Thuto Eno e Fetela mo Madumeding a Botlhaba
“Ke ntse ke akanya gore thuto ya gore moya ga o swe e dumelwa ke batho botlhe mo lefatsheng. Ka jalo, ke ne ka gakgamala tota go utlwa gore batho bangwe ba ba botlhale, ba dinaga tsa Botlhaba le tsa Bophirima ba ile ba ganetsa thuto eno thata. Jaanong ke ipotsa gore go tlile jang gore kgang eno ya gore moya ga o swe e fetele mo Bohindung.”—MOITHUTI MONGWE WA YUNIBESITHI YO O GODISITSWENG E LE MOHINDU.
1. Ke eng fa re kgatlhegela go itse gore thuto ya gore moya wa motho ga o swe e simologile jang le gore e ne ya anama jang?
GO TLILE jang gore kgopolo ya gore motho o na le moya o o sa sweng e fetele mo Bohindung le mo madumeding a mangwe a Botlhaba? Potso eno e kgatlha le e leng batho ba Bophirima ba ba ka tswang ba sa tlwaelana le madumedi ano, e re ka thuto eno e ama tsela e mongwe le mongwe a lebang isagwe ka yone. Go itse gore kgang eno e simologile jang go ka thusa gore batho ba itsane botoka le go tlhaloganyana ka gonne thuto eno ya gore moya ga o swe ke thuto e e tshwanang mo madumeding a le mantsi.
2. Ke eng fa India e ile ya nna motswedi o mogolo wa tlhotlheletso ya bodumedi kwa Asia?
2 Ninian Smart, yo e leng porofesa ya dithuto tsa bodumedi kwa Yunibesithing ya Lancaster kwa Boritane, o bolela jaana: “Naga e e ileng ya nna le tlhotlheletso e kgolo thata ya bodumedi kwa Asia ke India. Seno ga se fela ka gonne madumedi a le mantsi a ile a tlholega kwa India—Bohindu, Bobuda, Bojaini, Bosiki, jalo le jalo—go na le moo, ke ka gonne bongwe jwa one, Bobuda, bo ile jwa tlhotlheletsa ngwao ya mo e ka nnang dinaga tsotlhe tsa Asia Botlhaba.” Nikhilananda, yo e leng mokanoki wa Mohindu o bolela gore ditso di le dintsi ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ka tsela eno “di sa ntse di tsaya India e le nagagae ya tsone ya dilo tsa semoya.” Jalo he, go tlile jang gore thuto eno ya gore moya ga o swe e fetele kwa India le kwa dikarolong tse dingwe tsa Asia?
Thuto ya Bohindu ya Go Tsalwa o le Setshedi se Sesha
3. Go ya ka rahisitori mongwe, kgopolo ya gore moya wa motho o fetela mo mmeleng o sele fa a swa e ka tswa e tlile ka mang kwa India?
3 Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., ka nako ya fa Pythagoras le balatedi ba gagwe kwa Greece ba ne ba buelela kgopolo ya gore moya o fetela mo mmeleng o sele fa motho a swa, batlhalefi ba Sehindu ba ba neng ba nna mo dintshing tsa noka ya Indus le Ganges kwa India, ba ne ba simolola go nna le pono e e tshwanang. Raditiragalo e bong Arnold Toynbee o bolela gore, “go ka se ka ga bo go tshogane fela go diregile gore” thuto eno e simologe ka nako e le nngwe “kwa Greece le kwa India.” Toynbee o bolela gore, “tsela nngwe [e e tlhotlheleditseng] e seno se ka tswang se runtse mo go yone ke setšhaba se se neng se tshela ka go kgarakgatshega sa kokomana ya Bayuropa le Ba-Asia, se mo lekgolong la bo8 le la bo7 la dingwaga B.C. se neng sa fologela kwa India, kwa Borwabophirima jwa Asia, kwa nageng e e lokgere e e kwa bokone jwa lobopo lwa Lewatle le Lentsho le kwa pheninsuleng ya Balkan le ya Anatolia.” Go bonala fa merafe eno ya bafaladi ya kokomana ya Bayuropa le Ba-Asia e ne ya fudugela kwa India ka kgopolo eno ya gore fa motho a swa moya wa gagwe o fetela mo mmeleng o sele.
4. Ke eng fa kgopolo ya gore moya wa motho e fetela mo mmeleng o sele fa a swa e ile ya kgatlha batlhalefi ba Bahindu?
4 Bohindu bo ne jwa simologa pelenyana ga foo kwa India ka nako ya fa Ba-Aryan ba ne ba goroga teng mo e ka nang ka 1500 B.C.E. Go tloga fela kwa tshimologong Bohindu bo ne bo dumela gore moya o farologana le mmele le gore ga o swe fa motho a swa. Ka jalo Bahindu ba ne ba dumela mo kobamelong ya bagolwagolwane e bile ba ne ba tle ba tsholele meya ya baswi ba bone dijo gore e di je. Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, fa kgopolo ya gore moya o fetela mo mmeleng o sele fa motho a swa e ne e fitlha kwa India, go bonala e ile ya kgatlha batlhalefi ba Bahindu ba ba neng ba ntse ba mekamekana le bothata jwa lefatshe lotlhe jwa go anama ga boikepo le go sotlega ga batho. Ka go kopanya kgopolo eno le se se bidiwang gore ke molao wa Karma, molao wa gore sengwe le sengwe se motho a se dirang se nna le matswela a sone, batlhalefi ba Bahindu ba ne ba tlhama kgopolo ya gore fa motho a swa o tsalwa e le setshedi se sesha, e leng gore, dilo tse di molemo le tse di bosula tse motho a di dirang mo botshelong jwa jaanong o tla di duelelwa kana a di otlhaelwa mo go jo bo tlang.
5. Go ya ka Bohindu, mokgelemogolo wa moya ke eng?
5 Le fa go ntse jalo, go ne go na le kgopolo e nngwe gape e e neng ya tlhotlheletsa dithuto tsa Sehindu malebana le moya. Encyclopædia of Religion and Ethics e bolela jaana: “Go bonala go le boammaaruri gore ka yone nako e kgopolo ya gore moya wa motho o fetela mo mmeleng o sele fa a swa le ya karma di ne di tlhamiwa, kana le e leng pelenyana ga foo, kgopolo e nngwe . . . e ne e ntse e tlhagoga ka bonya mo batlhalefing ba kwa India Bokone—kgopolo ya borafilosofi ya Brahman-Ātman [Brahman yo mogolo le yo o nnetseng ruri, yo kgabagare e leng wa mmatota].” Kgopolo eno e ne ya kopanngwa le kgopolo ya go tsalwa o le setshedi se sele e le go tlhalosa mokgelemogolo wa Bahindu—go gololesega go tswa mo modikologong wa go fetela ga moya mo mmeleng o mosha e le gore kgabagare motho e nne wa mmatota. Bahindu ba dumela gore seno se direga fa motho a tshela ka tsela e e amogelegang mo setšhabeng le fa a na le kitso e e kgethegileng ya Sehindu.
6, 7. Bohindu jwa segompieno bo dumela eng malebana le Botshelo Morago ga Loso?
6 Ka jalo batlhalefi ba Sehindu ba ne ba fetola kgopolo ya gore fa motho a swa moya wa gagwe o fetela mo mmeleng o mosha gore e nne thuto ya gore fa motho a swa o tsalwa o le setshedi se sesha ka go e kopanya le molao wa Karma le kgopolo ya Brahman. Octavio Paz, yo e neng e le mmoki yo o neng a fenya Sekgele sa Nobel e bile e kile ya nna moemedi wa puso ya Mexico kwa India, o ne a kwala jaana: “Fa Bohindu bo ntse bo anama, kgopolo eno le yone e ne ya anama . . . e e leng pinagare ya Bo-Brahman, Bobuda le madumedi a mangwe a Asia: metempsychosis, e leng go fetela ga meya mo mebeleng e mesha e e farologaneng ka go latelana ga yone.”
7 Thuto ya go tsalwa o le setshedi se sele ke pinagare ya Bohindu jwa segompieno. Rafilosofi wa Mohindu e bong Nikhilananda a re: “Mohindu mongwe le mongwe yo o ineetseng o dumela a sa belaele gore go nna le bosasweng ga se tshiamelo e e bonwang fela ke batho ba sekae ba ba kgethilweng mme ke tshwanelo ya mongwe le mongwe.”
Go Nna o Tsalwa ka Mmele o Mosha Go ya Ka Bobuda
8-10. (a) Go ya ka Bobuda, ditshedi di nna gone jang? (b) Mokanoki mongwe wa Mobuda o tlhalosa go tsalwa sesha jang?
8 Bobuda bo ne jwa thaega kwa India mo e ka nnang ka 500 B.C.E. Go ya ka dibuka tsa bogologolo tsa Bobuda, kgosana nngwe ya India e leina la yone e neng e le Siddhārtha Gautama, e moragonyana e neng ya bidiwa Buda fa e sena go amogela tshedimosetso, e ne ya thaya Bobuda. E re ka bo tswa mo Bohindung, ka ditsela dingwe dithuto tsa jone di tshwana le tsa Bohindu. Go ya ka Bobuda, ditshedi di nna teng ka ntlha ya modikologo o o sa feleng wa go swa le go tsalwa sesha, mme fela jaaka mo Bohindung, maemo a motho mongwe le mongwe mo botshelong jwa gone jaanong a ikaegile ka dilo tse a di dirileng mo botshelong jo bo fetileng.
9 Le fa go ntse jalo, Bobuda ga bo tlhalose go nna teng ga motho ka go bolela gore motho o na le moya o o sa sweng. Arnold Toynbee o ne a re: “[Buda] o ne a dumela gore moya wa motho ke mogolagang fela wa maemo a tlhaloganyo a a sa tshwaraganang a a lomagantsweng fela ke keletso.” Le fa go ntse jalo, Buda o ne a dumela gore sengwe—maemo mangwe kana maatla—se fetisediwa go tswa mo setsheding se sengwe go ya go se sengwe. Dr. Walpola Rahula, yo e leng mokanoki wa Mobuda o tlhalosa jaana:
10 “Go nna motho ga se sepe fela fa e se go tswakana ga mmele le maatla kana nonofo ya tlhaloganyo. Se re se bitsang loso sone ke tiragalo ya fa mmele o sa tlhole o dira. A maatla ano otlhe kana nonofo e kgaotsa gotlhelele fa mmele o sa tlhole o dira? Babuda ba re ‘Nnyaa.’ Go nna le keletso le go tlhagafalela go tswelela o ntse o tshela gangwe le gape ke maatla a magolo a a tlhotlheletsang dilo tsotlhe tse di tshelang le tse di leng teng le a a tlhotlheletsang le lefatshe lotlhe. Ano ke maatla a magolo thata, nonofo e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng. Go ya ka Babuda, maatla ano ga a kgaotse fa mmele o sa tlhole o dira, e leng ka nako ya loso; go na le moo, a tswelela pele a le teng a le mo sebopegong se sele, a tlhaga a le ka tsela e ntšha, e leng se se bidiwang go tsalwa sesha.”
11. Kgopolo ya Sebuda ke efe malebana le Botshelo Morago ga Loso?
11 Babuda ba leba kgang ya Botshelo Morago ga Loso jaana: Motho o tshela ka bosakhutleng fa fela a fitlheletse mokgele wa bofelofelo wa Nirvana, a sa tlhole a nna a tsalwa sesha. Nirvana ga se boemo jwa boitumelo jwa goyagoile e bile ga se jwa gore kgabagare o nne wa mmatota. Ke boemo fela jwa go se tlhole o le teng—“lefelo la bosasweng” la fa motho a sa tlhole a le teng. Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa “Nirvana” e le “lefelo kana boemo jwa go se tlhole o amega ka sepe, o sa utlwe botlhoko kana go amega ka sepe fela se se kwa ntle.” Babuda ba kgothalediwa gore go na le go senka bosasweng, ba senke sengwe se se ka kwa ga jone ka go fitlhelela Nirvana.
12-14. Mefuta e e farologaneng ya Bobuda e tlhalosa jang kgopolo ya gore moya wa motho ga o swe?
12 Fa Bobuda bo ntse bo anama le mafelo a a farologaneng a Asia, bo ne jwa tla go tlhabolola dithuto tsa jone gore di dumalane le ditumelo tsa mafelo ao. Ka sekai, Bobuda jwa Mahayana, jo bo tletseng thata kwa China le Japane, bo dumela gore go na le bo-bodhisattva ba selegodimo kana Bobuda ba mo isagweng. Bo-bodhisattva ba fetsa matshelo a mantsi a go tsalwa sesha ba sa itlhaganelele go tsena kwa Nirvana e le gore ba direle batho ba bangwe le go ba thusa gore ba tsene. Ka jalo, motho a ka itlhophela go nna a tsalwa sesha gangwe le gape le e leng morago ga go fitlhelela Nirvana.
13 Phetogo e nngwe e e ileng ya nna le tlhotlheletso e kgolo thata kwa China le Japane ke thuto ya Naga e e Itshekileng Kwa Bophirima, e e dirilweng ke Buda Amitabha, kana Amida. Batho ba ba bitsang leina la ga Buda ba na le tumelo ba tsalelwa sesha mo Nageng e e Itshekileng kana paradaise, e maemo a yone a siametseng gore motho a ka bona go sedimosediwa ga bofelofelo. Thuto eno e ne ya lebisa kae? Porofesa Smart yo o umakilweng pelenyana o tlhalosa jaana: “Jaaka fa go ne go ka lebelelwa, bontle jwa paradaise jo bo tlhalosiwang sentle mo dikwalong tsa Mahayana, bo tsaya maemo a nirvana e e tumileng thata ka gore ke mokgele wa maemo a a kwa godimodimo.”
14 Babuda ba Tibet bone ba bo tswakanya le dithuto tse dingwe tsa lefelo la bone. Ka sekai, buka e e buang ka baswi ya Se-Tibet e tlhalosa boemo jwa motho fa a le mo pakeng e e mo magareng pele ga a tsalwa sesha. E bolela gore baswi ba bonesiwa ke lesedi le legolo le kgabagare le ba dirang gore ba nne ba mmatota, mme ba ba sa kgoneng go itshokela lesedi leno ga ba bone kgololo go na le moo ba tsalwa sesha. Go phepafetse gore Bobuda ka mefuta ya jone bo dumela thuto ya gore moya ga o swe.
Kobamelo ya Bagolwagolwane mo Boshintong Jwa Japane
15-17. (a) Go obamela meya ya bagolwagolwane go ne ga simologa jang mo Boshintong? (b) Thuto ya gore moya wa motho ga o swe ke thuto ya motheo jang mo Boshintong?
15 Bodumedi bo ne bo le gone kwa Japane pele ga fa Bobuda bo goroga mo lekgolong la borataro la dingwaga C.E. E ne e le bodumedi jo bo se nang leina, mme bo ne bo na le ditumelo tse di neng di amana le melao ya boitsholo ya batho le meetlo. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Bobuda bo goroga, go ne ga tlhokega gore bodumedi jwa Japane bo tlhaolwe mo go jono jwa seeng. Ka jalo, bo ne jwa tlhaolwa ka leina “Shinto,” le le kayang “tsela ya medimo.”
16 Boshinto jwa kwa tshimologong bo ne bo dumela eng malebana le Botshelo Morago ga Loso? Kodansha Encyclopedia of Japan e tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya go simolola go jala reise mo karolong ya naga e e ratwang ke metsi, temothuo ya kwa nageng e e ratwang ke metsi e ne ya tlhoka gore go tlhongwe metse e e rulagantsweng sentle le e e tlhomameng ya temothuo mme meetlo ya temothuo—e moragonyana e neng ya nna le seabe se segolo mo Boshintong—e ne ya simologa.” Go boifa meya ya baswi go ne ga dira gore batho bano ba bogologolo ba tlhame meetlo e e neng e ka e itumedisa. Seno se ne sa fetoga kobamelo ya meya ya bagolwagolwane.
17 Go ya ka tumelo ya Seshinto, moya wa “moswi” o sa ntse o na le botho jwa gagwe le fa go le jalo o leswafadiwa ke loso. Fa motho yo o swetsweng a dira mokete wa phitlho, moya o tla bo o nna phepa go fitlha o bo o tlosa sefifi sotlhe, mme o bo o nna ka kagiso o nna molemo. Fa go ntse go ya, moya wa mogolwagolwane yono o tla tlhatloga maemo go fitlha e nna modimo kana motlhokomedi. E re ka Boshinto bo ile jwa nna gone ka nako e le nngwe le Bobuda, le jone bo ile jwa tla bo tsaya dithuto dingwe tsa Sebuda go akaretsa le thuto ya paradaise. Ka gone, re fitlhela e le gore go dumela gore moya ga o swe ke thuto ya konokono mo Boshintong.
Bosasweng mo Bo-Tao le Kobamelo ya Bagolwagolwane mo Bo-Confucius
18. Ba-Tao ba dumela eng malebana le thuto ya gore moya wa motho ga o swe?
18 Bo-Tao bo ne jwa tlhamiwa ke Lao-tzu, yo go tweng o ile a tshela mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. kwa China. Go ya ka Bo-Tao, mokgelemogolo mo botshelong ke gore ditiro tsa motho di dumalane le Tao—tsela ya tlholego. Kgopolo ya Ba-Tao ka kgang ya bosasweng e ka sobokanngwa jaana: Tao ke molaomotheo wa konokono mo lobopong. Tao ga e na tshimologo le fa e le bokhutlo. Ka go tshela tumalanong le Tao, motho o nna le seabe mo go yone a bo a nnela ruri.
19-21. Go kabakanya ga Ba-Tao go ne ga felela ka gore ba dire maiteko afe?
19 Ka ntlha ya go batla go nna selo se le sengwe le tlholego, fa nako e ntse e ya, Ba-Tao ba ne ba simolola go kgatlhegela kgang ya go se tsofale le go intšhafatsa. Ba ne ba akanya gore gongwe fa motho a tshela tumalanong le Tao, kana tsela ya tlholego, ka tsela nngwe a ka ribolola diphiri tsa tlholego mme a bo a sa tlhole a ka gobala, a tsenwa ke malwetse le e leng go swa.
20 Ba-Tao ba ile ba simolola go lekeletsa dilo tse di jaaka go tlhatlhanya, go ikatisa ga go hema le go ja dijo dingwe, e leng se ba neng ba re se tla diegisa go koafala ga mmele le loso. Go ise go ye kae ke fa go setse go anama ditlhamane tse di kaga meya e e sa sweng e e kgonang go fofela kwa marung e bile e kgona go tlhaga le go nyelela fa e batla mme e tshela kwa dithabeng tse di boitshepo kana kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa kgakala ka dingwaga tse di se nang palo, e tshela ka monyo le maungo a seselamose. Hisitori ya China e bega gore ka 219 B.C.E., kgosikgolo Ch’in Shih Huang Ti o ne a romela setlhopha sa dikepe se na le basimane le basetsana ba le 3 000 go ya go senka setlhaketlhake seo se ditlhamane di buang ka sone sa P’eng-lai, koo go nnang batho ba ba nang le bosasweng teng, e le gore ba bowe ba tshotse ditlhatshana tsa bosasweng. Ka maswabi, ga ba a ka ba tla ba tshotse dilo tseo tse go tweng di kgona go lelefatsa botshelo.
21 Go eletsa thata go tshela ka bosakhutleng go ile ga dira gore Ba-Tao ba lekeletse go dira dipilisi tsa bosasweng ka go dirisa mokgwa wa go tswakanya dimetale dingwe go dira dilo tsa kalafi. Go ya ka Ba-Tao, botshelo bo nna teng fa go tswakanngwa yin le yang (se se namagadi le se se tona) tse di sa tshwaneng. Ka gone, ka go tswakanya lloto (e ntsho, kana yin) le mekhuri (e phatsimang, kana yang), batswakanyi ba dimetale ba ne ba etsa tiragalo ya tlholego mme ba ne ba akanya gore go dira jalo go ne go tla dira pilisi ya bosasweng.
22. Tlhotlheletso ya Bobuda mo tseleng ya bodumedi ya Ba-China e ne ya felela ka eng?
22 Mo lekgolong la bosupa la dingwaga C.E., Bobuda bo ne jwa simolola go tlhotlheletsa tsela ya bodumedi ya Ba-China. Seno se ne sa dira gore go nne le bodumedi jo bo tswakantseng ditumelo tsa Sebuda, tirisabadimo le kobamelo ya bagolwagolwane. Porofesa Smart a re: “Bobuda le Bo-Tao bo ile jwa tlhabolola le go nonotsha tumelo ya gore go na le botshelo morago ga loso e e neng e ntse e sa nonofa mo kobamelong ya bagolwagolwane ya China wa bogologolo.”
23. Pono ya ga Confucius e ne e le efe malebana le kobamelo ya bagolwagolwane?
23 Confucius, yo e leng motlhalefi yo mongwe yo o tumileng wa kwa China wa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., yo filosofi ya gagwe e neng ya fetoga motheo wa Bo-Confucius, ga a ka a bua thata kaga kgang ya Botshelo Morago ga Loso. Go na le moo, o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna le boitsholo jo bo siameng le go nna le boitshwaro jo bo amogelegang mo setšhabeng. Le fa go ntse jalo, o ne a na le boikutlo jo bo siameng ka kobamelo ya bagolwagolwane e bile a gatelela thata gore go ketekwe mekete le meletlo e e amanang le meya ya bagolwagolwane ba ba suleng.
Madumedi a Mangwe a Botlhaba
24. Bojaini bo ruta eng malebana le moya?
24 Bojaini bo ne jwa simologa kwa India mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Mothei wa jone e bong Mahāvīra, o ne a ruta gore dilo tsotlhe tse di tshelang di na le moya o o tshelelang ruri le gore moya o ka kgona go falola dikgole tsa Karma fela ka go tshela botshelo jo bo gagametseng le jwa go itima dilo le go gagamalela go tshela kwantle ga go dirisa dikgoka kgatlhanong le setshedi sepe fela. Bajaini ba sa ntse ba dumela thuto eno le gompieno.
25, 26. Ke dilo dife tse Bahindu ba di dumelang tse di fitlhelwang le mo Bosiking?
25 Bosiki, e leng bodumedi jo bo nang le balatedi ba le dimilione di le 19, le jone bo ne jwa simologa kwa India. Bodumedi jono bo simologile mo lekgolong la bo16 la dingwaga fa Guru Nānak a ne a swetsa gore a tswakanye dithuto tse di molemo go gaisa tsa Bohindu le tsa Boiselamo go tlhama bodumedi jo bo seoposengwe. Bosiki bo ne jwa latela dithuto tsa Bohindu tse di malebana le gore moya ga o swe, go tsalwa o le setshedi se sesha, le Karma.
26 Ga go na pelaelo gore tumelo ya gore botshelo bo tswelela pele morago ga fa mmele o se na go swa ke thuto ya konokono mo madumeding a mantsi a Botlhaba. Le fa go ntse jalo, go tweng ka tumelo ya Sekeresete, Sejuda le Boiselamo?
[Mmapa mo go tsebe 10]
(For fully formatted text, see publication)
ASIA BOTLHABA
KASHMIR
TIBET
CHINA
KOREA
JAPANE
Banaras
INDIA
Buddh Gaya
MYANMAR
THAILAND
CAMBODIA
SRI LANKA
JAVA
LEKGOLO LA BO3 B.C.E.
LEKGOLO LA NTLHA B.C.E.
LEKGOLO LA NTLHA C.E.
LEKGOLO LA BO4 C.E.
LEKGOLO LA BO6 C.E.
LEKGOLO LA BO7 C.E.
Bobuda bo ne jwa tlhotlheletsa dinaga tsotlhe tsa Asia Botlhaba
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Thuto ya gore fa motho a swa o tsalwa o le setshedi se sesha ke thuto ya motheo mo Bohindung
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Ba-Tao ba leka go nna le bosasweng ka go tshela tumalanong le tlholego
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Confucius o ne a na le maikutlo a a siameng ka kobamelo ya bagolwagolwane