KGAOLO 7
Dipokano Tse di ‘Tlhotlheletsang mo Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo’
GO RALALA makgolokgolo a dingwaga, batho ba ga Jehofa ba ntse ba kopana mmogo ka tsela e e rulagantsweng. Kwa Iseraele wa bogologolo, banna botlhe ba ne ba tsaya loeto go ya Jerusalema kwa meletlong e megolo e meraro. (Dute. 16:16) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ne ba kopana ka metlha, gantsi e le mo legaeng la mongwe. (File. 1, 2) Le gompieno re itumelela dipokano, dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba kopana mmogo? Lebaka la konokono ke gore seno ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona.—Pes. 95:6; Bakol. 3:16.
2 Gape dipokano di solegela molemo ba ba nnang gone kwa go tsone. Baiseraele ba ne ba bolelelwa jaana ka Moletlo mongwe le mongwe wa bosupa wa Diobo: “Phutha batho, banna le basadi le ba bannye le moagi wa gago wa moeng yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore ba reetse le gore ba ithute, e re ka ba tshwanetse go boifa Jehofa Modimo wa lona le go tlhokomela go diragatsa mafoko otlhe a molao ono.” (Dute. 31:12) Ga go pelaelo gore lebaka la botlhokwa la go phuthega mmogo ke gore re ‘rutiwe ke Jehofa.’ (Isa. 54:13) Gape dipokano di re naya tshono ya gore re itsane, re amogele kgothatso re bo re nonotshane.
DIPOKANO TSA PHUTHEGO
3 Barutwa ba ba neng ba kopane mmogo ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba ineela mo dithutong tsa baaposetoloi, mme “malatsi ka go latelana ba ne ba le mo tempeleng ka metlha ba le seoposengwe.” (Dit. 2:42, 46) Moragonyana fa Bakeresete ba kokoana mmogo go tla go obamela, ba ne ba bala dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, go akaretsa le makwalo a a neng a tswa kwa baaposetoloing le barutwa ba bangwe ba Bakeresete. (1 Bakor. 1:1, 2; Bakol. 4:16; 1 Bathes. 1:1; Jak. 1:1) Gape phuthego e ne e rapela mmogo. (Dit. 4:24-29; 20:36) Ka dinako tse dingwe, go ne go tlotliwa ka maitemogelo a barongwa ba nnileng le one mo bodireding. (Dit. 11:5-18; 14:27, 28) Go ne go tlotliwa ka dithuto tsa Baebele le go diragadiwa ga boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng. Go ne go rutiwa dithuto tse di malebana le boitshwaro jo bo siameng jwa Bokeresete le boineelo jwa bomodimo. Botlhe ba ne ba kgothalediwa go nna baboledi ba ba tlhagafetseng ba dikgang tse di molemo.—Bar. 10:9, 10; 1 Bakor. 11:23-26; 15:58; Baef. 5:1-33.
Mo metlheng eno ya bofelo e e boima, re tlhoka kgothatso e e oketsegileng e re e bonang ka go kopana mmogo ka metlha
4 Mo motlheng wa rona, dipokano tsa Bokeresete di tshwarwa ka tsela e e tshwanang le ya mo motlheng wa baaposetoloi. Re tsaya tsia kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e fitlhelwang mo go Bahebera 10:24, 25 e e reng: “A re akanyetsaneng . . . , re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” Mo metlheng eno ya bofelo e e boima, re tlhoka kgothatso e e oketsegileng e re e bonang ka go kopana mmogo ka metlha gore tumelo ya rona e nne e nonofile le gore re boloke boikanyegi jwa rona jwa Bokeresete. (Bar. 1:11, 12) E re ka re le Bakeresete, re tshela mo gare ga batho ba ba boikepo mme rona re ganne boikepo le dikeletso tsa lefatshe. (Bafil. 2:15, 16; Tito 2:12-14) Tota re ka rata go ya kae fa e se go kopana mmogo le batho ba ga Jehofa? (Pes. 84:10) Mme ke eng se se ka re solegelang molemo thata go feta go ithuta le go tlotla ka Lefoko la Modimo? Ela tlhoko dipokano tse di farologaneng tse di diretsweng go re solegela molemo.
DIPOKANO TSA MAFELOBEKE
5 Karolo ya ntlha ya dipokano tsa mafelobeke ke puo ya Baebele ya phatlhalatsa e e diretsweng batho botlhe, bangwe ba bone e ka tswang e le lekgetlo la ntlha ba nna gone mo dipokanong. Puo ya phatlhalatsa e thusa batho ba ba mo phuthegong le ba ba simololang go kopanela gore ba nonotshe kamano ya bone le Jehofa.—Dit. 18:4; 19:9, 10.
6 Keresete Jesu le baaposetoloi ba gagwe le batho ba bangwe ba ba neng ba kopanela le bone, ba ne ba tshwara dipokano tsa mafelobeke tse di tshwanang le tse gompieno di tshwarwang mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa. Ga go pelaelo gore Jesu e ne e le sebui sa phatlalatsa se se di gaisang tsotlhe mo lefatsheng. Go ne ga buiwa jaana ka ene: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.’’ (Joh. 7:46) Jesu o ne a bua jaaka motho yo o nang le taolo, a gakgamatsa bareetsi ba gagwe. (Math. 7:28, 29) Batho ba ba neng ba reetsa molaetsa wa gagwe ba ne ba solegelwa molemo ka ditsela tse dintsi. (Math. 13:16, 17) Baaposetoloi ba ne ba etsa sekao sa gagwe. Mo go Ditiro 2:14-36, re bala ka puo ya phatlalatsa e e maatla e Petere a neng a e neela ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. Batho ba le diketekete ba ne ba tlhotlheletsega go tsaya kgato ka ntlha ya se ba neng ba se utlwa. Moragonyana, batho bangwe ba ne ba nna badumedi morago ga go utlwa puo ya phatlalatsa ya ga Paulo kwa Athena.—Dit. 17:22-34.
7 Ka tsela e e tshwanang, le gompieno batho ba le bantsi ba itumelela le go thusiwa ke dipuo tsa phatlalatsa tse di nnang gone beke le beke mo diphuthegong le dipuo tsa phatlalatsa tse di neelwang kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Dipuo tse di ntseng jalo di re thusa gore re nne re akantse ka dithuto tsa Bokeresete le gore re direle Jehofa ka pelo yotlhe. Fa re laletsa batho ba ba kgatlhegang le ba bangwe botlhe, re ka fitlhelela go le gontsi mo go thuseng batho gore ba tlwaelane le dithuto tsa motheo tsa Baebele.
8 Go buiwa ka ditlhogo tse di farologaneng mo dipuong tsa phatlalatsa. Dipuo tseno di bua ka dithuto tsa Baebele le boporofeti, melaometheo ya Dikwalo le kgakololo e e malebana le botshelo jwa lelapa le dikgang tsa lenyalo, maemo a basha ba lebanang le one le boitsholo jo Bakeresete ba tshwanetseng go nna le jone. Dipuo dingwe di remeletse mo ditirong tse di gakgamatsang tsa popo ya ga Jehofa. Tse dingwe di bua thata ka dikao tsa tumelo, bopelokgale le boikanyegi jwa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, di re bontsha gore re ka ithuta eng mo go bone gompieno.
9 Gore re solegelwe molemo thata ke puo ya phatlalatsa, go botlhokwa gore re reetse ka kelotlhoko, re lebe ditemana tse sebui se di umakang le go tsamaisana le ene fa a di bala le go di tlhalosa. (Luke 8:18) Fa re tlhomamisa dilo tsotlhe tse go tlotliwang ka tsone, re tla ititaya sehuba gore re tla ngangatlela se re se ithutang le go se dirisa.—1 Bathes. 5:21.
10 Fa go na le dibui, ga go pelaelo gore phuthego e tla nna le puo ya phatlalatsa beke le beke. Gantsi, seno se kgonega fa go lalediwa dibui tsa diphuthego tse di gaufi. Fa go se na dibui tse di lekaneng, dipuo tseno di ka neelwa nako nngwe fa go kgonega.
11 Karolo ya bobedi ya dipokano tsa mafelo beke ke Thuto ya Tora ya Tebelo, thuto eno ke motlotlo wa dipotso le dikarabo o o mo ditlhogong tse di mo makasineng o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo. Jehofa o dirisa Tora ya Tebelo go re fepa ka nako e e tshwanetseng.
12 Gangwe le gape ditlhogo tse di ithutiwang di tlhalosa tsela ya go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Di nonotsha Bakeresete gore ba kgone go lwa le “moya wa lefatshe” le boitshwaro jo bo maswe. (1 Bakor. 2:12) Ditlhogo tsa Tora ya Tebelo di re naya lesedi le le oketsegileng le le malebana le dithuto tsa Baebele le boporofeti, mme seno se re thusa gore re nne re tsamaisana le boammaaruri le go nna mo tseleng ya basiami. (Pes. 97:11; Dia. 4:18) Go nna gone mo Thutong ya Tora ya Tebelo le go nna le seabe mo go yone go ka re thusa go ipelela tsholofelo ya lefatshe le lesha la ga Jehofa la tshiamo. (Bar. 12:12; 2 Pet. 3:13) Go kopana mmogo re le Bakeresete go re thusa gore re nne le dinonofo tse moya o di tlhagisang e bile go nonotsha keletso ya rona ya go direla Jehofa ka tlhoafalo. (Bagal. 5:22, 23) Gape go re nonotsha gore re kgone go itshokela diteko le go ikagela “motheo o o molemo wa isagwe,” e le gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Tim. 6:19; 1 Pet. 1:6, 7.
13 Re ka dirisa jang ka botlalo thulaganyo eno e re fepiwang ka yone? Re tshwanetse go baakanyetsa thuto go sa le gale, re le lelapa kgotsa motho a le nosi, re bala ditemana tse di umakilweng le go akgela ka mafoko a rona ka nako ya pokano. Seno se tla dira gore boammaaruri bo nwelelele mo dipelong tsa rona mme batho ba bangwe ba tla solegelwa molemo ke go utlwa re akgela re tlhalosa tumelo ya rona. Fa re reetsa dikakgelo tsa ba bangwe ka kelotlhoko re tla solegelwa molemo ka botlalo ke thuto ya beke nngwe le nngwe.
DIPOKANO TSA MO GARE GA BEKE
14 Beke le beke, maloko a phuthego a kopana kwa Holong ya Bogosi gore a nne gone mo pokanong e e bidiwang Botshelo le Bodiredi Jwa Rona. Pokano eno e na le dikarolo di le tharo tse di diretsweng go re thusa go “tshwanelega sentle” go nna badiredi ba Modimo. (2 Bakor. 3:5, 6) Thulaganyo ya thuto le tshedimosetso e e tla ithutiwang e tla tlhaga mo kgatisong ya Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona, e e gatisiwang kgwedi le kgwedi. Gape kgatiso ya Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi e na le dipuisano tse di ka dirisiwang mo bodireding.
15 Karolo ya ntlha ya pokano eno, e e bidiwang Matlotlo A a Mo Lefokong la Modimo, e tla re thusa gore re tlwaelane le dipego tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng le go ithuta gore re ka di dirisa jang mo botshelong. Pokano eno e akaretsa puo, mmalo le motlotlo o o theilweng mo mmalong wa Baebele wa beke le beke. Mo kgatisong ya Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi, go tla itsisiwe didirisiwa tsa go ruta tse bareetsi ba kgonang go di bona le lenaane la dintlha tse motho a ka di tlatsang tse di tla re thusang go ithuta dipego tseno. Go ithuta Baebele jalo ka tsela e e tseneletseng go re solegela molemo mo botshelong e bile go re solegela molemo fa re ruta, gore re ‘tlhomelele ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Tim. 3:16, 17.
16 Karolo ya bobedi ya pokano eno e e bidiwang Tlhagafalela Bodiredi, e diretswe go thusa batho gore ba ikatisetse bodiredi le go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go rera le go ruta. Gape mo pokanong eo go lebelelwa dibidio tsa se re ka se buang mo bodireding. Karolo eno ya pokano e re thusa go nna le “loleme lwa ba ba rutilweng” gore ‘re itse kafa re ka arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko.’—Isa. 50:4.
17 Mo karolong ya boraro e e reng, Botshelo Jwa Bokeresete, go sekasekiwa gore re ka dirisa jang melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. (Pes. 119:105) Karolo ya konokono mo karolong eno ya boraro ke Thuto ya Baebele ya Phuthego. Mo Thutong ya Baebele ya Phuthego go bodiwa dipotso go bo go arabiwa fela jaaka go dirwa mo Thutong ya Tora ya Tebelo.
18 Kgwedi le kgwedi fa Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi e ntšha e goroga, morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane kgotsa mogolwane yo o mo thusang, o tla e sekaseka ka kelotlhoko a bo a dira thulaganyo ya dipokano. Beke le beke, mogolwane yo mongwe yo o nang le bokgoni jwa ruta e bile a tlhophilwe ke setlhopha sa bagolwane, o tla nna modulasetulo wa pokano eno. Maikarabelo a gagwe a akaretsa go tlhomamisa gore dipokano di simolola ka nako le gore di fela ka nako le go akgola le go gakolola ba ba nang le dikabelo.
19 Fa ka metlha re baakanyetsa Pokano ya Botshelo le Bodiredi, re nna gone kwa go yone e bile re nna le seabe mo go yone, re tla nna le kitso ya Dikwalo, re tla tlhaloganya melaometheo ya Baebele, re tla nna le bopelokgale jwa go rera dikgang tse di molemo e bile re tla nna le bokgoni jwa go dira barutwa. Batho ba e seng Basupi ba ba nnang gone mo pokanong eno, le bone ba solegelwa molemo ke go kopana mmogo le batho ba ba lorato e bile ba solegelwa molemo ke metlotlo e e agang e e nonotshang tumelo. Gore re kgone go baakanyetsa pokano eno le tse dingwe, re ka dirisa Watchtower Library, JW Library®, Watchtower LAEBORARI YA MO INTERNET™ (fa e le gore e teng mo puong ya lona) le laeborari ya kwa Holong ya Bogosi. Laeborari ya Holo ya Bogosi e na le dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa, Watch Tower Publications Index kgotsa Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa, dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele, khonkhodense, dikishinare gammogo le ditshupiso tse dingwe tse di ka thusang. Mongwe le mongwe a ka dirisa laeborari eno pele ga dipokano le morago ga tsone.
DIPOKANO TSA TIRELO YA TSHIMO
20 Ka dinako tse di farologaneng mo bekeng le ka mafelobeke, ditlhopha tsa baboledi di kopana ka nako e khutshwane go ipaakanyetsa go ya bodireding jwa tshimo. Gantsi dipokano tseno di tshwarelwa mo magaeng a batho kgotsa mo mafelong mangwe a a tshwanelang. Gape pokano eno e ka nna ya tshwarelwa mo Holong ya Bogosi. Fa ditlhopha tse dinnye di kopana mo mafelong a a farologaneng, seno se ka dira gore go nne motlhofo gore baboledi ba ye kwa lefelong le pokano ya tirelo e tshwarelwang kwa go lone go bo go nne motlhofo gore ba ye tshimong. Baboledi ba ka abiwa ka bonako ba bo ba ya tshimong ntle le go diega. Gape molebedi wa setlhopha a ka kgona go tlhokomela sentle ba ba mo setlhopheng sa gagwe. Le fa gone go na le melemo ya gore ditlhopha di kopane kwa mafelong a a farologaneng, maemo a ka nna a tlhoka gore ditlhopha di le mmalwa di kopane mo lefelong le le lengwe. Ka sekai, fa go na le baboledi ba le mmalwa ba ba yang bodireding mo gare ga beke, go ka nna molemo gore go kopanngwe ditlhopha kgotsa gore botlhe ba kopane mmogo kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa lefelong lengwe le le tshwanelang. Ka tsela eno, baboledi ba tla nna le yo ba berekang le ene. Gape phuthego e ka bona go le molemo gore e kopane kwa Holong ya Bogosi ka nako ya malatsi a boikhutso. Kgotsa e ka nna ya tlhopha go kopana mmogo gore e tshware pokano ya tirelo ya tshimo morago ga Thuto ya Tora ya Tebelo.
21 Fa ditlhopha di kopana mo mafelong a a farologaneng, molebedi wa setlhopha ke ene a tshwarang pokano ya tirelo ya tshimo. Ka dinako tse dingwe, molebedi wa setlhopha a ka nna a abela mothusi wa gagwe kgotsa mokaulengwe yo mongwe yo o tshwanelegang gore a tshware dipokano tseno. Motho yo o tshwarang pokano o tshwanetse go ipaakanyetsa go tlotla ka sengwe se se tshwanelang maemo se se tla thusang mo bodireding jwa tshimo. Go dirwa dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo mme mongwe mo setlhopheng o a rapela. Go tswa foo, ka yone nako eo setlhopha se tla bo se ya go ya tshimong. Dipokano tseno di tsaya metsotso e le metlhano go ya go e le supa mme gone di tshwanetse go nna kwa tlase ga nako eno fa di tshwarwa morago ga dipokano tsa phuthego. Di tshwanetse go kgothatsa ba ba yang tirong ya go rera, go ba naya ditaelo tse di tla ba solegelang molemo le kaelo. Baboledi ba basha kgotsa ba bangwe ba ba ka tswang ba tlhoka thuso, ba ka bereka tshimo le baboledi ba ba nang le maitemogelo gore ba ba thapise.
DITHULAGANYO TSA DIPOKANO TSA DIPHUTHEGO TSE DISHA KGOTSA TSE DINNYE
22 Fa batho ba le bantsi ba ntse ba nna barutwa, dipalo tsa diphuthego le tsone di a oketsega. Gantsi molebedi wa potologo ke ene a romelang kopo ya gore go tlhomiwe phuthego e ntsha. Le fa go ntse jalo, mo maemong mangwe, ditlhopha tse dinnye di ka bona go le molemo thata gore di kopanele le phuthego e e gaufi le tsone.
23 Ka dinako tse dingwe, diphuthego tse dinnye di ka tswa di na le bokgaitsadi fela. Fa go ntse jalo, kgaitsadi yo o rapelang mo phuthegong kgotsa yo o tshwarang dipokano o dira jalo a rwele mo tlhogong, go dumalana le thulaganyo ya Dikwalo. (1 Bakor. 11:3-16) Gantsi o dira jalo a ntse fa fatshe a lebagane le setlhopha. Bokgaitsadi ga ba tshwanela go tshwara dipokano ba eme ka dinao. Go na le moo, ba bala tshedimosetso e e ithutiwang le go araba ka yone kgotsa ba ka nna ba e sekaseka ka go tlotla kgotsa ba dira pontsho. Ofisi ya lekala e tla kopa mongwe wa bokgaitsadi gore e nne ene a ikgolaganyang le lekala ka makwalo le go tshwara dipokano. Fa nako e ntse e ya, fa bakaulengwe ba setse ba tshwanelega go dira jalo, ke bone ba tla dirang maikarabelo ano.
DIKOPANO TSA POTOLOGO
24 Ngwaga le ngwaga go dirwa dithulaganyo tsa gore diphuthego tse di mo potologong e le nngwe di kopane mmogo mo dikopanong tse pedi tsa potologo tsa letsatsi le le lengwe. Ditiragalo tseno tse di itumedisang di naya botlhe ba ba nnang gone kwa go tsone tshono ya gore ‘dipelo tsa bone di pitlologe’ fa ba kopane le Bakeresete mmogo le bone. (2 Bakor. 6:11-13) Fa phuthego ya ga Jehofa e dira Ditemana tsa setlhogo le dikarolo tse dingwe tsa dithulaganyo tseno, e a bo e akantse ka dilo tse di kgethegileng tse di tlhokegang. Tshedimosetso eno e neelwa e le dipuo, dipontsho, dipontsho tsa se se diragetseng, dipontsho tsa motho a bua a le nosi le dipotsolotso. Kaelo eo e e tshwanelang e nonotsha botlhe ba ba leng gone. Dikopano tseno tse dinnye, di naya barutwa ba basha tshono ya go kolobediwa e le go bontsha gore ba ineetse mo go Jehofa.
DIKOPANO TSA TIKOLOGO
25 Gangwe ka ngwaga, go nna le dikokoano tse dikgolo. Gantsi dikopano tseno di rulaganngwa e le dikopano tsa tikologo tsa malatsi a le mararo, tse mo go tsone go kopanang diphuthego tsa dipotologo di le mmalwa. Lekala lengwe le lengwe le lennye le ka nna la bona go le molemo gore diphuthego tsotlhe tse le di okametseng di kopanele mo lefelong le le lengwe. Mo dinageng dingwe, dithulaganyo tsa dikokoano tseno di ka farologana go ya ka maemo kgotsa go ya ka kaelo ya Setlhopha se se Laolang. Gantsi go nna le dikopano tsa ditšhabatšhaba kgotsa tse di kgethegileng mo dinageng dingwe mme diketekete tsa Basupi ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng ba ka nna gone kwa go tsone. Go ralala dingwaga, batho ba le bantsi ba ile ba ithuta dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka gonne go ile ga itsisiwe phatlalatsa ka dikokoano tseno tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa.
26 Mo bathong ba ga Jehofa ba ba ineetseng, dikopano tsa tikologo ke dinako tse di itumedisang thata tse di dirang gore ba mo obamele ba le seoposengwe. Dikopano tse di ntseng jalo e nnile dipaka tse di molemo tsa go senola lesedi la boammaaruri le le ntseng le oketsega. Kwa dikopanong tse dingwe tsa tikologo, go gololwa dikgatiso tse disha tse motho a ka di dirisang go ithuta a le nosi le tse di ka ithutiwang mo phuthegong kgotsa tse di ka dirisiwang mo tirelong ya tshimo. Gape go kolobediwa barutwa ba basha mo dikopanong tseno. Dikopano tsa tikologo di botlhokwa thata ka gonne di nonotsha kamano e re nang le yone le Modimo. Di bontsha gore ruri batho ba ga Jehofa ba bopa bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Bakeresete ba ba ineetseng ba ba nang le letshwao le le bontshang gore ke barutwa ba ga Jesu Keresete.—Joh. 13:35.
27 Fa re nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ya rona le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tsa batho ba ga Jehofa, re nonotshiwa go dira thato ya ga Jehofa. Gape re sirelediwa mo ditlhotlheletsong tsa lefatshe tse di ka nnang tsa koafatsa tumelo ya rona ya Bokeresete. Dikokoano tsotlhe tse di ntseng jalo di tlisetsa Jehofa kgalalelo le pako. (Pes. 35:18; Dia. 14:28) Re ka lebogela gore Jehofa o diretse batho ba gagwe ba ba ineetseng dithulaganyo tseno tse di lapolosang mo nakong eno ya bofelo.
SEJO SA MORENA SA MAITSEBOA
28 Gangwe ka ngwaga ka nako ya segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di gopola Segopotso sa loso lwa ga Keresete kgotsa Sejo sa Morena sa Maitseboa. (1 Bakor. 11:20, 23, 24) Eno ke pokano e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mo ngwageng mo bathong ba ga Jehofa. Re laelwa ka tlhamalalo gore re gopole Segopotso seno.—Luke 22:19.
29 Letsatsi la Segopotso le tsamaisana le letsatsi la Tlolaganyo e go buiwang ka yone mo Baebeleng, e leng letsatsi le le tlhalosiwang mo Dikwalong. (Ekes. 12:2, 6; Math. 26:17, 20, 26) Tlolaganyo e ne e le moletlo wa ngwaga le ngwaga o mo go one Baiseraele ba neng ba gopola letsatsi la fa ba ne ba tswa kwa Egepeto ka ngwaga wa 1513 B.C.E. Ka nako eo, Jehofa o ne a tshwaya letsatsi la bo14 la kgwedi ya ntlha ya modikologo wa ngwedi e le letsatsi le ba neng ba tshwanetse go ja kwanyana ya Tlolaganyo ka lone le go tswa mo bokgobeng kwa Egepeto. (Ekes. 12:1-51) Letsatsi leo le bonwa ka go bala malatsi a le 13 morago ga go tlhaga ga ngwedi yo mosha kwa Jerusalema pele fela ga nako ya dikgakologo fa bosigo le motshegare di lekana ka boleele. Gantsi moletlo wa Segopotso o tshwarwa fa ngwedi wa ntlha yo o tletseng a tlhaga morago ga nako ya dikgakologo fa bosigo le motshegare di lekana ka boleele.
30 Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 26:26-28 a tlhalosa tsela e Segopotso se tshwanetseng go tshwarwa ka yone. Ga se moetlo o o nang le ditiragalo tsa masaitseweng, go na le moo, ke sejo se se tshwantshetsang sengwe, se se jewang ke batho ba ba bileditsweng go nna baruaboswa le Jesu Keresete mo Bogosing jwa kwa legodimong. (Luke 22:28-30) Bakeresete ba bangwe ba ba ineetseng le batho ba ba kgatlhegang ba kgothalediwa go nna gone kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa e le babogedi. Go nna gone ga bone go bontsha gore ba anaanela thulaganyo e Jehofa Modimo a e dirileng ka Morwawe, Jesu Keresete gore batho botlhe ba solegelwe molemo. Pele ga Segopotso, go nna le puo e e kgethegileng e e diretsweng go tlhotlheletsa batho gore ba kgatlhegele go nna gone kwa segopotsong le go ithuta Baebele.
31 Basupi ba ga Jehofa ba nna ba lebile pele ka boipelo dinako tse di ntseng jalo tsa go kopana mmogo kwa dipokanong, koo re ‘akanyetsanang teng gore re tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Baheb. 10:24) Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o nna a etse tlhoko gore a re rulaganyetse dipokano tse di ntseng jalo go ya ka se re se tlhokang gore tumelo ya rona e nne e nonofile. Batlhanka botlhe ba ga Jehofa le batho ba ba kgatlhegang ba kgothalediwa go dirisa ka botlalo dithulaganyo tseno tsa go kopana mmogo ka metlha. Batlhanka ba Modimo ba nna seoposengwe fa ba bontsha go anaanela ka pelo yotlhe dithulaganyo tseno tse Jehofa a ba direlang tsone ka phuthego ya gagwe. Sa botlhokwa le go feta, re baka Jehofa e bile re a mo galaletsa.—Pes. 111:1.