Solegelwa Molemo ke Thuto ya Bomodimo
“Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla.”—ISAIA 48:17.
1. Re tla diragalelwa ke eng fa re dirisa thuto ya bomodimo mo matshelong a rona?
JEHOFA MODIMO ke ene a itseng botoka go gaisa botlhe. Ga go na ope yo o mo gaisang ka go akanya, go bua, kana go dira. E re ka e le Mmopi wa rona, o itse dilo tse re di tlhokang mme o di re neela ka botlalo. Eleruri o itse go re kaela. Mme fa re dirisa thuto ya bomodimo, re solegelwa molemo ka namana re bo re itumela tota.
2, 3. (a) Batho ba Modimo ba bogologolo ba ka bo ba ile ba solegelwa molemo jang fa ba ka bo ba utlwile ditaelo tsa gagwe? (b) Go tla diragala eng fa re dirisa thuto ya bomodimo mo matshelong a rona gompieno?
2 Thuto ya bomodimo e senola kafa Modimo a eletsang thata ka gone gore batlhanka ba gagwe ba tile masetlapelo mme ba itumelele botshelo ka go dirisa melao le melaometheo ya gagwe. Fa batho ba ga Jehofa ba bogologolo ba ka bo ba ile ba mo reetsa, ba ka bo ba nnile le masego a magolo, ka gonne o ne a ba reile a re: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.”—Isaia 48:17, 18.
3 Batho ba Modimo ba bogologolo ba ka bo ba ile ba solegelwa molemo fa ba ka bo ba ile ba utlwa melao le dikaelo tsa gagwe. Go na le gore ba welwe ke masetlapelo a a neng a tlisiwa ke Bababelona, ba ka bo ba ile ba nna le kagiso le katlego e e penologang e le boteng e bile e nnela ruri fela jaaka noka. Mo godimo ga moo, ditiro tsa bone tse di siameng di ka bo di nnile dintsintsi jaaka makhubu a lewatle. Ka tsela e e tshwanang, fa re dirisa thuto ya bomodimo mo matshelong a rona, re ka bona mesola ya yone e mentsi. Mengwe ya yone ke efe?
E Fetola Matshelo
4. Thuto ya bomodimo e ntse e ama matshelo a batho ba le bantsi jang?
4 Thuto ya bomodimo e ntse e solegela batho ba bantsi molemo ka go fetola matshelo a bone gore a nne botoka. Batho ba ba dirisang kaelo ya ga Jehofa ba tlogela “ditihō tsa nama,” tse di tshwanang le boitsholo jo bo maswe, kobamelo ya medimo ya disetwa, tirisabadimo, dikgaogano, le lefufa. Mo boemong jwa tsone ba bontsha maungo a moya a lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, le boikgapo. (Bagalatia 5:19-23) Gape ba utlwa kgakololo e e mo go Baefesia 4:17-24, koo Paulo a kgothatsang badumedi ka ene gore ba se ka ba tsamaya jaaka baditšhaba, mo boithamakong jwa megopolo ya bone e bile ba fifetse ditlhaloganyo, ba kgaogane le tsela ya Modimo ya go tshela. E re ka batho ba ba tshwanang le Keresete ba sa gogiwe ke dipelo tse di kgwaraletseng, ‘ba apola botho jo bogologolo jo bo tsamaelanang le mekgwa ya bone ya pele ya boitshwaro mme ba shafadiwa ke nonofo e e tlhotlheletsang megopolo ya bone.’ Ba ‘apara botho jo bosha jo bo bopilweng go ya kafa go rateng ga Modimo ka tshiamo ya boammaaruri le ka boikanyego.’
5. Thuto ya bomodimo e ama tsela e batho ba tsamayang ka yone jang?
5 Mosola o mongwe wa go dirisa thuto ya bomodimo ke gore e re bontsha kafa re ka tsamayang le Modimo ka teng. Fa re tsamaya le Jehofa, fela jaaka Noa a ne a tsamaya le ene, re tsamaya ka tsela e re e kaetsweng ke Mokaedi wa rona yo Mogolo. (Genesise 6:9; Isaia 30:20, 21) Jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bolela, baditšhaba ba “sepela mo boithamakoñ yoa dipelo tsa bōnè.” Mme a bo dilo dingwe tse di kwalwang ke megopolo eo di ka nna boithamako jang ne! E ne ya re motho mongwe a sena go bona mekwalo ya mengwe ya megopolo eo mo loboteng longwe kwa Pompeii ene motho yono o ne a kwala jaana: “Ao lobota lwa mogolo, go a gakgamatsa go bo o ise o digwe ke bokete jwa malele a a kanakana a a kwadilweng mo go wena a.” Lefa go ntse jalo ‘thuto ya ga Jehofa’ ga e na malele mme tiro ya go rera ka Bogosi e dira gore e kgonege. (Ditihō 13:12) Tiro eo e ile ya thusa batho ba ba ratang boammaaruri gore ba simolole go dira dilo ka botlhale. Ba rutiwa gore ba ka tlogela jang go tsamaya mo ditseleng tsa bone tsa boleo tse ba di dirang ka go sa itse maikaelelo a Modimo. Ga ba tlhole ba le mo lefifing la mogopolo, e bile ga ba tlhotlhelediwe ke dipelo tse di kgwaraletseng tse di latelelang mekgele ya boithamako.
6. Fa re utlwa thuto ya ga Jehofa, seo se amana jang le go itumela ga rona?
6 Thuto ya bomodimo gape e re solegela molemo ka gonne e re itsise Jehofa le ditiro tsa gagwe. Kitso eo e re tsalanya le Modimo, e oketsa lorato lo re mo ratang ka lone, gape e oketsa keletso ya rona ya go batla go mo utlwa. Temana ya 1 Yohane 5:3 e re: “Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna: me ditaolō tsa ōna ga di tlhokohatse.” Gape re reetsa ditaolo tsa ga Jesu ka gonne re itse gore thuto ya gagwe e tswa kwa Modimong. (Yohane 7:16-18) Go utlwa ka tsela e e ntseng jalo go re sireletsa gore re se ka ra tsena mo mathateng a semoya, gape go thusa gore re nne re itumetse.
Bokao jwa Mmatota mo Botshelong
7, 8. (a) Re tshwanetse go tlhaloganya Pesalema 90:12 jang? (b) Re ka itseela pelo ya botlhale jang?
7 Thuto ya ga Jehofa e mosola ka gonne e re bontsha gore re ka dirisa matshelo a rona jang ka tsela e e nang le bokao. E bile tota, thuto ya bomodimo e re bontsha kafa re ka balang malatsi a rona ka tsela e e kgethegileng ka teng. Fa o solofetse go tshela dingwaga di le 70 o solofetse go tshela malatsi a ka nna 25 550. Motho yo o nang le dingwaga tse 50 o setse a tshedile a le 18 250 a one, mme malatsi a a santseng a a lebeletse a a 7 300 a lebega a se kaenyana fela. Eno ruri ke yone nako e a ka kgonang go tlhaloganya ka botlalo lebaka la go bo moperofeti Moshe a ile a rapela Modimo jaana mo go Pesalema 90:12: “Yalo u re rutè go bala malatsi a rona, gore re tlè re itseelè pelo ea botlhale.” Mme gone Moshe o ne a raya eng fa a ne a rialo?
8 Moshe o ne a sa reye gore Modimo o ne o tla bolela palo e e tlhomameng ya malatsi a a neng a tla tshelwa ke Moiseraele mongwe le mongwe. Go ya ka Pesalema 90, temana ya 9 le ya 10, moperofeti yoo wa Mohebera o ne a lemoga gore motho a ka tshela dingwaga di le 70 kana di le 80—lobaka lo lokhutshwane ruri. Ka jalo go phepafetse gore mafoko a Pesalema 90:12 a tlhalosa keletso ya ga Moshe e a neng a e rapelela ya gore Jehofa a mmontshe, kana a mo rute, ene le batho ba Gagwe gore ba dire ka botlhale mme ba tseye ‘malatsi a dingwaga tsa bone’ jaaka letlotlo le go a dirisa ka tsela e Modimo a e amogelang. Mme jaanong, rona re dira jang? A re tsaya letsatsi lengwe le lengwe le le botlhokwa? A re itseela dipelo tse di botlhale ka go batla go dirisa letsatsi lengwe le lengwe ka tsela e e nang le mosola go galaletsa Mokaedi wa rona yo Mogolo, Jehofa Modimo? Thuto ya bomodimo e re thusa go dira fela jalo.
9. Re ka solofela eng fa re ithuta go bala malatsi a rona ka tsela e e galaletsang Jehofa?
9 Fa re ithuta go bala malatsi a rona ka tsela e e galaletsang Jehofa, re ka nna ra kgona go tswelela fela re bala re sa emise, ka gonne thuto ya bomodimo e neela batho kitso ya kafa ba ka tshelelang ruri ka gone. Jesu o ile a re, “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Totatota, lefa re ne re ka nna le kitso yotlhe e e leng teng mo lefatsheng, e ne e ka se ka ya re neela botshelo jo bo sa khutleng. Mme re ka bona botshelo jo bo sa khutleng fa re ka nna le kitso e e tlhomameng ka batho ba babedi ba ba botlhokwa thata mo lobopong lotlhe ra bo ra e dirisa le go bontsha tumelo tota.
10. Saetlopedia nngwe ya reng kaga thuto, mme seno se tshwana jang le mesola ya thuto ya bomodimo?
10 Go sa kgathalesege gore re setse re tshedile lobaka lo loleele go le kana kang, a re gakologelweng mosola ono o o tlhomologileng wa thuto ya bomodimo: E dira gore botshelo jwa ba ba e dirisang bo nne le bokao tota. The World Book Encyclopedia ya re: “Thuto e tshwanetse go thusa batho gore ba nne mosola mo setšhabeng. Gape e tshwanetse ya ba thusa gore ba rate thata boswa jwa ngwao ya bone le gore ba tshele matshelo a a kgotsofatsang thata.” Thuto ya bomodimo e mosola ka gonne e re thusa gore re tshele matshelo a a kgotsofatsang. E re dira gore re rate thata boswa jwa semoya jo re nang le jone jaaka batho ba Modimo. Mme ruri e re dira gore re nne batho ba ba mosola mo setšhabeng, ka gonne e dira gore re kgone go nna le seabe se se botlhokwa mo go neeleng batho dilo tse ba di tlhokang mo lefatsheng lotlhe. Ke ka ntlha yang fa go ka tualo?
Thulaganyo ya Go Ruta mo Lefatsheng Lotlhe
11. Thomas Jefferson o ne a gatelela jang kafa go tlhokegang ka gone go rutega sentle?
11 Ga go na thulaganyo epe ya thuto e e fitlhelelang dilo tse batho ba di tlhokang tsa thuto jaaka thuto ya bomodimo. Thomas Jefferson, yo o neng a nna poresidente wa boraro wa United States, o ne a lemoga kafa go ruta batho go tlhokegang ka gone. Mo lokwalong lwa August 13, 1786, lo a neng a lo kwalela George Wythe, yo e neng e le tsala e bile a saenne Tumelano ya Boipuso le ene, Jefferson o ne a kwala jaana: “Ke akanya gore molao wa botlhokwa go gaisa yotlhe mo setlhopheng sotlhe sa melao ke wa go gasa kitso mo bathong. Ga go na motheo ope o mongwe o o tlhomamisegang o o ka dirwang, wa go boloka kgololesego le boitumelo. . . . Mong wa me yo o rategang, a ko o kue mokgosi wa letsholo kgatlhanong le botlhokakitso; tlhoma o bo o tokafatse molao wa go ruta batho ba e seng ba maemo. A batho ba naga ya rona ba itse . . . gore lekgetho le ba tla le duelang ba duelela boikaelelo [jwa thuto] ga se sepe fa le bapisiwa le madi a mantsintsi a go tla duelwang dikgosi, baruti, le batlotlegi ka one, ba ba tla tswang mo go rona fa re tlogela batho ba sena kitso.”
12. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore thuto ya bomodimo ke yone thulaganyo e e atlegileng e bile e le mosola thata ya go ruta mo lefatsheng lotlhe?
12 Go na le go tlogela batho ba ba ratang tshiamo ba sena kitso, thuto ya ga Jehofa e neela thulaganyo e e molemolemo ya go ruta mo lefatsheng lotlhe gore e ba solegele molemo. Fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e larile dingwaga tse 50 tse di fetileng, U.S. Committee on Educational Reconstruction e ne ya bona go tlhokega ka bofefo gore “lefatshe lotlhe le rutiwe.” Seo se santse se tlhokega le gompieno, mme lefa go ntse jalo, thuto ya bomodimo ke yone fela thulaganyo e e atlegang go ruta lefatshe lotlhe. Gape ke yone e e mosola go gaisa tsotlhe ka gonne e dira gore batho ba se ka ba itlhoboga, e tokafatsa maitsholo le bomoya jwa bone, e ba dibela mo boikgogomosong le mo kilong ya lefatshe, e bile e ba neela kitso e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Mo godimo ga tsotlhe, thulaganyo eno e solegela batho molemo gongwe le gongwe ka go ba ruta go direla Jehofa Modimo.
13. Isaia 2:2-4 e diragadiwa jang gompieno?
13 Mesola ya thuto ya bomodimo e bonwa ke matshwititshwiti a batho ba gone jaanong ba fetogang batlhanka ba Modimo. Ba amegile thata ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng e bile ba itse sentle gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. (Mathaio 5:3; 1 Bathesalonia 5:1-6) Gone jaanong, ‘mo malatsing a bofelo,’ batho bano ba ditšhaba tsotlhe ba oologela kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa kobamelong ya gagwe e e itshekileng. E tlhomamisitswe e bile e goleleditswe kwa godimo ga kobamelo yotlhe e e kgatlhanong le thato ya Modimo. (Isaia 2:2-4) Fa e le gore o Mosupi yo o ineetseng wa ga Jehofa, a ga o itumelele go bo o le mongwe wa boidiidi jo bo ntseng bo oketsegela pele jwa batho ba ba mo obamelang e bile ba solegelwa molemo ke thuto ya bomodimo? A bo go le molemo jang ne go nna mongwe wa ba ba goeletsang jaana: “Bakañ Yehofa!”—Pesalema 150:6.
E Solegela Moya wa Rona Molemo
14. Go utlwa kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 14:20 go mosola ka eng?
14 Mongwe wa mesola e mentsi ya thuto ya bomodimo ke kafa e kgonang go ama tsela e re akanyang ka yone le moya wa rona ka tsela e e molemo ka gone. E re rotloetsa go akanya dilo tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, le tse di bolelwang ka molemo. (Bafilipi 4:8) Thuto ya ga Jehofa e re thusa gore re sale kgakololo eno ya ga Paulo morago: “Mo kiloñ lo nnè banyana, me mo tlhaloganyoñ lo nnè banna.” (1 Bakorintha 14:20) Fa re diragatsa kgothatso eno, ga re kitla re batla go itse boikepo. Gape Paulo o ne a kwala jaana: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le [bosula jotlhe, NW].” (Baefesia 4:31) Go utlwa kgakololo e e ntseng jalo go tla re thusa gore re tile boitsholo jo bo maswe le maleo a mangwe a a masisi. Lefa seno se ka solegela molemo mo mmeleng le mo tlhaloganyong, thatathata go tla re itumedisa ka gonne re itse gore re itumedisa Modimo.
15. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re akanya dilo tse di siameng?
15 Sengwe se se ka re thusang gore re nne re akantse dilo tse di molemo ke gore re tile ‘go itsalanya le ba ba bosula ba ba bodisang mekgwa e mentle.’ (1 Bakorintha 15:33) Jaaka Bakeresete, re ka se ka ra itsalanya le baakafadi, bagokafadi, le batho ba bangwe ba ba dirang bosula. Go a utlwala he, gore ga re a tshwanela go dirisana le batho ba ba ntseng jalo ka go bala kaga bone gore re ijese monate, kana ra ba lebelela mo thelebisheneng kana mo dibaesekopong. Pelo e boferefere, e ka nna le keletso ya go dira dilo tse di bosula motlhofo fela, le gone e ka raelesega go di dira. (Yeremia 17:9) Ka jalo a re tileng dithaelo tse di ntseng jalo ka go utlwa thuto ya bomodimo. E ka ama tsela e ‘ba ba ratang Jehofa’ ba akanyang ka yone sentle mo e leng gore ba ka ‘ila se se bosula.’—Pesalema 97:10.
16. Thuto ya Modimo e ka ama jang moya o re nang le one?
16 Paulo o ne a bolelela modirikaene ebong Timotheo jaana: “A Morèna a nnè le mōea oa gago. A tshegōhaco e nnè le lona.” (2 Timotheo 4:22) Moaposetoloi o ne a eletsa gore Modimo, ka Morena Jesu Keresete, a amogele maatla a a tlhotlheletsang Timotheo le Bakeresete ba bangwe. Thuto ya Modimo e re thusa gore re bontshe moya o o lorato, o o pelonomi, o o bonolo. (Bakolosa 3:9-14) Mme a bo moya oo o farologane thata jang ne le wa batho ba le bantsi mo metlheng eno ya bofelo! Ba a ikgogomosa, ga ba leboge, ga ba na lorato lwa tlholego, ba manganga, ba tlhogoethata, ba rata dikgatlhego thata, e bile ga ba na poifomodimo ya boammaaruri. (2 Timotheo 3:1-5) Lefa go ntse jalo, fa re ntse re tswelela pele re dirisa mesola ya thuto ya bomodimo mo matshelong a rona, re bontsha moya o o dirang gore re ratwe ke Modimo le batho ba bangwe.
E Mosola mo Ditirisanong le Batho Ba Bangwe
17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana go dirisana mmogo ka boikokobetso?
17 Thuto ya ga Jehofa e re thusa gore re bone mesola ya go dirisana ka boikokobetso le baobamedimmogo le rona. (Pesalema 138:6) Go farologana le batho ba le bantsi gompieno, ga re robe melao ya tshiamo le gone ga re manganga. Ka sekai, dilo di tsamaya sentle ka gonne balebedi ba ba tlhomilweng ba se manganga kwa dipokanong tsa bagolwane. Banna bano ba kgona go buelela boammaaruri ka bonolo, mme ba sa letle maikutlo a bone gore a fekeetse tlhaloganyo kana a bake kgaogano. Maloko otlhe a phuthego a tla solegelwa molemo ke moya wa kutlwano o re nang nao fa rotlhe re ka tswelela pele re dirisa thuto ya bomodimo.—Pesalema 133:1-3.
18. Thuto ya bomodimo e re thusa gore re lebe badumedikarona jang?
18 Thuto ya bomodimo gape e mosola ka gonne e re thusa gore re lebe badumedikarona ka tsela e e tshwanetseng. Jesu o ne a re: “Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge.” (Yohane 6:44) Segolo bogolo fa e sale ka 1919, Jehofa o ntse a dira gore batlhanka ba gagwe ba bolele dikatlholo tsa gagwe, mme tsamaiso ya lefatshe la ga Satane e ile ya reketlisiwa ya ba ya tshikinngwa ke tlhagiso eno e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Ka nako e e tshwanang, batho ba ba boifang Modimo—“dilō tse di elètsègañ”—ba ile ba gogiwa ke Modimo gore ba ikgaoganye le ditšhaba mme ba nne seoposengwe le Bakeresete ba ba tloditsweng mo go tlatseng ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo ka kgalalelo. (Hagai 2:7) Kwantle ga pelaelo, re tshwanetse ra leba batho ba ba ntseng jalo ba ba gogiwang ke Modimo jaaka balekane ba ba rategang.
19. Thuto ya Modimo e senola eng kaga go rarabolola diphapaang tse di nnang gone le Bakeresete ba bangwe?
19 Gone ke boammaaruri, e re ka rotlhe re sa itekanela, ga se gore ka metlha dilo di tla tsamaya ka thelelo. Fa Paulo a ne a tloga a simolola loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, Barenabase o ne a ikaeletse thata go tsamaya le Mareko. Paulo ga a ka a dumela ka gonne Mareko e ne e le “motho eo o ikgaogantseñ nabō kwa Pamfilia, me a se ka a ea nabō tihoñ.” Ka go rialo, ga tsoga “kgañ e e botlhoko.” Barenabase o ne a tsamaya le Mareko go ya Kupero, fa Paulo ene a ne a tsamaya le Silase go ralala Siria le Kilikia. (Ditihō 15:36-41) Go bonala gore moragonyana bothata jono bo ne jwa fela, ka gonne Mareko o ne a na le Paulo kwa Roma, le gone moaposetoloi o ne a mmolela ka molemo. (Bakolosa 4:10) Mosola o mongwe wa thuto ya bomodimo ke gore e re bontsha kafa re ka rarabololang ka gone diphapaang fa gare ga Bakeresete ka go latela kgakololo e e tshwanang le e Jesu a e neelang mo go Mathaio 5:23, 24 le Mathaio 18:15-17.
E Nna E Le Mosola E Bile E Fenya ka Dinako Tsotlhe
20, 21. Jaaka fa re tlotlile ka thuto ya bomodimo seno se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re dire eng?
20 Lefa re tlhatlhobile mengwe ya mesola le diphenyo tsa thuto ya bomodimo ka bokhutshwane fela, kwantle ga pelaelo rotlhe re kgona go bona kafa go tlhokegang ka gone gore re tswelele pele re e dirisa mo matshelong a rona. Ka jalo, a re tsweleleng pele re ithuta ka moya wa thapelo go tswa go Mokaedi wa rona Yo Mogolo. Mo bogautshwaneng, thuto ya bomodimo e tla fenya go feta lefa e le leng pele. E tla fenya fa batlhalefi ba lefatshe leno ba sena go nyelelela ruri. (Bapisa 1 Bakorintha 1:19.) Mo godimo ga moo, fa batho ba bangwe gape ba ba dimilione ba ntse ba ithuta ba bo ba dira thato ya Modimo, kitso ya go itse Jehofa e tla tlala lefatshe jaaka metsi a khurumeditse lewatle. (Isaia 11:9) A bo seno se tla solegela batho ba ba utlwang molemo jang ne se bo se tlotlomatse Jehofa jaaka Molaodi wa Lobopo!
21 Thuto ya ga Jehofa e tla nna e ntse e le mosola e bile e fenya ka dinako tsotlhe. A o tla tswelela pele o solegelwa molemo ke yone jaaka moithuti yo o tlhoafetseng wa Buka e kgolo ya Modimo? A o tshela go dumelana le Bibela e bile o abela ba bangwe boammaaruri jwa yone? Fa e le gore go ntse jalo, he o ka solofela go bona phenyo e e feletseng ya thuto ya bomodimo, e e tla galaletsang Mokaedi wa rona yo Mogolo, Morena Mogodimodimo Jehofa.
O Ithutile Eng?
◻ Thuto ya bomodimo e ka ama matshelo a rona jang?
◻ Thuto ya ga Jehofa e fitlhelela jang dilo tse di tlhokwang mo thutong?
◻ Thuto ya bomodimo e ka ama go akanya ga rona le boikutlo jwa rona jang ka tsela e e mosola?
◻ Thuto ya Modimo e itshupa e le mosola jang malebana le tsela eo batho ba dirisanang ka yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Thuto ya bomodimo e re bontsha kafa re ka tsamayang le Modimo ka gone, jaaka Noa a ne a dira
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Batho ba ditšhaba tsotlhe ba oologela kwa thabeng ya ga Jehofa