LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 3/15 ts. 8-9
  • Sesupo sa Metlha ya Bofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sesupo sa Metlha ya Bofelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baaposetoloi ba Kopa Sesupo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Sesupo sa go Nna Gone ga Gago E Tla Nna Eng?’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Sesupo sa Metlha ya Bofelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • “A Mmadi a Dirise Temogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 3/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Sesupo sa Metlha ya Bofelo

JAANONG ke Labobedi mo tshokologong. Jaaka Jesu a ntse mo Thabeng ya Lotlhware, a lebile tempele kwa tlase, Petere, Anderea, Jakobe, le Johane ba tla kwa go ene mo sephiring. Ba amegile thata ka tempele, ereka Jesu a sa tswa go bolelela pele gore ‘ga go leje lepe le le tla tlogelwang le tlhatlhagane le le lengwe mo go yone.’

Mme go lebega ba na le sengwe gape se se oketsegileng se ba se akantseng jaaka ba atamela Jesu. Dibeke di sekae pele ga foo, o ne a kile a bua ka ‘go nna gone ga gagwe’ eleng nako eo ‘Morwa motho a tla senolwang ka yone.’ Mme pelenyana ga foo, o ne a ba boleletse kaga “bokhutlō yoa lehatshe.” Ka jalo baaposetoloi ba batla go itse.

“Re bolèlèlè,” ba a bua, “go re, dilō tse [di tla felelang ka go senngwa ga Jerusalema le tempele ya yone] di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Totatota, potso ya bone e na le dikarolo di le tharo. Sa ntlha, ba batla go itse ka go senngwa ga Jerusalema le tempele, morago ka go nna gone ga ga Jesu ka maatla a Bogosi, mme sa bofelo ka bokhutlo jwa tsamaiso yotlhe ya dilo.

Mo karabong ya gagwe e telele, Jesu o araba dikarolo tseno tsotlhe tse tharo tsa potso eno. O ba neela sesupo se se bontshang gore tsamaiso ya Bajuda ya dilo e tla fela leng; mme o ba neela mo go oketsegileng. Sesupo se sengwe gape se a se ntshang ke se se tla bontshang barutwa ba gagwe ba isagwe gore jaanong ba tshela mo nakong ya go nna gone ga gagwe le sa fa bokhutlo jwa tsamaiso yotlhe ya dilo bo tla bo bo le gaufi.

Fa dingwaga di ntse di tsamaya, baaposetoloi ba simolola go bona go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Jesu. Ee, tsone dilo tseo a neng a di bolelela pele di simolola go diragala mo motlheng wa bone. Ka gone, Bakeresete bao ba santseng ba tshela mo dingwageng tse 37 moragonyana, ka 70 C.E., ga ba fitlhelwe ke go senngwa ga tsamaiso ya Bajuda le tempele ya bone ba sa itse.

Lefa go ntse jalo, go nna gone ga ga Keresete le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ga go a ka ga diragala ka 70 C.E. Go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi go diragala moragonyana thata. Mme leng? Seno se senoga fa go sekasekiwa boperofeti jwa ga Jesu.

Jesu o bolelela pele gore go tla nna le “dintwa, le medumō ea dintwa.” “Morahe o tla cogologèla morahe,” go tla nna gape le ditlala, dithoromo tsa lefatshe, le dikgogodi tsa malwetsi. Barutwa ba gagwe ba tla ilwa le go bolawa. Baperofeti ba maaka ba tla nna gone mme ba tla tsietsa ba le bantsi. Boikepo bo tla oketsega, le lorato lwa ba bantsi lo tla tsidifala. Ka yone nako eo, go tla bolelwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe jaaka bosupi mo merafeng yotlhe.

Lemororo boperofeti jwa ga Jesu bo ne jwa diragadiwa go le gonnye fela pele ga go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E., bo diragadiwa mo go golwane ka nako ya go nna gone ga gagwe le ya bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. Go sekasekiwa ga ditiragalo tsa lefatshe go tloga ka 1914 go senola gore boperofeti jono jwa ga Jesu jwa botlhokwa bo ile jwa nna jwa diragadiwa mo go golwane go tloga ka ngwaga oo.

Karolo nngwe ya sesupo eo Jesu a e nayang ke go nna gone ga “se se makgapha a a shwahatsañ.” Selo seno se se makgapha se ne sa nna gone ka 66 C.E. jaaka ‘masole a a dikaganyeditseng’ a Roma a a neng a dikologile Jerusalema le a a neng a diga lobota lwa tempele. “Se se makgapha” seno se eme fa se sa tshwanelang gone.

Mo tiragatsong e kgolwane ya sesupo, selo se se makgapha seno ke Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le molatedi wa lone, Lekgotla la Merafe e e Kopaneng. La-Bodumedi e leba mokgatlho ono wa lefatshe wa kagiso jaaka moemedi wa Bogosi jwa Modimo. Abo seo se ne se le makgapha jang ne! Fa nako e ntse e tsamaya, babusi ba bopolotiki bao ba tsalanang le UN ba tla tsogologela La-Bodumedi (setshwani sa Jerusalema) mme ba tla mo senya.

Ka gone Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” Lefa go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. eleruri e ne e le sepitla se segolo, go bile go ile ga begwa go bolailwe batho ba ba fetang milione, e ne e se sepitla se segolwane se se fetang Morwalela wa kgolokwe wa motlha wa ga Noa. Ka jalo tiragatso e kgolwane ya karolo ya boperofeti jono jwa ga Jesu e santse e tla bonwa. Mathaio 24:2-22; 13:40, 49; Mareko 13:3-20; Luke 21:7-24; 19:43, 44; 17:20-30; 2 Timotheo 3:1-5.

◆ Ke eng seo se dirang gore baaposetoloi ba botse, mme ke eng se sengwe se go lebegang ba se akantse?

◆ Ke karolo efe ya Boperofeti, jwa ga Jesu eo e neng ya diragadiwa ka 70 C.E., mme go ne ga seka ga diragala eng?

◆ Boperofeti jwa ga Jesu bo ne jwa diragadiwa leng lantlha, mme tiragatso ya jone e kgolwane e ne e tla nna leng?

◆ Selo se se makgapha ke eng mo tiragatsong ya sone ya ntlha le ya bofelo?

◆ Ke ka ntlhayang fa sepitla se segolo se se kile sa nna le tiragatso ya sone ya bofelo fa Jerusalema e ne e senngwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela