O ka Bona Boipelo mo Lefatsheng le le Tshwenyang Thata mo Maikutlong!
MARIE ke motho yo o itumetseng, yo o matlhagatlhaga. Ga go motlhofo go dumela gore mo dingwageng di sekae tse di fetileng mosadi yono wa dingwaga tse 32 o ne a itlhalosa jaaka motho yo o suleng maikutlo. Marie o kile a tshwenyega thata mo maikutlong. “Go ne go tshwana le leru le legolo le lentsho leo le neng le ntse le tlhatlogela kwa godimo,” o a tlhalosa. Ee, ka boitumelo o ne a tswa mo boemong joo mme a bona boipelo gape.
Batho ba le dimilione tse di lekgolo mo lefatsheng ka bophara ngwaga le ngwaga ba tshwenyega thata mo maikutlong! Go sa ikutlweng sentle gono ga se boikutlo fela jwa nakwana joo bontsi jwa rona bo ka nnang le bone nako le nako. Go tshwenyega thata mo maikutlong go kopanyeletsa go sa itumeleng go go nnang ka lobaka lo loleele. Motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong ga a kgatlhegele botshelo, ga a bone boitumelo mo go sepe, mme o nna le maikutlo a go tlhoka tsholofelo le go ikutlwa e se wa sepe. World Health Organization e ne ya bua jaana ka 1983: “Jaanong ga go na pelaelo ya gore mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe go na le batho ba ba sa ikutlweng sentle mo go ba tshwenyang mo maikutlong.”
Baithuti ba ba kelotlhoko ba Bibela ga ba gakgamadiwe ke pego eno. Bibela e tlhaola motlha wa rona jaaka ‘metlha ya bofelo’ eo mo go yone go nang le “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1-5) Makgotla a loago ao pele a neng a kgona go tshegetsa mo nakong ya mathata a a tshwenyang maikutlo a senyegile. Mo setlhogong se se reng “The Age of Melancholy?”, Dr. Gerald Klerman o bontsha gore go oketsega ga go tshwenyega thata mo maikutlong ga jaanong go bakiwa ke phetogo eno. O tlhalosa jaana: “Ditsamaiso tse tharo tse di tlwaelegileng tsa loago tseo di neng di tshegetsa e ne e ntse e le lelapa, kereke, le baagelani. . . . Go bonala sentle jaanong gore ditsamaiso tse di tshegetsang tseo tsa loago ka boraro jwa tsone di senyega ka ditsela tse di farologaneng.”
Go senyega ga lelapa la gaabo Marie ke gone go neng go mo ngomotse pelo jalo. “Fa mmè wa bobedi a ne a re tlogela fela a sa laela, ke ne ka ikutlwa ke tsieditswe ke bile ke tlogetswe ke le nosi. Ke ne ke na le dingwaga di le 12 mme botshelo jwa me bo ne jwa lebega bo tlhakatlhakane ka bonako fela,” Marie o gakologelwa jalo. Mo nakong e khutshwane morago ga foo o ne a tshwanela go tswa mo gae ka gonne rraagwe o ne a batla go dira boitsholo jo bo sa siamang le ene, mme o ipolela jaana: “Ke ne ke ikutlwa ke sa tshwane le batho mme ka latlhegelwa ke boitlotlo jotlhe.” Go tshwenyega thata mo maikutlong ga gagwe go ne ga simolola jalo.
Letsatsi lengwe fa Marie a ne a tshwenyegile tota mo maikutlong, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba etela kwa legaeng la gagwe. O ne a bontsha kgatlhego e kgolo ka bonako fela mo molaetseng wa bone o o itumedisang wa Bibela. “Pele, ke ne ke bona bosenang mosola jwa botshelo fela le dilo tse dintsi tsa jone tse di maswe, mme jaanong ka tlhatswega pelo gore nka kgona go tshela mo lefatsheng je lesha koo Modimo o tla siamisang tshiamololo eno yotlhe gone. Ka thuso ya Modimo nka kgona go iponela masego ao; ka gone, botshelo jwa me bo ne jwa nna le bokao jwa mmatota.” Fa a ne a ntse a ya kwa dipokanong tsa Basupi, o ne a bontshiwa lorato lwa mmatota le go tshegediwa mo boikutlong. (Yohane 13:34, 35) Kgakololo e e newang ka botswerere ya bagolwane ba phuthego e ne ya mo thusa go fetola go akanya ga gagwe go go phoso. (Yakobe 5:14) Go tshwenyega ga gagwe thata mo maikutlong go ne ga simolola go fokotsega. Boidiidi jwa batho ba bangwe bao jaaka Marie ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ka ntlha ya maemo a a mo lefatsheng ba ile ba bona “boitumèlō yoa ga Yehofa” ka go bona kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Bibela.—Nehemia 8:10; 1 Timotheo 2:4.
Lefa go le jalo, a go tshwenyega ga ga Marie thata mo maikutlong go ne ga fela ka bonako? A re tshwanetse go akanya gore Bakeresete ga ba ke ba tshwenyega thata mo maikutlong? Go araba dipotso tseno, re tshwanetse go tlhatlhoba sentle go sa ikutlweng sentle gono le dilo tse di raraaneng tse di go bakang. Fa re itse seo tota se bakang go tshwenyega thata mo maikutlong re ka kgona go dirisana le gone ka katlego fa re na nago kana fa re thusa ba bangwe bao ba amilweng ke gone.
Seo se Bakang go Tshwenyega Thata mo Maikutlong
Ka dinako tse dingwe go tshwenyega thata mo maikutlong go bakwa ke go sa itekanelang sentle mo mmeleng, jaaka bolwetsi, go sa boneng dikotla sentle, le go sa berekeng sentle ga disele tsa ditogwa tsa mmele. Go ka bakwa gape ke ka moo mmele wa gago o itshwarang ke gone mo taging, kgotlelong, melemong, le dilo dingwe tse mmele wa gago o sa utlwaneng natso.a Lefa go ntse jalo, Bibela e senola gore ‘megopolo e e kwa teng’ ya motho le yone e ka baka seo.—Pesalema 94:19.
Bontsi jwa batho ba ba tshwenyegang thata mo maikutlong jaaka Marie, ba ile ba itemogela dilo di le mmalwa tse di sa itumediseng kana maemo mangwe a a gatelelang. Ba bantsi ba ikutlwa jaaka mopesalema jaana: “Mōea oa me o tletse ditlalèlō, . . . Tsa mphola mmōgō. Morati le tsala u [Jehofa] ba isitse kgakala le nna, le ba ke itsanyeñ nabō u ba isitse mo lehihiñ.” (Pesalema 88:3, 17, 18) Jalo jaaka mopesalema, ba ikutlwa ba imelwa ke mathata kana sepe fela se se ba latlhegetseng mme ba leba botshelo jwa bone ka kakaretso bo sena tsholofelo. Ba ka nna ba ikutlwa jaaka ekete ba nosi fela mo lefelong le le lefifi le gore le eleng Modimo o ba kgapetse kwa thoko.
Ke ka ntlhayang fa ba dira ditshwetso tse di kgobang marapo, tseo tota di phatlolang meya ya bone? Ga se fela ka gore ba na le mathata a mangwe a a kwantle, gape ke ka baka la maikutlo mangwe a a botlhoko kana go itlhoboga. Ba ikutlwa e se ba sepe gore ba ka thulana le mathata a bone kana seo se ba latlhegetseng. ‘Moya o phatlolwa ke bohutsana jwa pelo,’ go tlhalosa jalo Diane 15:13. Go hutsafala moo ga pelo go akareletsa boikutlo jwa gore motho o paletswe kana gore ba bangwe ba mo leba jalo. Le eleng Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga Epaforodito, o ne a “hutsahetse thata, ka ntlha ea go bo [phuthego e] utlwile ha a lwala,” morago ga go fola mo bolwetsing jwa gagwe jo bo maswe jo a neng a bo lwala fa a ne a romilwe ke phuthego ya gaabo.—Bafilipi 2:25-30.
Ereka “mōea o o phatlogileñ o omeletsa marapō,” kana o nyenyefatsa motho, gantsi seo se bakang go tshwenyega thata mo maikutlong ke go ikutlwa o se wa sepe. (Diane 17:22) Go utlwa botlhoko mo pelong gape go ka bakwa ke go nna re amegile thata ka moo ba bangwe ba re lebang ka gone, go batla go dira dilo ka tsepamo ka metlha, go sa galefologa, go ngala, go sa rarabolola dikgotlhang tse motho a nang natso le ba bangwe, kana go ikutlwa o le molato (e le ga mmatota kana go feteleditswe).
Ka jalo go tshwenyega thata mo maikutlong go ka bakiwa ke dilo tse dintsi. Lefa go le jalo, Marie o ne a bona boipelo jwa mmatota morago ga go nna Mokeresete. “Jaanong ke ne ka nna le tsholofelo,” o ne a bua jalo. Mme o ne a tshwanelwa ke go nna a tshwenyegile thata mo maikutlong ka lobakanyana. Batho ba go nna jalo kgabagare ba ka go fenya jang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona “Depression: All in One’s Head?” mo tokololong ya Awake! ya October 22, 1987.