Dikopano tsa Kgaolo tsa “Thuto ya Bomodimo”
BOTLHE ba ba eletsang go rutwa ke Jehofa ba emetse ka tlhologelelo Dikopano tsa Kgaolo tsa “Thuto ya Bomodimo.” Thulaganyo eno ya malatsi a mane e tla tlotlomatsa dikarolo tsa botlhokwa tsa thuto ya Dikwalo e e sireletsang Bakeresete mo dinakong tseno tse batho, motho ka namana, ba ntseng ba oketsegelwa ke mathata le tlhakatlhakano e e mo lefatsheng. Thulaganyo eno e tla ba thusa gore ba eme ka tlhomamo ‘kgatlhanong le sengwe le sengwe se se tlhabanang le thuto e e itekanetseng’ le gore ba nne barutisi ba ba botoka ba Lefoko la Modimo.—1 Timotheo 1:10.
Abo re na le dikao tse di molemo jang ne tse re ka di etsang! Morutisi yo Mogolo go gaisa ga se ope fa e se Jehofa Modimo ka boene! Ka jalo, Elihu o ne a bolelela Jobe ka tshwanelo gore Jehofa ke “[Ene yo] o re rutañ bogolo go diphōlōhōlō tsa lehatshe, o re tlhaletsha bogolo go dinōnyane tsa loapi.” Gape o ne a botsa jaana kaga Jehofa: “Emañ eo e leñ moruti yaka ōna?” (Yobe 35:11; 36:22) Mo go Isaia 30:20 Modimo o bidiwa ‘Moruti yo Mogolo.’
Yo o tlang kwa morago ga ga Jehofa fela jaaka morutisi ke Jesu Keresete. O ne a itsege jaaka “Morutisi” kana “Moruti,” mme o umakiwa jalo makgetlo a ka nna 50 mo Efangeling. Le mororo a ile a fodisa batho ba le bantsi a bo a dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi, Jesu o ne a sa itsege jaaka Ngaka mme o ne a itsege jaaka Morutisi, Moruti.—Mathaio 8:19; Luke 5:5; Yohane 13:13.
Mme ka mo go tshwanelang tota, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe le baaposetoloi ba gagwe gore ba nne barutisi jaaka ene e ne e le morutisi. Re ka bona seno mo go Mathaio 10:5 go ya go 11:1 le Luke 10:1-11. Pelenyana fela ga gore a tlhatlogele kwa legodimong, Jesu o ne a roma barutwa ba gagwe thomo e e itsegeng thata ya gore ba rute, e e kwadilweng mo go Mathaio 28:19, 20. Lokwalo lwa Ditihō, mmogo le dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse di tlang morago ga lone mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, di anela kafa balatedi ba ga Jesu ba neng ba diragatsa thomo ya bone ya go ruta ka matlhagatlhaga, ka botswerere, le ka boikanyegi ka gone.
Tiro eno ya go ruta e potlakile gompieno go feta lefa e le leng pele. Re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, mme ka ntlha ya seo, matshelo a a amega. E le gore batho ba se ka ba nna le seabe mo dibeng tsa Babelona O Mogolo le go utlwa dipetso tsa gagwe, ba tshwanetse gore ba rutiwe ba bo ba thusiwe go tswa mo Babelona le gore ba dire tshwetso ya go emela Jehofa le Bogosi jwa gagwe.—Tshenolō 18:4.
E le go thusa Basupi botlhe ba ga Jehofa mo maitekong a bone a go diragatsa thomo ya bone ya go ruta, Jehofa o dirisitse phuthego ya gagwe go ba neela Dikopano tsa Kgaolo tsa “Thuto ya Bomodimo.” Ekete motlhanka mongwe le mongwe yo o ineetseng wa ga Jehofa a ka tlhomamisa gore bogolo a nne gone kwa go e le nngwe ya dikopano tseno, a nna gone ebile a reeditse go simolola ka pina e e bulang le thapelo ka Labone thapama go ya go fitlha ka thapelo e e tswalang ka Sontaga thapama.