Ipaakanyetse go Gololelwa mo Lefatsheng le Lesha
“Gakologèlwañ mosadi oa ga Lote.”—LUKE 17:32.
1. Ke sekai sefe sa hisitori sa go gololwa ga bomodimo seo thuto ya rona gompieno e se tlhomololang, mme se ka re solegela molemo jang?
MORAGO ga go bolela ka go golola go go gakgamatsang goo Jehofa a neng a go direla Noa le lelapa la gagwe, moaposetoloi Petere o ne a tsopola gape sekai sengwe se se diragetseng. O ne a lebisa tlhokomelo mo go gololweng ga ga Lote yo o siameng fa Sodoma le Gomora e ne e dirwa molora, jaaka fa re bala mo go 2 Petere 2:6-8. Dilo tseno di boloketswe go re solegela molemo. (Baroma 15:4) Go tseela pelong seo se diragetseng malebana le go gololwa goo go ka re thusa gore le rona re tshwanelege go bolokelwa mo lefatsheng le lesha.
Ka Moo Re Itshwareng ka Gone Malebana le Tsela ya Botshelo ya Lefatshe Leno
2. Ke boitsholo bofe jwa metse ya Sodoma le Gomora jo bo ileng jwa dira gore Modimo o e senye?
2 Ke ka ntlhayang fa metsemegolo eo le baagi ba yone e ne ya senngwa? Moaposetoloi Petere o umaka go tsenelela “mo bopepeñ.” (2 Petere 2:7) Jaaka seno se bontshiwa ke go dirisiwa ga lereo la Segerika leo polelwana eo e ranotsweng go tswa mo go lone, batho ba Sodoma le Gomora ba ne ba tseneletse mo go direng bosula ka tsela eo e neng e bontsha go nyatsa, le eleng go tlola molao le taolo. Yude 7 e bolela gore ba ne ba ‘ineela mo kgokafalong ba latela mokgwa wa nama e sele.’ Bomaswe jwa boitsholo jwa bone bo ne jwa bonala fa banna ba Sodoma, “bannye le bagolo, batho botlhe ba cwa ntlheñ cotlhe hèla,” ba ne ba dikaganyetsa ntlo ya ga Lote mme ba mo patelela gore a neye banna ba Sodoma baeng ba gagwe gore ba kgotsofatse dikeletso tsa bone tse di sokameng. Mme ba ne ba goa Lote ba mo kgala ka gonne a ne a gana dikopo tsa bone tsa boitsholo jo bo sa siamang.—Genesise 13:13; 19:4, 5, 9.
3. (a) Go ile ga tla jang gore Lote le lelapa la gagwe ba tle go tshela mo tikologong e e senyegileng e e jaaka ya Sodoma? (b) Lote o ne a itshwara jang ka boitsholo jo bo maswe jwa batho ba Sodoma?
3 Kwa tshimologong Lote o ne a fudugela kwa lefelong le le gaufi le Sodoma ka gonne a ne a ka kgona go tswelela sentle mo dilong tse di bonalang. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a fudugela mo motseng ka boone. (Genesise 13:8-12; 14:12; 19:1) Mme o ne a sa dumalane le ditiro tse di boikepo tsa banna ba motse, mme le bone banna bao ba ne ba sa mo lebe jaaka mongwe wa bone, seo go bonala e le ka go bo Lote le balelapa la gagwe ba ne ba sa kopanele mo boitsholong jwa bone. Ke fela jaaka 2 Petere 2:7, 8 e re: “Lote [o ne] a le mo pitlaganoñ e e botlhoko ka go tshela ga baikepi bauō mo bopepeñ; Gonne mosiami eouō, ka a na a agile mo go bōnè, mōea oa gagwè o o siameñ oa nna oa chwenyèga ka go bōna le go utlwa ka malatsi aotlhe ditihō tsa bōnè tsa boiphèhèrō mo molaoñ.” Maemo a a ntseng jalo a ne a leka Lote thata ka gonne, jaaka monna yo o siameng, o ne a tila boitsholo jo bo ntseng jalo.
4. (a) Maemo gompieno a tshwana ka ditsela dife le a Sodoma wa bogologolo? (b) Fa e le gore re tshwana le Lote wa mosiami, re ka itshwara jang ka maemo a gone jaanong a a senyegileng?
4 Mo motlheng wa rona le gone, boemo jwa batho jwa boitsholo bo ile jwa wela kwa tlase. Mo dinageng tse dintsi, ba le bantsi ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo kana ba tlhakanela dikobo le batho ba sele ba ba sa nyalang nabo. Le eleng le batho ba babotlana ba ba tsenang sekolo ba tseneletse thata mo tseleng eno ya botshelo, mme ba sotla bao ba sa kopaneleng le bone. Basodoma ba itshupa phatlalatsa mme ba tsamaya mo mebileng ya metsemegolo ba batla gore ba lemogiwe. Baruti le bone ba tsena mo meletlong e e ntseng jalo. Ka molao, ga se dikereke tse dintsi tseo di tlhomamisang batho ba ba itsegeng e le Basodoma kana bagokahadi. Lefa go le jalo, totatota, jaaka dikgang di ile tsa bega kgapetsa kgapetsa, go motlhofo go fitlhela basodoma, bagokafadi le diaka e le baruti. Ebile tota, baeteledipele ba ba kwa godimo ba bodumedi ba ile ba isiwa kwa metsemegolong e mengwe kana ba tshwanelwa ke gore ba tlogele tiro ka ntlha ya go itsege ka tlhakanelo dikobo ya mofuta mongwe. Barati ba tshiamo ga ba mpampetse boikepo jo bo ntseng jalo; ba ‘ila se se bosula.’ (Baroma 12:9) Segolobogolo ba utlwisiwa botlhoko ke fa batho ba ba iphakang gore ba direla Modimo ba lere kgobo mo leineng la gagwe me ba dira gore batho bangwe bao ba sa itseng sepe ba tlogele bodumedi jaaka jo bo tlhabisang ditlhong.—Baroma 2:24.
5. Go senya ga ga Jehofa Sodoma le Gomora go re arabela potso efe?
5 Ngwaga mongwe le mongwe boemo jono bo nnela maswe kwa pele. A bo tla fela? Ee, go tla nna jalo! Seo Jehofa a se dirileng ka Sodoma le Gomora wa bogologolo se bontsha ka phepafalo gore Modimo o tla diragatsa dikatlholo tsa gagwe ka nako ya gagwe e a e tlhomileng. O tla senya baikepi gotlhelele, mme o tla golola batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.
Ke Mang Kana Ke Eng Seo Se Tlang Pele mo Botshelong?
6. (a) Ke thuto efe e e mo nakong e e leng gone mo pegong eno ka makawana a a neng a tlile go nyala bomorwadia Lote? (b) Boikutlo jwa balekane bano ba bone ba isagwe bo ne jwa leka bomorwadia Lote jang?
6 Ke fela bao tota ba bontshang poifomodimo ba tla bolokiwang. Mo go seno, tlhokomela seo baengele ba ga Jehofa ba neng ba se bua le Lote pele Sodoma le Gomora di senngwa. “A u sa na le bañwe gapè mono? mogwè oa gago le bomorwao, le bomorwadio, le moñwe hèla eo u nañ naè mo motsiñ, u ba ntshè heloñ ha; Gonne re tla senya helō ha.” Ka jalo Lote o ne a bua le banna bao ba neng ba tlile go nyala bomorwadie. O ne a ba kopa kgapetsa kgapetsa jaana: “Nanogañ, lo cwè heloñ ha: gonne Yehofa o tla senya motse o.” Kamano ya bone le bantlo ya ga Lote e ne e ba naya tshiamelo e e kgethegileng ya go gololwa, mme ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato ka bobone. Ba ne ba tshwanetse go naya bosupi jo bo bonalang jwa gore ba utlwa Jehofa. Go na le moo, mo matlhong a bone Lote o ne a lebega “ekete ke motho eo o shotlañ.” (Genesise 19:12-14) Mme o ka akanya fela gore bomorwadia Lote ba ne ba ikutlwa jang fa ba utlwa se se diragetseng. Go ne ga leka boikanyegi jwa bone mo Modimong.
7, 8. (a) Fa baengele ba ne ba kopa Lote go tsaya lelapa la gagwe mme a tshabe, o ne a arabela jang, mme ke ka ntlhayang fa seno se ne se se botlhale? (b) Go re ba gololwe, Lote le lelapa la gagwe ba ne ba tshwanetse go dira eng?
7 Mo mosong o o latelang ka makuku, baengele ba ne ba gobagobetsa Lote. Ba ne ba re: “Nanoga, u tseè mosadi oa gago le bomorwadio ba babedi, ba ba hano; u ka tla ua nyelediwa mo tshiamololoñ ea motse.” Mme a nna “a dièga.” (Genesise 19:15, 16) Ka ntlhayang? Ke eng seo se neng se mo tshwere? A e ne e le dilo tse di bonalang tseo a neng a na le tsone mo Sodoma—sone selo seo se neng sa mo gogela gore a tle mo lefelong leno pele? Fa a ne a ka ganelela mo dilong tseno, o ne a tla senngwa le Sodoma.
8 Ka lorato, baengele ba ne ba tshwara balelapa la gagwe ka diatla mme ba ba ntsha mo motseng ka bonako. Fa ba le ka kwantle, moengele wa ga Jehofa o ne a ba laela jaana: “Tshaba u iphedisè: se gadimè, le gōna u se ka ua èmaèma mo lobaleñ lotlhe hèla: tshabèla kwa thabeñ, u tlo u se ka ua nyelediwa.” Lote o ne a nna a okaoka. Kgabagare, morago ga go dumalana gore o ne a ka ya kwa lefelong lengwe leo le neng le se kgakala, ene le lelapa la gagwe ba ne ba tshaba. (Genesise 19:17-22) Ba ne ba ka seka ba tlhola ba diega; se se botlhokwa e ne e le go nna kutlo.
9, 10. (a) Ke ka ntlhayang fa go bo a ne a le mmogo le monna wa gagwe go ne go sa lekana go tlhomamisa gore mosadi wa ga Lote o tla bolokiwa? (b) Fa mosadi wa ga Lote a ne a bolawa, ke teko efe e e oketsegileng eo e neng ya tlela Lote le bomorwadie?
9 Lefa go ntse jalo, ba ne ba ise ba gololwe ka botlalo fa ba ne ba tshaba kwa Sodoma. Genesise 19:23-25 e re bolelela jaana: “E rile Lote a hitlha mo Soara, letsatsi ya bo le tlhabile. Hoñ Yehofa a nesetsa Sodoma le Gomora sulefura le molèlō mo go cwañ kwa go Yehofa mo legodimoñ. Me a ribegetsa metse euō, le lobala lotlhe hèla, le banni botlhe ba metse, le se se melañ mo mbuñ.” Mme mosadi wa ga Lote o ne a le kae?
10 O ne a tshabile le monna wa gagwe. Lefa go ntse jalo, a o ne a dumalana ka botlalo le seo a neng a se dira? Ga go sepe se se bontshang gore ka tsela nngwe o ne a dumalana le boitsholo jo bo sa siamang jwa Sodoma. Mme a lorato lwa gagwe mo go Jehofa le ne le nonofile go feta go rata ga gagwe ntlo ya gagwe le dilo tse di bonalang tseo a neng a na le tsone koo? (Bapisa Luke 17:31, 32.) Fa a ne a gatelelwa, seo se neng se le mo pelong ya gagwe se ne sa bonala. Go lebega ba ne ba setse ba le gaufi le Soara, gongwe ba setse ba tla tsena ka motse, fa ka go tlhoka kutlo a ne a retologa mme a gadima kwa morago. Mme jaaka rekoto ya Bibela e bolela, “a cwa motlhōbōlōkō oa lecwae.” (Genesise 19:26) Jaanong Lote le bomorwadie ba ne ba lebane le teko e nngwe gape ya boikanyegi. A go rata ga ga Lote molekane wa gagwe kana maikutlo a bomorwadie ka mmaabo yo o suleng a ne a nonofile bogolo go lorato lwa bone mo go Jehofa, yo a neng a ba tliseditse matlhotlhapelo ano? A ba ne ba tla tswelela ba utlwa Modimo le eleng le fa mongwe yo ba atamalaneng thata le ene a ne a itshupile a sa ikanyege mo go ene? Ga baa ka ba leba kwa morago, ka ba ne ba ikanya Jehofa ka botlalo.
11. Ke eng seo re se ithutang fano kaga go golola ga ga Jehofa?
11 Ee, Jehofa o kgona go golola batho ba ba boifang Modimo mo tekong. O kgona go golola malapa otlhe a a utlwanang mo kobamelong e e itshekileng; o kgona gape le go golola batho ka bongwe. Fa ba mo rata ka boammaaruri, o ba akanyetsa tota fa a dirisana le bone. “Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pesalema 103:13, 14) Mme o golola fela bao ba ineetseng ka mmatota, bao kutlo ya bone e supang boikanyegi.
Dipaakanyetso tsa Lorato tsa Kgololo e Kgolwane
12. Ke dipaakanyetso dife tse di lorato tseo Jehofa a neng a tla di dira pele a tlisa kgololo eo re e lebeletseng ka tlhagafalo?
12 Jehofa ga a ka a tlosetsa boikepo ruri ka seo a neng a se dira mo metlheng ya ga Noa le Lote. Jaaka lokwalo lo bontsha, e ne e le sekao sa dilo tse di tla tlang. Pele ga dilo tseo di tla, Jehofa o ne a akantse sengwe se segolo seo a neng a ikaeletse go se dira go solegela batho bao ba mo ratang molemo. O ne a tlile go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete mo lefatsheng. Fano, Jesu o ne a tla tlosa kgobo yotlhe mo leineng la Modimo ka go supa boineelo joo Adame jaaka motho yo a itekanetseng a neng a tshwanetse ebile a ne a ka kgona go bo supa mo Modimong; mme Jesu o ne a tla dira seo a le mo maemong a a bokete go gaisa. Jesu o ne a tla neela botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jaaka setlhabelo gore bana ba ga Adame bao ba neng ba tla bontsha tumelo ba bone seo se latlhegetseng Adame. He, Modimo o ne o tla tlhopha “lecomanyane” la batho ba ba ikanyegang go nna le seabe mmogo le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo, mme go ne go tla phuthiwa “boidiidi yo bogolo” go tswa mo merafeng yotlhe go tla go thaya motheo wa setlhopha se sesha sa batho. (Luke 12:32; Tshenolō 7:9) Fa a setse a fitlheletse seo, Modimo o ne o tla diragatsa kgololo nngwe e e molemolemo eo e neng e tshwantshediwa ke ditiragalo tse di neng di amana le Morwalela le go senngwa ga Sodoma le Gomora.
Lebaka la Go Bo Go Tshwanetse Ga Tsewa Kgato Jaanong
13, 14. Re ithuta eng ka ntlha ya gore Petere o dirisitse go senngwa ga baikepi ba motlha wa ga Lote le wa ga Noa jaaka dikai?
13 Baithuti ba Lefoko la Modimo ba itse gore Jehofa ka dinako di le dintsi o ile a dira ditiro tsa go golola batlhanka ba gagwe. Lefa go ntse jalo, mo mabakeng a le mantsi a Bibela ga e bolele gore ‘Jaaka go ne go ntse ka nako eo, go tla ga Morwa Motho go tla nna fela jalo.’ Ke ka ntlhayang fa Petere, ka a ne a tlhotlheleditswe ka moya o o boitshepo, a ne a bua fela ka dikai di le pedi? Ke eng seo se neng se farologane kaga seo se neng sa diragala mo motlheng wa ga Lote le wa ga Noa?
14 Sesupo se se tlhamaletseng se bonwa mo go Yude 7, koo re balang go re “Sodoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologoñ ea eōna, . . . e beilwe sekaō, ka go bediwa ka molelō o o sa khutleñ.” Ee, go senngwa ga baleofi bao ba ba feteletseng ba metse eo e ne e le ga bosakhutleng, jaaka go tla nna jalo ka go senngwa ga baikepi kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 25:46) Morwalela wa motlha wa ga Noa ka mo go tshwanang o umakiwa mo ditemaneng tse di buang ka dikatlholo tsa bosakhutleng. (2 Petere 2:4, 5, 9-12; 3:5-7) Ka jalo Jehofa ka go senya baikepi ba motlha wa ga Noa le wa ga Lote, o ne a bontsha gore o tla golola batlhanka ba gagwe ka go senyetsa ruri bao ba dirang tshiamololo.—2 Bathesalonia 1:6-10.
15. (a) Ke tlhagiso efe e e potlakileng eo e newang bao ba tsenelelang mo ditirong tse di boikepo? (b) Ke ka ntlhayang fa go tlile go diragadiwa tshiamo mo go botlhe ba ba ganelelang mo tshiamololong?
15 Go senngwa ga baikepi ga go itumedise Jehofa, kana lefa e le gone go itumedisa batlhanka ba gagwe. Jehofa o kgothatsa batho ka Basupi ba gagwe jaana: “Shokologañ, shokologañ, mo ditseleñ tsa lona tse di boshula: gonne lo ratèlañ go shwa?” (Esekiele 33:11) Lefa go ntse jalo, fa batho ba sa supe keletso ya go reetsa kopo eno e e lorato mme ba ganelela mo tseleng ya bone ya botshelo e e bogagapa, go tlotla ga ga Jehofa leina la gagwe le le boitshepo le lorato lwa gagwe mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang bao ba bogisiwang ka go sa tshwarwe sentle ke baikepi go tlhoka gore a diragatse tshiamo.
16. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore kgololo e e boleletsweng pele e gaufi? (b) Go tla bo go gololwa go tswa mo go eng go gololelwa go ya mo go eng?
16 Nako ya Modimo ya go lere kgololo e gaufi thata! Maikutlo le ditiragalo tseo Jesu a neng a di bolelela pele jaaka sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo di bonala sentle ka phepafalo. Dikarolo tsa sesupo seo di ne tsa simolola go bonala dingwaga tse 75 tse di fetileng, mme Jesu o ne a boletse gore “losika lo” ga lo kitla lo feta pele ga Modimo o diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo lefatsheng leno le le boikepo. Fa Jehofa a bona gore molaetsa wa Bogosi o boletswe ka selekanyo se se lekaneng mo lefatsheng lotlhe jaaka bosupi mo merafeng yotlhe, ke gone bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo bo tla tlang, mme go gololwa ga batho ba ba boifang Modimo le gone go tla tla le seno. (Mathaio 24:3-34; Luke 21:28-33) Ba gololwa mo go eng? Mo ditekong tseo ba neng ba tshwanelwa ke go di itshokela tseo di neng di tlisiwa ke batho ba ba boikepo, le mo maemong a letsatsi le letsatsi a a neng a ntse a ba tshwenya jaaka barati ba tshiamo. Gape ba tla gololelwa mo lefatsheng le lesha koo bolwetsi le loso e tla bong e le dilo tsa nako e e fetileng.
Thuso ya Bomodimo ba Lebeletse Kgololo
17. (a) Ke potso efe e e re dirang gore re akanye eo re tshwanetseng go e ipotsa? (b) Re ka neela bosupi jang jaaka Noa, jwa gore re tlhotlhelediwa ke “poifo ea Modimo”?
17 Potso eo rona ka bongwe re tshwanetseng go e sekaseka ke eno, ‘A nna ka bonna ke ipaakanyeditse sentle malebana le kgato eo ya Modimo?’ Fa e le gore re ikanya borona kana gore se rona re se akanyang ke tshiamo, ga re a siama sentle. Mme fa, jaaka Noa, re tlhotlhelediwa ke “poihō ea Modimo” he re tla bo re arabela ka tumelo kaelo eo Jehofa a e re neelang, mme seno se tla dira gore re gololwe.—Bahebera 11:7.
18. Ke ka ntlhayang fa go ithuta go tlotla bolaodi jwa bolegodimo ka mmatota e le karolo ya botlhokwa thata mo go ipaakanyeletseng go gololelwa mo lefatsheng le lesha?
18 Pesalema 91:1, 2 e bua jaana fa e tlhalosa ka mo go itumedisang bao ba ipelelang tshireletsego eo Jehofa a ba e nayang le eleng jaanong, fa e bua jaana: “Èna eo o agileñ mo heloñ ha go sa itsiweñ ga Mogodimodimo, o tla nnèla rure ha tlhatse ga moruti oa Mothataeotlhe. Ke tla bua kaga Yehofa, ke re, Ke èna botshabèlō yoa me, le kagō ea me ea phemèlō: Modimo oa me, o ke o ikantseñ.” Bano ke setlhopha sa batho bao ba sireleditsweng ke Modimo jaaka mamphorwana kafa tlase ga diphuka tse di nonofileng tsa mmaabo. Ba ikanya Jehofa ka botlalo. Ba dumela gore ke Ene Mogodimodimo, Yo O Maatla Otlhe. Go felela ka gore, ba tlotle bolaodi jwa bolegodimo mme ba ineela mo go jone, lefa bo diragadiwa ke batsadi ba bone, kana ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) A seo se boammaaruri ka rona ka bongwe? Jaaka Noa, a re ithuta go dira ‘sotlhe seo Jehofa a se re laelang’ le go dira dilo ka tsela ya gagwe? (Genesise 6:22) Fa go ntse jalo, re arabela paakanyetso eo Jehofa a e re nayang gore re bolokelwe mo lefatsheng la gagwe le le siameng le lesha.
19. (a) Pelo ya rona ya tshwantshetso ke eng mme ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go e tlhokomela? (Diane 4:23) (b) Re ka solegelwa molemo jang ke sekai sa ga Lote malebana le ka moo re itshwarang ka gone ka dilo tse di re okang tsa lefatshe?
19 Go baakanya goo gape go kopanyeletsa go tlhokomela pelo ya rona ya tshwantshetso. “Yehofa o leka dipelo.” (Diane 17:3) O re thusa go lemoga gore tsela eo re lebegang ka yone kafa ntle ga se yone ya botlhokwa, mme go na le moo, se se botlhokwa ke motho yo o kafa teng, pelo. Mme lemororo re sa tsenelele mo thubakanyong kana mo boitsholong jo bo sa siamang jaaka lefatshe le le re dikologileng, re tshwanetse go itisa kgatlhanong le go gogelwa kana go kgatlhiwa ke dilo tseno. Jaaka Lote, re tshwanetse go ikutlwa re tshwenyega ka go nna gone ga ditiro tse di ntseng jalo tse di bosula. Bao ba ilang bosula ga ba kitla ba senka ditsela tsa go tsenelela mo go jone; lefa go le jalo, batho bao ba sa bo ileng ba ka nna ba seka ba bo dira mme tlhaloganyo ya bone e ka tswa e eletsa gore ba tsenelele mo go jone. “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula.”—Pesalema 97:10.
20. (a) Bibela e re tlhagisa ka ditsela dife kgatlhanong le go tshelela dilo tse di bonalang? (b) Re ka itse jang gore dithuto tsa botlhokwa tsa Bibela ka dilo tse di bonalang di tsene mo dipelong tsa rona?
20 Jehofa ka Lorato o re ruta go ila eseng fela boitsholo jo bo sa siamang mme gape le tsela ya go rata dilo tse di bonalang ya botshelo. ‘Kgotsofalelang dijo le diaparo,’ Lefoko la gagwe le re gakolola jalo. (1 Timotheo 6:8) Noa le barwa ba gagwe ba ne ba tshwanela go tlogela magae a bone fa ba tsena mo arakeng. Lote le lelapa la gagwe, le bone, ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela ntlo ya bone le dithoto tsa bone gore ba boloke matshelo a bone. Ke eng seo re se ratang thata? “Gakologelwañ mosadi oa ga Lote.” (Luke 17:32) Jesu o ne a kgothatsa jaana: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè.” (Mathaio 6:33) A re dira seo? Fa re kaelwa ke ditekanyetso tsa ga Jehofa tse di siameng le go bolelwa ga mafoko a a molemo a Bogosi e le dilo tsa ntlha mo matshelong a rona, he, eleruri, re arabela mo go baakanyetseng ga gagwe go gololela batho mo lefatsheng la gagwe le lesha.
21. Ke ka ntlhayang fa ka tshwanelo re ka lebelela gore tsholofetso ya ga Jehofa ya go re golola e tla diragadiwa mo bogautshwaneng?
21 Jesu o ne a bua le batho ba ba boifang Modimo bao ba neng ba tla bona go diragadiwa ga sesupo sa go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi, a re: “E tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” (Luke 21:28) A o bone sesupo seo jaaka karolo nngwe le nngwe ya sone e ntse e tswelela? He tlhomamisega gore go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo tsa go golola go setse go le gaufi thata! Tlhatswega pelo ka botlalo gore “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ.”—2 Petere 2:9.
O Ithutile Eng?
◻ Jaaka Lote, re tshwanetse go itshwara jang malebana le tsela ya lefatshe leno ya botshelo?
◻ Ke diteko dife tseo Lote le balelapa la gagwe ba neng ba lebana le tsone le eleng fa ba ne ba tswa mo Sodoma?
◻ Dikai tseo Petere a di nayang di gatelela botlhokwa jwa go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa ka bonako jang?
◻ Jehofa o re ruta dithuto dife tse di botlhokwa mo go baakanyetseng batho ba gagwe kgololo?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Modimo o sireletsa batho ba gagwe jaaka mamphorwana kafa tlase ga diphuka tse di nonofileng tsa mmabo