Kgaolo 13
“Kgōsana ea Kagishō” e Retologela go ba ba ka Kwantle ga Kgolagano e Ntšha
1. Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba gompieno ba ka se latole gore kgolagano ya ga Moshe e e neng ya dirwa le bagologolwane ba bone e ne e tshwanetse go khutla?
BAJUDA ba tlholego gompieno, bao eleng ditlogolwana tsa nama tsa tlhogo ya lotso Aberahame, ba ka se latole gore kgolagano ya Molao wa ga Moshe e kgologolo e ne e tshwanetse go tseelwa sebaka ke kgolagano e ntšha le e e molemo bogolo. Ba ka se tlose mo mekwalong ya bone ya Dikwalo tsa Sehebera mafoko a Modimo go Yeremia 31:31: “Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla dihañ kgōlaganō e ncha ka eōna le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda.”
2. Kgang ya gore ke mang yo o neng a tla nna Motseriganyi wa kgolagano e ntšha e ne ya senolwa jang labofelo?
2 Jeremia o ne a seka a bolela gore Motseriganyi wa kgolagano e ntšha eo e ne e tla nna mang. Mme mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., fa Jesu Keresete a ne a neela barutwa ba gagwe senwelo sa beine ya Tlolaganyo, o ne a bontsha gore o ne a tla nna Motseriganyi yoo. (Luke 22:20) Go Bahebera 7:22 re bolelelwa gore ke “moemedi,” tlhomamisetso, kana tiisetso, ya “kgōlaganō e e molemō bogolo” eo.
3. Ke boemo bofe jo bongwe tebang le Modimo joo Jesu Keresete a bo tshwereng, a mme e ne e le ka ntlha ya moralo wa losika lwa gagwe?
3 Ka go ntshetsa kgolagano e ntšha setlhabelo, Jesu o ne a nna Moperesiti yo Mogolo wa ga Jehofa. O ne a seka a nna jalo ka ntlha ya go bo e le setlogolwana sa tlholego sa ga Arone, ebong moperesiti yo mogolo wa ntlha wa Iseraela. O ne a ikanisediwa tiro ya Moperesiti yo Mogolo ka ikano ya Modimo Mogodimodimo, ebong Jehofa, Motlhoma-Baperesiti. Mafoko a Pesalema 110:4 a a dira mo go Jesu: “Yehofa o ikanne, me ga a ketla a ikwatlhaea, a re, U moperisiti ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisideke.”—Bahebera 7:20, 21.
4. (a) Jehofa o ne a dira kgolagano e ntšha e e solofeditsweng le mofuta ofe wa “Iseraela,” mme ka ntlha yang? (b) Bao ba tsenngwang mo kgolaganong e ntšha ba nna bana ba batsadi bafe?
4 Fa e se fela masalela a se kae, morafe wa Baiseraele ba tlholego o ne wa gana Jesu Keresete jaaka Motseriganyi wa kgolagano e ntšha. Ka gone “ba ntlo ea Iseraela” bao Modimo a neng a dirile le bone kgolagano e ntšha e e neng e boleletswe pele ba ne ba itshupa e le Iseraele wa semoya, “Iseraela oa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Iseraele yoo wa semoya o ne a tsalwa mo letsatsing la Pentekosete, 33 C.E. Ka go bo e le wa semoya, o ne a ka tsenya mo teng jaaka baagi badumedi bao e neng e se Bajuda, kana Baditšhaba. (Ditihō 15:14) Petere o ne a mmolela jaaka “losika lo lo itshenkecweñ, . . . boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, . . . chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.” (1 Petere 2:9) “Morahe o o boitshèpō” ono o bopilwe ka bana ba semoya ba ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa, Modiri le Modiragatsi wa kgolagano ya ga Aberahame. Ka jalo, ba bile gape ke “bana” ba phuthego ya selegodimo ya seka-mosadi ya ga Jehofa, e e ileng ya tshwantshediwa ke Sara, mosadi wa ga Aberahame. Kwantle ga pelaelo, kgolagano e ntšha ya ga Aberahame yo Mogolwane e tsaya gore phuthego eo ya selegodimo ke mmabana wa “losika” lo lo solofeditsweng, lo lo neng lwa tshwantshediwa ke Isake.
“Dinku di Sele” di Akarelediwa mo Letsomaneng le le Lengwe
5. Ke eng seo kgolagano e ntšha e neng e se tlhoka mono lefatsheng?
5 Kgolagano e ntšha eo e ne e tlhoka badihedi ba ba tlhagafetseng mono lefatsheng, mme maloko a masalela a a tloditsweng a ile a direla jaaka “badihedi ba kgōlaganō e ncha” ba ba tshwanelegang sentle ba ba ileng ba tseela kgolagano ya Molao ya ga Moshe e kgologolo sebaka. (2 Bakorintha 3:6) Ga se badihedi ba eleng baruti ba ba leng gareng ga makgolo-kgolo a makoko a bodumedi a La-Bodumedi, leo le leng karolo e e tlhomologileng ya Babelona o Mogolo wa motlha wa segompieno. Ba ile ba reetsa mokgosi o o bitsang wa Tshenolō 18:4 mme ba ile ba tswa mo teng ga mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka.
6. (a) Palo ya badihedi ba kgolagano e ntšha e na le batho ba le kae fela? (b) Re itse jang gore Modisa yo o Molemo o tla retolosetsa tlhokomelo ya gagwe go ba ba leng ka kwantle ga kgolagano e ntšha?
6 Palo ya badihedi ba kgolagano e ntšha eo e ne e tshwanetse go nna 144 000 fela. (Tshenolō 7:1-8; 14:1-5) Jalo nako e ne e tshwanetse go tla ya gore Modisa yo o Molemo a lebise tlhokomelo ya gagwe ka kwa ga badihedi ba kgolagano e ntšha. Modihedi yo Mogolo wa ga Jehofa o ne a bonela seno pele mme a lebisa go sone fa a ne a bua jaana, go Yohane 10:16, a re o na le “dinku di sele,” tseo e neng e se tsa “lecomanyane” la 144 000.—Luke 12:32.
7. (a) Ke ka ntlha yang fa setlhopha sa maloko a “dinku di sele” e se badihedi ba kgolagano e ntšha? (b) Masalela a kgolagano e ntšha eo a setse a ile a nna tshegofatso jang mo ditshikeng tsotlhe tsa merafe e e mo lefatsheng?
7 Lemororo “dinku di sele” di ne di se kitla di nna tsa “lecomanyane,” di ne di tla nna badihedi ba Modimo, le tsone, mme eseng badihedi ba kgolagano e ntšha. Mme, lebaka la go bo “dinku di sele” tseo di ne di tla nna “lecomane le le leñwe hèla” le masalela a “badihedi ba kgōlaganō e ncha” le ne le tla supa sengwe se se molemo-lemo. Eng? Seno: Pele ga fa ba ka galalediwa go ya Bogosing jwa selegodimo, masalela a ne a tla kopanela ka sebele le “dinku di sele” mo lefatsheng. Ka tsela eno masalela a losika lwa semoya lwa ga Aberahame a ne a tla simolola go nna tshegofatso mo ditshikeng tsotlhe le merafe pele ga ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe’ kwa Hara-Magedona le pele ga tshimologo ya Dingwaga tse di Sekete.—Bagalatia 3:29; Tshenolō 16:14, 16.
8. Modisa yo o Molemo o ne a retolosetsa leng tlhokomelo ya gagwe go ba ba leng ka kwantle ga kgolagano e ntšha, mme ke kgato efe ya pele eo “dinku di sele” tseno di ileng tsa e tsaya?
8 Seno tota-tota se ile sa itshupa se ntse jalo, segolo-bogolo fa esale go tloga ka 1935. Fa esale ka nako eo, didikadike tsa “dinku di sele” tseo di ile tsa ikopanya le masome a a diketekete a diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe lotlhe mme ba ile ba ineela go Modisa yo Mogolo, ebong Jehofa Modimo. Ka gone ba ile ba amogelwa mo ‘letsomaneng le le lengwe’ la Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete.
9. A go atolosiwa ga tlhokomelo ya Motseriganyi wa kgolagano e ntšha go ne go raya gore bodihedi jwa kgolagano e ntšha bo ne bo khutlile mo lefatsheng?
9 Ereka jaana Motseriganyi wa kgolagano e ntšha, go tloga foo go ya pele, a ne a ntse a atolosetsa tlhokomelo ya gagwe go akareletsa gape le “dinku di sele,” a seno se ne se raya gore bodihedi jwa kgolagano e ntšha bo ne jwa fela ka 1935? Nnyaa, ka jaana go santse go na le masalela a badihedi ba kgolagano e ntšha mono lefatsheng, mme ba santse ba tshwanetse go digela bodihedi joo.
10. Ke bomang gompieno ba ba solegelwang molemo ke bodihedi jwa kgolagano e ntšha jo bo diragaditsweng ke bakwadi ba ba herang bobedi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika?
10 Gompieno, masalela a “lecomanyane” le “boidiidi yo bogolo” jo bo oketsegang jwa “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo ba solegelwa molemo ke bodihedi jwa ba bangwe ba ba neng ba tsamaya pele ga bone, jaaka moaposetoloi Paulo. Mo go diragatseng bodihedi jwa gagwe jwa kgolagano e ntšha ka boikanyego go fitlhelela a swa mo Roma nako nngwe pele ga Jerusalema a senngwa ka 70 C.E., Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala dibuka tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di le 14 mo go tse 27. Abo masalela a a tloditsweng le “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” ba leboga jang ne go bo banna bao ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga, jaaka moaposetoloi Paulo le bakwadi ba bangwe ba supa ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, ba ile ba diragatsa bodihedi jwa bone jwa kgolagano e ntšha go ya kwa bofelong jwa matshelo a bone a mo lefatsheng! Mme mo motlheng wa rona, didikadike tsa “dinku di sele” di setse di solegelwa molemo ke bodihedi jwa kgolagano e ntšha, eo e diragadiwang ke masalela a a tloditsweng tlase ga Motseriganyi, ebong Jesu Keresete. “Kgōsana ea Kagishō” jaanong e lebisitse tlhokomelo ya yone go “dinku di sele” tseno tse di rategang, tseo dipalo tsa bone di ileng tsa tlhatloga ka bofefo jo bogolo.
11. (a) Kgolagano e ntšha e ile ya dira ka lobaka lo lo kae, mme seno se supang? (b) Masalela a badihedi ba kgolagano e ntšha ba direla mo boemong bofe gompieno?
11 Lefa go ntse jalo, nako e tshwanetse jaanong ya bo e fela! Kgolagano e ntšha e setse e ile ya dira ka dingwaga di le 1 953, dingwaga di le 407 go feta Kgolagano ya Molao ya ga Moshe eo e neng ya e tseela sebaka, mme palo ya badihedi ba kgolagano e ntšha e ntse e ngotlega jaaka maloko a yone a ntse a tloga mo lefatsheng fa a swa. Mme masalela gompieno a badihedi bao a ntse a tsweletse go direla jaaka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yoo Morena, ebong Jesu Keresete, a ileng a mo tlhoma “molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.”—Mathaio 24:45-47.
Go Fetisa Taletso: “Tla!”
12. Go ya ka Tshenolō 22:17, ke taletso efe eo setlhopha sa “monyadwi” se e fetisang, mme se e neela bomang?
12 Abo tirelo e e dirwang ke badihedi bao ba kgolagano e ntšha e le e e lorato! Ka motlhala, go Tshenolō 22:17 re bala jaana: “Mōea le monyadwi ba re, Tla. Le eo o utlwañ, a a kè a re, Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.” Setlhopha sa “monyadwi,” gammogo le maatla a a dirang a ga Jehofa, kana moya, di fetisetsa taletso eo go bao ba leng ka kwantle ga kgolagano e ntšha. Taletso eo, ga e fetisediwe mo go ba ba setseng ba sule ba jaanong ba leng mo mabitleng a kgakologelo bao ba tshwanetseng go segofadiwa ka tsogo ya baswi, mme e leng go batho ba jaanong ba santseng ba tshela, bao ba leng mo kotsing ya go senngwa ka Hara-Magedona mme ba na le ditsebe tsa go utlwa.
13. (a) A taletso eo e ileng ya fetisiwa ke setlhopha sa “monyadwi” e ile ya nna ya lefela? Tlhalosa. (b) Ke eng seo ba ba setseng ba amogetse taletso ba se dirang e le go utlwa Tshenolō 22:17? (c) Boemo bo ntse jang mabapi le nako e e saletseng go fetisiwa ga taletso?
13 Taletso eno ya lorato ga ea ka ya nna ya lefela mo go fetisediweng ga yone mo lefatsheng lotlhe fa esale ka 1935. Batho ba ba ka fetang didikadike di le tharo ba setse ba ile ba arabela taletsong eno e e molemo ya go tla go nwa. Jaaka bao ba ileng ba utlwa ka kanaanelo, ka kutlo ba ntse ba raya didikadike tse dingwe tse dintsi tse di nyoretsweng botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, ba re, “Tla!” Mme nako ya go fetisetsa taletso eno e e molemo go “dinku di sele” e khutshwafetse. Morago ga mo e ka nnang sephatlo sa lekgolo la dingwaga e ntse e fetisiwa, nako eo e e saletseng e tshwanetse jaanong ya bo e le khutshwane thata-thata, jaaka fa ntwa ya Modimo ya Hara-Magedona e ntse e tshosetsa go tlela “losika lo” lwa setho.—Mathaio 24:34.
14. Ke eng seo re tshwanetseng go se lebogela Jehofa le go se mmakela?
14 Mme jaanong, malebogo a ya go Jehofa go bo a ile a baakanyetsa ka Motseriganyi yono yo o tshwanelegang yo ka katlego a ntseng a diragatsa boikaelelo jwa kgolagano e ntšha mo go tlhagisetseng leina la Gagwe batho, bao ba leng 144 000 ka palo! Pako gape e ya go Jehofa go bo Motseriganyi wa gagwe jaaka Modisa yo o Molemo a setse a lere didikadike tsa “dinku di sele” mo ‘letsomaneng le le lengwe fela,’ koo ba setseng ba tsene gale mo melemong e e tlelang setho go tswa kgolaganong e ntšha!
[Setshwantsho mo go tsebe 111]
Dimilione tsa “dinku di sele” di tsenye moteng ga phuthego e e bonalang ya ga Jehofa mo metlheng eno ya bofelo