Karolo 5
Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
1, 2. Re itse jang gore Modimo o amega ka rona, mme re tshwanetse ra ya kae gore re bone dikarabo kaga botshelo?
1 Tsela e lefatshe le ditshedi tse di mo go lone di dirilweng ka yone e bontsha gore Mmopi wa tsone ke Modimo yo o lorato yo o amegang eleruri. Mme Lefoko la gagwe, Bibela, le bontsha gore o a amega; le re neela dikarabo tse di tshwanelang tota tsa dipotso tseno: Ke ka ntlha yang fa re le mono mo lefatsheng? le gore, Re ya kae?
2 Re tlhoka go hukutsa Bibela gore re bone dikarabo tseo. Lefoko la Modimo la re: “Ha lo mmatla, o tla bōnwa ke lōna; me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha.” (2 Ditihalō 15:2) Ka jalo, fa re hukutsa Lefoko la Modimo re lemoga eng ka se a se ikaeletseng ka rona?
Lebaka la Go Bo Modimo O Bopile Batho
3. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa bopa lefatshe?
3 Bibela e bontsha gore Modimo o dirile lefatshe a akantse segolobogolo ka batho. Isaia 45:18 e bolela jaana kaga lefatshe gore Modimo “o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, [mme] oa le bopèla go [agiwa, NW].” Mme o ne a baya sengwe le sengwe se batho ba neng ba tla se tlhoka mo lefatsheng, e seng fela gore ba nne teng, mme e le gore ba itumelele botshelo ka botlalo.—Genesise, dikgaolo 1 le 2.
4. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa bopa batho ba ntlha?
4 Mo Lefokong la gagwe, Modimo o bolela kaga go bopiwa ga batho ba ntlha, Adame le Efa, gape o senola gore o ne a ikaeletse eng ka lelapa la motho. O ne a re: “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona; me a ba laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le dikgomo, le lehatshe yeotlhe, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe.” (Genesise 1:26) Batho ba ne ba tshwanetse go laola “lehatshe yeotlhe” le diphologolo tsa lone.
5. Batho ba ntlha ba ne ba bewa kae?
5 Modimo o ne a dira tshingwana e kgolo e ntle, e e tshwanang le paraka mo lefelong le le bidiwang Edena, le le kwa Botlhabagare. Go tswa foo “a tsaea monna, a mmaea mo tshimoñ ea Edena, go e baakanya le go e lebèlèla.” E ne e le paradaise e e neng e na le sengwe le sengwe se batho ba ntlha ba neng ba ka tlhoka go se ja. Gape e ne e na le “setlhare señwe le señwe se se kgatlhañ mo matlhoñ, le se se molemō go yewa,” mmogo le dimela tse dingwe le mefuta e mentsi e e kgatlhang ya diphologolo.—Genesise 2:7-9, 15.
6. Batho ba ne ba bopiwa ba na le megopolo e e ntseng jang le mebele e e ntseng jang?
6 Mebele ya batho ba ntlha e ne ya bopiwa e itekanetse, mo eleng gore ba ne ba ka se ka ba lwala, ba tsofala kana ba swa. Gape ba ne ba neelwa dinonofo tse dingwe, tse di tshwanang le go kgona go itlhophela se ba se batlang ka bobone. Tsela e ba dirilweng ka yone e tlhalosiwa mo go Genesise 1:27: “Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi.” E re ka re bopilwe mo tshwanong ya Modimo, ga re a fiwa dinonofo tsa mmele le tsa tlhaloganyo fela mme re filwe le tsa boitsholo le tsa bomoya, mme tseno di tshwanetse tsa kgotsofadiwa e le gore re tle re itumele tota. Modimo o ne o tla rulaganya gore dilo tse re di tlhokang tseo di kgotsofadiwe re bo re bone dijo, metsi, le moya. Jaaka Jesu Keresete a ne a bolela, “motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.”—Mathaio 4:4.
7. Batho ba ntlha ba babedi ba ne ba fiwa taelo efe?
7 Mo godimo ga moo, Modimo o ne a neela batho ba ntlha ba babedi taelo eno e e kgatlhang fa ba ne ba santse ba le kwa Edena: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse.” (Genesise 1:28) Ka jalo ba ne ba tla kgona go ntsifala le go tshola bana ba ba itekanetseng. Mme fa batho ba ntse ba ntsifala, ba ne ba tla nna le tiro e e monate ya go atolosa melelwane ya lefelo la ntlha la paradaise le le tshwanang le paraka la kwa Edena. Kgabagare, lefatshe lotlhe le ne le tla tlhabololwa gore e nne paradaise, e e nniwang ke batho ba ba itekanetseng, ba ba itumetseng, ba ba neng ba ka tshelela ruri. Bibela e re bolelela gore fa a sena go dira dilo tseno tsotlhe, “Modimo oa bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me bōnañ, ga bo go le molemō thata.”—Genesise 1:31; bona gape le Pesalema 118:17.
8. Batho ba ne ba tshwanetse go tlhokomela lefatshe jang?
8 Go bonala sentle gore batho ba ne ba tla tshwanelwa ke go dirisa lefatshe le ba le laolang gore le ba solegele molemo. Mme lefa go ntse jalo seno se ne se tshwanetse go dirwa ka tsela e ntle thata. Batho ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna batlhanka ba ba nang le tlotlo ba lefatshe, e seng ba ba le senyang. Tshenyo e re e bonang e dirwa mo lefatsheng gompieno e kgatlhanong le thato ya Modimo, mme ba ba nnang le seabe mo go yone ba kgatlhanong le lebaka la go bo botshelo bo le gone mo lefatsheng. Ba tla tshwanelwa ke go duela kwatlhao ya go dira jalo, ka gonne Bibela e bolela gore Modimo o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:18.
Modimo O Santse A Ikaeletse Jalo
9. Ke ka ntlha yang fa re tlhomamisa gore boikaelelo jwa Modimo bo tla diragadiwa?
9 Ka jalo, go tswa kwa tshimologong Modimo o ne a ikaeletse gore lelapa la batho ba ba itekanetseng le nne mo lefatsheng ka bosakhutleng mo paradaiseng. Mme o santse a ikaeletse jalo! Boikaelelo joo bo tla diragadiwa eleruri. Bibela e bolela jaana: “Yehofa oa mashomōshomō o ikanne, a re, Rure yaka ke gopotse, go tla dihala yalo; le yaka ke ikaeletse go tla èma hèla yalo.” “Ke ikaeletse, le gona ke tla dihatsa; ke ikaeletse, le gōna ke tla diha.”—Isaia 14:24; 46:11.
10, 11. Jesu, Petere, le mopesalema Dafide ba ne ba bua jang kaga Paradaise?
10 Jesu Keresete o ne a bua kaga boikaelelo jwa Modimo jwa go busetsa paradaise mo lefatsheng fa a ne a bua le monna mongwe yo o neng a batla go nna le tsholofelo ka isagwe: “O tla nna le nna kwa Paradaisa.” (Luke 23:43) Moaposetoloi Petere le ene o ne a bua kaga lefatshe le lesha le le tlang fa a ne a bolelela pele jaana: “Kaha poleloñ ea [Modimo] ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha [tsamaiso e ntšha ya puso e laola go tswa kwa legodimong], le lehatshe ye lesha [mokgatlho o mosha wa batho ba mo lefatsheng], a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Petere 3:13.
11 Mopesalema Dafide le ene o ne a kwala kaga lefatshe le lesha le le tlang le gore le ne le tla tswelela pele le le gone ka lobaka lo lo kae. O ne a bolelela pele jaana: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Pesalema 37:29) Ke gone ka moo Jesu a neng a solofetsa jaana: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”—Mathaio 5:5.
12, 13. Tlhalosa ka bokhutshwane boikaelelo jo bo molemolemo jwa Modimo ka batho.
12 Abo seo e le tebelelo e e molemolemo jang ne, go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise le le senang lefa e le boikepo, bokebekwa, bolwetsi, bohutsana, le botlhoko! Mo bukeng ya bofelo ya Bibela, Lefoko la Modimo la boperofeti le sobokanya boikaelelo jono jo bo molemolemo ka go bolela jaana: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” E oketsa jaana: “Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha. Me a re, Kwala; gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”—Tshenolō 21:4, 5.
13 Ee, Modimo o ikaeletse sengwe se se molemolemo. E tla bo e le lefatshe le lesha la tshiamo, paradaise ya bosakhutleng, e e boleletsweng pele ke Ene yo o ka kgonang go dira jaaka a solofeditse e bile a tla dira jalo, ka gonne “mahoko a [gagwe], a boikañō, le boamarure.”
[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]
Modimo o ne a ikaeletse gore batho ba tshelele rure mo lefatsheng la paradaise. O santse a ikaeletse jalo
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Mong wa ntlo a ka otlhaya banni ba ba senyang ntlo ya gagwe