LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • pr karolo 8 ts. 29-31
  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise
  • Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho Ba mo Kagisong E E Feletseng
  • Motho O Agisana le Diphologolo
  • Botsogo Jo Bo Itekanetseng, Botshelo Jo Bo Sa Khutleng
  • Baswi Ba Busediwa mo Botshelong
  • Lefatshe, Paradaise ya Letlotlo
  • Botlhe Ba Nna le Bonno Jo Bo Siameng
  • O Ka Tshelela Ruri mo Paradaiseng
  • Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Go Bolelela Pele se se Tla Tlogang se Direga mo Isagweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso
    Botshelo mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso
  • O Ka Bona Isagwe E E Itumedisang!
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
pr karolo 8 ts. 29-31

Karolo 8

Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise

1, 2. Botshelo bo tla bo bo ntse jang fa go busa Bogosi jwa Modimo?

1 Botshelo bo tla nna jang fa Modimo o tlosa bosula le matshwenyego mo lefatsheng o bo o tlisa lefatshe la gagwe le lesha le laolwa ka lorato ke Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo? Modimo o solofetsa gore o tla ‘huporolola seatla sa gagwe mme a kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela.’—Pesalema 145:16.

2 Ke dilo dife tse o di eletsang thata? A ga o eletse go tshela ka boitumelo, tiro e e nang le mosola, letlotlo la dilwana, tikologo e ntle, kagiso gare ga batho ba mefuta yotlhe, le go tswa mo tshiamololong, mo bolwetsing, mo matshwenyegong, le mo losong? O ka reng ka go lebelela dilo tse di itumedisang tsa semoya? Dilo tseo tsotlhe di tla diragadiwa mo bogautshwaneng fa go tla bo go busa Bogosi jwa Modimo. Ela tlhoko gore boperofeti jwa Bibela bo a reng kaga masego a a itumedisang a a tla bong a le teng mo lefatsheng leo le lesha.

Batho Ba mo Kagisong E E Feletseng

3-6. Re tlhomamisediwa ka eng gore batho ba tla nna ka kagiso mo lefatsheng le lesha?

3 “[Modimo] o khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.”—Pesalema 46:9.

4 “[Ba] tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4.

5 “Bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:11.

6 “Lehatshe yeotlhe le ikhutsitse, le iketlile; ba ponyèga mo go opeleñ.”—Isaia 14:7.

Motho O Agisana le Diphologolo

7, 8. Go tla bo go na le kagiso e e ntseng jang fa gare ga batho le diphologolo?

7 “Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga. Kgomo e namagadi e tla hula e na le bera; bana ba cōna ba tla botha mmōgō: me tau e tla ya motlhaka yaka kgomo. Me ñwanyana eo o anyañ o tla tsamèka ha mosimeñ oa kakè, ñwanyana eo o kgwisicweñ o tla baea seatla sa gagwè ha kutleñ ea shaushawane. Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya.”—Isaia 11:6-9.

8 “Ke tla re mo motlheñ ouō ke ba dihèle kgōlaganō le diphōlōhōlō tsa naga, le dinōnyane tsa loapi, le dilō tse di gagabañ tsa lehatshe . . . ke tla ba rōbatsa ka polokègō.”—Hosea 2:18.

Botsogo Jo Bo Itekanetseng, Botshelo Jo Bo Sa Khutleng

9-14. Tlhalosa gore mo lefatsheng le lesha botsogo bo tla bo bo ntse jang.

9 “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”—Isaia 35:5, 6.

10 “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.”—Tshenolō 21:4.

11 “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Isaia 33:24.

12 “Nama ea gagwè e tla shahala bogolo go ea ñwanyana, o tla boèla mo malatsiñ a bokau yoa gagwè.”—Yobe 33:25.

13 “Nèō ea mphō hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—Baroma 6:23.

14 “Leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna [o tla bona] . . . botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.

Baswi Ba Busediwa mo Botshelong

15-17. Go ka solofelwa eng ka ba ba setseng ba sule?

15 “Go tla nna le cogō ea basiami le ea basiamolodi.”—Ditihō 24:15.

16 “Lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ [ba ba gopolwang ke Modimo] ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, me ba tla cwa.”—Yohane 5:28, 29.

17 “Lewatlè ya ntsha bashwi ba ba mo go yeōna; le losho loa ntsha bashwi ba ba mo go lōna le Bobipō yalo.”—Tshenolō 20:13.

Lefatshe, Paradaise ya Letlotlo

18-22. Lefatshe lotlhe le tla fetolelwa go nna eng?

18 “Go tla nna meokodi ea tshegōhaco. Le setlhare sa naga se tla uñwa; le lehatshe le tla ntsha totahalō ea yeōna, me ba tla nna ka thagamō mo lehatshiñ ya bōnè.”—Esekiele 34:26, 27.

19 “Lehatshe le ntshitse totahalō ea yeōna: Modimo, eboñ Modimo oa rona tōta, o tla re segōhatsa.”—Pesalema 67:6.

20 “E e leñ naga hèla e tla ipela le lehatshe ya lokgèrè; le sekaka se tla itumèla se nyakalala yaka sesheshe.”—Isaia 35:1.

21 “Dithaba di tla ponyèga ka kōpèlō, le makhubu, ha pele ga lona, le ditlhare cotlhe tsa naga di tla ōpa diatla. Mo boemoñ yoa setlhare se se mitlwa go tla tlhoga morukuru: le mo boemoñ yoa mmabi go tla tlhoga setlhare sa bolaō.”—Isaia 55:12, 13.

22 “U tla nna le nna kwa Paradaisa.”—Luke 23:43.

Botlhe Ba Nna le Bonno Jo Bo Siameng

23, 24. Re tlhomamisediwa ka eng gore go tla nna le matlo a a siameng a a lekaneng botlhe?

23 “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna . . . Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele. . . . Baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele. Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègō bana.”—Isaia 65:21-23.

24 “Moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Mika 4:4.

O Ka Tshelela Ruri mo Paradaiseng

25. Re na le tsholofelo efe e ntle kaga isagwe?

25 Abo e le dilo tse di molemolemo jang ne go ka di lebelela mo isagweng! Abo matshelo jaanong a ka nna le lebaka la mmatota jang ne la go nna gone fa a tshegeditswe ka tsholofelo e e nonofileng ya gore mo lefatsheng la Modimo le lesha mathata otlhe a gompieno a tla bo a feletse ruri! “Dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.” (Isaia 65:17) Mme abo go gomotsa jang ne go itse gore ka nako eo botshelo bo tla nnela ruri: “[Modimo] o komeditse losho ka bosakhutleñ.”—Isaia 25:8.

26. Motho o tlhoka go dira eng gore a tshelele ruri mo lefatsheng la Modimo le lesha?

26 A o batla go tshelela ruri mo lefatsheng leo le lesha la Paradaise le le setseng le le gaufi thata jaana? ‘Go ka tlhokega gore ke dire eng gore ke amogelwe ke Modimo fa lefatshe leno le fela ke bo ke tswelele pele ke tshela mo lefatsheng la gagwe le lesha?’ o ka nna wa botsa jalo. O tlhoka go dira se Jesu a neng a se tlhalosa fa a ne a rapela Modimo: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.

27. Ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o nne le seabe mo go se Modimo a se ikaeletseng?

27 Ka jalo, nna le Bibela, mme o tlhomamise se o ntseng o se bala mo boroutshareng eno. Batla batho ba bangwe ba ba ithutang le go ruta boammaaruri jono jwa Bibela. Ikgaoganye le bodumedi jwa boitimokanyi jo bo rutang dilo tse di kgatlhanong le Bibela. Ithute kafa wena, mmogo le batho ba bangwe ba ba dimilione ba ba setseng ba dira thato ya Modimo, lo ka nnang le seabe mo boikaelelong jwa Modimo jwa gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. Mme o tseye tsia se Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le se bolelang kaga isagwe e e fa gaufi: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Boikaelelo jwa Modimo jwa go busetsa paradaise mo lefatsheng bo tla tloga bo diragadiwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela