LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 6/1 ts. 13-18
  • Nna Le Mogopolo O O Lekalekaneng—Bokhutlo Bo Gaufi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Le Mogopolo O O Lekalekaneng—Bokhutlo Bo Gaufi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la Go Bo go Potlakile go Nna le Mogopolo O O Lekalekaneng
  • Se go Nna Mogopolo O O Lekalekaneng go Se Kayang
  • Kafa go Nna le Mogopolo O O Lekalekaneng go Re Dibelang ka Gone
  • Batla Thuso ya ga Jehofa Gore O Boloke Mogopolo wa Gago O Lekalekane
  • ‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ fa Bofelo bo Ntse bo Atamela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Nnang lo Itekanetse Sentle mo Mogopolong fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Go Tshela ka Mogopolo o o Lekalekaneng le ka Tshiamo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Dira Ditshwetso Tsa Gago ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 6/1 ts. 13-18

Nna Le Mogopolo O O Lekalekaneng—Bokhutlo Bo Gaufi

“Bokhutlō yoa dilō cotlhe bo gauhi: me ke gōna lo nneñ maikutlō a a itekanetseñ, lo ikgapè gore lo bōnè go ineèla mo thapeloñ.”—1 PETERE 4:7.

1. (a) Ke eng se se neng sa tlhabisa moeteledipele mongwe wa bodumedi le balatedi ba gagwe ditlhong? (b) Ka go bo ditebelelo dingwe tse di rileng di sa diragadiwa, go ka nna ga bodiwa dipotso dife?

“KE NE ka amogela pitso e e tswang kwa Modimong mo thapelong ya bofelo bosigong jono. O boletse gore batho ba le 116 000 ba tla tlhatlogela kwa legodimong mme mabitla a badumedi ba ba suleng a le dimilione di le 3,7 a tla atlhamologela legodimong.” Go ne ga bolela jalo moeteledipele mongwe wa Mission for the Coming Days mo bosigong jwa pele ga October 28, 1992, le e neng e le lone letsatsi la bone la katlholo le ba neng ba boleletse pele ka lone. Lefa go ntse jalo, fa October 29 e fitlha, go ne go sena motho lefa e le yo mongwe fela yo o tlhatlogetseng kwa legodimong, ebile go ne go sena mabitla ape a baswi a a neng a bulegile. Boemong jwa gore ba phamolelwe kwa legodimong ka go gapiwa, batho bano ba ba neng ba dumela mo letsatsing leno la katlholo ba kwa Korea ba ne ba bona letsatsi le le latelang le tlhaba fela kafa go tlwaelegileng ka gone. Malatsi a go tweng e tla nna letsatsi la katlholo a ne a fitlha a ba a feta, mme lefa go ntse jalo baeteledipele ba ba neng ba bolelela pele ka one go ne go sena letsapa lepe je le ba fisang pelo. Bakeresete ba tshwanetse go dira eng? A ba tshwanetse go tlogela go dumela gore bokhutlo bo atamela ka potlako?

2. Ke mang yo o neng a buisana le baaposetoloi ka kgopolo ya letsatsi la katlholo le le tlang, mme ba ne ba ithuta seno tlase ga maemo afe?

2 Go araba seno, a re gakologelweng tiragalo ya fa Jesu a ne a buisana le barutwa ba gagwe mo sephiring. Mo go yone tiragalo eo ba ne ba mo utlwa a bua puo pha gore o ne a tla bolawa, ba le kwa kgaolong ya ga Kaesarea Filipi, kwa bokonebotlhaba jwa Lewatle la Galalia, kwa Thabeng e kgolo ya Heremona e e neng e dira gore go nne le tikologo e ntle thata. (Mathaio 16:21) O ne a santse a tla bua mafoko a mangwe a a hutsafatsang tota. Fa a sena go ba tlhalosetsa gore go nna morutwa go raya go tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo ka metlha, Jesu o ne a ba tlhagisa jaana: “Morwa Motho o tla tla ka kgalalèlō ea ga Rragwè, a na le baengele ba gagwè; ediha gōna o tla duèlañ moñwe le moñwe kaha ditihoñ tsa gagwè.” (Mathaio 16:27) Jesu o ne a bua ka go tla ga gagwe ga mo isagweng. Lefa go ntse jalo, mo lekgetlong leno o ne a tla tla e le Moatlhodi. Ka nako eo sengwe le sengwe se ne se tla ikaega ka gore a o tla fitlhela motho a mo latela ka boikanyegi kana nnyaa. Katlholo ya ga Jesu e ne e tla ikaega ka tsela e motho a itshwarang ka yone, go sa kgathalesege gore motho yoo o ka tswa a na le dithoto tsa lefatshe di le kana kang kana a sena tsone. Barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go nna ba gakologetswe ka ntlha eno. (Mathaio 16:25, 26) Ka gone, ke Jesu Keresete ka boene yo o neng a bolelela balatedi ba gagwe gore ba lebelele go tla ga gagwe a le mo kgalalelong, le katlholo ya gone.

3. Jesu o ne a bontsha jang gore eleruri o tla tla mo isagweng?

3 Se Jesu a se bolelang moragonyana se bontsha gore eleruri o tla tla mo isagweng. O bolela jaana: “Amarure kea lo raea, Go bañwe ba bōnè ba ba emeñ ha, ba ba se ketlañ ba utlwa losho gopè, go tsamaea ba bōna Morwa Motho a tla mo bogosiñ yoa gagwè pele.” (Mathaio 16:28) Mafoko ano a diragadiwa malatsi a le marataro morago ga moo. Ponatshegelo e e phatsimang thata ya ga Jesu e a neng a iphetotse ponalo mo go yone e ne ya gakgamatsa barutwa ba gagwe ba ba atamelaneng thata le ene. Ba bona sefatlhego sa ga Jesu se phatsima jaaka letsatsi, mme diaparo tsa gagwe di tsabakela ka bosweu. Go fetoga ponalo gono e ne e le go bona go sa le pele kgalalelo ya ga Keresete le Bogosi jwa gagwe. A bo seno se tlhomamisa dipolelelopele tse di ka ga Bogosi jang ne! A bo e ne e le tlhotlheletso e e maatla jang ne mo barutweng ba gagwe gore ba nne le mogopolo o o lekalekaneng!—2 Petere 1:16-19.

Lebaka la Go Bo go Potlakile go Nna le Mogopolo O O Lekalekaneng

4. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna ba tsogile semoyeng mabapi le go tla ga gagwe?

4 Mo e ka nnang lobaka lo lo kwa tlase ga ngwaga moragonyana, re bona Jesu a ntse mo Thoteng ya Lotlhware, a buisana le barutwa ba gagwe gape mo sephiring. Fa ba ntse ba lebile motse wa Jerusalema, o ba tlhalosetsa gore sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gagwe mo isagweng mme go tswa foo o ba tlhagisa jaana: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.” Balatedi ba gagwe ba tshwanetse go nna ba lebeletse ka metlha ka gonne ga ba itse nako e a tla tlang ka yone. Ba tshwanetse ba nna ba e ipaakanyeditse.—Mathaio 24:42.

5. Go ka bontshiwa jang botlhokwa jwa go nna re disitse?

5 Morena o tla tla jaaka legodu. O tswelela pele ka go bolela jaana: “Me mo loa go itse, go re, Ha muñ oa ntlo a ka bo a itsile tebèlō ea bosigo e legodu le tla tlañ ka eōna, o ka bo a disitse, me o ka bo a se ka a leseletsa ntlo ea gagwè ea phuñwa.” (Mathaio 24:43) Legodu ga le ke le itsise mong wa ntlo gore le tla tla leng; sebetsa sa lone se segolo ke go mo tshoganyetsa. Ka gone, mong wa ntlo o tshwanetse a nna a disitse ka metlha. Lefa go ntse jalo, Mokeresete yo o ikanyegang ene, go bo a sa lape go disa ga se ka go bo a tshogile ka tsela nngwe. Go na le moo, o tlhotlhelediwa ke go lebelela pele ka tlhoafalo go tla ga ga Keresete a le mo kgalalelong gore a tlise kagiso ya Dingwaga Tse Di Sekete.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le mogopolo o o lekalekaneng?

6 Go sa kgathalesege gore motho o nna a lebeletse, ga go na ope yo o ka fopholetsang go sa le pele ka letsatsi le le tshwanetseng le a tla tlang ka lone. Jesu o bolela jaana: “Me ke gōna, le lona nnañ hèla lo iketleeditse: gonne Morwa Motho o tla ka nakō e lo sa mo sholoheleñ ka eōna.” (Mathaio 24:44) Ka jalo he re tlhoka go nna le mogopolo o o lekalekaneng. Fa Mokeresete a ne a ka akanya gore Keresete o ne a ka se ke a tle ka letsatsi le le rileng, gongwe e ne e tla nna lone le a neng a tla tla ka lone! Ke boammaaruri gore, Bakeresete ba ba nang le maikaelelo a a molemo, ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng ba ne ba leka ka bopeloephepa go bonela pele gore bokhutlo bo ne bo tla tla leng. Le fa go le jalo, tlhagiso eno ya ga Jesu e ne e itshupa e le boammaaruri gangwe le gape: “Me kaga letsatsi yeuō, le nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le esi hèla.”—Mathaio 24:36.

7. Gore re nne balatedi ba ga Keresete, re tshwanetse go tshela matshelo a rona jang?

7 Ka gone, re tshwanetse go swetsa ka go reng? Ka go re e le gore re nne balatedi ba ga Keresete, re tshwanetse ra dumela ka dinako tsotlhe gore bokhutlo jwa tsamaiso eno e e bosula bo atametse.

8. Ke eng se se ileng sa fitlhelwa mo Bakereseteng fa e sa le mo metlheng ya Bokeresete ya pelepele?

8 Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ile jwa fitlhelwa mo Bakereseteng ka dinako tsotlhe, jaaka borahisitori ba lefatshe le baithuti ba Bibela ba ne ba lemoga. Ka sekai, barulaganyi ba The Translator’s New Testament ba ne ba bolela jaana, tlase ga lefoko le le reng “Letsatsi” mo karolong eo ba tlhalosang mantswe mo go yone: “Bakeresete ba metlha ya T[esetamente] E N[tšha] ba ne ba nna ba lebeletse Letsatsi (ke gore nako) le mo go lone lefatshe leno la gompieno le bosula jotlhe jwa lone le boikepo di neng di tla fedisiwa mme Jesu a boele mo lefatsheng go tla go atlhola batho botlhe, a bo a tlhoma motlha o mosha wa kagiso a bo a simolola go nna Morena mo lefatsheng lotlhe.” Encyclopædia Britannica e lemotsha jaana: “Go oketsega ga Bokeresete mo lefatsheng lotlhe mo go gaisang le eleng pele go amana ka tlhamalalo le go bo Bakeresete ba lebeletse nako ya bokhutlo, ka tsela ya go lebelela go boa ga ga Keresete mo go setseng go atametse. Go lebelela nako ya bokhutlo ga Bakeresete le ka motlha ga e a ka ya nna keletso fela ya gore Bogosi jwa Modimo bo tle.”

Se go Nna Mogopolo O O Lekalekaneng go Se Kayang

9. Le mororo ditebelelo dingwe tsa ga Petere malebana le Mesia di ne di se boammaaruri, ke ka ntlha yang a ne a tswelela pele a na le tshepo?

9 Mo e ka nnang dingwaga di le 30 morago ga dipuisano tseo tsa mo sephiring tse Jesu a neng a na le tsone le barutwa ba ba atamelaneng thata le ene, moaposetoloi Petere ga a ka a lapisiwa ke go emela gore bokhutlo bo tle. Le mororo ditebelelo tsa gagwe kaga Mesia tsa kwa tshimologong mmogo le tsa barutwa ka ene di ne di sa tlhamalala, o ne a nna a ntse a tshepa gore lorato lwa ga Jehofa le maatla a gagwe di tlhomamisa gore se ba se solofetseng se tla nna sa mmatota. (Luke 19:11; 24:21; Ditihō 1:6; 2 Petere 3:9, 10) O tlhalosa ntlha e e utlwiwang thata mo Dikwalong tsa Segerika fa a bolela jaana: “Bokhutlō yoa dilō cotlhe bo gauhi.” Morago ga moo o ne a rotloetsa Bakeresete ka ene jaana: “Me ke gōna lo nneñ maikutlō a a itekanetseñ, lo ikgapè gore lo bōnè go ineèla mo thapeloñ.”—1 Petere 4:7.

10. (a) Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go kaya eng? (b) Ke eng se se akarediwang mo go boneng dilo ka tsela e e dumalanang sentle le thato ya Modimo?

10 Go nna le “maikutlō a a itekanetseñ” ga go reye go nna botlhale go ya ka pono ya lefatshe. Jehofa o bolela jaana: “Ke tla senya botlhale yoa batlhale, le matsetselekō a ba ba ikèlèlèlañ ke tla a gana.” (1 Bakorintha 1:19) Lefoko le Petere a le dirisitseng fano le ka raya “go nna le mogopolo o o lekalekaneng.” Tekatekano eno ya semoya e amana le kobamelo ya rona. Ka gone, fa re ritibetse mo mogopolong, re bona dilo ka tsela e e dumalanang sentle le thato ya ga Jehofa; re kgona go tlhaloganya gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa le gore ke dife tse di seng botlhokwa. (Mathaio 6:33, 34) Le mororo bokhutlo bo atametse, ga re tshele mofuta wa botshelo jo bo tlhakatlhakaneng jwa go feteletsa dilo; mme le gone ga re iketle fela jaaka ekete ga re lemoge motlha o re tshelang mo go one. (Bapisa Mathaio 24:37-39.) Go na le moo, re nna tekatekano mo mogopolong, mo mokgweng, le mo boitshwarong jwa rona, joo re bo bontshang Modimo pele (“[re] ikgapè gore [re] bōnè go ineèla mo thapeloñ”) mme morago ga moo re bo re bo bontsha moagisani wa rona (“a go ratana ga [rona] go tukè”).—1 Petere 4:7, 8.

11. (a) Ke eng se se bolelwang ke gore re “shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa [rona]”? (b) Maatla a masha a a mo mogopolong a re thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng?

11 Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go akaretsa gore re “shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa [rona].” (Baefesia 4:23) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go shahadiwa? Ereka re ruile bosaitekanelang ebile re tshela mo tikologong e e nang le boleo, megopolo ya rona e laolwa ke tshekamelo e e kgatlhanong le bomoya. Ka metlha maatla ao a tlhotlheletsa megopolo le ditshekamelo gore di laolwe ke dilo tse di bonalang, le bopelotshetlha. Ka gone he, fa mongwe a nna Mokeresete, o tlhoka maatla a masha, kana boikutlo jwa mogopolo jo bo tlhomologileng, jo bo tla tlhotlheletsang megopolo ya gagwe mo tseleng e e siameng, ya semoya, le ya go iketleeletsa go intsha setlhabelo. Ka jalo, fa ka sekai a tshwanetse gore a itlhophele, mo go tsa thuto, mo mokgeleng wa gagwe, mo tirong, mo boitlosobodutung, mo boitapolosong, mo mofuteng wa kapari, kana lefa e ka nnang eng fela, tshekamelo ya gagwe ya ntlha e tla nna go sekaseka kgang eno go ya ka pono ya semoya go na le ya senama, e e bogagapa. Boikutlo jono jwa mogopolo jo bosha bo mo dira gore a akanye ka dikgang tseno a na le mogopolo o o lekalekaneng ebile a lemoga gore bokhutlo bo gaufi.

12. Re ka tswelela re le “ba ba itekanetseñ mo tumeloñ” jang?

12 Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go re bontsha gore re itekanetse sentle semoyeng. Re ka ipoloka re le “ba ba itekanetseñ mo tumeloñ” jang? (Tito 2:2) Re tshwanetse go fepa megopolo ya rona ka mofuta o o siameng wa dijo. (Yeremia 3:15) Go ja dijo tsa Lefoko la Modimo la boammaaruri ka metlha mmogo le go dira ga moya wa gagwe o o boitshepo go tla re thusa go ipoloka re itekanetse semoyeng. Ka gone he, go botlhokwa gore motho ka namana a ithute ka metlha, mmogo le go ya tirelong ya tshimo, go rapela, le go kopana le Bakeresete ba bangwe ka metlha.

Kafa go Nna le Mogopolo O O Lekalekaneng go Re Dibelang ka Gone

13. Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go re dibela jang gore re se ka ra dira diphoso tsa boeleele?

13 Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go ka re dibela gore re se ka ra dira phoso ya boeleele e e ka dirang gore re se ka ra bona botshelo jo bo sa khutleng. Seno se ka kgonega jang? Moaposetoloi Paulo o bua ka ‘molao wa mogopolo.’ Fa motho a itekanetse mo tumelong, molao oo wa mogopolo o laolwa ke sengwe se se mo itumedisang, e leng “molaō oa Modimo.” Ke boammaaruri gore “molaō oa boleo” o tlhabana le molao wa mogopolo. Lefa go ntse jalo, Mokeresete o ka fenya ka thuso ya ga Jehofa.—Baroma 7:21-25.

14, 15. (a) Ke ditlhotlheletso dife tse pedi tse di lwelang go laola mogopolo? (b) Re ka fenya jang ntwa ya mogopolo?

14 Paulo o tswelela ka go re bontsha phapaang e kgolo gareng ga mogopolo o o laolwang ke nama e e nang le boleo, o o re gogelang mo botshelong jwa maitlhapediso, le mogopolo o o laolwang ke moya wa Modimo, o o re kaelang kwa botshelong jwa go intsha setlhabelo mo tirelong ya ga Jehofa. Paulo o kwala jaana mo go Baroma 8:5-7: “Ba ba leñ kaha nameñ ba tlhokometse dilō tsa nama; me ba ba leñ kaha moeeñ ba tlhokometse dilō tsa mōea. Gonne maikutlō a nama ke losho; me maikutlō a mōea ke botshelō le kagishō. Ka maikutlō a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molaō oa Modimo, le gōna go bo go sa kake ga nna yalo.”

15 Go tswa foo mo temaneng ya 11, Paulo o tlhalosa ka fa mogopolo o o dirisanang mmogo le moya o o boitshepo o fenyang ntwa ka gone: “Me ha Mōea oa ōna o o cositseñ Yesu mo bashwiñ o agile mo go lona, ōna o o cositseñ Keresete Yesu mo bashwiñ, o tla rudisa le eōna mebele ea lona e e nañ le go shwa, ka Mōea oa ōna o o agileñ mo go lona.”

16. Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go re sireletsa mo dilong dife tse di gogelang?

16 Ka gone, fa re na le mogopolo o o lekalekaneng, re ka se tsiediwe ke dilo tse di gogelang tse di tletsetletseng tsa lefatshe leno, tse di nang le maitlhapediso a a seng kana ka sepe mo mefuteng yotlhe ya menate, mo dilong tse di bonalang, le mo boitshwarong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Mogopolo wa rona o o lekalekaneng o tla re bolelela gore “tshabañ boaka” mme re falole le diphelelo tsa jone tse di sa jeseng monate. (1 Bakorintha 6:18) Mogopolo wa rona o o lekalekaneng o tla re rotloetsa go baya dilo tse di amanang le Bogosi kwa pele mme o tla dibela tsela ya rona ya go akanya fa re lebane le diteko tsa go fiwa tiro ya boitshediso eo e ka nnang ya koafatsa kamano ya rona le Jehofa.

17. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o ne a bontsha jang mogopolo o o lekalekaneng fa a ne a na le mathata a madi?

17 Ka sekai, kwa nageng e nngwe ya boboatsatsi kwa Borwabotlhaba jwa Asia, go na le kgaitsadi mongwe yo mmotlana yo o neng a baya dilo tse di amanang le Bogosi kwa pele mo mogopolong wa gagwe. O ne a tlhagoletse lorato lwa tirelo ya nako e e tletseng. Ditiro di le dintsi kwa nageng eo di tlhoka gore motho a bereke malatsi a le marataro kana a le supa a tiro ya letsatsi lotlhe. Fa a sena go aloga kwa yunibesithing, rraagwe, yo o neng e se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a lebeletse gore a amogele madi a mantsi a tle a thuse lelapa la bone. Mme ereka a ne a eletsa thata go bula tsela, o ne a bona tiro e e seng ya letsatsi lotlhe mme a simolola go bula tsela. Seno se ne sa kgopisa rraagwe, yo o neng a ntsha matshosetsi a gore o tla latlhela dilwana tsa gagwe kwa mmileng. Ereka e ne e le motho yo o betšhang bobe, o ne a na le dikoloto tse dintsi, mme o ne a lebeletse gore morwadie a mo duelele dikoloto tsa gagwe. Kgaitsadie yo mmotlana wa mosimane o ne a santse a le kwa yunibesithing, mme ka ntlha ya dikoloto tse di kanakana, go ne go sena madi a go mo duelela dithuto tsa gagwe. Kgaitsadie yo mmotlana o ne a solofetsa gore fa a ne a ka mo thusa, o ne a tla tlhokomela lelapa fa a bona tiro. O ne a le pelopedi, ya go rata kgaitsadie le ya go rata tirelo ya bobulatsela. Fa a sena go sekaseka kgang eno ka kelotlhoko, o ne a swetsa ka gore a tswelele pele a bula tsela mme a batle tiro e nngwe. Mo karabelong ya dithapelo tsa gagwe, o ne a bona tiro e e molemo tota e ka yone a neng a kgona go thusa balelapa la gagwe le kgaitsadie ka madi mme a bo a tswelela le tiro ya gagwe e a e ratileng la ntlha, tirelo ya bobulatsela.

Batla Thuso ya ga Jehofa Gore O Boloke Mogopolo wa Gago O Lekalekane

18. (a) Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba ka nna ba ikutlwa ba kgobegile marapo? (b) Ke dikwalo dife tse di ka gomotsang bao ba kgobegileng marapo?

18 Balatedi ba bangwe ba ga Keresete ba ka nna ba bo ba bona go le thata go boloka megopolo ya bone e lekalekane. Ba ka nna ba felelwa ke bopelotelele jwa bone ka gonne tsamaiso eno ya dilo e e bosula ya gompieno e lebega e tsaya nako e telele go feta jaaka ba ne ba lebeletse. E ka nna ya ba kgoba marapo. Lefa go ntse jalo, bokhutlo bo tla tla. Jehofa o solofetsa jalo. (Tito 1:2) Mme le lefatshe le a le solofeditseng la Paradaise le tla tla. Jehofa o re tlhomamisetsa seo. (Tshenolō 21:1-5) Fa lefatshe le lesha le tla, go tla nna le “setlhare sa botshelō” sa botlhe bao ba tla bong ba bolokile megopolo ya bone e lekalekane.—Diane 13:12.

19. Re ka dira jang gore re boloke megopolo ya rona e lekalekane?

19 Re ka boloka megopolo ya rona jang e lekalekane? Batla thuso ya ga Jehofa. (Pesalema 54:4) Nna o atamelane le ene. A bo re ipela jang ne go bona Jehofa a rata re mo atamela! “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla,” go kwala jalo morutwa Jakobe. (Yakobe 4:8) Paulo o bolela jaana: “Itumeleñ mo Moreneñ ka metlha eotlhe: ke tla ba ke re, Itumeleñ. A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe. Morèna o gauhi. Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 4:4-7) Mme fa merwalo ya tsamaiso eno ya dilo e e nyelelang e utlwala e le boima le go feta gore o ka tswelela pele o e sikere, e latlhele mo go Jehofa, mme o tla go tshegetsa.—Pesalema 55:22.

20. Go ya ka 1 Timotheo 4:10, ke tsela efe e re tshwanetseng go tswelela pele re e latela?

20 Ee, bokhutlo bo gaufi, ka jalo nnang le mogopolo o o lekalekaneng! Eno e ne e le kgakololo e e molemo tota mo dingwageng tse 1 900 tse di fetileng; e santse e le kgakololo e e botlhokwa le gompieno. A re tsweleleng pele re dirisa mogopolo wa rona o o lekalekaneng go galaletsa Jehofa jaaka a tla bo a tswelela pele a re kaela ka pabalesego go tsena mo lefatsheng la gagwe le lesha.—1 Timotheo 4:10.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Mogopolo o o lekalekaneng ke eng?

◻ Ke ka ntlha yang fa go potlakile jaana go nna le mogopolo o o lekalekaneng?

◻ Re ka shahadiwa jang ke maatla a a tlhotlheletsang megopolo ya rona?

◻ Ke ntwa efe e re tshwanetseng go e lwa ka dinako tsotlhe mo megopolong ya rona?

◻ Re boloka mogopolo wa rona jang o lekalekane?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go atamela Modimo ka thapelo go re thusa go nna le mogopolo o o lekalekaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa re na le mogopolo o o lekalekaneng, re ka se tsiediwe ke dilo tse di gogelang tsa lefatshe leno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela