LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/1 ts. 10-15
  • Go Direla Jehofa ka Boitumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Direla Jehofa ka Boitumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipaka tsa go Itumela
  • Boitumelo mo Tirong ya ga Jehofa
  • Boitumelo Bo A Ntsifala
  • Go Itshoka Ka Boitumelo
  • Boitumelo Jo Bo Tshegetsang
  • Boipelo—Nonofo e e Tswang Kwa Modimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Direla Jehofa ka Boipelo Jwa Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Boitumelo Jwa ga Jehofa ke Kago ya Rona e e Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Nang lo Tletse Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/1 ts. 10-15

Go Direla Jehofa ka Boitumelo

“Dihèlañ Yehofa ka boipelō: tlañ ha pele ga sehatlhōgō sa gagwè ka go ōpèla.”—PESALEMA 100:2.

1, 2. (a) Go tlhaola batho ka lotso go ne ga supiwa ka tsela efe kwa Berlin, kwa Jeremane, mme letsholo la go dira “Puso ya Dingwaga tse di Sekete” le ne la tswelela jang? (b) Ke selo sefe se se fapaaneng le sa ngwaga wa 1936 seo se neng sa diragala mo Olympia Stadium ka July 1990, mme boitumelo jwa setlhopha seo sa merafeyotlhe se se neng se phuthegile koo bo ne bo tshegeditswe mo go eng?

SENO se diragala kwa Olympia Stadium, kwa Berlin. Dingwaga tse di masome a matlhano le bone pele ga foo, go ne ga tsoga dikgang ka setadiamo seno se se kgatlhisang morago ga dipego tse di neng di re modipa wa Nazi ebong Adolf Hitler o ne a tlhapatsa motabogi mongwe wa montsho wa Amerika yo a neng a gapile dimetale tsa gouta di le nne. Seo ruri e ne e le matlhabisaditlhong mo maiphakong a ga Hitler a go tlhaola batho ka ditso a gore “morafe wa se-Aryan ke o mogolo”!a Mme jaanong, ka July 26, 1990, bantsho, basweu, basetlha—ba ne ba kopane mmogo go tswa merafeng e le 64, botlhe ba le 44 532 ka palo—ba phuthegetse fano go tla Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Puo e e Itshekileng.” Abo go ne go rena boitumelo jo bogolo jang ne mo motshegareng oo wa Labone! Morago ga puo ya kolobetso, bakolobediwa ba le 1018 ba tlhaeletsa ba re, “Ja!” ba bo ba ipoeletsa gape ba re, “Ja!” mme ka go rialo ba tlhomamisa fa ba ineetse mo go Jehofa Modimo, gore ba tla dira thato ya gagwe.

2 Go tsaya metsotso e le 19 fela gore Basupi bano ba basha ba tlhomagane go tswa mo setadiamong go ya kwa lekadibeng la kolobetso. Mme mo metsotsong eo yotlhe, go utlwala modumo o mogolo wa go opiwa ga diatla mo patlelong e kgolo. Bafenyi ba Metshameko ya Olimpiki ga ba ise ba ko ba opelwe diatla ka tsela e e tshwanang le eo go neng go amogelwa ka yone makgolokgolo ano, a a tswang mo merafeng e mentsi, eo e bontshang tumelo e e fenyang lefatshe. (1 Yohane 5:3, 4) Boitumelo jwa bone bo tshegeditswe thatathata ke tsholofelo ya gore puso ya Bogosi jwa Modimo ka Keresete eleruri e tlisa dingwaga tse di sekete tsa masego a magolo mo bathong.—Bahebera 6:17, 18; Tshenolō 20:6; 21:4, 5.

3. Ke boammaaruri bofe jo bo gatelelwang ke tsholofelo ya batlakopanong, mme jang?

3 Ga go na dikilano dipe fano tsa lotso kana tsa semorafe, ka go bo botlhe ba bua puo e e itshekileng ya Lefoko la Modimo, mme seo se gatelela boammaaruri jwa mafoko ano a ga Petere a a reng: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Ditihō 10:34, 35; Sefania 3:9.

4. Bontsi jwa batlakopanong bo ne jwa nna badumedi tlase ga maemo afe, mme dithapelo tsa bone di ne tsa arabiwa jang?

4 Bontsi jo bogolo jwa ba ba neng ba tlile kopanong kwa Berlin ba ile ba nna badumedi mo lobakeng lwa dingwaga tse ditelele tsa kgatelelo, tseo di akaretsang motlha wa puso ya Nazi (1933-45) le motlha wa puso ya bojammogo oo o neng wa latela mo Jeremane Botlhaba, koo go thibelwa ga Basupi ba ga Jehofa go neng ga fetsa go tlosiwa semolao ka March 14, 1990. Ka jalo, bontsi jwa bone bo ile jwa ‘amogela lefoko mo pogisong e kgolo, mmogo le boitumelo jwa moya o o boitshepo.’ (1 Bathesalonia 1:6) Jaanong ba na le kgololesego e kgolwane ya go direla Jehofa, mme boitumelo jwa bone ke jo bo senang selekanyo.—Bapisa Isaia 51:11.

Dipaka tsa go Itumela

5. Baiseraele ba ne ba keteka go gololwa ga bone ke Jehofa kwa Lewatleng le Lehibidu jang?

5 Go gololwa ga bakaulengwe ba rona kwa Yuropa Botlhaba, le mo bosheng jaana mo dinageng dingwe mo Afrika le Asia, go re gakolola kgololo eo Jehofa a neng a tle a e dire mo metlheng ya pele. Re gakologelwa kafa Jehofa a neng a dira ka tsela ya bonatla ka gone kwa Lewatleng le Lehibidu, le kafa Iseraele a neng a opela pina ya go ntsha malebogo ka gone e e neng ya konela ka mafoko a a reng: “Yehofa emañ eo o chwanañ nau mo medimoñ? Emañ eo o chwanañ nau, u le kgalalèlō mo boitshepoñ, u le poitshègō mo dipakoñ, u diha dikgakgamacō.” (Ekesodo 15:11) A gompieno ga re nnele go itumelela dikgakgamatso tse Jehofa a di direlang batho ba gagwe? Ruri go ntse jalo!

6. Ke eng seo re se lemotshiwang ke lebaka la go bo Baiseraele ba ne ba tlhaeletsa ka boitumelo ka 537 B.C.E.?

6 Boitumelo bo ne jwa nna bogolo fela thata ka 537 B.C.E. fa Baiseraele ba ne ba busediwa kwa lefatsheng la bone morago ga botshwaro jwa bone kwa Babelona. Morafe wa ga Jehofa jaanong o ne o ka bua fela jaaka Isaia a ne a boleletse pele a re: “Bōnañ, Modimo ke poloka ea me, ke tla ikanya hèla, ga nketla ke boiha: gonne Morèna Yehofa ke thata ea me, le sehela sa me: me o dihegile poloka ea me.” A boipelo ruri! Mme morafe ono o ne o tla supa boitumelo joo jang? Isaia o tswelela jaana: “Lo tla bua mo letsatsiñ yeuō, lo re, Ntshetsañ Yehofa malebogō, bitsañ leina ya gagwè, kakanyañ ditihōtihō tsa gagwè mo dichabeñ, umak[a]ñ, go re, leina ya gagwè le goletsegile. Ōpèlèlañ Yehofa; gonne o dihile dilō tse di gaisañ.” Jaanong ba ne ba ka ‘tlhaeletsa ka boitumelo’ ba ‘bolela ditiro tsa gagwe mo lefatsheng lotlhe,’ fela jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba golotsweng ba dira gompieno.—Isaia 12:1-6.

Boitumelo mo Tirong ya ga Jehofa

7. Ke go gololwa gofe mo go neng ga baka boitumelo ka 1919?

7 Mo metlheng ya segompieno batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba simolola go tlhaeletsa ka boitumelo fa a ne a ba golola ka tsela e e gakgamatsang ka 1919. Ka March 26 wa ngwaga oo, maloko a Setlhopha Se Se Laolang a ne a gololwa mo kgolegelong kwa United States, koo a neng a golegilwe gone ka dikgwedi di le robong ka ditatofatso tsa maaka tsa gore ba a tsuolola. Abo go ne ga nna le mokete o mogolo jang ne fa ba ne ba amogelwa gape kwa Bethele kwa Brooklyn! Mme gape, batho botlhe ba masalela a a tloditsweng jaanong ba ne ba ka itumela go bo ba golotswe mo Babelona O Mogolo ka tsela ya semoya, ebong tsamaiso ya bodumedi eo Satane a e anamisitseng le lefatshe lotlhe.—Tshenolō 17:3-6; 18:2-5.

8. Ke selo sefe se se neng se sa lebelelwa seo go neng ga ntshiwa kitsiso ya go gololwa ga sone kwa Kopanong ya Cedar Point ka 1919, mme ke mokgosi ofe wa gore go tsewe kgato o o neng wa ntshiwa?

8 Ditiragalo tse di sa lebalesegeng tsa 1919 di ne tsa isiwa magoletsa ke kopano ya batho ba Modimo e e neng e tshwaretswe kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ka September 1-8. Mo letsatsing la botlhano la kopano eo, “Letsatsi la Badirimmogo,” mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, J. F. Rutherford, o ne a bua le batho ba le 6 000 ka puo e e tshikinyang maikutlo ya setlhogo se se reng “Go Itsise Bogosi.” Fa a sena go tlhalosa Tshenolō 15:2 le Isaia 52:7, o ne a bolelela bareetsi ba gagwe gore go ne go tla nna le makasine o mosha wa, The Golden Age (o jaanong o bidiwang Tsogang!), o o neng o tla gatisiwa dibeke dingwe le dingwe tse pedi, gore o anamisiwe segolo mo tshimong. Fa a digela o ne a re: “Botlhe ba ba ineetseng ka bojotlhe go Morena; botlhe ba ba sa boifeng sepe, bao dipelo tsa bone di itshekileng, ba ba ratang Modimo le Morena Jesu ka mogopolo otlhe wa bone, nonofo, moya le botho jwa bone, fa sebaka se ba bulegela, ba tla itumelela go nna le seabe mo tirong eno. Kopa Morena gore a go kaele le go go goga gore a tle a go dire moemedi wa gagwe wa boammaaruri, yo o ikanyegang, le yo o setswerere. Mme jaanong, ka pina ya boitumelo mo pelong ya gago, tsamaya o ye go mo direla.”

9, 10. Jehofa o ile a segofatsa jang go gatisiwa ga dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!?

9 “Pina eo ya boitumelo” e ile ya utlwiwa mo lefatsheng lotlhe! Kwantle ga pelaelo, batho ba le bantsi ba ba badileng dikgatiso tsa rona ba ile ba nna le seabe mo go anamiseng makasine wa Tsogang! ka selekanyo sa dikaelo di le 12-980 000 mo tokololong nngwe le nngwe ka dipuo di le 64. Jaaka sedirisiwa se se nonofileng seo se gogelang batho ba ba kgatlhegang kwa boammaaruring, Tsogang! e thusa monkane wa yone o go tweng Tora ya Tebelo. Mo nageng nngwe e e kwa Botlhaba, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela, fa a ntse a le mo tirong ya gagwe ya tselana ya dimakasine, o ne a gakgamadiwa ke go bona gore nako le nako fa a ne a isetsa mong wa ntlo mongwe makasine wa bosheng, o ne a ntsha moneelo wa R18,20 a o ntshetsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya lefatshe ka bophara—seo ruri e ne e le go supa gore o lebogela tiro ya Bogosi!

10 Mme jaanong mo tshimologong ya ngwaga wa one wa bo 112 o ntse o gatisiwa, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa anamisiwa ka palo ya 15 290 000 ka dipuo di le 111, ditokololo di le 59 mo go tseno e le tseo di gatisiwang ka nako e le nngwe mo lefatsheng lotlhe di tshotse dikgang tse di tshwanang. Masalela a a tloditsweng ao a ntseng jaaka molebalebi yo o ikanyegang, a tswelela ka go nna a ntse a abela babadi ba ba supang tebogo “diyō [tsa semoya] mo lobakeñ lo e leñ lōna.” (Luke 12:42) Mo ngwageng wa 1990 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bega gore ba tsamaisitse dipeeletso tse disha di le 2 968 309 tsa dimakasine tse pedi tseno, seo e le koketsego ya 22,7 lekgolong go feta ngwaga wa 1989.

Boitumelo Bo A Ntsifala

11. (a) Ke mokgosi ofe o o neng wa tlhabelwa batho ba Modimo kwa Cedar Point ka 1922? (b) Go tlhaeletsa gono ka boitumelo go ne ga okediwa jang?

11 Boitumelo bo ne jwa ntsifala gape fa batho ba Modimo, ba jaanong ba neng ba le 10 000 ka palo, ba ne ba phuthegile mo kopanong ya bobedi kwa Cedar Point, ka September 1922, mme go ne ga kolobediwa batho ba le 361. Mo puong ya gagwe e e neng e re “Bogosi jwa Legodimo bo Atametse,” eo e neng e thailwe mo go Mathaio 4:17, Mokaulengwe Rutherford o ne a digela jaana ka mafoko a a nonofileng: “Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Leno ke letsatsi le le a gaisang otlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lona lo baemedi ba yone ba ba e phasalatsang. Ka jalo, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.” Batho bao ba neng ba thubega ka mokgosi wa boitumelo o o neng wa utlwala kwa kopanong eo ba ile ba ntsifala thata ka palo go fitlha fa ka 1989 ba tshwara palo ya ba ba fetang 6 600 000 ya bao ba neng ba phuthegile mo dikopanong di le 1 210 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, koo go neng ga kolobediwa batho ba le 123 688.

12. (a) Batho ba Modimo ba nna le seabe mo boitumelong bofe jo bo senang selekanyo gompieno? (b) Re dira jang gore tirelo ya rona go Jehofa e se ka ya kgoreletsana le go utlwa “babusi ba bagolo”?

12 Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go nna ba gololesegile. Mo godimo ga moo, ba itumelela go diragadiwa ga mafoko ano a ga Jesu mo motlheng ono wa segompieno a a reng: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” Abo e le boitumelo jo bogolo jang ne go gololwa mo masaitsiweng le mo ditumelabotlhoding tsa bodumedi jwa maaka! Abo e le boitumelo jo bogolo jang ne go itse Jehofa le Morwawe le go nna badirimmogo le bone, mme o na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng! (Yohane 8:32; 17:3; 1 Bakorintha 3:9-11) Batlhanka ba Modimo ba lebogela gape go bo “babusi ba bagolo,” bao ba tshelang kafa tlase ga bone, ba ba rebola go nna le kgololesego ya go bolela tsholofelo e e molemolemo ya Bogosi jwa ga Jehofa jo go busang Keresete mo go jone. Ba ‘ntshetsa Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare’ ka go rata, lemororo ba ntse ba tsweletse ka go ‘ntshetsa Modimo dilo tse e leng tsa Modimo.’—Baroma 13:1-7; Luke 20:25.

13. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha jang gore ba itumeletse go gololwa ga bone mo kgatelelong?

13 Lefa go ntse jalo, fa batho ba ba busang ba leka go iletsa Basupi ba ga Jehofa go diragatsa boikarabelo jono jo ba bo filweng ke Modimo, ba araba jaana fela jaaka baaposetoloi ba ile ba araba: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Mo pakeng nngwe, fa babusi ba sena go golola baaposetoloi, ba ne ba “itumèla.” Ba ne ba supa boitumelo joo jang? “Ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” (Ditihō 5:27-32, 41, 42) Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno, le bone ka tsela e e tshwanang, ba a itumela fa ba bona kgololesego e kgolwane ya gore ba tsweledise bodihedi jwa bone. Mo mafatsheng a le mantsi ao Jehofa a ileng a ba bulela phatlha kwa go one, ba supa boitumelo jwa bone jo bogolo ka go naya bosupi jo bo nonofileng kaga leina la ga Jehofa le kaga Bogosi jo bo tlang ka Keresete Jesu.—Bapisa Ditihō 20:20, 21, 24; 23:11; 28:16, 23.

Go Itshoka Ka Boitumelo

14. Boitumelo jono jo e leng loungo lwa moya bo gaisa jo bo tlhalosiwang mo bukantsweng jang?

14 Boitumelo jo bogolo jono jo Bakeresete ba bo bonang ke eng? Bo bogolo fela thata ebile bo nnela ruri go gaisa jwa nakwana jo mofenyi ope fela wa Metshameko ya Olimpiki a ka bo bonang. Ke loungo lwa moya wa Modimo o o boitshepo, o Modimo o o abelang ba ba mo ‘utlwang jaaka mmusi.’ (Ditihō 5:32) Bukantswe ya Webster e tlhalosa gore boitumelo bo ‘bogolo go feta natefo, bo tsabakela kana bo itshupa go feta lethamo.’ Mo Mokereseteng, boitumelo bo raya sengwe se segolwane le go feta. Ka go bo bo tsetsepeditswe mo tumelong ya rona, ke nonofo e e maatla, le e e re nonotshang. “Boitumèlō yoa ga Yehofa ke thata ea lona.” (Nehemia 8:10) Boitumelo jwa ga Jehofa, joo batho ba Modimo ba bo tlhagolelang, bo feta kgakala thata monate o o sa tsweng mo pelong o batho ba o bonang mo menateng ya senama, ya selefatshe.—Bagalatia 5:19-23.

15. (a) Go ya ka maitemogelo a Bakeresete ba ba ikanyegang, bopelotelele bo ile jwa tsamaisana jang le boitumelo? (b) Umaka dingwe tsa dikwalo tseo di fang kgothatso e e nonotshang e e amanang le go nna o itumetse.

15 Akanya ka bakaulengwe ba rona kwa Ukraine. Fa “babusi ba bagolo” ba ne ba ba isa lejwa kwa Siberia mo tshimologong ya bo 1950, ba ne ba nna le mathata a le mantsi fela thata. Moragonyana, fa babusi ba ba bontsha moya wa kutlwelobotlhoko, ba ne ba leboga, mme ga se botlhe ba ba neng ba boela kwa magaeng a bone. Ka ntlha yang? Ditshotlego tsa bone kwa Botlhaba di ne tsa ba gakolola Yakobe 1:2-4: “Lo kaeè ha e le boitumèlō hèla, mogañ lo wèlañ mo ditekoñ di le dintsi; Lo nntse lo itse ha go lekwa ga tumèlō ea lona go tlo go cose bopelotelele.” Ba ne ba batla go tswelela ba ntse ba le pelotelele le thobo e e itumedisang eo, mme abo e ile ya nna boitumelo jang ne mo bosheng jaana kwa dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa mo Poland go amogela Basupi ba ba neng ba tswa kgakala thata kwa metseng e e mo dintshing tsa Pacific. Bopelotelele le boitumelo di ile tsa dira mmogo go tlhagisa loungo lono. Tota ruri, rona rotlhe ba re itumelang mo tirelong ya ga Jehofa re ka bolela jaana: “Leha go nntse yalo ke tla itumèla mo go Yehofa, ke tla ipela mo Modimoñ oa polokō ea me. Yehofa, Morèna, ke thata ea me.”—Habakuke 3:18, 19; Mathaio 5:11, 12.

16. Dikai tse di molemo tsa ga Jeremia le Jobe di tshwanetse go re kgothatsa jang mo tirong ya rona ya tshimo?

16 Lefa go le jalo, re ka ipoloka jang re itumetse fa re ntse re tsweletse go rerela baganetsi ba ba ditlhogo di thata? Gakologelwa gore baperofeti ba Modimo ba ne ba nna ba itumetse fela ntswa ba ne ba le mo maemong a a tshwanang le ano. Jeremia o ne a tlhalosa jaana fa a ne a le mo ditekong: “Mahoko a gago a na a bōnwa, me ka a ya; mahoko a gago a na a le boitumèlō mo go nna, le boipelō yoa pelo ea me: gonne ke bidiwa ka leina ya gago, Yehofa Modimo oa mashomōshomō.” (Yeremia 15:16) Abo e le tshiamelo e e molemo jang ne go bidiwa ka leina la ga Jehofa le go neela bosupi ka leina leo! Go ithuta ga rona ka namana re tlhoafetse le go nna le seabe ka botlalo mo dipokanong tsa Bokeresete go re agelela gore re tswelele re ntse re itumetse mo boammaaruring. Boitumelo jwa rona bo tla iponatsa mo tirong ya rona ya tshimo le mo boipelong jwa rona jwa Bogosi. Le e leng fa a ne a le mo ditekong tse di botlhoko, Jobe o ne a kgona go bua jaana ka baba ba gagwe: “Ha ke ne ke ba tshèga, ba ne ba se ke ba go dumele; le go sa ga matlhō a me ba ne ba se ke ba go tlhontsha.” (Yobe 29:24) Jaaka Jobe yo o ikanyegang, ga re a tshwanela go kgobega marapo fa baganetsi ba re kgoba. Nna o ntse o nyenya! Difatlhego tsa rona di ka supa boitumelo jwa rona mme ka jalo batho ba re reetse.

17. Go bontsha bopelotelele ka boitumelo go ka ungwa jang?

17 Fa re ntse re konela tshimo ya rona nako le nako, bopelotelele jwa rona le boitumelo di ka nna tsa kgatlha batho ba ba ratang tshiamo mme di ba kgothaletse go tlhatlhoba tsholofelo e e molemolemo eo re nang le yone. Abo re itumela thata jang ne go ba tshwarela dithuto tsa Bibela ka metlha! Mme fa ba ntse ba tsenya boammaaruri jo bo rategang thata jwa Lefoko la Modimo mo dipelong tsa bone, abo re itumela thata jang ne fa e re kgabagare ba bo ba nna badirimmogo le rona mo tirelong ya ga Jehofa! Mme jaanong re kgona go bua jaana fela jaaka moaposetoloi Paulo fa a ne a raya badumedi ba basha ba motlha wa gagwe a re: “Gonne cholohèlō ea rona e be e le eñ, kgotsa boitumèlō yoa rona, leha e le serwalō sa boipelahaco? A ga se lona hèla, ha pele ga Morèna oa rona Yesu, mo go tleñ ga gagwè? Gonne ke lona kgalalèlō ea rona, le boitumèlō yoa rona.” (1 Bathesalonia 2:19, 20) Tota ruri, boitumelo jo bo kgotsofatsang bo bonwa ka go gogela batho ba basha mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo le mo go ba thuseng gore ba nne Basupi ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng.

Boitumelo Jo Bo Tshegetsang

18. Ke eng seo se tshwanetseng go re thusa gore re dirisane ka katlego le diteko tse di farologaneng tsa motlha wa segompieno?

18 Mo botshelong jwa rona jwa malatsi otlhe, go ka nna ga nna le dilo di le dintsi tseo di ka re tlhokang gore re supe bopelotelele jwa rona. Dingwe tsa tsone ke bolwetsi jwa mo mmeleng, khutsafalo, le mathata a tsa itsholelo. Mokeresete a ka ipoloka jang a itumetse gore a tle a kgone go fenya diteko tse di ntseng jalo? Motho o ka dira seno ka go ya mo Lefokong la Modimo gore a bone kgomotso le kaelo. Motho a ka lapologa ka go reetsa le go bala dipesalema fa a le mo nakong ya diteko. Mme tlhokomela kgakololo e e botlhale eno ya ga Dafide: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa: ga a ketla a leseletsa mosiami gopè go tshikiñwa.” (Pesalema 55:22) Jehofa ruri ke ‘Moutlwi wa thapelo.’—Pesalema 65:2.

19. Re ka tlhomamisega jang jaaka Dafide le Paulo?

19 Phuthego ya ga Jehofa, ka dikgatiso tsa yone le ka bagolwane ba yone ba phuthego, e ntse e iketleeditse ka metlha yotlhe go re thusa go mekamekana le mathata a rona ereka re le batho fela ba ba bokoa. Dafide o gakolola jaana ka lorato: “Pitikèla tsela ea gago mo go Yehofa; u bo u mo ikanyè, me o tla go dihatsa.” O ne a kgona go bua gape jaana: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.” Fa re ntse re kopanela le phuthego ya Bokeresete, re tla lemoga gore “polokō ea basiami e cwa mo go Yehofa: ke èna kagō ea bōnè e e thata ea phemèlō mo motlheñ oa khuduègō.” (Pesalema 37:5, 25, 39) A ka metlha yotlhe re lateleng kgakololo eno ya ga Paulo: “Ke gōna ga re ñodiege: . . . Ka re sa lebe dilō tse di bonalañ, me e le dilō tse di sa bonaleñ: gonne dilō tse di bōnalañ ke tsa lobaka lono hèla; me dilō tse di sa bonaleñ ke tsa bosaeñkae.”—2 Bakorintha 4:14-16.

20. Ke eng seo re se bonang ka leitlho la tumelo, mme seno se re tlhotlheletsa jang?

20 Ka matlho a rona a tumelo, re ka bona tsamaiso e ntšha ya ga Jehofa e e fela fa pele ga rona. Abo go tla nna le namane e tona ya boitumelo jang ne le masego! (Pesalema 37:34; 72:1, 7; 145:16) Fa re ipaakanyetsa nako e e molemolemo eo, a re tseyeng tsia mafoko a Pesalema 100:2 a a reng: “Dihèlañ Yehofa ka boipelō: tla ñha pele ga sehatlhōgō sa gagwè ka go ōpèla.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Malebana le “bogolo jwa morafe wa se-Aryan,” The New York Times ya February 17, 1940, e ne ya tsopola mongwe wa baokamedi ba Georgetown University wa Mokatoliki a bolela gore “o ne a utlwile Adolf Hitler a re Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma, oo e neng e le mmusomogolo wa Jeremane, o tshwanetse go tlhongwa sesha.” Mme raditiragalo William L. Shirer o tlhalosa phelelo ya gone jaana: “Malebana le Third Reich eo e neng ya thaiwa ka January 30, 1933, Hitler o ne a ikgantshitse a re, e tla nna gone ka lobaka lwa dingwaga tse di sekete, mme mo dipuisanong tsa Nazi gantsi e ne e bidiwa ‘Reich ya Dingwaga tse di Sekete.’ E ne ya tsaya lobaka lwa dingwaga di le lesome le bobedi fela le dikgwedi di le nne.”

Mo Poeletsong:

◻ Go tlhaola batho ka lotso go ile ga fenngwa jang ka tsela e e itumedisang mo motlheng wa gompieno?

◻ Ke eng seo se neng sa dira gore batho ba motlha wa bogologolo ba Modimo ba opele le go tlhaba mokgosi wa boitumelo?

◻ Boitumelo jwa boammaaruri bo ile jwa oketsega jang mo metlheng ya segompieno?

◻ Bopelotelele le boitumelo di tsamaisanya mmogo jang?

◻ Re ka tshegetsa boitumelo jwa rona ka eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela