LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/1 ts. 21-25
  • Nnang Badiri ba Lefoko, Eseng Bautlwi Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang Badiri ba Lefoko, Eseng Bautlwi Fela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pele O Atlhola, Leka go Tlhaloganya
  • Kafa Bafarisai Ba ‘Tswalelang Batho Bogosi’ ka Gone
  • “Eseñ Yaka Bakwadi ba Bōnè”
  • Thero e e Tumileng Thata e e Kileng ya Neelwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Thero e e Itsegeng Thata ya Kwa Thabeng
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tswelelang lo Dira Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tshiamo Ga E Bonwe Ka Dingwao Tse Di Sa Kwalwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/1 ts. 21-25

Nnang Badiri ba Lefoko, Eseng Bautlwi Fela

“Ga se gore, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ.”—MATHAIO 7:21.

1. Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go tswelela ba dira eng?

NNANG lo kope. Nnang lo batle. Nnang lo kgwanyakgwanye. Ganelelang mo thapelong, mo go ithuteng, le mo go direng dilo tse Jesu a di buileng tseo di begilweng mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng. Jesu o bolelela balatedi ba gagwe gore ke letswai la lefatshe, gore ba na le molaetsa o o bolokang o o lokilweng ka letswai oo ba sa tshwanelang go o lesa gore o seka wa tlhola o kgatlha, o latlhegelwa ke monate wa one kana maatla a one a a bolokang. Bone ke lesedi la lefatshe, mme ba phatsimisa lesedi le le tswang mo go Keresete Jesu le mo go Jehofa Modimo eseng fela ka seo ba se buang mme gape le ka seo ba se dirang. Ditiro tsa bone tse di molemo di phatsima fela jaaka mafoko a bone a a sedifatsang—mme ba ka buela le eleng kwa godimo mo lefatsheng leo le tlwaetseng boitimokanyi jwa Bafarisai ba baeteledipele ba bodumedi le ba dipolotiki bao ba buang go le gontsi mme ba dira go le gonnye fela.—Mathaio 5:13-16.

2. Jakobe o naya kgakololo efe, mme bangwe ka phoso ba tsaya boemo bofe?

2 Jakobe o kgothatsa jaana: “Lo nnè badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla, lo iphora hèla.” (Yakobe 1:22) Batho ba bantsi ba itsietsa ka go dumela thuto ya gore ‘gangwe fela fa o bolokilwe o tla nna o ntse o bolokilwe,’ jaaka ekete ba ka nna ba swa jaanong mme ba emela tuelo ya selegodimo e ba akanyang gore ba tla e bona. Ke thuto ya maaka le tsholofelo e e lolea. “Eo o ichokèlañ bokhutloñ,” Jesu o ne a bua jaana, “èna eouō o tla bolokwa.” (Mathaio 24:13) Gore o bone botshelo jo bosakhutleng o tshwanetse gore “u nnè boikañō hèla le go ea kwa loshuñ.”—Tshenolō 2:10; Bahebera 6:4-6; 10:26, 27.

3. Ke taolo efe e e mabapi le go atlhola eo Jesu a e nayang morago mo Thutong ya kwa Thabeng?

3 Fa Jesu a ntse a tswelela ka Thuto ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a bua ka dilo tse dintsi tseo Bakeresete ba tshwanetseng go leka go di latela. Nngwe ya tsone eo e lebegang e le bonolo ke eno, mme e kgala nngwe ya ditshekamelo tseo go seng motlhofo go di tlosa: “Lo se ka loa sekisa, gore lo se sekisiwe. Gonne tshekishō e lo sekisañ ka eōna, lo tla sekisiwa ka eōna: le selekanyō se lo lekanyañ ka shōna, lo tla lekanyediwa ka shōna. Me u lebèlañ selabe se se mo leitlhoñ ya oa ga eno, me u sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhoñ ye e leñ ya gago? Kgotsa u tla raea oa ga eno yañ u re, Mma ke ntshè selabe se se mo leitlhoñ ya gago; me bōna, mosipuri ko ouō o mo leitlhoñ ya gago? Moitimokanyi ke wèna, ntsha mosipuri o o mo leitlhoñ ya gago pele; me hoñ u tla bōna sentlè go ntsha selabe se se mo leitlhoñ ya oa ga eno.”—Mathaio 7:1-5.

4. Pego ya ga Luke e re naya taolo efe e e oketsegileng, mme go e dirisa go tla felela ka eng?

4 Mo pegong ya ga Luke ya Thuto ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bolelela bareetsi ba gagwe gore ba seka ba tshwaya ba bangwe diphoso. Go na le moo, o rile ba ‘rebole,’ ke gore, ba itshwarele batho ka bone mo ba tlhaelang gone. Seno se ne se tla dira gore ba bangwe le bone ba dire se se tshwanang, jaaka Jesu a ne a bolela jaana: “Naeañ, me lo tla nèwa; selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se tsikitledicweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.”—Luke 6:37, 38.

5. Ke ka ntlha yang fa go le motlhofo thata go bona diphoso tsa ba bangwe go na le go bona tsa rona?

5 Bafarisai ka kakaretso ka ntlha ya dingwao tse di sa kwalwang, ba ne ba rata go atlhola ba bangwe setlhogo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Ope fela wa bareetsi ba ga Jesu yo a neng a tlwaetse go dira jalo o ne a tshwanetse go tlogela go dira jalo. Go motlhofo thata go bona dilabe mo matlhong a ba bangwe go na le dikota tse di leng mo go a rona—seo ebile se dira gore re ikutlwe re tlotlometse tota! Jaaka monna mongwe a kile a re, “Ke rata go tshwaya ba bangwe diphoso ka gonne go dira gore ke ikutlwe sentle!” Go itlwaetsa go atlhola ba bangwe go ka re dira gore re ikutlwe re siame mme seo se bo ekete se duelela diphoso tsa rona tseo re batlang go di bipa. Mme fa go tlhokega gore re bontshiwe diphoso, seo se tshwanetse gore se dirwe ka bonolo. Motho yo o nayang kgakololo o tshwanetse go nna a ntse a gakologelwa makoa a gagwe.—Bagalatia 6:1.

Pele O Atlhola, Leka go Tlhaloganya

6. Fa go tlhokega gore re atlhole, dikatlholo tsa rona di tshwanetse go ikaega ka eng, mme ke thuso efe e re tshwanetseng go e kopa gore re seka ra nna ba ba tshwayatshwayang diphoso thata?

6 Jesu o ne a sa tla go atlhola lefatshe mme o ne a tlile go le boloka. Dikatlholo dipe fela tseo a neng a di dira e ne e se tsa gagwe mme di ne di thailwe mo mafokong ao Modimo o neng o a mo neile gore a tle go a bua. (Yohane 12:47-50) Dikatlholo dipe fela tseo re di dirang di tshwanetse go dumalana le Lefoko la ga Jehofa. Re tshwanetse go lwa kgatlhanong le tshekamelo ya go rata go atlhola. Gore re kgone go dira seno, re tshwanetse go ganelela mo go rapeleleng thuso ya ga Jehofa: “Lopañ, me lo tla nèwa; batlañ, me lo tla bōna: kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa: Gonne moñwe le moñwe eo o lopañ oa amogèla: le eo o batlañ oa bōna: me go bulèlwe eo o kwanyakgwanyañ.” (Mathaio 7:7, 8) Jesu o ne a bo a re: “Ga ke na go diha sepè ke le nosi: Ke atlhola yaka ke utlwa: me katlholō ea me e siame; ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.”—Yohane 5:30.

7. Re tshwanetse go tlhagolela mokgwa ofe oo o tla re thusang go dirisa Molao wa Sekagauta?

7 Re tshwanetse go tlhagolela mokgwa wa go leka go tlhaloganya batho le go ipaya mo boemong jwa bone eseng wa go ba atlhola—ga se selo se se motlhofo go dirwa mme re tlhoka go se dira gore re tle re dire tumalanong le Molao wa Sekagauta oo Jesu a neng a o bolela morago ga foo a re: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo: gonne mo ke molaō le baperofeti.” (Mathaio 7:12) Ka jalo balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go nna botlhale mme ba kgone go lemoga kafa ba bangwe ba akanyang ka gone, ba ikutlwang ka gone le boemo jwa bone jwa semoya. Ba tshwanetse go lemoga le go tlhaloganya seo ba bangwe ba se tlhokang mme ba kgatlhegele go ba thusa. (Bafilipi 2:2-4) Paulo o ne a kwala jaana dingwaga moragonyana: “Gonne molaō otlhe o dihadiwa mo lehokuñ le le leñwe hèla, eboñ mo go ye, go re, U ratè oa ga eno yaka u ithata.”—Bagalatia 5:14.

8. Jesu o ne a tlotla ka ditsela dife tse pedi, mme ke ka ntlha yang fa e nngwe ya tsone e tlhophiwa ke batho ba bantsi?

8 “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ,” Jesu o ne a bolela jaana morago ga moo, “gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ kwa tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.” (Mathaio 7:13, 14) Batho ba bantsi mo metlheng eo ba ne ba tlhopha tsela e e yang kwa tshenyegong mme ba bantsi ba santse ba e tlhopha. Tsela e e atlhameng e letla batho go akanya fela jaaka ba rata le go tshela jaaka ba rata: ga go na melao, ga go sepe se se ba pateletsang go dira sengwe, mokgwa wa gone wa botshelo o repile, sengwe le sengwe se motlhofo. Ga go ope wa bone eo o “ganèlañ go tsèna ka kgōrō e e pitlaganeñ”!—Luke 13:24.

9. Go tsamaya mo tseleng e tshesane go tlhoka eng, mme Jesu o naya bao ba tsamayang mo go yone tlhagiso efe?

9 Mme kgoro e e pitlaganeng ke yone e e tsenang mo tseleng e e isang botshelong jo bosakhutleng. Ke tsela e e batlang boikgapo. E ka nna ya akaretsa kgakololo e e tla hukutsang maikaelelo a gago mme e leke gore o nonofile go le kana kang mo boineelong jwa gago. Fa dipogiso di tla, tsela eno e nna makgwakgwa mme e batla boitshoko. Jesu o tlhagisa ba ba tsamayang mo tseleng eno jaana: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ.” (Mathaio 7:15) Tlhaloso eno e ne e tshwanela Bafarisai fela sentle. (Mathaio 23:27, 28) Ba ne ba “dutse mo setuloñ sa ga Moshe,” ba iphaka gore ba buelela Modimo lemororo ba latela dingwao tsa batho.—Mathaio 23:2.

Kafa Bafarisai Ba ‘Tswalelang Batho Bogosi’ ka Gone

10. Bakwadi le Bafarisai ba ne ba batla go ‘tswalela batho bogosi’ ka tsela e e kgethegileng jang?

10 Mo godimo ga moo, baruti ba Bajuda ba ne ba batla go thibela bao ba neng ba batla go tsena ka kgoro e e pitlaganeng. “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo cwaletse batho bogosi yoa legodimo: gonne, go le lona ga lo tsene, le ba ba reñ ba a tsèna, ga lo ba leseletse go tsèna.” (Mathaio 23:13) Mokgwa wa Bafarisai o ne o tshwana fela le kafa Jesu a neng a tlhagisa ka gone. Ba ne ba tla “latlha leina ya [barutwa ba gagwe] yaka se se boshula, ka ntlha ea Morwa Motho.” (Luke 6:22) Ba ne ba koba monna yo a neng a tsetswe e le sefofu yo a neng a fodisiwa ke Keresete mo sinagogeng gonne a ne a dumela gore Jesu ke Mesia. Batsadi ba gagwe ba ne ba sa batle go araba dipotso dipe gonne ba ne ba boifa gore ba tla kobiwa mo sinagogeng. Ke ka lone lebaka leo batho ba bangwe ba ba neng ba dumela gore Jesu ke Mesia ba neng ba etsaetsega go dumela seo phatlalatsa.—Yohane 9:22, 34; 12:42; 16:2.

11. Baruti ba Labodumedi ba ntsha maungo a a ntseng jang a a ba supang seo ba leng sone?

11 Jesu o ne a re, “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” “Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula.” (Mathaio 7:16-20) Molao o o tshwanang o a dira le gompieno. Bontsi jwa baruti ba Labodumedi ba bua selo ba bo ba sa se dire. Lemororo ba bolela gore ba ruta Bibela, ba tshegetsa dithuto tse di makgapha jaaka Tharonngwe le molelo wa dihele. Ba bangwe ga ba dumele thekololo, ba ruta thutotlhagelelo go na le popo, ba bo ba rera dithuto tse di tlwaelegileng tsa thutotlhaloganyo go tsikitla ditsebe tsa batho. Fela jaaka Bafarisai, bontsi jwa baruti ba gompieno bo rata madi, bo tsaya dimilione tsa diranta mo matsomaneng a bone. (Luke 16:14) Botlhe ba goa ba re, “Morèna, Morèna,” mme Jesu o ba araba ka gore: “Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha [g]o nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”—Mathaio 7:21-23.

12. Ke ka ntlha yang fa bangwe bao ba kileng ba bo ba tsamaya mo tseleng e tshesane ba sa tlhole ba tsamaya mo go yone, mme seo se felela ka eng?

12 Gompieno, bangwe ba ba kileng ba bo ba tsamaya mo tseleng e tshesane ba e tlogetse. Ba bolela gore ba rata Jehofa, mme ga ba obamele taolo ya gagwe ya gore ba rere. Ba re ba rata Jesu, mme ga ba fepe dinku tsa gagwe. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Yohane 21:15-17; 1 Yohane 5:3) Ga ba batle go pataganela jokwe le ba ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu. Ba ne ba fitlhela tsela e tshesane e le tshesane thata. Ba ne ba lapisiwa ke go dira molemo, ka jalo “ba dule mo go rona, me ea bo e ne e se ba rona; gonne ha e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa nntse ba na le rona.” (1 Yohane 2:19) Ba boetse kwa lefifing, mme “ana lehihi yeuō le legolo yañ!” (Mathaio 6:23) Ba ne ba tlhokomologa kopo eno ya ga Johane: “Banyana ba me, a re se rateñ ka molomo hèla, leha e le ka loleme hèla; ha e se ka tihō le boamarure.”—1 Yohane 3:18.

13, 14. Jesu o ne a re naya setshwantsho sefe kaga go dirisa seo a se buileng mo matshelong a rona, mme ke ka ntlha yang fa se ne se tshwanela bao ba neng ba le kwa Palesetina?

13 Jesu o ne a konela Thuto ya kwa Thabeng ka setshwantsho se se tlhomologileng seno: “Me ke gōna, moñwe le moñwe eo o utlwañ mahoko a, a me, a ba a a diha, o tla chwantshiwa le monna eo o botlhale, eo o agileñ ntlo ea gagwè mo lehikeñ. Me pula ea hologa, le merwalèla ea tla, le diphehō tsa hoka, tsa ntaaka ntlo euō; me e se ka ea wa: ka go bo e ne e thaecwe mo lehikeñ.”—Mathaio 7:24, 25.

14 Dipula tse di tsorotlang kwa Palesetina di dira gore mekgatšha e e omileng ya melatswana e elele e bo e nne merwalela e e senyang. Matlo a tlhoka go bo a thailwe mo lefikeng gore a sale a ntse a eme. Pego ya ga Luke e bontsha gore monna o ne a “èpèla kwa teñ, me a thaea mothèō mo lehikeñ.” (Luke 6:48) E ne e le tiro e e bokete, mme molemo wa yone o ne o bonala fa sefefo se ne se tla. Ka jalo go aga dinonofo tsa Bokeresete mo go seo Jesu a se buileng go tla re solegela molemo fa merwalela ya mathata e itaya.

15. Bao ba latelang dingwao tsa batho go na le go ikobela seo Jesu a se buileng ba tla felela jang?

15 Ntlo e nngwe e ne e agilwe mo motlhabeng: “Moñwe le moñwe eo o utlwañ mahoko a, a me, me a sa a dihe, o tla chwantshiwa le monna eo o seeleele, eo o agileng ntlo ea gagwè mo moshaweñ: Me pula ea hologa, le merwalèla ea tla, le diphehō tsa hoka, tsa ntaaka ntlo euō: me ea wa; me go wa ga eōna ga nna gogolo.” Go tla nna fela jalo ka bao ba reng “Morèna, Morèna” mme ba sa dire go ya ka mafoko a ga Jesu.—Mathaio 7:26, 27.

“Eseñ Yaka Bakwadi ba Bōnè”

16. Thuto ya kwa Thabeng e ne ya ama ba ba neng ba e reeditse jang?

16 Thuto ya kwa Thabeng e ne ya ba ama jang? “Me ga dihala, e rile Yesu a sena go wetsa mahoko a, batho ba gakgamalèla thutō ea gagwè: Ka a ba ruta yaka eo o nañ le thata, eseñ yaka bakwadi ba bōnè.” (Mathaio 7:28, 29) Ba ne ba tshikintswe maikutlo tota ke yoo a neng a bua a ntsha bosupi jo ba neng ba ise ba ko ba bo utlwe pele.

17. Bakwadi ba ne ba tshwanetse go dira eng gore seo ba neng ba se ruta se nne le bokao, mme ba ne ba bolela eng ka banna ba ba botlhale ba ba neng ba setse ba sule bao ba neng ba tsopola dipolelo tsa bone?

17 Ga go na mokwadi ope yo a neng a ntsha bosupi fa a bua, jaaka rekoto eno ya hisitori e bontsha jaana: “Bakwadi ba ne ba bolela gore dithuto tsa bone di tswa mo ngwaong, le mo go borraabone: mme ga go na thero epe ya mokwadi e e neng e na le bosupi kana botlhokwa bongwe, kwantle ga go [bua ba re] . . . Baruti ba na le ngwao, kana . . . Banna ba ba botlhale ba re; kana ba bua sengwe fela sa ngwao se se tshwanang le seo. Hillel yo Mogolo o ne a ruta boammaaruri, le jaaka ngwao e bua jaana ka sennanne; ‘Mme, lemororo a ne a bua ka kgang eo letsatsi lotlhe, . . . ba ne ba sa amogele thuto ya gagwe, go fitlha fa kwa bokhutlong a re, Jaaka ke utlwile Shemaia le Abtalion [ba ba tlileng pele ga Hillel].’” (A Commentary on the New Testament From the Talmud and Hebraica, e e kwadilweng ke John Lightfoot) Bafarisai ba ne ba bua le ka banna ba ba botlhale ba ba neng ba sa bolo go swa: “Fa motho a umaka thuto nngwe ya molao ka maina a bone o ne a re, go ya ka melomo ya ba ba botlhale—melomo ya bone e bua diphupung tsa bone.”—Torah—From Scroll to Symbol in Formative Judaism.

18. (a) Dithuto tsa bakwadi le dithuto tsa ga Jesu di ne di farologana jang? (b) Thuto ya ga Jesu e ne e tlhomologile ka ditsela dife?

18 Bakwadi ba ne ba tsopola banna ba ba suleng jaaka bosupi jwa se ba se buang; Jesu o ne a bua se se tswang mo Modimong o o tshelang. (Yohane 12:49, 50; 14:10) Baruti ba ne ba ga metsi a a seng monate go tswa mo madung a a khurumetsweng; Jesu o ne a ntsha metswedi ya metsi a masha a a neng a nyorolola lenyora le legolo. O ne a rapela le go tlhatlhanya bosigo jotlhe, mme fa a ne a bua o ne a dira gore ba ikutlwe kafa ba iseng ba ko ba ikutlwe ka gone. O ne a bua ka maatla ao ba neng ba kgona go a utlwa, bosupi joo kgabagare bakwadi, Bafarisai, le Basadukai ba neng ba tshaba go bo ganetsa. (Mathaio 22:46; Mareko 12:34; Luke 20:40) Ga go na monna ope yo a kileng a bua jaana le ka motlha! Boidiidi joo jwa batho bo ne jwa sala bo gakgametse kwa bokhutlong jwa thero eo!

19. Mekgwa ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta ya gompieno e tshwana jang le eo Jesu a neng a e dirisa mo Thutong ya kwa Thabeng?

19 Go tweng ka gompieno? Basupi ba ga Jehofa ba dirisa mekgwa e e tshwanang ereka e le badihedi ba ba tsamayang ka ntlo le ntlo. Mong wa ntlo a ka nna a go raya a re: “Kereke ya me ya re lefatshe le tlile go tshubiwa ka molelo.” O araba jaana: “Bibela ya gago ya King James e balega jaana mo go Moreri 1:4: ‘Lefatshe le ntse ka bosakhutleng.’” Motho o a gakamala. “Ke ne ke sa itse fa seo se le teng mo Bibeleng ya me!” Yo mongwe a ka re: “Ga ke bolo go nna ke utlwa gore baleofi ba tlile go sha kwa diheleng.” “Mme Bibela ya gago e bua jaana mo go Baroma 6:23: ‘Maduo a boleo ke loso.’” Kana ka Tharonngwe: “Moruti wa me a re Jesu o lekana le Rraagwe.” “Mme Bibela ya gago mo go Yohane 14:28 e tsopola Jesu a re: ‘Rre o mogolo bogolo go nna.’” Motho yo mongwe a ka go raya a re: “Ke kile ka utlwa go twe Bogosi jwa Modimo bo nna mo teng ga gago.” O araba jaana: “Bibela ya gago e bua jaana mo go Daniele 2:44: ‘Mo metlheng ya dikgosi tseno, Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi, jo bo se kitlang bo senngwa gope . . . Bo tla thubaganya bo nyeletsa magosi ao aotlhe, me bo tla ema ka bosakhutleng.’ Selo se se ntseng jalo se ka nna jang mo go wena?”

20. (a) Ke pharologano efe e e leng gone fa gare ga tsela eo Basupi ba buang ka yone le eo baruti ba Labodumedi ba rutang ka yone? (b) Eno ke nako ya eng?

20 Jesu o ne a bua ka bosupi jo bo tswang mo Modimong. Basupi ba ga Jehofa ba bua ka bosupi jo bo tswang mo Lefokong la Modimo. Baruti ba Labodumedi ba bua ka dingwao tsa bodumedi tseo di leswefaditsweng ke dithuto tseo di tswang kwa Babelona le kwa Egepeto. Fa batho ba ba tlhoafetseng ba utlwa dilo tseo ba di dumelang di ganediwa ke Bibela ba a gakgamala ba bo ba tlhaeletsa jaana: ‘Ke ne ke sa itse gore seo se teng mo Bibeleng ya me!’ Mme se gone. Eno ke nako ya gore botlhe ba ba lemogang fa ba humanegile semoyeng ba reetse seo Jesu a se buileng mo Thutong ya kwa Thabeng mme ka gone ba age mo motheong o o thata wa lefika.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Go na le gore re atlhole, ke eng seo re tshwanetseng go leka go se dira, mme ka ntlha yang?

◻ Ke ka ntlha yang fa ba bantsi gompieno ba tlhopha tsela e e atlhameng?

◻ Ke ka ntlha yang fa tsela e Jesu a neng a ruta ka yone e ne e farologana le ya bakwadi?

◻ Thuto ya kwa Thabeng e ne ya ama ba ba neng ba e reeditse jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela