Jona o Ithuta ka Boutlwelobotlhoko Jwa ga Jehofa
JEHOFA o na le kabelo go e naya moporofeti wa gagwe Jona. Ke ka lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E., mme go busa Jeroboame II mo Iseraele. Jona ene o tswa kwa Gathehefere, kwa toropokgolong ya Basebulone. (Jošua 19:10, 13; 2 Dikgosi 14:25) Modimo o roma Jona kwa moshate wa Baasiria wa Ninefe, o o ka nnang dikilometara tse di fetang 800 kwa bokonebotlhaba jwa toropo ya gagabo. O tshwanetse go tlhagisa Baninefe gore ba lebanwe ke phediso ya Modimo.
Jona a ka nna a bo a ile a akanya jaana: ‘Ke ye kwa toropong eo le kwa setšhabeng seo? E bile ga ba a ineela le mo Modimong. Baasiria bao ba ba nyoretsweng madi ga ba ise ba ke ba tsene mo kgolaganong le Jehofa jaaka Baiseraele. Ebu, batho ba setšhaba seo se se bosula ba ka nna ba tshosiwa ke temoso ya me mme ba bo ba tla go fenya Baiseraele! Eseng nna! Ga nkitla ke ya koo. Ke tla tshabela kwa Jopa mme ke tla palama sekepe se se yang go sele—ke ye Tarashishe, mme ke ye fela kwa bokhutlong jo bongwe jwa Lewatle le Legolo. Ke sone se ke yang go se dira!’—Jona 1:1-3.
Go Tlhaga Mathata mo Lewatleng!
Ka bonakonyana fela Jona o kwa Jopa kwa lobopong lwa Mediterranean. O duela madi a go tsamaya mme o palama sekepe se se yang kwa Tarashishe, e e neng e le gaufi le Spain mo e ka nnang dikilometara tse di fetang 3 500 kwa bophirima jwa Ninefe. Fa a le mo lewatleng, moporofeti yono yo o lapileng thata o tsena kwa tengteng ga sekepe mme a robala. Go ise go ye kae, Jehofa o dira gore go nne phefo e kgolo mo lewatleng mme mongwe le mongwe wa banna ba ba tshogileng ba ba tsamayang ka sekepe o goela kwa modimong wa gagwe a kopa thuso. Sekepe se batla go pitikologa e bile se phailega thata mo e leng gore e bile ba latlhela thoto e e mo go sone mo lewatleng gore se tle se nne motlhofo. Lefa go ntse jalo, go bonala sentlentle gore sekepe se tla lala se thubegile mme Jona o utlwa kapotene wa sekepe a tlhaeletsa jaana a tshogile: “O a reng morobadi ke wena? Tsoga o bitse Modimo wa gago, e tle e re kgotsa Modimo wa re gopola, gore re se ka ra swa.” Jona o a tsoga mme o ya kwa godimo ga sekepe.—Jona 1:4-6.
“Ntlo re theleng bola,” go rialo banna ba ba tsamaisang sekepe, “gore re tle re itse gore, bosula jo, bo mo go rona ka ntlha ya ga mang.” Bola bo kaya Jona. Akanya fela gore o ikutlwa jang fa bapalami ba sekepe ba re: “Re a go rapela, re bolelele tlhe, gore, bosula jo bo mo go rona ka ntlha ya ga mang; tiro ya [gago] ke eng? O tswa kae? Lefatshe la gaeno ke kae? Le batho ba gaeno ke bo mang?” Jona o bolela gore ke Mohebere yo o rapelang “Jehofa, Modimo wa legodimo” le gore o boifa “yo o dirileng lewatle le lefatshe la komelelo.” Sefefo se ba tlhasetse gonne a tshaba mo ponong ya ga Jehofa go na le gore ka kutlo fela a ise molaetsa wa Modimo kwa Ninefe.—Jona 1:7-10.
Bapalami ba sekepe ba botsa jaana: “Re tlaa go dirang, gore lewatle le re sisibalele?” E re ka lewatle le ntse le gakatsegela pele, Jona a re: “Ntsayang lo ntatlhele mo lewatleng; jalo lewatle le tlaa lo sisibalela; gonne ke a itse fa ledimo le legolo le le mo go lona ka ntlha ya me.” Ka ntlha ya go bo ba sa rate go latlhela motlhanka wa ga Jehofa mo lewatleng gore a swe, banna bano ba leka go ya kwa lefatsheng le le omileng. Ka ntlha ya go bo ba retelelwa, bapalami ba sekepe ba goa ba re: “Re a go rapela, Jehofa, re a go rapela, a re se swe ka ntlha ya botshelo jwa monna yo, mme o se ka wa baya mo go rona madi a a senang molato; gonne wena Jehofa o dirile ka fa o ratileng ka teng!”—Jona 1:11-14.
Mo Lewatleng!
Foo bapalami ba sekepe ba latlhela Jona mo lewatleng. Fa a ntse a nwela mo lewatleng le le shakgetseng, tšhakgalo ya lone e a khutla. Fa ba bona se, “banna bao ba boifa Jehofa thata, ba isetsa Jehofa setlhabelo, mme ba dira maikano.”—Jona 1:15, 16.
Fa metsi a ntse a khurumetsa Jona, kwantle ga pelaelo o a rapela. O ikutlwa a fologa ka mosele o o borethe, jaaka fa a relelela mo khuting e kgolo. Se se gakgamatsang ke gore, o santse a kgona go hema! Fa a ntse a ikgomorola malele a a mo tlhogong ya gagwe, Jona o iphitlhela gore o mo lefelong le tota le sa tshwaneng le lepe. Seno ke ka ntlha ya go bo ‘Jehofa o ne a baakanya leruarua le legolo gore le tle go metsa Jona, mme Jona o ne a le mo mpeng ya leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.’—Jona 1:17.
Thapelo ya ga Jona a Tlhoafetse
Fa Jona a ntse a le mo mpeng ya leruarua le legolo, o na le nako ya go rapela. Mangwe a mafoko a gagwe a tshwana le a dipesalema dingwe. Morago Jona o ne a bega dithapelo tsa gagwe a tlhalosa ka tlalelo ya gagwe le boikwatlhao. Ka sekai, mo go ene go ne go lebega e ka re mpa ya leruarua e ne e tla nna Sheole, lebitla la gagwe. Ka jalo o ne a rapela jaana: “Ka ntlha ya pitlagano ya me ka biletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba, ka goa ke le mo mpeng ya Bobipo, mme wa utlwa lentswe la me.” (Jona 2:1, 2) Difela tse pedi tsa Ditlhatlhogo—tse gongwe di neng di opelwa ke Baiseraele fa ba ne ba ya kwa Jerusalema kwa meletlong ya ngwaga le ngwaga—di na le megopolo e e tshwanang.—Pesalema 120:1; 130:1, 2.
A gakologelwa fa a ne a fologela mo lewatleng, Jona o rapela jaana: “Gonne o [Jehofa] ne wa ntatlhela mo botenyeng, mo pelong [gare] ya mawatle, mme morwalela o ne o ntsentse gare; dintelo tsotlhe tsa gago, le makhubu a gago a metsi a ne a ntlolela godimo.”—Jona 2:3; bapisa Pesalema 42:7; 69:2.
Jona o boifa gore go tlhoka kutlo ga gagwe go tla dira gore a latlhegelwe ke boemo jo bo molemo mo Modimong le gore ga a kitla a bona tempele ya Modimo gape. O rapela jaana: “Mme ka re: ‘Ke latlhegetse koo kwa ntle fa pele ga matlho a gago; le fa go ntse jalo ke tlaa ba ke leba jang gape kwa tempeleng ya gago e e boitshepo?’” (Jona 2:4, NW; bapisa Pesalema 31:22.) Boemo jo Jona a leng mo go jone bo lebega bo le maswe jaana mo a bileng a re: “Metsi a ne a mpharafere, go ya go fitlha le kwa moweng [a tsentse botshelo jwa gagwe mo kotsing]; boteng bo ne bo le tikologong ya me; malele [mo lewatleng] a ne a ntharile tlhogo.” (Jona 2:5; bapisa Pesalema 69:1.) Akanya fela ka boemo jwa ga Jona, gonne o oketsa jaana: “Ka fologela kwa metheong ya dithaba [mo teng ga leruarua]; lefatshe ka mephakalego ya lone [e e tshwanang le lebitla] la ntswalegela ka bosakhutleng; le fa go ntse jalo o ntshitse botshelo jwa me mo moleteng [ka letsatsi la boraro], wena Jehofa Modimo wa me.”—Jona 2:6; bapisa Pesalema 30:3.
Lefa a le mo mpeng ya leruarua, Jona ga a akanye ka gore: ‘Ke tshwenyegile thata mo maikutlong mo e leng gore ke ka se kgone le go rapela.’ Go na le moo, o rapela a re: “E rile mowa wa me o idibala mo teng ga me [gaufi le loso], ka gakologelwa Jehofa [ka tumelo, jaaka e le yo o nang le nonofo le tshiamo e e ka se tshwantshiweng le epe]; morapelo wa me wa ya go tsena kwa go wena, mo tempeleng ya gago e e boitshepo.” (Jona 2:7) A le kwa tempeleng ya selegodimo, Modimo o ne wa utlwa Jona mme wa mmoloka.
Kwa bokhutlong Jona o rapela a re: “Ba ba tlhokomelang maithamako a maaka [ka go ikanya ditshwantsho tsa medimo ya maaka e e sa tsheleng] ba tlogela boutlwelobotlhoko jwa bone ka bosi [ka go tlhokomologa ene yo o bontshitseng nonofo eno]. Mme nna ke tlaa go isetsa [Jehofa Modimo] setlhabelo ka lentswe la tebogo; ke tla lefa se ke se ikanneng [gone jaanong kana ka nako e nngwe]. Poloka ke ya ga Jehofa.” (Jona 2:8, 9; bapisa Pesalema 31:6; 50:14.) A tlhokomela gore ke Modimo fela yo o ka mo gololang mo losong, moporofeti yo o ikwatlhaileng (jaaka Kgosi Dafite le Solomone ba ba neng ba le gone pele ga gagwe) o tlhalosa gore poloko e tswa kwa go Jehofa.—Pesalema 3:8; Diane 21:31.
Jona o a Reetsa
Morago ga go akanya thata le go rapela ka tlhoafalo, Jona o utlwa a kgwelwa kwa ntle ga mosele o a neng a tsena ka one. Labofelo, o latlhelwa kwa ntle mo lefatsheng le le omileng. (Jona 2:10) A itumeletse go bo a golotswe, Jona o utlwa se Modimo a se buang fa a re: “Nanoga, o ye kwa Ninefe motse oo o mogolo, mme o o rerele thero e ke tlaa e go laolelang.” (Jona 3:1, 2) Jona o tsaya mosepele wa go ya kwa moshateng wa Baasiria. Fa a utlwa gore go labokae, o lemoga gore o ne a feditse malatsi a le mararo mo mpeng ya leruarua. Moporofeti yono o kgabaganya Noka ya Euferatese kwa segorong se segolo sa yone kwa bophirima, a tsamaya a lebile kwa botlhaba go kgabaganya bokone jwa Mesopotamia, a ya kwa Nokeng ya Tigris, mme kwa bokhutlong a fitlha kwa toropokgolong eno.—Jona 3:3.
Jona o tsena mo toropong e kgolo eno ya Ninefe. O e ralala letsatsi le le lengwe fela mme a bo a bolela a re: “Go sa le malatsi a le 40, Ninefe o tlaa ribegediwa.” A Jona o ne a newa ka kgakgamatso fela gore a itse puo ya Baasiria? Foo gone ga re a bolelelwa sepe. Mme lefa e le gore o bua puo ya Sehebere mme mongwe a ranola, molaetsa wa gagwe o nna le matswela. Banna ba Ninefe ba simolola go dumela mo Modimong. Ba itsise gore go ikidiwe dijo mme ba apara letsela la kgetse, go simolola fela ka yo mogolo go ya go yo mmotlana. Fa mafoko ano a fitlha kwa kgosing ya Ninefe, e nanoga mo setulong sa yone sa bogosi, e apola kobo ya yone ya segosi, e ikhurumetsa ka letsela la kgetse, mme e dula mo moloreng.—Jona 3:4-6.
A bo Jona a gakgametse thata jang ne! Kgosi ya Asiria e opa mokgosi e kua e re: “A go se nne motho ope yo o isang sepe mo ganong, le fa e le setshedi sa matlhape, lefa e le sa letsomane; a di se hule le fa e le go nwa metsi. A go ikhurumediwe ka letsela la kgetse, motho le setshedi, mme go goelediwe Modimo ka thata, ee, a mongwe le mongwe a sokologe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le mo thubakong e e mo diatleng tsa bone. E mang yo o itseng gore, a Modimo ga o ketla o sokologa o ikwatlhaya, o boa mo bogaleng jwa one jo bo gaketseng, gore re se ka ra swa?”—Jona 3:7-9.
Baninefe ba dumalana le taolo ya kgosi ya bone. Fa Modimo a bona gore ba sokologile mo tseleng ya bone e e bosula, o ikwatlhaela bosula jo o rileng o tla bo ba direla, ka jalo wa seka wa bo dira. (Jona 3:10) Ka ntlha ya boikwatlhao jwa bone, boikokobetso, le tumelo, Jehofa o swetsa gore a seka a ba digela katlholo e a neng a e ikaeletse.
Moporofeti yo o Tsuputseng Molomo
Matsatsi a le 40 a a feta mme ga go diragale sepe ka Ninefe. (Jona 3:4) Fa a tlhokomela gore Baninefe ga ba kitla ba fedisiwa, Jona o tenega tota e bile o nna bogale thata a ba a rapela a re: “Ke a go rapela Jehofa, a e ne e se lone lefoko la me, ke sa ntse ke le kwa lefatsheng la gaetsho? Ke gone ka moo ke akofileng ka tshabela kwa Tarashishe, gonne ke ne ke itse fa o le Modimo o o pelonomi, o o tletseng bopelotlhomogi, o le bonya go galefa, o tletse boutlwelobotlhoko, o tle o ikwatlhaele bosula. Ka gone, Jehofa ke a go rapela, ka re, o tle o mpolaye, gonne mo go nna go molemo go swa bogolo go go tshela.” Modimo a araba ka go mmotsa a re: “A o dira sentle fa o nna bogale?”—Jona 4:1-4.
Foo, Jona o tswela kwa ntle ga motse. A ya kwa botlhabatsatsi, o itirela motlaagana, e le gore a tle a dule mo moriting wa one go fitlha a bona se se tla diragalelang motse. Mme, Jehofa ka boutlwelobotlhoko jwa gagwe ‘o baakanya menamo ya segwana, a e tlhogisetsa go okama Jona, gore e nne moriti mo tlhogong ya gagwe, go mo fomodisa mo pitlaganong ya gagwe e e bosula.’ A bo Jona a itumelela menamo ya segwana thata jang ne! Mme Modimo o dira gore seboko se fetlhe menamo ya segwana bosigo, mme e simolola go swaba. Ka bonakonyana fela ya bo e setse e omeletse gotlhelele. Modimo gape o romela phefo ya botlhabatsatsi e e molelo. Jaanong letsatsi la tlhasela moporofeti yono mo tlhogong, mo eleng gore o a idibala. O nna a ikopela go swa. Ee, Jona gangwe le gape o nna a re: “Go molemo mo go nna go swa bogolo go go tshela.”—Jona 4:5-8.
Jehofa jaanong o a bua. O botsa Jona a re: “A o dira sentle go nna bogale ka ga menamo ya segwana?” Jona o araba a re: “Ke dira sentle go nna bogale go ya fela mo losong.” Totatota Jehofa jaanong o raya moporofeti yono a re: ‘O tlhomogetse menamo ya segwana pelo, o o se kang wa o tlhogisa; o o tlhogileng wa ba wa swa mo bosigong bo le bongwe fela.’ Modimo o ne wa tswelelapele wa re: ‘A le nna ga ke a tshwanela go utlwela motse o mogolo ono wa Ninefe botlhoko, o o nang le batho ba ba fetang 120 000, ba ba sa farologanyeng seatla se segolo le sa molema; le bontsi jwa dikgomo?’ (Jona 4:9-11) Karabo e e siameng e phepafetse.
Jona o a ikwatlhaya mme o a tshela a ba a kwala buka ya Baebele e a neng a e bitsa ka leina la gagwe. O itsile jang gore batsamaisi ba sekepe ba ne ba boifa Jehofa, ba mo isetsa setlhabelo, le go dira maikano? Ka tlhotlheletso ya Modimo kana gongwe o ne a utlwa kwa tempeleng ka mongwe wa batsamaisi ba sekepe kana bapalami.—Jona 1:16; 2:4.
‘Sesupo sa ga Jona’
Fa bakwadi le Bafarasai ba ne ba kopa Jesu Keresete sesupo, o ne a ba raya a re: “Losika lo lo bosula le lwa boaka, lo batla sesupo; ga lo kitla lo newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa moperofeti Jona.” Jesu o ne a oketsa: “Jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo; Morwa Motho le ene o tlaa nna mo pelong ya lefatshe ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.” (Mathaio 12:38-40) Matsatsi a Bajuta a ne a simolola fa letsatsi le phirima. Keresete o tlhokafetse ka Labotlhano thapama, ka Nisane 14, 33 C.E. Mmele wa gagwe o ne wa tsenngwa mo lebitleng pele letsatsi lone leo le phirima. Nisane 15 e simolotse gone mo maitseboeng ao go ya go fitlha fa letsatsi la Lamatlhatso le phirima, e leng letsatsi la bosupa e bile e le la bofelo la beke. Ka nako eo go bo go simolola Nisane 16, mme ya tswelela go fitlha ka letsatsi leo re le bitsang Sontaga. Ka gone, Jesu o ne a sule mme a le mo lebitleng bobotlana ka nakonyana ka Nisane 14, o ne a le mo lebitleng letsatsi lotlhe la Nisane 15, mme a fetsa diura tsa bosigo tsa Nisane 16 mo lebitleng. Fa basadi bangwe ba tla mo lebitleng ka Sontaga mo mosong, o ne a setse a tsogile.—Mathaio 27:57-61; 28:1-7.
Jesu o ne a le mo lebitleng ka lobaka lwa matsatsi a le mararo. Ka jalo baba ba gagwe ba ne ba bone ‘sesupo sa ga Jona,’ mme Keresete o ne a re: “Banna ba Ninefe ba tlaa ema mo tshekong, ba ema le losika lo, ba lo sekisa; ka go bo bone ba ikwatlhaile ka thero ya ga Jona; mme bonang yo mogolo go feta Jona o fano.” (Mathaio 12:41) A bo e le boammaaruri jang ne! Bajuta ba ne ba na le Jesu Keresete fa gare ga bone—moporofeti yo mogolo go gaisa Jona kgakala. Le mororo Jona e ne e le sesupo se se lekaneng sa Baninefe, Jesu o ne a rera ka thata e kgolo le bosupi jo bo tshegetsang ntlha ya gagwe jo bogolo go feta jwa moporofeti yoo. Lefa go ntse jalo, Bajuta ka kakaretso ga ba a ka ba dumela.—Johane 4:48.
Jaaka setšhaba, Bajuta ga ba a ka ba amogela Moporofeti yono yo mogolo mo go Jona ka boikokobetso, e bile ga ba a ka ba dumela mo go Ene. Mme go tweng ka bagologolo ba bone? Le bone ba ne ba tlhoka tumelo le boikokobetso. Tota, go bonala Jehofa a ne a romela Jona kwa Ninefe e le gore a tle a bontshe go se tshwane gareng ga Baninefe ba ba ikwatlhayang le Baiseraele ba ba thamo e thata, bao ba neng ba tlhoka tumelo le boikokobetso mo go botlhoko.—Bapisa Duteronome 9:6, 13.
Go tweng ka Jona ka boene? O ne a ithuta gore boutlwelobotlhoko jwa Modimo bo bogolo go le kanakang. Mo godimo ga moo, tsibogo ya ga Jehofa fa Jona a ne a ngongorega fa Baninefe ba ba ikwatlhaileng ba ne ba tlhomogelwa pelo, e tshwanetse go re dira gore re se ka ra ngongorega fa Rraetsho wa selegodimo a utlwela batho mo motlheng wa rona botlhoko. Tota, a re itumeleleng gore ngwaga le ngwaga diketekete di retologela kwa go Jehofa ka tumelo le ka dipelo tse di ikokobeditseng.