi sebaka sa go bontsha kanaanelo e e lorato Mmoping wa bone ka kutlo tlhokafalong e e rileng. Tlhokafalo e ne e se sepe se se kayang gore motho o ne a na le ditshekamelo tse di bosula tse di ne di tshwanela go thibelwa. Bogolo, e kopanyeleditse sengwe se ka bosone e neng e le se se tlwaelegileng le se se tshwanetseng—go jewa ga dijo. Jaaka Modimo o boleletse motho: “U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Genesise 2:16, 17) Tlhokafalo eno e ne e sa tseele batho ba ntlha sengwe se se tlhokafalelang botshelo. Ba ne ba ka ja ga ditlhare tsotlhe tse dingwe mo tshimong. Lefa go le jalo ditebelelo tsa bone tsa botshelo tsa isagwe ka tlhamalalo di ne di kopanyelediwa, mme ka tshwanelo jalo. Ka ntlha yang? Ka go bo Ene yo o neng a batla kutlo e ne e le Motswedi le Motlamedi wa botshelo jwa motho.
6. (a) Batsadi ba rona ba ntlha ba ka bo ba tshetse ka bosakhutleng fa ba ka bo ba ne ba itshwere tumalanong le boammaaruri bofe jwa motheo malebana le puso? (b) Ke eng fa ba ka bo ba ikutlwile ba tlhotlhelediwa go utlwa Modimo?
6 Boikaelelo jwa Modimo e ne e se gore batho ba swe. Adame le Efa ga ba a umakelwa loso ka gope fa e se fela ka ntlha ya botlhoka-kutlo. Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba na le tebelelo e ntle fa pele ga bone ya go tshela ka bosenabokhutlo mo legaeng ja bone ja kagiso, je le tshwanang le paraka. Go fitlhelela se, ba ne ba tlhokwang? Ba ne ba tshwanetse go lemoga gore lefatshe le ba nnang mo go lone ke la Yoo o le dirileng, mme le gore, jaaka Mmopi, Modimo ka tshwanelo o na le taolo mo popong ya ona. (Pesalema 24:1, 10) Ruri ene Yoo, yo o fileng motho sengwe le sengwe se o neng a se tlhoka, e sita le botshelo ka bojone, o ne a tshwanetswe ke kutlo go sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka mo go bone. Lefa go ntse jalo, o ne a se ka a eletsa gore kutlo e betelelwe. Go na le moo, e tshwanetse go tswa dipelong tse di ratang, e tlhotlhelediwa ke lorato. (1 Yohane 5:3) Mme batsadi ba rona ba ntlha ba batho ba ne ba palelwa ke go bontsha lorato lo lo ntseng jalo. Se se diragetse jang?
Tshimologo ya Kganetso Pusong ya Bomodimo
7. (a) Go ya ka Bibela, ke kae koo kganetso pusong ya Modimo e simologileng teng? (b) Ke eng fa go utlwala go dumela mo sebakeng sa moya?
7 Bibela e bontsha gore kganetso pusong ya Modimo pele e simologile, e seng mo lefatsheng, mme mo sebakeng sa moya se se sa bonaleng mo matlhong a motho. A rona, jaaka ba bantsi, re tshwanetse go belaela bogone jwa sebaka seo ka gonne fela re ka se se bone? Mme kana, re ka se bone kgogedi, lefa e le phefo. Fela di na le matswela a sebele. Jalo, gape, matswela a sebaka se se sa bonaleng a ka elwa-tlhoko. Lemororo ‘Modimo e le Moya,’ ditiro tsa one tsa popo di ka bonwa go re dikologa. Fa re dumela mo go ene, re tla patelesega go dumela mo sebakeng sa moya. (Yohane 4:24; Baroma 1:20) Mme a go na le mongwe gape yo o nnang mo sebakeng seo?
8. Baengele ke batho ba mofuta ofe?
8 Go ya ka Bibela, dimilione tsa batho ba moya, baengele, ba tlisitswe bogoneng pele ga motho. (Yobe 38:4, 7; Pesalema 103:20; Daniele 7:10) Botlhe ba ba bopilwe ba itekanetse, ba se na ditshekamelo tse di bosula. Lefa go le jalo, jaaka popo ya Modimo ya moragonyana, motho, ba ne ba neelwa thato e e gololesegileng. Ka gone ba ne ba ka tlhopha tsela ya boikanyegi kana ya boikanyologi tebang le Modimo.
9, 10. (a) Go ka kgonagala jang ka sebopiwa sa moya se se itekanetseng go ikutlwa se sekametse mo go direng phoso? (b) Jalo, go tlile jang gore mongwe wa baengele a nne Satane?
9 Mme potso e e bodiwang ke batho ba bantsi ke: Ke jang, jaaka dibopiwa tse di itekanetseng, ofe le ofe wa bone a neng a ka ikutlwa a sekametse mo go direng phoso? Mme kana, ke ga makgetlo a le kae mo matshelong a rona go tsogang maemo ao a re rakanyang le dikgonego tse di farologaneng—tse dingwe e le tse di molemo, tse dingwe e le tse di bosula? Go nna ga rona le botlhale jwa go lemoga dikgonego tse di bosula ga go name go re dira bosula, a go a dira? Potso ya sebele ke: Re tla tlhoma mogopolo wa rona le pelo mo tseleng efe? Fa e le gore re ka tshwarelela megopolong ya se se bosula, re ka gogelwa mo go tlhagoleleng keletso e e phoso mo dipelong tsa rona. Keletso e e ntseng jalo labofelo e ka re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di phoso. Modikologo o o ntseng jalo o o senyang o ne wa tlhalosiwa jaana ke mokwadi wa Bibela Jakobe: “Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.”—Yakobe 1:14, 15.
10 Dikwalo di senola gore seno se ne sa diragalela yo mongwe wa bomorwa Modimo ba moya. O ne a hepisiwa ke dikeletso tsa gagwe. O ne a bona kgonego mo popong ya motho ya Modimo. A ba ne ba ka ineela go ene bogolo go Modimo? Mme ka phepafalo a simolola go hohomela bobotlana kabelo mo kobamelong e e neng e le ya Modimo. (Luke 4:5-8) A dira tumalanong le keletso ya gagwe, a fetoga moganetsi wa Modimo. Ka lebaka leo o supelwa mo Bibeleng jaaka Satane, se se rayang Moganetsi.—Yobe 1:6.
11. Go na le motheo ofe o o utlwalang wa go dumela gore Satane eleruri o gone?
11 Mo lekgolong le la bo-20 la dingwaga la dilo tse di bonalang, tumelo mothong wa moya yo o ntseng jalo jaaka Satane ga ea tlwaelega. Mme, he, a mogopolo o o tlwaelegileng o kile wa nna mosupa-tsela wa tlhomamo boammaaruring? Go ba ba ithutang bolwetsi, go kile ga bo go sa tlwaelega go dumela gore megare e e sa bonweng e ne e le lebaka la nnete. Mme jaanong tlhotlheletso ya yone e itsege sentle. Eleruri, go sa tlwaelega ga sengwe ga go reye gore se ka tlhokomologiwa. Jesu Keresete ka boene o ne a tswa sebakeng sa moya mme o ne a ka bua ka thata ka botshelo koo. Ka tlhamalalo o supetse go Satane jaaka motho yo o bosula wa moya. (Yohane 8:23; Luke 13:16; 22:31) Ke ka go tlhokomela fela bogone jwa mmaba yoo wa moya re ka kgonang go tlhaloganya ka moo maemo a a bosula a simologileng ka teng mo lefatsheng le.
12. Satane o ile a buisana jang le mosadi Efa, mme goreng ka mokgwa oo?
12 Pego e e tlhotlheleditsweng, go Genesise kgaolo 3, e tlhalosa ka moo Satane a tsweletseng mo boitekong jwa go kgotsofatsa keletso ya gagwe e e phoso. E ne ya re mo tshimong ya Edena a atamela mosadi Efa ka mokgwa wa gore a shube boitshupo jwa gagwe jwa sebele. O ne a dirisa phologolo e ka tlwaelo e bonweng ke batho ba babedi—noga. Ka phepafalo a dirisa se re se bitsang boikgakanyo jwa puo, o ne a go dira go bonale ekete mafoko a gagwe a tswa mo sebopiweng se. Mokgwa wa sone wa tlholego o o botlhale o ne wa tshwanela sentle boikutlo jo Satane a neng a batla go bo dira.—Genesise 3:1; Tshenolō 12:9.
13. Satane o rileng go Efa, mme ka boikaelelo bofe jo bo lemotshegang?
13 Bogolo go go dira taletso e e tlhamaletseng gore mosadi a mo lebe jaaka mmusi wa gagwe, Satane la ntlha o ne a kgetha go jala pelaelo mo mogopolong wa gagwe, a botsa: “Kana, eu! A Modimo o rile, lo se ka loa ya ditlhare tsa tshimo?” Ka mantswe a mangwe, o ne a re: ‘Ke lo utlwela botlhoko fa Modimo o rile lo se ka lwa ja ga ditlhare tsotlhe mo tshimong.’ Ka se o ne a akantsha gore ka gongwe Modimo o ba tima sengwe se se molemo. Efa o ne a araba ka go tsopola thibelo ya Modimo, e e ne e kopanyeletsa setlhare se le sengwe fela, gammogo le go tlhalosa gore tefetso ya go tlhoka kutlo e ne e le loso. Ka se, Satane a leka go koafatsa tlotlo mo molaong wa Modimo, a re: “Rure ga lo ketla lo shwa; Gonne Modimo oa itse, go re, e tla re mo letsatsiñ ye lo lo yañ, hoñ matlhō a lona a tla buduloga, me lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.” (Genesise 3:1-5) O lebane le seemo se se ntseng jalo, o ka bo o dirileng?
14. (a) Ke eng fa Efa a ile a wela diatleng tsa ga Satane? (b) Adame o dirile eng?
14 Efa o ile a itetla go gogiwa ke keletso ya bogagapa. O ne a ja se Modimo o se iditseng. Morago ga moo, tlase ga tlhotlheletso ya gagwe, monna wa gagwe Adame le ene a ja. O ne a tlhopha go mo ema nokeng bogolo go Mmopi wa gagwe. (Genesise 3:6; 1 Timotheo 2:14) Matswela e nnile eng?
15. Jalo he, ke eng se se bakileng bosenyi le bothubaki, gammogo le bolwetsi le loso, tseo motho a nnileng natso?
15 Lelapa lotlhe la motho le ne la thabuediwa mo sebeng le mo bosaitekanelang. Adame le Efa jaanong ba ne ba palelwa ke go fetisetsa lotsalong lwa bone boitekanelo jo ba neng ba na le jone pele. Jaaka fa dikaelo tsa sengwe go tswa sekaong se se bogole tsotlhe di tla nna le bogole jo bo tshwanang, jalo, lotsalo lotlhe lwa bone lo bonetswe mo sebeng, ka tshekamelo e e ruilweng tebang le bogagapa. (Genesise 8:21) Kgopamo e, ka go tlogelwa e sa tlhokomelwa, e gogetse masuleng otlhe a a lelekileng kagiso le polokesego mo sethong. Ke boswa jo jwa sebe jo gape bo feletseng ka bolwetsi le loso.—Baroma 5:12.
Kganetsano E E Tsositsweng
16, 17. (a) Go tlhaloganya gore ke eng fa Modimo o itshoketse seemo se ka lobaka lo loleele jaana, re tlamegile go lemoga eng? (b) Tota go tsositswe kganetsano efe?
16 Mo leseding la dinnete tse, megopolo ya rona e boela morago potsong ya gore ke eng fa Modimo o itshoketse seemo se, a se letla go golela bokgakaleng jo bo leng mo go sone. Ke ka ntlha ya kganetsano e e masisi e e tsositsweng le diphelelo tsa yone mo lobopong lotlhe. Go ntse jang jalo?
17 Ka kgang ya gagwe gore molao wa Modimo go Adame le Efa o ne o sa ba siamela le ka go gwetlha se Modimo o se buileng go nna matswela a go tlhoka kutlo, Satane o ne a belaela puso ya Modimo. Nnyaa, ga a a belaela bonnete jwa gore Modimo ke mmusi. Bogolo, kganetsano e Satane a e tsositseng e ne e ikgarile mo tshwanelong ya puso ya ga Jehofa, bolaodi jwa Gagwe le tshiamo ya ditsela tsa Gagwe. Ka tsietso, Satane o ganeditse ka gore batho ba tla tshela sentle ka go itirela ka boitaolo, ba itirela ditshwetso tsa bone bogolo go go ineela tsamaisong ya Modimo. (Genesise 3:4, 5) Lefa go ntse jalo, tota, ka go dira jalo ba ne ba tla bo ba latela ketelelopele ya mmaba wa Modimo.
18. (a) Ke kganetsano efe e nngwe e e tsositsweng, mme se se bontshiwa kae mo Bibeleng? (b) Kganetsano e e re kopanyeletsa jang?
18 Kganetsano e nngwe e ne e kopanyelediwa. Ereka dibopiwa tse tsa Modimo di mo furaletse koo kwa Edena, tse dingwe di ne di tla dirang? Moragonyana, mo malatsing a monna Jobe, Satane o ne a latofatsa pepenene gore ba ba direlang Jehofa ba dira jalo, e seng ka ntlha ya lorato longwe go Modimo le puso ya ona, mme e leng fela ka bogagapa, ka go bo Modimo o ba baakanyetsa sengwe le sengwe. Satane o ne a akantsha gore go ne go se ope yo o neng e tla re a beilwe tlase ga kgatelelo a tshegetse puso ya Lobopo ya ga Jehofa ka boikanyegi. Jalo boikanyegi le bothokgami jwa sebopiwa sengwe le sengwe se se botlhale kwa legodimong le mo lefatsheng tsa belaelwa. Ka gone kganetsano e a go kopanyeletsa.—Yobe 1:8-12; 2:4, 5.
19, 20. Ka go sa fedise batsuolodi gone fela foo, Jehofa o neetse dibopiwa tsa gagwe sebaka sefe, ka bobedi tsa semoya le batho?
19 A lebane le kgwetlho e e ntseng jalo, Jehofa o ne a tla dirang? Ga motlhofo a ka bo a nyeleditse Satane le Adame le Efa. Seo se ka bo se bontshitse maatla a puso ya lobopo ya ga Jehofa. Mme a se ka bo se arabetse dipotso tse ga jaanong di tsogileng mo megopolong ya dibopiwa tsotlhe tsa Modimo tse di neng di tlhokometse ditiragalo tse? Kagiso ya ka bosakhutleng le polokesego ya lobopo di tlhokile gore dipotso tse di baakanngwe gotlhelele, gangwefela. Kwantle ga se, bothokgami le boikanyegi jwa popo yotlhe e e botlhale ya Modimo di ne di belaetswe. Fa e le gore e le tota ba ne ba mo rata, ba ne ba tla batla go arabela tatofatso eo ya maaka ka bobone. Jehofa o ne a ba neela sebaka go dira sone seo. Gape, ka go letla Adame le Efa go tsala lotsalo (lemororo le sa itekanela), Modimo o ne o tla thibela go higitlhegela ga lelapa la motho—lelapa le le kopanyeleditseng rona rotlhe ba re tshelang gompieno. Go ne go tla neela ditlogolo tseno sebaka sa go itlhophela gore a ba ne ba ka utlwa puso ya Modimo. Tlhopho eo ga jaanong e lebane le wena!
20 Jalo, mo boemong jwa go diragatsa tefetso ya loso gangwefela, Jehofa o leseleditse ba ba tsuololang go tshela ka nakonyana. Adame le Efa ba ne ba lelekiwa mo Edena, go swa pele ga dingwaga tse di sekete di feta. (Genesise 5:5; bapisa Genesise 2:17 le 2 Petere 3:8.) Satane le ene o ne a tla nyelediwa ka nako e e tshwanetseng, go ntse fela ekete e ne e le noga e tlhogo ya yone e tapetilweng.—Genesise 3:15; Baroma 16:20.
Se Nako E E Fetileng E Se Senotseng
21, 22. (a) Mabapi le puso, Satane le setho ba dirileng gareng ga nako e e letlilweng ke Modimo? (b) Ditiragalo tsa motho di bontshang kaga goromente o o lekang go tlhokomologa Modimo?
21 Go feletse ka eng ka kgwetlho mabapi le tshwanelo ya puso ya Modimo? A motho o ikamogeletse molemo ka go leka go tsamaisa dikgang tsa gagwe? Setho se neetswe sebaka sa go leka mofuta mongwe le mongwe o o gopolesegang wa goromente. Jehofa ga a a khutlisa maiteko a motho ka bofefo pele ga diphelelo tse di tletseng di ka bonwa. E sita le lekgolo la dingwaga le le fetileng le ne le ka nna lekhutshwane thata. Motho o ne a sa tswa go tsena mo “motlheng wa boitseanape jwa ditiro” mme e le gone a simololang go dira maiphako a matona ka se jaanong a neng a tla se fitlhelela.
22 Mme a go tlhokega lekgolo le lengwe la dingwaga go bona se matswela a tsela ya motho ya boitaolo mo Modimong e tla nnang sone? E sita le banna ba maemo mo ditemeng tsa goromente le boitseanape ba dumela gore lefatshe le lebane le kotsi e kgolo ya tshenyego. Eleruri Modimo ga o tlhoke go dumelela tshenyego e e feletseng e le gore o supe tlholego e e feletseng ya puso ya boitaolo ya motho. Ka tshupo ya dingwaga tse di dikete di le thataro di supela diphelelo tsa se se diragalang fa goromente o tlhokomologa Modimo, le ka motlha ga go kitla go twe ga go a nna le nako e e lekaneng go itekanedisa puso ya motho. Dinnete di bontsha gore ga go goromente ope o o lomologaneng le Modimo o o ka tlisang kagiso ya sebele le polokesego go setho sotlhe.
23. Go tloga go diragala eng se se tla phepafatsang tsela ya puso ya tshiamo ya lefatshe ka Morwa Modimo?
23 Jaaka re tla bona moragonyana, bogologolo e sa le pele le ka go tlhoma nako ka tlhomamo Jehofa Modimo o ile a tshwaya kokomana nngwe jaaka e le eo e neng e tla mmona a phepafatsa lobopo botsuoloding jotlhe kgatlhanong le puso ya ona ya bomodimo. Ga se baikepi fela ba ba tla nyelediwang mme Satane le badimona ba gagwe le bone ba tla kganelwa jaaka ekete ke mo moleteng o o senang bolekeletso, ba sa kgone go tlhotlheletsa dikgang e ka ne e le tsa batho kana tsa baengele. Seno se tla bulela puso ya tshiamo ya lefatshe tsela ka goromente wa Morwa Modimo. Ka lobaka lwa dingwaga tse di sekete, goromente oo o tla dirolola kgobalo yotlhe e e tlisitsweng ke puso ya bogagapa ya motho ya dikete tsa dingwaga. O tla tsosolosetsa lefatshe le bontleng jwa paradaise mme o tlise setho se se utlwang boitekanelong gape jo bo ipeletsweng mo Edena.—Tshenolō 20:1, 2; 21:1-5; 1 Bakorintha 15:25, 26.
24. (a) Ke ka ntlha yang fa Satane le badimona ba gagwe ba tla gololwa kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete? (b) Matswela e tla nna eng?
24 Bibela e tlhalosa gore kwa bofelong jwa puso eo ya dingwaga tse di sekete Satane le badimona ba gagwe ba tla gololwa kganelong ya bone ka nako e khutshwane. Ka ntlha yang? E le gore botlhe ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba ka nna le sebaka sa go itshupa gore ba ikanyega pusong ya lobopo ya ga Jehofa. Dipalo tse di sa bolelwang di tla bo di tsositswe. Go bontsi jwa bone seo e tla bo e le sebaka sa bone sa ntlha go bontsha tlase ga teko lorato lwa bone go Modimo. Kganetsano e tla tshwana le nngwe ya tse di tsositsweng koo kwa Edena—gore a e kane ba tla tshegetsa puso ya lobopo ya ga Jehofa ka kutlo ya boikanyegi. Jehofa o eletsa jaaka babusiwa ba gagwe bao fela ba nang le lorato lo lo tlhotlheletsang boineelo jo bo ntseng jalo. Ba ba tla eletsang go ema le mmaba wa Modimo le badimona ba gagwe mo maitekong afe le afe a ba tla a dirang go kgobera sesha kagiso ya lobopo lwa Modimo ba tla gololesega go dira tlhopho eo. Mme ka go gana puso ka Modimo, ba tla tshwanelwa ke phediso. Mme ka nako e e tla tla ka pele, ekete ka molelo go tswa legodimong. Batsuolodi botlhe, ba moya le ba batho, ba tla bo ba nyeleletse ruri.—Tshenolō 20:7-10.
25, 26. Go kgweetsa dikgang ga ga Jehofa eleruri go diretse jang molemo wa mongwe le mongwe wa rona?
25 Ke boammaaruri, ka dikete tsa dingwaga setho se bogile thata. Mme seno e ne e le ka ntlha ya tlhopho ya batsadi ba rona ba ntlha, e seng ya Modimo. Modimo o itshoketse kgobo mme wa iphapaanya le dilo tse di makgapha go ona ka nako yotlhe e. Mme Modimo, yo ‘dingwaga di le sekete di ntseng jaaka letsatsi le le lengwe’ go one, o kgona go lebelela kwa pele-pele dikgannyeng, mme se se direla molemong wa dibopiwa tsa ona. Jaaka moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng a kwadile: “Morèna [Jehofa] ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:8, 9) Fa e ne e se ka bopelotelele jwa Modimo le boiphapaanyo, go ne go se ope wa rona yo o neng a ka nna le sebaka sa poloko.
26 Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go fetsa ka gore mo dingwageng tse di dikete tse thataro tse di fetileng Modimo e nnile fela yo o sa amegeng. Nnyaa, o ne a sa leseletsa boikepo fela, a iketlile fela a sa tseye kgato epe. Jaaka re tla bona, dinnete di bontsha se se fapaaneng fela.
[Setshwantsho mo go tsebe 51]
Satane o ne a ganela a re fa ba le mo ditekong batho botlhe ba ka roba bothokgami mme ba huralele Modimo