“Re Rutè go Rapèla”
“Moñwe oa barutwa ba gagwè a mo raea, a re, Morèna, re rutè go rapèla.”—LUKE 11:1.
1-3. (a) Ke ka ntlhayang fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba kopa go kaelwa mo thapelong? (b) Ke dipotso dife tse di tsogang ka thapelo?
BATHO bangwe ba filwe lentswe le le monate la go opela. Bangwe ba kgona go opela mmino fela ka tlholego. Mme gore ba nne ditswerere mo go seno, le eleng baopedi le bao ba letsang diletso ba tshwanetse go kaelwa. Go ntse fela jalo le ka thapelo. Barutwa ba ga Jesu Keresete ba ne ba lemoga gore ba ne ba tlhoka kaelo gore Modimo o tle o utlwe dithapelo tsa bone.
2 Gantsi Jesu o ne a rapela Rraagwe kwa thoko, fela jaaka a ne a dira bosigo jotlhe pele a tlhopha baaposetoloi ba ba 12. (Luke 6:12-16) Lemororo a ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go rapela kwa thoko, ba ne ba mo utlwa a rapela phatlalatsa mme ba lemoga gore o ne a sa tshwane le baitimokanyi ba bodumedi bao ba neng ba rapela gore ba bonwe ke batho. (Mathaio 6:5, 6) Go a utlwala he go bo balatedi ba ga Jesu ba ne ba eletsa gore a ba neele kaelo e e gaisang ka thapelo. Ka gone, re bala jaana: “Me ga dihala, e ne ea re a rapèla heloñ goñwe, me ea re a khutla, moñwe oa barutwa ba gagwè a mo raea, a re, Morèna, re rutè go rapèla, yaka Yohane [Mokolobetsi] le èna a na a ruta barutwa ba gagwè.”—Luke 11:1.
3 Jesu o ne a arabela jang? Re ka ithuta eng go tswa mo sekaong sa gagwe? Mme re ka solegelwa molemo ke kaelo ya gagwe ya thapelo jang?
Seo Re Se Ithutang
4. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go ‘rapela ka go bisa go khutla,’ mme go dira jalo go kaya eng?
4 Re ka ithuta go le gontsi mo mafokong a ga Jesu le sekai sa gagwe jaaka monna yo a neng a rata thapelo. Sengwe seo re se ithutang ke gore fa e le gore Morwa yo o itekanetseng wa Modimo o ne a tshwanetse go rapela ka metlha, he barutwa ba gagwe ba ba sa itekanelang ba ne ba tlhoka fela thata go lebelela kwa Modimong ka metlha gore a ba kaele, a ba gomotse, a bo a ba thuse mo semoyeng. Ka gone, re tshwanetse go ‘rapela ka go bisa go khutla.’ (1 Bathesalonia 5:17) Fa go ntse jalo, seno ga se reye gore re tshwanetse gore ka metlha re khubame ka mangole. Go na le moo, re tshwanetse go nna le boikutlo jwa thapelo. Re tshwanetse go lebelela kwa Modimong gore a re kaele mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona gore re tle re kgone go dira ka temogo le gore ka metlha a bo a ntse a re amogela.—Diane 15:24.
5. Ke eng seo se ka utswang nako eo re tshwanetseng go e dirisetsa thapelo, mme re tshwanetse go dira eng ka seno?
5 Mo “metlheñ ea bohèlō” e re leng mo go yone dilo di le dintsi di ka tsaya nako eo re tshwanetseng go rapela ka yone. (2 Timotheo 3:1) Mme fa matshwenyego a mo lelapeng, mathata a kgwebo, le dilo dingwe tseo di tshwanang le tseo di kgoreletsa go rapela ga rona Rraarona wa selegodimo ka metlha, he re imetswe ke mathata a lefatshe leno. Boemo jo bo ntseng jalo bo tshwanetse jwa baakanngwa ka bonako, ka go bo go se rapeleng go ka baka go latlhegelwa ke tumelo. Re tshwanetse go fokotsa ditshwarego tsa rona tsa boitshediso kana re tlhabantshe ditlhodiego tsa botshelo ka go tlhoafalela go retolosetsa pelo ya rona kwa Modimong ka metlha gore o re kaele. Re tshwanetse gore re ‘ikgape gore re bone go ineela mo thapelong.’—1 Petere 4:7.
6. Re tlile go ithuta thapelo efe jaanong, mme ka boikaelelo bofe?
6 Mo go seo se ileng sa bidiwa thapelo ya sekao, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba ka rapela jang, mme eseng gore ba tshwanetse go bua eng. Pego ya ga Luke e farologana le ya ga Mathaio ka gonne seo se akaretsa makgetlo a a farologaneng. Re tla ithuta thapelo eno jaaka sekao sa ka moo dithapelo tsa rona di tshwanetseng go nna ka gone jaaka balatedi ba ga Jesu le Basupi ba ga Jehofa.
Rraarona le Leina La Gagwe
7. Ke bomang bao ba nang le tshiamelo ya go bitsa Jehofa “Rra echo”?
7 “Rra echo eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9; Luke 11:2) Ereka Jehofa e le Mmopi wa motho mme ebile a nna kwa lefelong la selegodimo, go a tshwanela gore re mmitse “Rra echo eo o kwa legodimoñ.” (1 Dikgosi 8:49; Ditihō 17:24, 28) Go dirisa lereo “echo” re a bo re dumela gore ba bangwe le bone ba na le kamano e e atamalaneng le Modimo. Mme ke bomang ba ba nang le tshiamelo eno e e sa bonweng ke mongwe le mongwe ya go mmitsa Rraabone? Ke batho ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng ba ba mo lelapeng la baobamedi ba gagwe. Go bitsa Jehofa “Rra echo” go supa gore re dumela mo Modimong le gore re lemoga gore motheo fela wa go letlana le ene ke go amogela ka botlalo setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.—Bahebera 4:14-16; 11:6.
8. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go eletsa go senya nako re rapela Jehofa?
8 Abo re tshwanetse go ikutlwa re atamalane le Rraarona wa selegodimo jang ne! Jaaka bana bao ba sekang ba lapa go ya kwa go rraabone, re tshwanetse go eletsa go ipha nako go rapela Modimo. Go mo leboga ka botlalo ka masego a gagwe a semoya le a a bonalang go tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re mo lebogele bomolemo jwa gagwe. Re tshwanetse go ikutlwa re tshwanetse go mo rwesa merwalo ya rona eo e re imelang, re solofetse gore o tla re tshegetsa. (Pesalema 55:22) Re ka tlhomamisega gore fa re ikanyega, sengwe le sengwe kwa bokhutlong se tla tsamaya ka tshwanelo ka gonne o amega ka rona.—1 Petere 5:6, 7.
9. Fa re rapelela gore leina la Modimo le itshepisiwe re a bo re kopa eng?
9 “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9: Luke 11:2) Lefoko “leina” ka nako nngwe le raya motho ka boene, mme ‘go itshepisa’ go kaya “go dira go nna boitshepo, go farologanya kana go leba sengwe jaaka se se itshekileng.” (Bapisa Tshenolō 3:4.) Mme he, go rapelela go itshepisiwa ga leina la Modimo ke go kopa Jehofa gore a tseye kgato go iitshepisa. Jang? Ka go tlosa kgobo yotlhe eo e ileng ya tlisiwa mo leineng leno la gagwe. (Pesalema 135:13) Go fitlhelela seo, Modimo o tla tlosa boikepo, a ikgodise, le go dira gore merafe e itse fa e le Jehofa. (Esekiele 36:23; 38:23) Fa re eletsa go bona letsatsi leo mme eleruri re anaanela bogolo jwa ga Jehofa, re tla mo atamela ka metlha ka moya wa go mo tlotla oo o kaiwang ke mafoko a a reng “leina ya gago a le itshepisiwè.”
Bogosi jwa Modimo le Go Rata Ga Gagwe
10. Fa re rapela gore Bogosi jwa Modimo bo tle re kaya eng ka seo?
10 “Bogosi yoa gago a bo tlè.” (Mathaio 6:10; Luke 11:2) Bogosi fano go kaiwa puso ya bolaodi ya ga Jehofa, jaaka e tla bo e bontshiwa ka puso ya Bomesia ya selegodimo ya ga Jesu Keresete le “baitshèpi” ba gagwe. (Daniele 7:13, 14, 18, 27; Isaia 9:6, 7; 11:1-5) Go kaya eng go bo rapelela gore “bo tlè”? Seno se kaya gore re kopa Bogosi jwa Modimo gore bo tle go senya baganetsi botlhe ba puso ya Modimo ba selefatshe. Morago ga gore Bogosi bo ‘thubaganye le go nyeletsa magosi otlhe a lefatshe,’ bo tla fetolela lefatshe leno lotlhelotlhe go nna paradaise.—Daniele 2:44; Luke 23:43.
11. Fa re eletsa go bona go rata ga Modimo go dirwa mo lobopong lotlhe, re tla dira eng?
11 “Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Seno ke go kopa Modimo gore o diragatse boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe, goo go akaretsang go tlosa baba ba gagwe. (Pesalema 83:9-18; 135:6-10) Mme tota, go raya gore re eletsa go bona go rata ga Modimo go dirwa mo lobopong lotlhe. Fa e le gore seo se mo dipelong tsa rona, re tla dira go rata ga ga Jehofa ka moo re ka kgonang ka gone. Ga re kake ra bo re rapela ka boikanyegi fa re sa dire boiteko bope jo bo tlhoafetseng jwa go dira go rata ga ga Jehofa ka borona. Fa re rapela ka tsela eno, he, re tshwanetse go tlhomamisa gore ga re dire dilo dipe tseo di leng kgatlhanong le go rata goo ga gagwe, jaaka go ratana le motho yo o sa dumelang kana go nna le mekgwa mengwe ya lefatshe. (1 Bakorintha 7:39; 1 Yohane 2:15-17) Go na le moo, re tshwanetse ka metlha re bo re ntse re akanya ka go re, ‘Go rata ga ga Jehofa ke eng ka kgang eno?’ Ee, fa re rata Modimo ka pelo yotlhe ya rona, re tla batla gore a re kaele mo dikgannyeng tsotlhe tsa botshelo.—Mathaio 22:37.
Dijo Tsa Letsatsi le Letsatsi
12. Go kopa ga rona fela ‘dijo tsa letsatsi’ go tla re ama jang?
12 “Re neè gompiyeno seyō sa rona sa letsatsi.” (Mathaio 6:11) Pego ya ga Luke e balega jaana: “Re neè ka letsatsi leñwe le leñwe seyō sa letsatsi.” (Luke 11:3) Go kopa Modimo gore a re neye dijo tse re di tlhokang tsa “letsatsi” go supa gore re dumela fa a nonofile go re naya dilo tseo re di tlhokang letsatsi le letsatsi. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go phutha mana o o “lekanyeñ letsatsi yeuō hèla,” mme eseng o o tla tsayang lobaka lwa beke kana go feta. (Ekesodo 16:4) Eno ga se thapelo ya gore re batle menate le dilo tse dintsi mme fela seo re se tlhokang mo letsatsing le le lengwe. Go kopa fela dijo tsa letsatsi go re thusa gape gore re seka ra nna bogagapa.—1 Bakorintha 6:9, 10.
13. (a) Fa re atolosa seno, go kaya eng go kopa dijo tsa letsatsi? (b) Boikutlo jwa rona e tshwanetse go nna bofe, le eleng lefa re dira ka natla mme re sena sepe?
13 Fa re tlhaloganya seno ka botlalo, go kopa dijo tsa letsatsi le letsatsi go supa gore ga re ikutlwe gore re ka itlhokomela ka borona mme gore ka metlha re lebeletse kwa Modimong gore o re neye dijo, dino, diaparo, le dilo tse dingwe tse re di tlhokang. Jaaka maloko a a ineetseng a lelapa la baobamedi ba gagwe, re ikanya Rraarona mme ga re batle go nna fela re lebeletse gore a re neele dilo ka kgakgamatso. Re a bereka le go dirisa sengwe le sengwe seo re nang le sone go bona dijo le dilo tse dingwe tse re di tlhokang. Lefa go le jalo, re leboga Modimo ka thapelo ka gonne re bona lorato lwa gagwe, botlhale, le maatla a Rraarona wa selegodimo mo go re neyeng dilo tseno. (Ditihō 14:15-17; bapisa Luke 22:19.) Botlhaga jwa rona bo ka felela ka gore re tswelele sentle. Mme le eleng lefa re dira ka natla mme re sena sepe, a re lebogeng re bo re kgotsofale. (Bafilipi 4:12; 1 Timotheo 6:6-8) Mme tota, motho wa bomodimo yo a tshelang sentle a na le diaparo a ka nna yo o itumetseng go gaisa mongwe yo o nang le dilo di le dintsi tse di bonalang. Ka jalo le eleng lefa re na le dilo tse dinnye ka ntlha ya maemo a re sa kgoneng go a laola, a re se ka ra utlwa botlhoko. Re santse re ka huma mo semoyeng. Eleruri, ga re a tshwanela go humanega mo tumelong, mo tsholofelong, le mo loratong lwa ga Jehofa, yoo re mmakang re bile re mo leboga ka thapelo e e tswang mo pelong.
Go Itshwarelwa Maleo A Rona
14. Re kopa gore re itshwarelwe melato efe, mme Modimo o dirisa eng malebana le yone?
14 “Me u re ichwarèlè melato ea rona, yaka le rona re ichwaretse ba ba molato le rona.” (Mathaio 6:12) Pego ya ga Luke e bontsha gore melato eo ke dibe. (Luke 11:4) Boleo jo re bo ruileng bo re thibela gore re dire go dumalana le go rata ga ga Rraarona go go itekanetseng. Ka gone, ka tsela nngwe, makoa ano ke melato ya rona, kana seo re se kolotang Modimo ereka re simolotse go ‘sepela ka moya.’ (Bagalatia 5:16-25; bapisa Baroma 7:21-25.) Re na le melato eno ka gonne ga re a itekanela mme ga re kgone go fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo ka botlalo. Ke fela ka go itshwarelwa maleo ano re ka kgonang go nna le tshiamelo ya go rapela. Se se itumedisang ke gore Modimo o kgona go re dirisetsa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu go tlosa melato eno, kana maleo ano.—Baroma 5:8; 6:23.
15. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka kotlhao?
15 Fa e le gore re lebelela gore Modimo o re itshwarele melato ya rona, kana maleo, re tshwanetse go ikwatlhaya mme re iketleeditse go amogela kotlhao. (Diane 28:13; Ditihō 3:19) Ka gonne Jehofa a re rata, o re naya kotlhao eo rona ka namana re e tlhokang gore re tle re kgone go baakanya makoa a rona. (Diane 6:23; Bahebera 12:4-6) Gone mme re ka itumela, fa e le gore go gola mo tumelong le go bona kitso go fitlhela dipelo tsa rona di dumalana ka botlalo le melao ya Modimo le melaometheo ya gagwe mo eleng gore ga re ke re e fapoga fela ka go rata. Mme go tweng fa re lemoga gore re dira diphoso ka go rata? He re tshwanetse go utlwa botlhoko tota mme re rapele ka tlhoafalo gore re itshwarelwe. (Bahebera 10:26-31) Go dirisa kgakololo eo re e amogetseng, re tshwanetse go baakanya tsela ya rona ka bonako.
16. Ke ka ntlhayang fa go le molemo go nna re ntse re kopa Modimo go re itshwarela maleo a rona?
16 Go kopa Modimo ka metlha go itshwarela maleo a rona go mosola. Go dira seno go tla re dira gore re nne re ntse re itemoga gore re baleofi mme re kgone go ikokobetsa. (Pesalema 51:3, 4, 7) Re tlhoka gore Rraarona wa selegodimo a re ‘itshwarele dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.’ (1 Yohane 1:8, 9) Mo godimo ga moo, fa re umaka maleo a rona mo thapelong seo se tla re thusa go nna re ntse re lwa kgatlhanong le yone. Ka gone re ntse re gopodiwa kgapetsakgapetsa gore re tlhoka thekololo le madi a a tsholotsweng a ga Jesu.—1 Yohane 2:1, 2; Tshenolō 7:9, 14.
17. Go rapelela gore re itshwarelwe go re thusa jang mo kamanong ya rona le ba bangwe?
17 Fa re rapelela gore re itshwarelwe gape go tla re thusa gore re nne kutlwelobotlhoko, le lorato, le botsalano go bao ba ka bong ba na le molato le rona o le mogolo kana o le monnye. Pego ya ga Luke e bua jaana: “Me u re ichwarèlè dibe tsa rona; gonne le rona re ichwarèla moñwe le moñwe eo o molato le rona.” (Luke 11:4) Ebile tota, re ka nna ra itshwarelwa ke Modimo fa e le gore re setse re “ichwaretse ba ba molato le rona,” batho ba ba re leofelang. (Mathaio 6:12; Mareko 11:25) Jesu o ne a oketsa jaana: “Gonne ha lo ichwarèla batho ditlolō tsa bōnè, Rra eno oa legodimo le èna o tla ichwarèla lona. Me ha lo sa ichwarele batho ditlolō tsa bōnè, Rra eno le èna, ga a ketla a ichwarèla ditlolō tsa lona.” (Mathaio 6:14, 15) Go rapelela gore re itshwarelwe dibe tsa rona go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re kgone go itshokela ba bangwe le go ba itshwarela. Moaposetoloi Paulo o kwadile jaana: “Hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo.”—Bakolosa 3:13; Baefesia 4:32.
Go Raelwa le Yo O Bosula
18. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela le ka motlha go pega Modimo molato ka dithaelo le diteko?
18 “Me a u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ, me u re gololè mo go eo o boshula.” (Mathaio 6:13; Luke 11:4) Mafoko ano ga a reye gore Jehofa o re leka gore re dire boleo. Ka dinako dingwe Dikwalo di bolela gore Modimo o dira dilo dingwe kana o letla dilo dingwe gore di diragale. (Ruthe 1:20, 21; bapisa Moreri 11:5.) Mme “Modimo ga o kake oa raèlwa oa diha boshula, le ōna ka osi ga o raele motho opè,” go ne ga kwala jalo morutwa Jakobe. (Yakobe 1:13) Ka gone, a le ka motlha re seka ra pega Rraarona wa selegodimo melato ka ntlha ya go raelwa le go lekwa ka dilo tse di bosula, ka go bo Satane ke Moraedi yo a lekang go re tsietsa gore re leofele Modimo.—Mathaio 4:3; 1 Bathesalonia 3:5.
19. Re ka rapela jang malebana le dithaelo?
19 Mme fa re mo kopa go re, “U se ka ua re isa mo thaeloñ,” tota re a bo re kopa Jehofa gore a se ka a re letla gore re ineele fa re lekwa kana fa re patelediwa gore re se ka ra mo reetsa. Re ka kopa Rraarona go kaela dikgato tsa rona gore re se ka ra raelwa ke sepe seo se ka re fekeetsang. Paulo o ne a kwala jaana ka seno: “Ga loa wèlwa ke thaèlō epè e e sa kakeñ ea ichōkèlwa ke motho: me Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” (1 Bakorintha 10:13) Re ka rapelela gore Jehofa a re etelele pele gore re se ka ra raelwa go feta seo re ka kgonang go se itshokela le gore a re baakanyetse tsela ya phalolo fa re tshwenyegile thata. Dithaelo di tswa mo go Diabolo, mo nameng ya rona e e boleo, le mo makoeng a ba bangwe, mme Rraarona yo o lorato a ka re kaela gore di seka tsa re fekeetsa.
20. Ke ka ntlhayang fa re rapelela go gololwa mo go “eo o boshula”?
20 “U re gololè mo go eo o boshula.” (Mathaio 6:13) Eleruri Modimo a ka thibela Satane, “eo o boshula,” gore a se ka a re fekeetsa. (2 Petere 2:9) Ga go ise go ko go tlhokege thata jaaka jaanong gore re gololwe mo go Diabolo, ka go bo o “tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutsh[w]ane.” (Tshenolō 12:12) Ga re mo lefifing ka maano a ga Satane, mme le ene o itse makoa a rona. Ka gone, re tshwanetse go rapela Jehofa go re boloka gore re se ka ra tshwarwa ke Mmaba yono wa sekatau. (2 Bakorintha 2:11; 1 Petere 5:8, 9; bapisa Pesalema 141:8, 9.) Ka sekai, fa re kgatlhegela go nyala kana go nyalwa, re tlhoka go kopa Jehofa gore a re ntshe mo maanong a ga Satane le mo go raelweng go nna le dikamano le batho ba lefatshe tseo di ka re gogelang kwa boitsholong jo bo sa siamang kana kwa go sa reetseng Modimo mme ra nyalana le yo o sa dumeleng. (Duteronome 7:3, 4; 1 Bakorintha 7:39) A re eletsa go huma? He thapelo e ka nna thuso eo re e tlhokang gore re kgone go emelelana le thaelo ya go betšha kana go tsietsa ka madi. Satane ka a tlhagafaletse go senya kamano ya rona le Jehofa, o tla dirisa sebetsa sengwe le sengwe go tswa mo bobolokelong jwa gagwe jwa dithaelo. Ka jalo a ka metlha re tsweleleng re rapela Rraarona wa selegodimo, yo le ka motlha a sekang a tlogelela batho ba ba siameng gore ba lekwe le yo o re gololang mo go yo o bosula.
Thapelo E Aga Tumelo le Tsholofelo
21. Re solegelwa molemo jang ke go rapelela Bogosi?
21 Rraarona wa selegodimo, yo a re gololang mo go yo o bosula, o itumelela go re segofatsa mo gogolo. Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa a ile a letla batho ba gagwe ba a ba ratang go rapela ka lobaka lo loleele ba re, “Bogosi yoa gago a bo tlè”? Mme lefa go le jalo, go rapela ka tsela eno ka dingwaga di le dintsi go ile ga oketsa keletso ya rona le go anaanela ga rona Bogosi. Go rapela ka tsela eo go re gakolola ka go tlhoka ga rona puso ya selegodimo. Gape go re boloka re ntse re solofetse go tshela kafa tlase ga puso ya Bogosi joo.—Tshenolō 21:1-5.
22. Boikutlo jwa rona e tshwanetse go nna bofe ka metlha fa re rapela Rraarona wa selegodimo, Jehofa?
22 Ga go belaetse gore thapelo e aga tumelo ya rona mo go Jehofa. Kgolagano eo re nang le yone le ene e a nonotshiwa fa a araba dithapelo tsa rona. Ka gone, a le ka motlha re se ka ra lapa go retologela kwa go ene letsatsi le letsatsi re mmaka, re mo leboga, re bile re mo kokotlelela. Mme a re lebogeng Jesu go bo a ile a thusa barutwa ba gagwe fa ba ne ba mo kopa jaana: “Morèna, re rutè go rapèla.”
A O A Gakologelwa?
◻ Ke eng seo re ka se ithutang mo mafokong a ga Jesu le sekao sa gagwe jaaka monna yo o ratang thapelo?
◻ Re tshwanetse go rapelela eng malebana le Rraarona wa selegodimo le leina la gagwe?
◻ Re a bo re kopa eng fa re rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore go rata ga gagwe go dirwe mo lefatsheng?
◻ Re a bo re kopa eng fa re rapelela dijo tsa letsatsi?
◻ Go kaya eng go rapelela gore re itshwarelwe maleo a rona?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go rapela malebana le dithaelo le go gololwa mo go Satane, ene yo o bosula?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Balatedi ba ga Jesu ba ne ba mo kopa gore a ba rute go rapela. A o itse gore re ka solegelwa molemo jang ke ditaolo tseno tsa thapelo?