LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/15 ts. 19-21
  • Go Nna le Boikobo mo Lenyalong go Raya Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna le Boikobo mo Lenyalong go Raya Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga A Tshwanela go Nna Modipa
  • Go Ineela go Lekanyeditswe
  • Go Ikokobetsa le go Nna Tekatekano
  • Go Ikoba ga Basadi ba ba Nyetsweng—Go Kaya Eng?
    Tsogang!—1996
  • Tlhogo ya Mosadi ke Monna
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Basadi ba ba Nyetsweng—Tlotlang Banna ba Lona ka Tlotlo e e Boteng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Dilotlele Tse Pedi Tsa Lenyalo le le Tla Nnelang Ruri
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/15 ts. 19-21

Go Nna le Boikobo mo Lenyalong go Raya Eng?

FA MOSADI wa Mokeresete a nyalwa, o tshwanetse a dira diphetogo di le dintsi. Ka gongwe sengwe se se di fetang tsotlhe sa tseno se ama kgololesego ya gagwe. Jaaka motho yo o godileng a sa nyalwa, a ka tswa a ne a setse a gololesegile go itirela ditshwetso di le dintsi a sa botse ope. Mme ereka jaanong a na le monna, o patelesega go bua le ene pele mme a kope tetla ya go dira dilo di le dintsi tseo a neng a tlwaetse go itirela ditshwetso mo go tsone. Ke ka ntlha yang fa seno se ntse jaana?

Ke ka gonne ka nako ya fa Mmopi wa batho a ne a nyadisa mosadi wa ntlha le monna wa ntlha, O ne a tlhopha monna gore e nne ene tlhogo ya mosadi wa gagwe le bana ba ba neng ba tla nna nabo. Seno se ne se utlwala. Setlhopha sengwe le sengwe fela se se rulagantsweng se tlhoka motho yo o tla etelelang pele le go dira ditshwetso. Malebana le lenyalo, Mmopi o ne a laela gore “monna ke tlhōgō ea mosadi.”—Baefesia 5:23.

Go tshegetsa seno, taelo ya Modimo e bolela jaana: “Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona.” (Baefesia 5:22) Tsela e mosadi a amiwang ke thulaganyo eno ka yone e ikaegile ka dilo di le pedi: Sa ntlha, a o iketleeditse go ineela mo thulaganyong eno? sa bobedi, monna wa gagwe o tla laola jang? Ka boammaaruri, fa balekane boobabedi ba lenyalo ba leba thulaganyo eno sentle, ba fitlhela gore e solegela mosadi, monna, le bana ba bone molemo.

Ga A Tshwanela go Nna Modipa

Monna o tshwanetse go dirisa botlhogo jwa gagwe jang? Ka go latela sekao se se molemo sa Morwa Modimo. Bibela e bolela jaana: “Monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, ka e bile e le èna mmoloki oa mmele ka esi. Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna.” (Baefesia 5:23, 25) Phuthego e ne e solegelwa molemo fa Jesu Keresete a ne a dirisa thata ya gagwe. E ne e se modipa. O ne a se ka a dira gore balatedi ba gagwe ba ikutlwe ba sa gololesega kana ba bogisiwa. Go na le moo, botlhe ba ne ba simolola go mo tlotla ka ntlha ya go ba bontsha lorato le go ba utlwela botlhoko. Abo e le sekao se se molemo jang ne gore banna ba se latele fa ba dirisana le basadi ba bone!

Lefa go le jalo, go na le banna bao ba sa lateleng sekao seno se se molemo. Ba dirisa botlhogo jwa bone jo ba bo neilweng ke Modimo ka tsela ya bogagapa, go na le gore ba basadi ba bone ba solegelwe molemo. Ba rena mo basading ba bone ka mokgwa wa bodipa, ba batla gore ba ineele mo go bone ka mo go feletseng mme gantsi ba sa ba letle gore ba itirele ditshwetso tse e leng tsa bone. Re tlhaloganya sentle gore gantsi basadi ba banna ba ba ntseng jalo ba tshela botshelo jo bo sa itumediseng. Mme monna yo o ntseng jalo le ene o a boga ka gore ga a kgone go dira gore mosadi wa gagwe a mo tlotle ka lorato.

Ke boammaaruri, Modimo o batla gore mosadi a tlotle boemo jwa monna wa gagwe jaaka tlhogo ya lelapa. Mme fa monna a eletsa gore a mo tlotle go tswa mo pelong jaaka motho, o tshwanetse a go berekela, mme tsela e e molemolemo ya go dira seno ke go dira dilo sentle le go tlhagolela dinonofo tse di molemo tsa bomodimo jaaka tlhogo ya lelapa.

Go Ineela go Lekanyeditswe

Go dirisa botlhogo ga monna mo mosading wa gagwe go lekanyeditswe. Ka ditsela tse dingwe go ineela ga mosadi go ka tshwantshanngwa le tsela e Bakeresete ba ineelang ka yone mo babusing ba lefatshe. Modimo o laela gore Mokeresete o tshwanetse “a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Gape go ineela gono go tshwanetse ka dinako tsotlhe ga lekalekanngwa le seo re tshwanetseng ra se direla Modimo. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke gōna ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Fa Kaesare (eleng puso ya lefatshe) a batla gore re mo neele tse eleng tsa Modimo, re gakologelwa seno se moaposetoloi Petere a neng a se bolela: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.

Ka tsela e e tshwanang, fa mosadi wa Mokeresete a nyetswe ke monna yo o sa tlhaloganyeng kana a palelwa ke go tlotla melaometheo ya Bokeresete, o santse a patelesega gore a mo ikobele. O tla bo a dira sentle fa a mmontsha lorato le go mo akanyetsa mme ka go dira jalo a leka gore a mo ikanye, go na le gore a dire kgatlhanong le thulaganyo eno e e tlhomilweng ke Modimo. Ka gongwe boitshwaro jo bo ntseng jalo jo bo molemo bo ka dira gore monna wa gagwe a fetoge; bo ka mo gapela mo boammaaruring. (1 Petere 3:1, 2) Fa monna wa gagwe a mo laela gore a dire sengwe se Modimo o se iletsang, he o tshwanetse a gakologelwa gore Modimo ke Molaodi wa gagwe yo mogolo. Ka sekai, fa a batla gore a tsenelele mo mekgweng e e maswe ya tlhakanelodikobo, ya go refosana basadi, o tshwanelwa ke gore a se ka a ikobela seno. (1 Bakorintha 6:9, 10) Go ineela mo monneng wa gagwe go laolwa ke segakolodi sa gagwe ebile go laolwa ke go ineela ga gagwe thata mo Modimong.

Mo motlheng wa ga Kgosi Dafide, Abigaile o ne a nyetswe ke Nabale, monna yo o neng a sa tlotle melaometheo ya bomodimo mme a le bogale ebile a sa bontshe lorato mo go Dafide le mo banneng ba ga Dafide. Bano ke bone ba ba ileng ba sireletsa diketekete tsa dinku le dipodi tsa ga Nabale, mme lefa go ntse jalo fa Dafide a ne a kopa moneelo wa dijo, Nabale o ne a gana go mo neela sengwe.

Abigaile o ne a swetsa ka boene gore a ise dijo kwa go Dafide, fa a sena go lemoga gore boikutlo jwa monna wa gagwe jwa go timana bo tlile go tlisa matlhotlhapelo mo lelapeng. “Abigaile a itlhaganèla, a tsaea dinkgwe di le makgolo mabedi, le mehalō ea boyalwa yoa mofine e le mebedi, le dinku di le tlhano di baakancwe, le dièlō di le tlhano tsa mabèlè a a gadikilweñ, le marōse a difine tse di shwabileñ a le lekgolo, le dipapetla tsa difeige di le makgolo mabedi, me a di belesa ka diesela. Me a raea makau a gagwè, a re, Nkètèlèlañ pele; bōnañ, ke tla lo latèla. Me a se ka a bolèlèla monna oa gagwè Nabale.”—1 Samuele 25:18, 19.

A Abigaile o ne a le phoso go dira se se kgatlhanong le go rata ga monna wa gagwe? Eseng mo go seno. Go ikoba ga ga Abigaile go ne go sa tlhoke gore a tshwane le monna wa gagwe yo o seng lorato, segolobogolo ereka tsela ya ga Nabale e e seng botlhale e ne e baya lelapa lotlhe mo kotsing. Ka gone, Dafide o ne a mmolelela jaana: “A go bakwè Yehofa, Modimo oa Iseraela, eo o gu romileñ gompiyeno ua tla go nkgatlhantsha: Me a go bakwè botlhale yoa gago.” (1 Samuele 25:32, 33) Ka tsela e e tshwanang, basadi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go galefisa banna ba bone le go tsuologela botlhogo jwa bone, mme fa e le gore bano ba tsaya tsela e e seng ya Bokeresete, basadi ga ba a tshwanela go ba latela mo go seno.

Ke boammaaruri, Paulo o bolela jaana mo lekwalong la gagwe le a le kwaletseng Baefesia: “Yaka phuthègō e ineetse mo go Keresete, a basadi le bōnè ba nnè yalo mo banneñ ba bōnè mo diloñ cotlhe.” (Baefesia 5:24) Go bo moaposetoloi a dirisitse lefoko “mo diloñ cotlhe” fano ga go reye gore go ineela ga mosadi ga go a lekanyediwa. Mafoko a ga Paulo a a reng, “yaka phuthègō e ineetse mo go Keresete,” a supa se a neng a se gopotse. Sengwe le sengwe se Keresete a batlang phuthego ya gagwe e se dira se siame, se dumalana le thato ya Modimo. Ka gone, phuthego e ka kgona go ineela kafa tlase ga gagwe mo dilong tsotlhe motlhofo fela le ka boitumelo. Ka mo go tshwanang, mosadi wa monna wa Mokeresete yo o lekang ka tlhoafalo go latela sekao sa ga Jesu o tla itumelela go ineela kafa tlase ga gagwe mo dilong tsotlhe. O itse gore o batla gore a bone molemo, mme le ka motlha ga a ne a mo kopa gore a dire sengwe se a itseng gore ga se dumalane le thato ya Modimo.

Monna o tla dira gore mosadi wa gagwe a tswelele pele a mo rata le go mo tlotla fa a bontsha dinonofo tsa bomodimo tsa tlhogo ya gagwe ebong Jesu Keresete, yo a neng a laela balatedi ba gagwe gore ba ratane. (Yohane 13:34) Lemororo monna a dira diphoso ebile a sa itekanela, fa a dirisa botlhogo jwa gagwe tumalanong le botlhogo jwa ga Keresete jo bogolo, o tlhofofaletsa mosadi wa gagwe gore a itumelele go nna le ene jaaka tlhogo ya gagwe. (1 Bakorintha 11:3) Fa mosadi a tlhagolela dinonofo tsa Bokeresete tsa go nna bori le bopelonomi jo bo lorato, go ka se nne thata mo go ene gore a ineele kafa tlase ga monna wa gagwe.

Go Ikokobetsa le go Nna Tekatekano

Banna mmogo le basadi ba ba mo phuthegong ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le boemo jo bo tshwanang fa pele ga Jehofa. (Bapisa Bagalatia 3:28.) Lefa go ntse jalo, banna ba tlhophilwe ke Modimo gore ba etelele pele mo phuthegong. Basadi ba ba dipelo di siameng ba lemoga seno ka boitumelo mme ba ikoba ka botlalo. Mme banna ba ba godileng ba ba mo phuthegong ba lemoga ka boikokobetso gore seno se rwesa banna boikarabelo jo bo bokete jwa gore ba se ka ba rena mo letsomaneng.—1 Petere 5:2, 3.

Fa banna le basadi ba ba mo phuthegong ba na le kamano e e ntseng jalo, monna wa Mokeresete a ka ntsha mabaka afe a go buelela go bo e le modipa mo mosading wa gagwe, yo e leng kgaitsadie wa semoya? Mosadi a ka ntsha mabaka afe go buelela go bo a lwela botlhogo le monna wa gagwe? Go na le moo, ba tshwanetse go tshwarana fela jaaka Petere a tlhagisa maloko otlhe a phuthego jaana: “Nnañ maikutlō mañwe hèla lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana yaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobeco.” (1 Petere 3:8) Paulo le ene o ne gakolola jaana: “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo.”—Bakolosa 3:12, 13.

Maikutlo a a ntseng jalo a tshwanetse a tlhagolelwa mo phuthegong. Mme segolobogolo a tshwanetse a tlhagolelwa ke monna le mosadi mo lelapeng la Bokeresete. Monna a ka bontsha bopelotlhomogi jwa gagwe le bonolo ka go reetsa dikakantsho tse di tswang mo mosading wa gagwe. O tshwanetse a akanyetsa kgopolo ya mosadi wa gagwe pele a ka dira tshwetso e e amang lelapa. Basadi ba Bakeresete ga ba ditlhogo di lolea fela. Gantsi ba ka neela banna ba bone dikakantsho tse di botlhokwa, fela jaaka Sara a ne a dira mo monneng wa gagwe, Aberahame. (Genesise 21:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi wa Mokeresete ga a ne a batla dilo tse monna wa gagwe a ka se kang a di kgona. O tla mmontsha bopelonomi le boikokobetso ka go latela botlhogo jwa gagwe le go mo tshegetsa mo ditshwetsong tsa gagwe, lemororo ka dinako tse dingwe di ka nna tsa farologana le tseo a neng a di gopotse.

Fela jaaka mogolwane yo o lekalekanyang dilo, monna yo o lekalekanyang dilo o kgona go atamelwa bonolo ebile o pelonomi. Mme mosadi yo o lorato o bontsha seo ka go nna pelonamagadi le go nna pelotelele, a lemoga maiteko ao a a dirang a go diragatsa maikarabelo a gagwe go sa kgathalesege bosaitekanelang le dikgatelelo tsa botshelo. Fa maikutlo a a ntseng jalo a tlhagolelwa ke monna le mosadi ka bobedi, go ikoba mo lenyalong ga e ne e nna bothata. Go na le moo, ke motswedi wa boipelo, pabalesego, le kgotsofalo ya goyagoile.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela