Bakeresete Botlhe ba Boammaaruri E Tshwanetse ya Nna Baefangele
“O dire tiro ya moefangele [kana, morongwa].”—2 TIMOTHEO 4:5, NW, ntlhanyana e e kwa tlase.
1. Baefangele ba ne ba rera mafoko afe a a molemo ka lekgolo la ntlha la dingwaga?
GO KAYA eng go nna moefangele gompieno? A o ene? Lefoko “moefangele” le tswa mo lefokong la Segerika eu·ag·ge·li·stesʹ, le le rayang “moreri wa mafoko a a molemo.” Fa e sale phuthego ya Bokeresete e tlhomiwa ka 33 C.E., mafoko a a molemo a Bokeresete a ne a gatelela kafa Modimo o tla bolokang ka gone gape a bolela gore Jesu Keresete o ne a tla boa ka nako e nngwe moragonyana a tla go simolola go laola batho ka Bogosi jwa gagwe.—Mathaio 25:31, 32; 2 Timotheo 4:1; Bahebera 10:12, 13.
2. (a) Mafoko a a molemo a okeditswe jang mo motlheng wa rona? (b) Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tlamega go dira eng gompieno?
2 Go tloga ka 1914 go ya pele, go ne ga simolola go nna le bosupi jo bo oketsegileng jwa gore sesupo se Jesu a neng a se neile malebana le go boa ga gagwe le go nna gone ga gagwe go go sa bonaleng se ne se diragala. (Mathaio 24:3-13, 33) Mafoko a a molemo a ne a ka boa gape a akaretsa polelwana e e reng “bogosi yoa Modimo bo atametse.” (Luke 21:7, 31; Mareko 1:14, 15) Eleruri, go ne go tlile nako ya gore boperofeti jwa ga Jesu jo bo begilweng go Mathaio 24:14 bo diragadiwe ka tsela e e molemolemo: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Ka jalo, go nna moefangele jaanong go akaretsa go itsise ka tlhagafalo kaga Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng le masego ao bo tla tlogang bo a leretse batho ba ba utlwang. Bakeresete botlhe ba laotswe gore ba dire tiro eno le gore ba ‘dire barutwa.’—Mathaio 28:19, 20; Tshenolō 22:17.
3. (a) Lefoko “moefangele” le na le bokao bofe jo bongwe? (Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 770, kholamo 2, serapa 2.) (b) Seno se tsosa dipotso dife?
3 Mo godimo ga go rera mafoko a a molemo ka kakaretso, Bibela e dirisa lefoko “moefangele” ka tsela e e kgethegileng malebana le bao ba tlogelang tshimo ya kwa magaeng a bone ba ya go rera mafoko a a molemo kwa mafelong a go iseng go ko go rerwe kwa go one. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le baefangele ba le bantsi ba barongwa, jaaka Filipi, Paulo, Barenabase, Silase, le Timotheo. (Ditihō 21:8; Baefesia 4:11) Mme lefa go ntse jalo go tweng ka nako ya rona e e kgethegileng ya fa e sale go tloga ka 1914? A batho ba ga Jehofa gompieno ba ithaopile go nna baefangele ba mo lefelong la bone le ba barongwa?
Kgatelopele Go Tloga ka 1919
4, 5. Go ne go lebeletswe eng ka tiro ya boefangele moragonyana fela ga 1914?
4 Fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e ya bokhutlong ka 1918, batlhanka ba Modimo ba ne ba ganediwa thata ke batenegi le ke baruti ba Labokeresete le ditsala tsa bone tsa bopolotiki. Ebile tota, boefangele jwa nnete jwa Bokeresete bo ne jwa batla bo ema gotlhelele ka June 1918 fa batlhankedi ba ba neng ba eteletse pele ba Mokgatlho wa Watch Tower kwa United States ba ne ba atlholelwa go tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le 20 ba latofadiwa ka dilo tse di seng boammaaruri. A baba ba Modimo ba ne ba kgonne go emisa tiro ya go rera mafoko a a molemo?
5 Go sa solofelwa, ka March 1919 batlhankedi ba Mokgatlho ba ne ba gololwa mme ya re moragonyana ba seka ba bonwa molato mo ditatofatsong tsa maaka tseo ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya tsone. Ka kgololesego e ba neng ba sa tswa go e bona, Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba ne ba lemoga gore go ne go santse go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa pele ba ka phuthelwa kwa tuelong ya bone ya selegodimo ya go nna baruaboswa mmogo mo Bogosing jwa Modimo.—Baroma 8:17; 2 Timotheo 2:12; 4:18.
6. Tiro ya boefangele e ne ya tswelela pele jang fa gare ga 1919 le 1939?
6 Morago kwa ka 1919 batho ba palo e e kwa tlase ga 4 000 ba neng ba bega gore ba ne ba na le seabe mo go anamiseng mafoko a a molemo. Mo dingwageng tse di somaamabedi tse di ileng tsa latela, banna ba le mmalwa ba ne ba ithaopa go nna baefangele ba barongwa, mme bangwe ba ne ba romelwa go ya kwa dinageng tsa Afrika, Asia, le Yuropa. Ka 1939, morago ga go rera ka Bogosi dingwaga di le 20, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba oketsegile ebile ba fetile palo ya 73 000. Koketsego eno e kgolo, eo e neng ya fitlhelelwa go ntse go na le pogiso e kgolo, e ne e tshwana le eo e neng ya direga mo dingwageng tsa ntlha tsa phuthego ya Bokeresete.—Ditihō 6:7; 8:4, 14-17; 11:19-21.
7. Ka ngwaga wa 47 C.E. le wa 1939, go ne go na le boemo bofe jo bo tshwanang malebana le tiro ya Bokeresete ya boefangele?
7 Lefa go ntse jalo, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ka nako eo ba ne ba le bantsi mo dinageng tsa Boporotesetanta tse go buiwang Seesemane kwa go tsone. Ebile tota, palo e e fetang 75 lekgolong ya baboledi ba Bogosi ba ba 73 000 ba ne ba tswa kwa Australia, Britain, Canada, New Zealand, le United States. Fela jaaka go ne go ntse ka bo 47 C.E., go ne go tlhokega sengwe go kgothatsa baefangele gore ba ele tlhoko thata dinaga tsa lefatshe tse di iseng di berekiwe thata.
8. Ka 1992, Sekolo sa Gileade se ne se fitlheletse eng?
8 Dithibelo le dipogiso tsa nako ya ntwa ga di a ka tsa kgona go emisa moya o o nonofileng o o boitshepo wa ga Jehofa gore o se ka wa tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe gore ba ipaakanyetse koketsego e kgolwane. Ka 1943, fa Ntwa ya Lefatshe II e befile, phuthego ya Modimo e ne ya tlhoma Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade ka maikaelelo a go anamisetsa mafoko a a molemo kwa mafelong a mangwe. Ka March 1992, sekolo seno se ne se setse se rometse barongwa ba le 6 517 kwa dinageng tse di farologaneng di le 171. Mo godimo ga moo, go ne go thapisiwa banna gore ba tlhokomele makala a Mokgatlho wa Watch Tower a a kwa dinageng di sele. Ka 1992, mo baokameding ba ba 97 ba Dikomiti tsa Makala, ba le 75 mo go bone ba ne ba thapisitswe kwa Gileade.
9. Ke dithulaganyo dife tsa go thapisa tseo di nnileng le seabe mo go gateleng pele ga tiro ya boefangele le ya go dira barutwa?
9 Kwantle ga Sekolo sa Gileade, dithulaganyo tse dingwe tsa thapiso di ile tsa thusa batho ba ga Jehofa go atolosa le go tokafatsa tiro ya bone ya boefangele. Ka sekai, Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se dira mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Thulaganyo eno, mmogo le Pokano ya Tirelo ya beke le beke, e ile ya thapisa baboledi ba Bogosi ba le dimilione gore ba nne le matswela mo bodiheding jwa phatlalatsa. Gape go na le Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi, seo se neelang bagolwane le batlhanka ba bodihedi thapiso e e mosola gore ba kgone go tlhokomela botoka diphuthego tse di ntseng di gola. Sekolo sa Tirelo sa Bobulatsela se thusitse baefangele ba le bantsi ba nako e e tletseng gore ba nne le matswela go gaisa mo tirong ya bone ya go rera. Bosheng fela jaana, Sekolo sa Thapiso sa Bodihedi se ne sa dira mo dinageng tse di farologaneng go thusa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba sa nyalang gore ba nne bo Timotheo ba motlha wa segompieno.
10. Thapiso e e molemolemo eo e neelwang ka phuthego ya Modimo e ile ya nna le matswela afe? (Akaretsa tshedimosetso e e mo lebokoseng.)
10 Thapiso eno yotlhe e ile ya felela ka eng? Ka 1991, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fitlhile mo tlhoreng ya baboledi ba Bogosi ba ba fetang dimilione tse nne bao ba dirang mo dinageng di le 212. Lefa go ntse jalo, phapaanong le boemo jo bo neng bo le gone ka 1939, ba ba fetang 70 lekgolong ba bano ba tswa kwa dinageng tsa Bokatoliki, tsa Bo-Orthodox, tse eseng tsa Bokeresete, kana kwa dinageng tse dingwe, koo Seesemane e seng yone puo e e buiwang ke ba le bantsi.—Bona lebokoso la “Koketsego Fa E Sa Le ka 1939.”
Lebaka la Go Bo Ba Atlega
11. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore o atlega jaaka modihedi ka ntlha ya ga mang?
11 Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye gore ba lebanwe ke tlotlo ka ntlha ya kgolo eno. Go na le moo, ba leba tiro ya bone jaaka moaposetoloi Paulo a ne a e leba, jaaka a tlhalositse mo lokwalong lo a neng a lo kwalela Bakorintha. “Me hoñ Apolose e be e le mañ? le Paulo ke mañ? Ke badihedi hèla ba lo dumetseñ ka bōnè; me moñwe le moñwe o nntse yaka Morèna a mo abetse. Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa. Yalo eo o yalañ e be e se sepè, leha e le eo o nosañ; ha e se Modimo hèla o o uñwisañ. Gonne re badihi mmōgō le Modimo: lona lo temō ea Modimo, lo kagō ea Modimo.”—1 Bakorintha 3:5-7, 9.
12. (a) Lefoko la Modimo le na le seabe sefe mo tirong e e atlegang ya boefangele jwa Bokeresete? (b) Ke mang yo o tlhomilweng go nna Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, mme tsela nngwe ya botlhokwa ya go bontsha gore re ineela kafa tlase ga botlhogo jwa gagwe ke efe?
12 Kwantle ga pelaelo koketsego e e gakgamatsang eo Basupi ba ga Jehofa ba nnang le yone e nna gone ka ntlha ya go segofadiwa ke Modimo. Ke tiro ya Modimo. Ka go lemoga ntlha eno, ba tswelela pele ba ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo ka metlha. Sengwe le sengwe seo ba se rutang mo tirong ya bone ya boefangele ba se thaya mo Bibeleng. (1 Bakorintha 4:6; 2 Timotheo 3:16) Se sengwe gape se se ba thusang gore ba atlege mo boefangeleng jwa bone ke lebaka la go bo ba dumela ka botlalo mo go Ene yo Modimo o mo tlhomileng go nna Tlhogo ya phuthego, Morena Jesu Keresete. (Baefesia 5:23) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha seno ka go dirisana mmogo le bao Jesu a neng a ba tlhomile go nna baaposetoloi. Banna bano, mmogo le bagolwane ba bangwe ba phuthego ya Jerusalema, ba ne ba bopa setlhopha se se laolang sa Bakeresete sa lekgolo la ntlha la dingwaga. Morena Jesu Keresete o ne a dirisa setlhopha seno sa Bakeresete ba ba godileng go rarabolola dikgang le go kaela tiro ya go rera a le kwa legodimong. Go dirisana ka tlhagafalo jaana le thulaganyo eno ya bomodimo ga ga Paulo go ne ga felela ka gore diphuthego tseo a neng a di etela di gole. (Ditihō 16:4, 5; Bagalatia 2:9) Gompieno le gone, ka go tshwarelela thata mo Lefokong la Modimo le ka go dirisana ka tlhagafalo le kaelo e e tswang kwa Setlhopheng Se Se Laolang, baefangele ba Bakeresete ba ka tlhomamisega gore ba tla atlega mo bodiheding jwa bone.—Tito 1:9; Bahebera 13:17.
Go Tsaya Ba Bangwe E Le Ba Ba Go Gaisang
13, 14. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a neela kgakololo efe jaaka fa go begilwe go Bafilipi 2:1-4? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go gakologelwa kgakololo eno fa re le mo tirong ya boefangele?
13 Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha batho ba ba batlang boammaaruri lorato lwa nnete mme ga a ka a bontsha boikutlo jwa go ipona a gaisa ba bangwe kana jwa go tlhaola batho ka lotso. Ka jalo, o ne a ka kgothaletsa badumedi ka ene gore ba ‘tseye ba bangwe ba ba gaisa ka molemo.’—Bafilipi 2:1-4.
14 Fela jalo, baefangele ba boammaaruri ba Bakeresete gompieno ga ba itseele kwa godimo fa ba dirisana le batho ba ditso tse di farologaneng le ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o tswang kwa United States, yo o abetsweng go direla jaaka morongwa kwa Afrika, o bolela jaana: “Ke itse fela sentle gore ga re ba gaise ka sepe. Gongwe re na le madi a mantsi go ba feta le seo go tweng ke thutego, mme lefa go ntse jalo bone [batho ba mo lefelong leo] ba na le dinonofo tse di gaisang tsa rona.”
15. Bao ba abetsweng go ya go direla kwa dinageng tse e seng tsa ga bone ba ka bontsha jang gore eleruri ba tlotla batho bao e tla nnang barutwa ka mmatota?
15 Eleruri, fa ka boammaaruri re tlotla batho bao re ba abelang mafoko a a molemo, re tla dira gore go nne motlhofo mo go bone gore ba amogele molaetsa wa Bibela. Gape go a thusa fa moefangele wa morongwa a bontsha gore o itumelela go tshela le batho bao a abetsweng gore a ba thuse. Morongwa mongwe yo o atlegileng yo o ntseng dingwaga tse 38 tse di fetileng mo Afrika o tlhalosa jaana: “Ke ikutlwa go tswa mo pelong gore leno ke legae la me le gore batho ba ba mo phuthegong eo ke abetsweng mo go yone ke bakaulengwe ba me le bokgaitsadi. Fa ke boetse morago kwa Canada ke ile malatsing a boikhutso, ga ke ikutlwe ke le kwa gae tota. Mo e ka nnang beke ya bofelo e ke e nnang kwa Canada, ke a bo ke šwegašwega gore ke boele morago kwa ke abetsweng gone. Ka metlha ke ikutlwa jalo. Ke bolelela bao ke ithutang le bone Bibela le bakaulengwe le bokgaitsadi kafa ke itumetseng ka teng gore ke bo ke boile, mme ba itumelela gore ke batla go nna le bone.”—1 Bathesalonia 2:8.
16, 17. (a) Barongwa ba le bantsi le baefangele ba ba dirang mo mafelong a bone ba tsere kgwetlho efe gore ba nne le matswela ka mo go oketsegileng mo bodiheding jwa bone? (b) Morongwa mongwe o ne a nna le boitemogelo bofe ka ntlha ya go bua ka puo e e buiwang mo lefelong leo a neng a le kwa go lone?
16 Ba bangwe fa ba fitlhela gore go na le setlhopha se segolo mo ditshimong tsa lefelo la bone sa batho bao ba buang puo e e seng ya lefelo leo, ba ile ba dira boiteko jwa gore ba ithute puo eo, ka go dira jalo ba bontsha gore ba leba ba bangwe e le ba ba ba gaisang. “Kwa borwa jwa Afrika,” go bolela jalo morongwa mongwe, “ka dinako tse dingwe batho ba ba goletseng mo Afrika le ba ba goletseng kwa Yuropa ba nna le boikutlo jwa go se tshepane. Mme lefa go ntse jalo ka gonne re bua ka puo ya mo lefelong leo ka bofefo fela seo se dira gore ba se ka ba ikutlwa jalo.” Go bua puo ya batho bao re ba abelang mafoko a a molemo go thusa thata go fitlhelela dipelo tsa bone. Go tlhoka go dira ka natla le go itshoka ka boikokobetso. Morongwa mongwe yo o kwa nageng nngwe e e kwa Asia o tlhalosa jaana: “Go nna o ntse o itoma diteme mme kafa letlhakoreng je lengwe o tshegwa ka ntlha ya diphoso tse o di dirang e ka nna teko. Go ka nna ga lebega go le motlhofo gore o itlhoboge o bo o lesa.” Lefa go ntse jalo, go rata Modimo le go rata moagelani go ne ga thusa morongwa yono gore a itshoke.—Mareko 12:30, 31.
17 Go ka tlhaloganngwa gore, batho ba tseega maikutlo fa motswakwa a leka go rera mafoko a a molemo ka puo ya bone. Ka dinako tse dingwe go felela ka masego a a neng a sa solofelwa. Morongwa mongwe kwa nageng e e kwa Afrika ya Lesotho o ne a bua le mosadi yo mongwe ka 1Sesotho yo o neng a dira mo madirelong a melogo e e kgabisitsweng. Tona ya puso ya naga e nngwe ya mo Afrika e ne e ntse e keleka dikago tseo mme ya utlwa puisano eo. E ne ya tla kwa go bone mme ya mo akgola ka botsalano, mme kgaitsadi a simolola go bua ka puo ya tona eno ya puso. “Ke ka ntlha yang fa o sa ye kwa [nageng ya gaetsho] wa ya go dira mo gare ga batho ba rona, ka gonne le Se-Swahili o a se itse?” o ne a botsa jalo. Ka botlhale, morongwa o ne a araba ka go re: “Go ne go ka nna monate tota. Mme lefa go ntse jalo ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme gone jaanong jaana tiro ya rona ga e a letlelelwa kafa molaong kwa nageng ya lona.” “Tsweetswee,” o ne a fetola jalo, “o se ka wa akanya gore rotlhe re kgatlhanong le tiro ya lona. Bontsi jwa rona bo rata Basupi ba ga Jehofa. Gongwe letsatsi lengwe lo tla kgona go ruta batho ba rona lo phuthologile.” E ne ya re nako nngwe morago ga foo, morongwa o ne a itumelela go utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba filwe kgololesego ya bodumedi kwa nageng yone eo.
Go Iketleetsa Go Ithontsha Ditshwanelo
18, 19. (a) Paulo o ne a leka go etsa Mong wa gagwe Jesu Keresete ka tsela efe ya botlhokwa? (b) Anela boitemogelo (jo bo mo serapeng kana jwa gago) jo bo bontshang gore go botlhokwa go tila sepe fela se se ka kgopisang bao re ba abelang mafoko a a molemo.
18 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala a re; “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete,” o ne a sa tswa go tlhalosa kafa go tlhokegang ka gone go tila go kgopisa ba bangwe, a re: “Leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo. Se kgopiseñ bapè, leha e le Bayuda, leha e le Bagerika, leha e le phuthègō ea Modimo: hèla yaka le nna ke kgatlha batho botlhe mo diloñ cotlhe, ke sa itihele, me ke dihèla ba ba leñ bantsi, gore ba tlè ba bolokwè.”—1 Bakorintha 10:31-33; 11:1.
19 Baefangele ba ba iketleeditseng gore ba ithontshe dilo dingwe, jaaka Paulo, e le fela gore bao ba ba rerelang ba solegelwe molemo, ba a segofadiwa. Ka sekai, kwa nageng nngwe e e kwa Afrika, banyalani bangwe ba barongwa ba ne ba ya kwa hoteleng ya lefelo leo go ya go ja teng go keteka letsatsi la bone la lenyalo. La ntlha ba ne ba ikaeletse go reka beine mmogo le dijo, ka gonne go dirisa bojalwa ka tekanyetso ga go ilediwe ke Bibela. (Pesalema 104:15) Mme lefa go ntse jalo banyalani bano ba ne ba swetsa ka gore ba se ka ba dira jalo ereka gongwe go ne go ka kgopisa batho ba lefelo leo. “Erile nako nngwe moragonyana,” go gakologelwa jalo monna, “re ne ra kopana le monna mongwe yo e neng e le raseapei yo mogolo kwa hoteleng eo mme ra simolola go ithuta Bibela le ene. Morago thata o ne a re bolelela jaana: ‘A lo gakologelwa nako ya fa lo ne lo tlile go ja kwa hoteleng? Rotlhe re ne re le kafa morago ga lebati la boapeelo re lo lebeletse. Wa bona, barongwa ba kereke ba ne ba re boleletse gore go nwa go phoso. Lefa go ntse jalo, fa ba tlile mo hoteleng, ba reka beine fela ba phuthologile. Ka jalo re ne re dirile tshwetso ya gore fa lo ne lo ka reka bojalwa, re ne re se kitla re lo reetsa fa lo tla go re rerela.’” Gompieno, raseapei yoo le ba bangwe bao ba neng ba bereka kwa hoteleng eo ke Basupi ba ba kolobeditsweng.
Go Santse Go Setse Tiro E Ntsi
20. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re itshoke jaaka baefangele ba ba matlhagatlhaga, mme ba le bantsi ba tsaya tshiamelo efe e e itumedisang?
20 Jaaka fa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo bo ntse bo atamela ka bofefo, ba le bantsi ba santse ba eletsa go utlwa mafoko a a molemo, mme go potlakile fela thata go feta lefa e le leng pele gore Mokeresete mongwe le mongwe a itshoke e le moreri yo o ikanyegang. (Mathaio 24:13) A o ka oketsa seabe se o nnang le sone mo tirong eno ka go nna moefangele ka tsela e e kgethegileng jaaka Filipi, Paulo, Barenabase, Silase, le Timotheo? Ba le bantsi ba dira sengwe se se ntseng jalo ka go nna babulatsela le go ithaopa gore ba direle kwa mafelong ao a nang le tlhokafalo e kgolwane.
21. Batho ba ga Jehofa ba buletswe “kgōrō e kgolo . . . e go nañ le tihō mo go eōna” jang?
21 Bosheng jaana, go ile ga bulega ditshimo tse dikgolo tse go ka bolelwang efangele kwa go tsone kwa dinageng tse di kwa Afrika, Asia, le Yuropa Botlhaba, koo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e neng e thibetswe pele teng. Jaaka fa go ne go ntse ka moaposetoloi Paulo, batho ba ga Jehofa ba “bulecwe kgōrō e kgolo . . . e go nañ le tihō mo go eōna.” (1 Bakorintha 16:9) Ka sekai, baefangele ba barongwa bao e ileng ya re bosheng jaana ba goroga kwa nageng e e mo Afrika ya Mozambique ga ba kgone go lepalepana le palo ya batho ba ba batlang go tshwarelwa dithuto tsa Bibela. Abo re ka itumela thata jang ne go bo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya amogelwa kafa molaong kwa nageng eo ka February 11, 1991!
22. Lefa e ka tswa e le gore tshimo ya lefelo la rona e dirilwe thata kana ga e a dirwa, rotlhe re tshwanetse gore re bo re ititeile sehuba gore re tla dira eng?
22 Kwa dinageng tseo re neng re ntse re obamela ka kgololesego kwa go tsone, bakaulengwe ba rona le bone ba oketsegela pele. Ee, go sa kgathalesege gore re nna kae, go santse go na le “mo gontsi mo re ka go dirang mo tirong ya Morena.” (1 Bakorintha 15:58, NW) Ka jalo, a re tsweleleng pele re dirisa nako e e setseng ka botlhale jaaka fa mongwe le mongwe wa rona a ‘dira tiro ya motsamaisa mafoko a a molemo, re swetsa tiro ya rona ka botlalo.’—2 Timotheo 4:5; Baefesia 5:15, 16.
A O Ka Tlhalosa?
◻ Moefangele ke eng?
◻ Mafoko a a molemo a ne a okediwa jang morago ga 1914?
◻ Tiro ya boefangele e ile ya gatela pele jang fa e sale ka 1919?
◻ Ke dilo dife tsa botlhokwa tseo di ileng tsa thusa gore tiro ya boefangele e atlege?
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Koketsego Fa e Sa le Ka1939
Ela tlhoko dikai tse di tswang kwa dikontinenteng tse tharo tse go neng go rometswe barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade kwa go tsone. Morago kwa ka 1939 go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 636 fela bao ba neng ba bega go tswa kwa Afrika Bophirima. Ka 1991 palo eno e ne e oketsegile ebile e feta 200 000 mo dinageng di le 12 tsa Afrika Bophirima. Gape barongwa ba ile ba nna le seabe se segolo mo dikoketsegong tse dikgolo tse di diregang mo dinageng tse di kwa Amerika Borwa. Nngwe ya tsone ke Brazil, eo e neng ya oketsega go tswa mo baboleding ba Bogosi ba le 114 ka 1939 go ya go ba le 335 039 ka April 1992. Go ne ga nna le koketsego e e ntseng jalo kwa dinageng tsa Asia fa barongwa ba sena go fitlha koo. Ka Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Japane ba ba neng ba le palopotlana ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo, mme tiro ya bone e ne ya ema. Go tswa foo, ka 1949, go ne ga goroga barongwa ba le 13 go tla go thusa go rulaganya tiro sesha. Mo ngwageng oo wa tirelo, baboledi ba lefelo leo ba le palo e e kwa tlase ga lesome ba ne ba bega tirelo ya tshimo e e dirilweng mo Japane yotlhe mme ka April 1992 palogotlhe ya baboledi e ne e fitlhile go 167 370.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Labokeresete le Bothata Jwa Puo
Bangwe ba barongwa ba Labokeresete ba ne ba dira boiteko jo bo tswang mo pelong jwa gore ba ithute puo e e seng ya bone, mme lefa go ntse jalo ba le bantsi ba ne ba lebeletse gore batho ba lefelo leo ba bue puo ya bone ya Seyuropa. Jaaka Geoffrey Moorhouse a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya The Missionaries:
“Bothata e ne e le gore go itse puo ya batho ba lefelo leo gantsi go ne go lejwa e le sengwe se se thusang mo go ranoleng Dikwalo fela. Tota barongwa kana mekgatlho eo e neng e ba thapile e ne e dira boiteko jo e seng jwa sepe go tlhomamisa gore morongwa o ne a ka kgona go bua le motho wa lefelo leo ka puo ya gagwe ka thelelo e e leng yone fela tsela eo ka yone go ka nnang le kutlwano e e boteng fa gare ga batho ba ba babedi. Morongwa mongwe le mongwe o ne a ka ithuta mafokonyana a se kae fela a puo ya lefelo leo . . . Kwantle ga moo, ka kakaretso go ne go buisanwa ka puo e e fa e e maswe ebile e nyenyafatsa e go tweng ke Seesemane se se tlhofofaditsweng, seo se neng se raya gore yo o tlholegileng mo Afrika o ne a tshwanetse go bua puo ya moeng wa Moesemane. Seno e ne e le pontsho e nngwe gape ya mokgwa wa go tseela ditso tse dingwe kwa godimo, o dira se se bosula le go gaisa.”
Ka 1922 Sekolo sa Dithuto tsa Botlhaba le tsa Seafrika kwa Lontone se ne sa gatisa pego nngwe kaga bothata jwa puo. “Re akanya gore,” go ne ga rialo pego, “selekanyo seo ka kakaretso barongwa ba gatelang pele mo dipuong tsa mafelo a ba kwa go one ka sone . . . se kwa tlase mo go swabisang ebile go le kotsi.”
Barongwa ba Mokgatlho wa Watch Tower ga ba a bolo go leba go ithuta puo e e buiwang kwa lefelong le ba romilweng kwa go lone e le sengwe se ba tshwanetseng go se dira, mme ke gone ka moo ba atlegang mo tirong ya borongwa.