LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 3 ts. 26-32
  • Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tsamaeañ, Lo Dihè . . . Barutwa”
  • “Kwa Sekhutloñ sa Lehatshe”
  • Kafa Phuthego ya Bokeresete E Rulagantsweng ka Teng
  • Ba Ne Ba Bonala ka Boitshwaro Jo Bo Itshekileng le Lorato
  • ‘Ga Se Ba Lefatshe’
  • Ba Bogisediwa Tshiamo
  • Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele ka Tlhagafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Lefoko la ga Jehofa la Tswelela go Gola”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • ‘Tsamayang . . . Mme lo Dire Barutwa’
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • “Go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 3 ts. 26-32

Kgaolo 3

Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

“LO TLA nna bashupi ba me . . . go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Dit. 1:8) Ka mafoko ao a neng a kgaogana le bone ka one ao, Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tiro ya go nna basupi. Mme e ne e tla nna basupi ba ga mang? “Bashupi ba me,” Jesu o ne a bolela jalo. A mafoko ano a bolela gore e ne e se kitla e nna basupi ba ga Jehofa? Nnyaa!

Tota ebile, barutwa ba ga Jesu ba ne ba neilwe tshiamelo e ba iseng ba ko ba e bone pele ga foo—ya go nna basupi ba ga Jehofa mmogo le Jesu. Ereka e ne e le Bajuda ba ba ikanyegang, barutwa ba ntlha ba ga Jesu e ne e setse e le basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10-12) Mme jaanong gape ba ne ba tshwanetse ba neela bosupi gape kaga seabe se se botlhokwa se Jesu a nnileng le sone mo go tlotlomatseng leina la ga Jehofa ka Bogosi jwa Gagwe jwa Bomesia. Boikaelelo jwa go neela bosupi jalo ka Jesu e ne e le go galaletsa Jehofa. (Bar. 16:25-27; Bafil. 2:9-11) Ba ne ba tlhomamisa gore Jehofa o ne a sa ake, gore morago ga dingwaga tse di fetang 4 000 kgabagare o ne a lerile Mesia yo o sa bolong go nna a solofediwa, kana Keresete!

Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba neilwe boikarabelo jo e leng jwa mofuta wa jone fela—boikarabelo jo bo leng mo magetleng a Bakeresete ba boammaaruri go tla go fitlha mo motlheng oo.

“Tsamaeañ, Lo Dihè . . . Barutwa”

Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a itlhagisa mo barutweng ba gagwe ba ba neng ba phuthegile kwa thabeng kwa Galilea. Gone koo, Jesu o ne a ba bolelela boikarabelo jwa bone: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Math. 28:19, 20) A o ke o tlhokomele fela gore ke eng se se neng se akarediwa mo tirong eno e e bokete.

“Tsamaeañ” go ne ga bolela jalo Jesu. Mme ba ye kwa go bomang? Kwa ‘bathong ba merafe yotlhe.’ Seno e ne e le taolo e ntšha, ebile e le e e gwetlhang tota mo badumeding ba Bajuda. (Bapisa Ditihō 10:9-16, 28.) Pele ga motlha wa ga Jesu, Baditšhaba ba ne ba amogelwa fa ba ne ba tla kwa Iseraele ka gonne ba ne ba kgatlhegela kobamelo ya boammaaruri. (1 Dikg. 8:41-43) Pelenyana mo bodiheding jwa gagwe, Jesu o ne a boleletse baaposetoloi ba gagwe gore ‘ba ye go rera,’ mme ba ye go rera fela kwa “dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraela.” (Math. 10:1, 6, 7) Lefa go ntse jalo jaanong, ba ne ba laetswe gore ba ye kwa bathong ba merafe yotlhe. Ka ntlha yang?

‘Go dira barutwa,’ Jesu o ne a laela jalo. Ee, barutwa ba gagwe ba ne ba rometswe gore ba ye go dira batho ba bangwe barutwa. Seno se akaretsa eng? Morutwa ke motho yo o ithutang, motho yo o rutiwang—lefa go ntse jalo, eseng yo o ithutang fela mme gape e le motho yo o ngaparelang thuto. Morutwa o amogela taelo ya ga Jesu eseng fela mo teng ka go dumela mo go ene mme le kwa ntle ka go mo utlwa. Go ya ka Theological Dictionary of the New Testament, lefoko la Segerika leo le ranotsweng jaaka “morutwa” (ma·the·tesʹ) “le bolela gore motho ka boene o tshwanetse go ngaparela selo seo thata mo se fetolang botshelo jwa motho yo o tlhalosiwang ka gore ke [morutwa].”

“Lo ba rutè,” Jesu o ne a oketsa jalo, “go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” Gore motho a atamalane thata le Jesu, o tshwanetse a bo a rutilwe gore a ‘tlhokomele dilo tsotlhe’ tse Keresete a di laotseng, go akaretsa le taolo ya gagwe ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” (Math. 24:14) Ke fela fa a dira jalo a ka kgonang go nna morutwa wa boammaaruri jaaka fa lefoko leno le bolela. Mme go kolobediwa fela ba ba dumelang thuto eno ba bo ba nna barutwa ba boammaaruri.

“Ke bo ke nntse ke na le lona,” Jesu o ne a ba tlhomamisetsa jalo, “ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” Thuto ya ga Jesu ka metlha e opa kgomo lonaka, ebile ka metlha ke e e kgonang go dirisiwa. Ka ntlha ya moo, Bakeresete go tla go fitlha gompieno ba santse ba na le boikarabelo jwa go dira batho ba bangwe barutwa.

Ka gone balatedi ba ga Keresete ba ne ba neilwe tiro e e nang le maikarabelo ya go dira batho ba merafe yotlhe barutwa. Lefa go ntse jalo e le gore ba dire barutwa ba ga Keresete, ba ne ba tshwanelwa ke go neela bosupi kaga leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe, ka gonne ke se Motlhomasekao wa bone, ebong Jesu a neng a se dira. (Luke 4:43; Yoh. 17:26) Ka gone bao ba neng ba dumela thuto ya ga Keresete mme ba nna barutwa ba ne ba nna basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete. Motho o ne a sa tlhole e nna mosupi wa ga Jehofa fa a tsholwa—a tsholelwa mo morafeng wa Bajuda—mme o ne a itlhophela gore o nna ene. Ba ba neng ba nna basupi ba ne ba dira jalo ka gonne ba ne ba rata Jehofa mme ba ne ba batla go ineela ka bojotlhe mo go laolweng ke puso ya gagwe.—1 Yoh. 5:3.

Mme a basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira thomo ya bone ya go direla jaaka basupi ba Modimo le ba ga Keresete le ya go ‘dira batho ba merafe yotlhe barutwa’?

“Kwa Sekhutloñ sa Lehatshe”

Ka bonakonyana fela fa a sena go roma barutwa ba gagwe, Jesu o ne a boela kwa legaeng la ga Rraagwe la selegodimo. (Dit. 1:9-11) Malatsi a le lesome moragonyana, ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., tiro e kgolo ya go dira barutwa e ne ya simologa. Jesu o ne a tshololela moya o o boitshepo o a neng a o solofeditse mo barutweng ba gagwe bao ba neng ba letile. (Dit. 2:1-4; bapisa Luke 24:49 le Ditihō 1:4, 5.) Seno se ne sa ba dira gore ba tlhoafalele go rera ka Keresete yo o tsositsweng le go boa ga gagwe mo isagweng a na le thata mo Bogosing.

Fela jaaka fa Jesu a ne a laela, barutwa bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba simolola go neela bosupi ka Modimo le ka Keresete gone koo kwa Jerusalema. (Dit. 1:8) Moaposetoloi Petere o ne a etelela pele kwa Moletlong wa Pentekosete mme ‘a neela bosupi ka botlalo’ mo Bajudeng ba le diketekete ba ba neng ba tlile ba tswa kwa merafeng e mentsi. (Dit. 2:5-11, 40) Go ise go ye kae palo ya banna fela ba ba neng ba dumela e ne e le 5 000. (Dit. 4:4; 6:7) Moragonyana, Filipo o ne a bolelela Basamaria “Mahoko a a Molemō kaga bogosi yoa Modimo, le kaga leina ya ga Yesu Keresete.”—Dit. 8:12.

Mme go ne go na le tiro e kgolo eo e neng e tshwanetse ya dirwa. Go tloga ka 36 C.E. fa go ne go sokologa Korenelio, Moditšhaba yo o sa rupisiwang, mafoko a a molemo a ne a simolola go anamela kwa bathong ba e seng Bajuda eleng batho ba merafe yotlhe. (Dit., kga. 10) Tota ebile, a ne a anama ka bofefo jaana mo eleng gore mo e ka nnang ka 60 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a ka bolela gore mafoko a a molemo a ne a setse ‘a reretswe lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’ (Bakol. 1:23) Ka gone, fa lekgolo la ntlha la dingwaga le ya bokhutlong, balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ne ba setse ba dirile barutwa mo Mmusomogolong otlhe wa Roma—Asia, Yuropa, le Afrika!

Ereka basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kgonne go dira go le gontsi jaana mo nakong e khutshwane, go tsoga potso eno: A ba ne ba dira dilo ka thulaganyo? Fa e le gore go ntse jalo, jang?

Kafa Phuthego ya Bokeresete E Rulagantsweng ka Teng

Go tloga mo motlheng wa ga Moshe go ya kwa pele, morafe wa Bajuda o ne o le mo boemong jo bo sa tshwaneng le jwa morafe ope—o ne o direla jaaka phuthego ya Modimo. Phuthego eo e ne e rulagantswe sentle ke Modimo kafa tlase ga banna ba ba godileng, ditlhogo, baatlhodi, le maotlana. (Yosh. 23:1, 2) Mme morafe wa Bajuda o ne wa latlhegelwa ke boemo jwa one jo bo neng bo dira gore o nne le tshiamelo ka gonne o ne o ganne Morwa wa ga Jehofa. (Math. 21:42, 43; 23:37, 38; Dit. 4:24-28) Ka Pentekosete ya 33 C.E., phuthego ya Modimo ya Bokeresete e ne ya emela phuthego ya Iseraele.a Phuthego eno ya Bokeresete e ne e rulagantswe jang?

Ka letsatsi la Pentekosete, barutwa ba ne ba setse ba ‘ineetse mo thutong ya baaposetoloi,’ ba bontsha gore ba ne ba simolotse ka kutlwano e e neng e theilwe mo thutong eo. Go tloga ka lone letsatsi leo la ntlha, ba ne ba kopana mmogo “mo boñweheleñ.” (Dit. 2:42, 46) Jaaka fa tiro ya go dira barutwa e ntse e atologa, diphuthego tsa badumedi di ne tsa simolola go bopega, ya ntlha kwa Jerusalema mme morago ga foo ya bopega le kwa ntle ga Jerusalema. (Dit. 8:1; 9:31; 11:19-21; 14:21-23) E ne e le tlwaelo ya bone go kopana mmogo mo mafelong a phatlalatsa le kwa magaeng a bakaulengwe.—Dit. 19:8, 9; Bar. 16:3, 5; Bakol. 4:15.

Ke eng se se neng sa boloka phuthego e e golang eno ya Bakeresete gore e se ka ya nna ya batho ba ba kgaoganeng ba diphuthego tse di ikemetseng ka nosi mo lefelong leo? Ba ne ba le seoposengwe kafa tlase ga Moeteledipele a le mongwe fela. Go tloga fela kwa tshimologong, Jesu Keresete e ne e ntse e le Morena yo o tlhomilweng le Tlhogo ya phuthego, ebile diphuthego di ne di mo itse jalo. (Dit. 2:34-36; Baef. 1:22) Keresete o ntse a kaela dilo tsa phuthego ya gagwe mo lefatsheng a ntse a le kwa magodimong. Jang? Ka moya o o boitshepo le ka baengele, ba beilwe ke Jehofa gore a ba laole.—Dit. 2:33; bapisa Ditihō 5:19, 20; 8:26; 1 Petere 3:22.

Keresete o ne a na le sengwe gape seo a se laolang go boloka phuthego ya Bokeresete e le seoposengwe—setlhopha se se laolang se se bonalang. Kwa tshimologong setlhopha se se laolang se ne se dirilwe ke baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu. Moragonyana se ne sa akaretsa banna ba bangwe ba ba godileng ba phuthego ya Jerusalema mmogo le moaposetoloi Paulo, le mororo a ne a sa nne kwa Jerusalema. Phuthego nngwe le nngwe e ne e ikobela taolo ya setlhopha seno se segolo sa banna ba ba godileng mme e ne e ya kwa go sone gore se e kaele fa go ne go tsoga dikgang tse di amang phuthego kana tse di amang dithuto tsa motheo. (Dit. 2:42; 6:1-6; 8:14-17; 11:22; 15:1-31) Seno se ne sa felela ka eng? “Me diphuthègō tsa kgothala mo tumeloñ, me tsa ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.”—Dit. 16:4, 5.

Setlhopha se se laolang, se kaelwa ke moya o o boitshepo, se ne se etelela pele mo go tlhopheng balebedi le bathusi ba bone, batlhanka ba bodihedi, go tlhokomela phuthego nngwe le nngwe. Bano e ne e le banna bao ba neng ba na le dinonofo tsa semoya tse di neng di dira mo diphuthegong tsotlhe, eseng fela dilo tse di neng di tlhokega tse di tlhomilweng mo lefelong leo. (1 Tim. 3:1-13; Tito 1:5-9; 1 Pet. 5:1-3) Balebedi ba ne ba kgothalediwa gore ba latele Dikwalo mme ba ineele fa ba kaelwa ke moya o o boitshepo. (Dit. 20:28; Tito 1:9) Botlhe mo phuthegong ba ne ba kgothalediwa gore ba ‘utlwe ba ba ba eteletseng pele.’ (Baheb. 13:17) Ka go dira jalo ba ne ba boloka kutlwano eseng fela mo phuthegong eo mme gape le mo phuthegong yotlhe ya Bokeresete.

Le mororo banna bangwe ba ne ba na le maemo mangwe a boikarabelo, basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa kgaoganya batho ba bangwe ele baruti mme ba bangwe e le batho fela. Botlhe e ne e le bakaulengwe; go ne go na le Moeteledipele a le mongwe fela, Keresete.—Math. 23:8, 10.

Ba Ne Ba Bonala ka Boitshwaro Jo Bo Itshekileng le Lorato

Bosupi jo bo neng bo neelwa ke basupi ba ga Jehofa ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e se fela jwa “louñō loa melomo.” (Baheb. 13:15) Go nna morutwa e ne e le selo se se amang botshelo jotlhe jwa mosupi wa Mokeresete. Ka gone, Bakeresete bao ba ne ba sa bolele fela dilo tse ba di dumelang mme di ne di fetola matshelo a bone. Ba ne ba apola botho jwa bone jwa bogologolo ka ditiro tsa jone tsa boleo mme ba leka go apara botho jo bosha jo bo bopilweng go ya ka thato ya Modimo. (Bakol. 3:5-10) Ba ne ba le boammaaruri ebile ba ikanyega, e le batho ba ba dirang ka natla ebile e le ba motho a ka ba ikanyang. (Baef. 4:25, 28) E ne e le batho ba ba phepa mo boitsholong—boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo ne bo thibetswe gotlhelele mo go bone. Le botagwa le kobamelo ya medimo ya disetwa. (Bagal. 5:19-21) Ka jalo he, go a utlwala go bo Bokeresete bo ne bo itsiwe jaaka “Tsela,” kana mokgwa wa go tshela o o neng o thailwe mo go dumeleng mo go Jesu, ba gata fela fa a gatileng gone.—Dit. 9:1, 2; 1 Pet. 2:21, 22.

Lefa go ntse jalo, go tlhomologa nonofo e le nngwe go di gaisa tsotlhe—lorato. Bakeresete ba ntlha ba ne ba bontsha gore ba amega ka lorato ka dilo tse di neng di tlhokwa ke badumedi mmogo le bone. (Bar. 15:26; Bagal. 2:10) Ba ne ba ratana eseng jaaka bone mme go feta jaaka fa ba ne ba ithata. (Bapisa Bafilipi 2:25-30.) Tota ba ne ba iketleeditse le go swela ba bangwe. Mme seno se ne se sa gakgamatse. A Jesu o ne a sa iketleetsa go ba swela le bone? (Yoh. 15:13; bapisa Luke 6:40.) O ne a ka kgona go bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yoh. 13:34, 35) Keresete o ne a laela gore balatedi ba gagwe ba bontshe lorato loo lwa go intsha setlhabelo; mme barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba utlwa taolo eo.—Math. 28:20.

‘Ga Se Ba Lefatshe’

Gore ba diragatse boikarabelo jwa bone jwa go dira barutwa le gore e nne basupi ba Modimo le ba ga Keresete, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ka se ka ba itetla gore ba kgorelediwe ke dilo tsa lefatshe; ba ne ba tshwanetse ba tlhokomela tiro ya bone ka tshwanelo. Eleruri Jesu o ne a dira jalo. O ne a bolelela Pilato jaana: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.” (Yoh. 18:36) Mme o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana ka tsela e e utlwalang sentle: ‘Ga lo ba lefatshe.’ (Yoh. 15:19) Ka jalo, jaaka fa Jesu a ne a dira, Bakeresete ba ntlha ba ne ba ipoloka ba kgaogane le lefatshe; ga ba a ka ba nna le seabe mo dipolotiking le mo dintweng. (Bapisa Yohane 6:15.) Tota ebile ga ba a ka ba tshwarega le mo ditseleng tsa lefatshe—go ikgobokanyetsa ga lone dithoto le go tsenelela ga lone thata mo menateng.—Luke 12:29-31; Bar. 12:2; 1 Pet. 4:3, 4.

Ka gonne ba ne ba nna ba ntse ba kgaogane le lefatshe leno, basupi ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le batho ba ba sa tshwaneng le ba bangwe. E. G. Hardy o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Christianity and the Roman Government: “Bakeresete e ne e le batho ba ba sa tlwaelegang le baeti mo lefatsheng le ba neng ba le mo go lone; boago jwa bone bo ne bo le kwa legodimong; bogosi jo ba neng ba lebile kwa go jone e ne e se jwa lefatshe leno. Ka gone go se kgatlhegele ga bone dilo tsa lefatshe e ne ya nna karolo e e tlhomologileng mo Bokereseteng go tloga fela kwa tshimologong.”

Ba Bogisediwa Tshiamo

“Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè,” Jesu o ne a tlhagisa jalo. “Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Yoh. 15:20) Pele a swela mo mokgorong o a neng a bogisediwa mo go one, Jesu o ne a bogisiwa botlhoko. (Math. 26:67; 27:26-31, 38-44) Mme fela jaaka fa a ne a tlhagisa, barutwa ba gagwe le bone ba ne ba tshwarwa ka tsela e e tshwanang. (Math. 10:22, 23) Ka ntlha yang?

Ga go a ka ga tsaya lobaka lo loleele gore Bakeresete ba ntlha ba lemogiwe ke ba bangwe. E ne e le batho ba ba nang le melaometheo e e kwa godimo thata ya boitshwaro le ya go boloka bothokgami. Ba ne ba dira tiro ya go dira barutwa ba bonwa ke mang le mang ebile ba dira ka tlhoafalo tota; ka ntlha ya moo batho ba le diketekete tota ba ne ba tlogela ditsamaiso tsa bodumedi tsa maaka mme ba nna Bakeresete. Batho bano ba ne ba gana go nna le seabe mo dilong tse di dirwang mo lefatsheng. Ba ne ba sa nne le seabe mo go obameleng mmusi. Ka jalo he ga go gakgamatse go bo ba ne ba bogisiwa botlhoko ke baeteledipele ba bodumedi jwa maaka le babusi ba dipolotiki bao ba neng ba sa itse sepe ka bone. (Dit. 12:1-5; 13:45, 50; 14:1-7; 16:19-24) Lefa go ntse jalo, bano e ne e le fela barongwa ba batho ba ba romilweng ke mmogisi wa mmatota—“nōga ea bogologolo,” Satane. (Tshen. 12:9; bapisa Tshenolō 12:12, 17.) Boikaelelo jwa gagwe e ne e le eng? Go dira gore Bokeresete bo se ka jwa bonala le gore go se ka ga neelwa bosupi ka bopelokgale go go dirwang ke jone.

Mme tota le eleng lefa basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bogisiwa thata jaana, seno se ne se ka se ka sa ba tswala melomo! Ba ne ba neilwe thomo ya go rera ke Modimo a dirisa Keresete, mme ba ne ba iketleeditse go utlwa Modimo go na le batho. (Dit. 4:19, 20, 29; 5:27-32) Ba ne ba ikaegile ka maatla a ga Jehofa, ba solofetse gore o ne a tla duela basupi ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba ne ba ka itshoka.—Math. 5:10; Bar. 8:35-39; 15:5.

Hisitori e tlhomamisa gore go bogisiwa ga bone ke balaodi ba Puso ya Roma go ne ga se ka ga nyeletsa basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete. Josephus, yo e leng rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. o bolela jaana: “Mme morafe wa Bakeresete, o o neng o bidiwa jalo ka [Jesu], ga o ise o nyelele go tla go fitlha le mo motlheng ono [mo e ka nnang ka 93 C.E.].”—Jewish Antiquities, XVIII, 64 (iii, 3).

Ka gone pego ya bosupi jwa basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e bontsha dilo dingwe di le mmalwa tse di ba tshwayang tse di bonalang sentle: Ba ne ba dira thomo ya bone ya go neela bosupi ka Modimo le ka Keresete le go dira tiro ya go dira barutwa ka bopelokgale le ka tlhoafalo; ba ne ba na le thulaganyo e e tlhomilweng e mo go yone botlhe e neng e le bakaulengwe, mme go sena go kgaoganya batho go twe ba bangwe ke baruti ba bangwe ke batho fela; ba ne ba ngaparetse melaometheo e e kwa godimo ya boitshwaro ebile ba ratana; ba ne ba kgaogane le ditsela tsa lefatshe le dilo tsa lone; ebile ba ne ba bogisediwa tshiamo.

Lefa go ntse jalo, fa lekgolo la ntlha la dingwaga le ya bokhutlong, phuthego eo e le nngwe ya Bokeresete e e neng e utlwana e ne e tshosediwa ke kotsi nngwe e kgolo le e e neng e sa lemogiwe mme e le kotsi.

[Ntlhanyana e e kwa tlase]

a Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, “phuthego” ka dinako tse dingwe e dirisiwa ka kgopolo ya go akaretsa, e bua ka phuthego ya Bokeresete ka kakaretso (1 Bakor. 12:28); gape e ka nna ya bo e bua ka setlhopha sa lefelo le le rileng mo motseng mongwe kana mo legaeng la mongwe.—Dit. 8:1; Bar. 16:5.

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

Barutwa ba basha e ne e sa tle go nna bareetsi fela, ba dumela sengwe le sengwe fela

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Motho o ne a sa tlhole e nna mosupi wa ga Jehofa fa a tsholwa mme o ne a itlhophela gore o nna ene

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Fa lekgolo la ntlha la dingwaga le ya bokhutlong, basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba ne ba dirile barutwa kwa Asia, Yuropa, le Afrika!

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa kgaoganya batho ba bangwe e le baruti mme ba bangwe e le batho fela

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Bokeresete Bo Anama ka go Rera ka Tlhoafalo

Ereka ba ne ba le tlhaga fela thata, basupi ba ntlha ba ga Jehofa ba Bakeresete ba ne ba bolela mafoko a a molemo ka selekanyo se segolo se ba neng ba ka se kgona ba nonofile thata. Edward Gibbon, mo go “The Decline and Fall of the Roman Empire,” o kwadile gore “botlhaga jwa Bakeresete . . . bo ne jwa dira gore ba tsene mo nageng nngwe le nngwe le mo e ka nnang mo motseng mongwe le mongwe wa puso ya [Roma].” Porofesa J. W. Thompson o bolela jaana mo go “History of the Middle Ages”: “Bokeresete bo ne jwa anama ka bofefo jo bogolo mo lefatsheng la Roma. Ka ngwaga wa 100 go ne go na le naga e le nngwe fela fa thoko ga Mediterranean e e neng e na le batho ba e neng e le Bakeresete.”

[Lebokoso mo go tsebe 30]

‘Go Fenya ga Bokeresete’

Metswedi e mengwe ya tshedimosetso e e seng ya Bibela e tlhomamisa kafa Bakeresete ba ntlha ba neng ba na le boitshwaro jo bontle ka teng ebile ba ratana. Rahisitori John Lord o ne a kwala jaana: “Go fenya ka mmatota ga Bokeresete go ne go bonala mo go direng gore batho ba ba neng ba bolela gore ba dumela dithuto tsa motheo tsa Bakeresete e nne batho ba ba molemo. . . . Re na le bosupi jwa matshelo a bone a a senang selabe, jwa boitshwaro jwa bone jo bo senang sekgobo, jwa kafa e neng e le baagi ba ba molemo ka teng, le kafa ba neng ba le molemo ka teng jaaka Bakeresete.”—“The Old Roman World.”

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha se se laolang se ne sa thusa go neela kaelo mo diphuthegong, mme ba ne ba leba botlhe kwa go Keresete jaaka ene Moeteledipele wa bone

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Bakeresete ba ntlha ba ne ba bogisiwa botlhoko

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela