Go Nna ke Tlhomile Matlho le Pelo mo Mokgeleng
JAAKA GO BOLETSE EDITH MICHAEL
Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a re etela mo masimologong a dingwaga tsa bo1930, fa re ne re nna gaufi le St. Louis, kwa Missouri, U.S.A. Ka yone nako eo fela, mogala o go anegwang diaparo mo go one o ne wa kgaoga, mme diaparo tsa ga Mama tse di tshweutshweu di ne tsa wela mo seretseng. O ne a tsaya dibuka tse a neng a di newa, e le fela gore mosadi yoo a tsamaye, ene a sale a di baya mo shelofong a bo a lebala kaga tsone.
DINGWAGA tseo e ne e le tsa fa ikonomi e ne e le kwa tlase thata mme Papa o ne a ntshitswe mo tirong. Letsatsi lengwe o ne a botsa gore a go ne go na le sengwe mo ntlong se a ka se balang. Mama o ne a mmolelela kaga dibuka tsele. O ne a simolola go di bala, mme morago ga nakwana a buela kwa godimo a re: “Mmaabo, selo se ke boammaaruri se!”
O ne a araba ka go re: “Owai, ke bodumedi jo bongwe jo bo batlang madi fela jaaka a mangwe otlhe.” Lefa go ntse jalo, Papa o ne a mo rotloetsa gore a nne fa fatshe ba bale ditemana mmogo. Fa a sena go dira jalo, le ene o ne a dumela. Morago ga foo ba ne ba simolola go batla Basupi mme ba utlwa gore ba ne ba kopanela mo holong e e hirisitsweng mo gare ga toropo ya St. Louis, holo e gape e neng e dirisediwa ditantshe le ditiro tse dingwe.
Papa le Mama ba ne ba tsamaya le nna—ke ne ke na le dingwaga di ka nna tharo—ba bo ba bona holo, mme ba fitlhela go tantshiwa. Papa o ne a batlisisa gore dipokano di ne di tshwarwa leng, mme ra boela teng. Gape re ne ra simolola go nna teng kwa thutong ya beke le beke ya Baebele gaufi le fa re neng re nna teng. E ne e tshwarelwa mo legaeng la mosadi yo o neng a re etetse pele. O ne a botsa jaana: “Ke eng lo sa tle le barwa ba lona?” Mmè o ne a tlhabiwa ke ditlhong go bua gore ba ne ba sena ditlhako. Fa kgabagare a ne a bua, bomorwarre ba ne ba fiwa ditlhako mme ba simolola go ya kwa dipokanong le rona.
Mmè o ne a newa tshimo e a ka rerang mo go yone gaufi le legae la rona, mme o ne a simolola bodiredi jwa ka ntlo le ntlo. Ke ne ke tsamaya le ene, ke iphitlha kafa morago ga gagwe. Fa a ne a ise a itse go kgweetsa, re ne re a tle re tsamaye sekgala se se fetang kilometara gore re ye go palama bese e e neng e re isa dipokanong kwa St. Louis. Lefa go ne go na le sekwakwetla le kapoko, re ne re se ke re tlhoka go ya dipokanong.
Ka 1934, Mama le Papa ba ne ba kolobediwa. Le nna ke ne ke batla go kolobediwa, mme ke ne ka tswelela pele ke tshwenya Mmè go fitlha a kopa Mosupi mongwe yo o godileng gore a bue le nna ka gone. O ne a botsa dipotso di le dintsi ka tsela e ke neng ke kgona go e tlhaloganya. Go tswa foo o ne a bolelela batsadi ba me gore ga ke a tshwanela go thibelwa go kolobediwa; seo se ka nkgoreletsa go gola semoyeng. Ka jalo ke ne ka kolobediwa ka selemo se se latelang, fa ke ne ke na le dingwaga di le thataro fela.
Ke ne ke rata bukana ya Home and Happiness, e ke neng ke nna ke e tshotse ka dinako tsotlhe, e bile ke robala ka yone e le ka fa tlase ga mosamo. Ke ne ka kopa Mmè gangwe le gape gore a e mpalele, go fitlha ke e itse ka tlhogo. Kafa morago e ne e na le setshwantsho sa mosetsanyana kwa Paradaiseng a na le tau. Ke ne ke bolela gore mosetsanyana yoo e ne e le nna. Setshwantsho seo se nthusitse gore ke nne ke tlhomile matlho a me mo mokgeleng wa go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo.
Ke ne ke le ditlhong thata, mme lefa ke ne nka roroma, ke ne ke araba dipotso ka metlha kwa Thutong ya Tora ya Tebelo ya phuthego.
Ka maswabi, Papa o ne a boifa gore o ne a tla senyegelwa ke tiro, ka jalo o ne a tlogela go kopanela le Basupi. Bomorwarre le bone ba ne ba tlogela.
Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng
Mmè o ne a dira gore babulatsela, kana badiredi ba nako e e tletseng, ba beye ditereilara tsa bone ka kwa morago ga ntlo ya rona, mme fa ke tswa kwa sekolong ke ne ke tsamaya le bone mo bodireding. Go ise go ye kae ke ne ka batla go bula tsela, mme Papa o ne a sa dumele, ka a ne a akanya gore ke tshwanetse go nna le thuto e e oketsegileng. Kgabagare Mmè o ne a mo kgona mme a ntumelela gore ke bule tsela. Ka jalo ka June 1943, fa ke ne ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka simolola bodiredi jwa nako e e tletseng. Gore ke thuse go duela ditshenyegelo tsa mo gae, ke ne ka dira tiro ya go itshedisa e e sa tseyeng letsatsi lotlhe, mme ka dinako tse dingwe ke ne ke bereka letsatsi lotlhe. Lefa go ntse jalo ke ne ke fitlhelela mokgele wa kgwedi le kgwedi wa go dira diura tse 150 mo tirong ya go rera.
Fa nako e ntse e ya ke ne ka nna le mongwe yo ke bulang tsela le ene, Dorothy Craden, yo o neng a simolotse go bula tsela ka January 1943, fa a ne a na le dingwaga tse 17. E ne e ntse e le Mokatoliki yo o ineetseng, mme fa a sena go ithuta Baebele dikgwedi di le thataro, o ne a kolobediwa. O ne a nkgothatsa le go nnonotsha ka dingwaga di le dintsi, le nna ke ne ke mo kgothatsa le go mo nonotsha. Re ne ra utlwana go feta bana ba motho.
Go simolola ka 1945, re ne ra bula tsela mmogo mo ditorotswaneng tsa Missouri koo go neng go sena diphuthego teng. Kwa Bowling Green re ne ra baakanya holo e go ka kopanelwang mo go yone; Mmè o ne a tla go re thusa. Go tswa foo re ne ra etela magae otlhe mo toropong eo beke le beke mme ra laletsa batho gore ba tle puong ya phatlalatsa e re neng ra rulaganya gore bakaulengwe ba kwa St. Louis ba tle go e neela. Beke le beke go ne go tla batho ba ba fa gare ga 40 le 50. Moragonyana re ne ra dira se se tshwanang kwa Louisiana, koo re neng ra hirisa tempele ya Ba-Mason. Gore re bone madi a go duela rente ya diholo, re ne ra baya mabokose a meneelo, mme beke le beke madi a ne a fitlhelela ditshenyegelo tsotlhe.
Go tswa foo re ne ra ya kwa Mexico, Missouri, koo re neng ra hirisa kago nngwe e e golaganeng le dishopo. Re ne ra e baakanya gore phuthego ya koo e potlana e e dirise. Kago eno e ne e na le dikamore tse di agetsweng gaufi le yone, mme re ne ra nna mo go tsone. Gape re ne ra thusa go rulaganya gore go nne le dipuo tsa phatlalatsa kwa Mexico. Go tswa foo re ne ra ya kwa motsemogolong, kwa Jefferson City, koo re neng re ya go buisana le badiredi ba setšhaba kwa diofising tsa bone moso le moso fa gare ga beke. Re ne re nna mo kamoreng e e fa godimo ga Holo ya Bogosi le Stella Willie, yo o neng o ka re ke mmaarona.
Go tswa foo re le bararo jalo re ne ra ya kwa ditoropong tsa Festus le Crystal City, tse di neng di atamalane. Re ne re nna mo hokong ya dikoko e e fetotsweng go nna ntlo ya bonno kafa morago ga ntlo ya lelapa le le kgatlhegang. E re ka go ne go sena banna ba ba kolobeditsweng, re ne re tshwara dipokano tsotlhe. Tiro ya rona e e seng ya letsatsi lotlhe e ne e le go rekisa ditlolontlafatsi. Re ne re sena dithoto tse dintsi. E bile tota, re ne re sena madi a go rokisa ditlhako tsa rona tse di neng di phunyegile sola, ka jalo moso le moso re ne re tsenya khatebokose mo teng mo go tsone, mme bosigo mongwe le mongwe o ne a tlhatswa mosese wa gagwe o e leng one fela.
Kwa tshimologong ya 1948, fa ke ne ke na le dingwaga tse 19, nna le Dorothy re ne ra lalediwa go ya setlhopheng sa bo12 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate sa barongwa. Morago ga khose eo ya dikgwedi tse tlhano, baithuti ba ba lekgolo ba ne ba aloga ka February 6, 1949. E ne e le nako e e itumedisang thata. Batsadi ba me ba ne ba fudugetse kwa California, mme Mmè o ne a tswa gone kwa kgakala koo gore a tle a nne teng.
Go ya Kabelong ya Rona
Baalogi ba le 28 ba ne ba abelwa kwa Italy—ba le 6, go akaretsa nna le Dorothy, re ne ra abelwa kwa toropong ya Milan. Ka March 4, 1949, re ne ra tswa mo New York ka sekepe se se yang Italy sa Vulcania. Mosepele oo o ne wa tsaya malatsi a le 11, mme e re ka lewatle le ne le sa iketla, bontsi jwa rona re ne ra tshwenngwa ke go feroga dibete. Mokaulengwe Benanti o ne a tla kwa boemakepeng jwa Genoa a tlile go re kgatlhantsha a bo a re isa kwa Milan ka terena.
Fa re goroga kwa legaeng la barongwa kwa Milan, re ne ra fitlhela ditšheshe tse mosetsanyana mongwe wa Montadiana a neng a di beile mo kamoreng nngwe le nngwe ya rona. Dingwaga di le mmalwa moragonyana mosetsana yono, Maria Merafina, o ne a ya kwa Gileate, a boela kwa Italy, mme re ne ra direla mmogo mo legaeng le le lengwe fela la borongwa!
Mo mosong o o latelang re sena go tsena kwa Milan, re ne ra leba kwantle ka fensetere ya botlhapelo. Mo seterateng se se kafa morago ga legae la rona, go ne go na le kago e kgolo ya bonno e e neng e phamphamolotswe ka bomo. Sefofane sa dibomo sa Amerika se ne sa latlhela bomo foo ka phoso mme ya bolaya malapa otlhe a le 80 a a neng a nna foo. Ka nako e nngwe gape, dibomo di ne tsa fosa madirelo mangwe a a neng a thuntshiwa, mme tsa wela mo sekolong tsa bolaya bana ba le 500. Ka jalo batho ba ne ba sa rate Baamerika.
Batho ba ne ba lapisitswe ke ntwa. Ba le bantsi ba ne ba re fa go ne go ka simologa ntwa e nngwe gape, ba ne ba ka se ye kwa mafelong a itshireletsodibomo mme ba ne ba tla nna mo gae ba bo ba ipolaya ka go bulela gase. Re ne ra ba tlhomamisetsa gore re ne re sa tla go emela United States kana puso epe fela ya batho, mme re ne re emetse Bogosi jwa Modimo, jo bo neng bo tla fedisa dintwa tsotlhe le go boga mo go tlisiwang ke tsone.
Mo toropong e kgolo ya Milan, phuthego e e yosi ya batho ba ka nna 20 e ne e kopanela mo legaeng la barongwa. Go ne go ise go rulaganngwe ditshimo tse go rerwang mo go tsone, ka jalo re ne ra simolola go neela bosupi mo kagong nngwe e kgolo ya bonno. Mo ntlong ya ntlha, re ne ra kopana le Rre Giandinotti, yo o neng a batla gore mosadi wa gagwe a tlogele kereke, ka jalo o ne a tsaya nngwe ya dikgatiso tsa rona. Mmè Giandinotti e ne e le mosadi yo o peloephepa, a na le dipotso tse dintsi. O ne a re: “Ke tla itumela fa lo ka ithuta Sentadiana, gore lo kgone go nthuta Baebele.”
Siling ya ntlo ya bone e ne e le kwa godimo mme lesedi le ne le le letobo, ka jalo bosigo o ne a baya setilo sa gagwe mo godimo ga tafole gore a nne gaufi le lesedi a bo a bala Baebele. O ne a botsa jaana: “Fa ke ithuta Baebele le lona, a ke santse ke ka ya kerekeng?” Re ne ra mmolelela gore go ne go tswa mo go ene. Ka jalo o ne a ya kerekeng ka Bosontaga mo mosong a bo a tla kwa dipokanong tsa rona thapama. Mme letsatsi lengwe o ne a re, “Ga ke tlhole ke ya kerekeng.”
Re ne ra botsa gore, “Ka goreng?”
“Ka gore ga ba rute Baebele, mme ke bone boammaaruri ka go ithuta Baebele le lona.” O ne a kolobediwa mme a ithuta le basadi ba le bantsi ba ba neng ba ya kerekeng letsatsi le letsatsi. Moragonyana o ne a re bolelela gore fa re ka bo re mo reile ra re a se ka a ya kerekeng, o ka bo a tlogetse go ithuta mme gongwe o ka bo a sa ka a itse boammaaruri.
Dikabelo Tse Disha
Fa nako e ntse e ya nna le Dorothy, le barongwa ba bangwe ba le banè, re ne ra abelwa kwa toropong e e mo Italy ya Trieste, e ka nako eo e neng e laolwa ke masole a Boritane le a Amerika. Go ne go na le Basupi ba ka nna lesome fela, mme palo eno e ne ya gola. Re ne ra rera kwa Trieste ka dingwaga di le tharo, mme fa re tswa teng, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 40, ba le 10 mo go bone e le babulatsela.
Kabelo ya rona e e latelang e ne e le toropo ya Verona, koo go neng go sena phuthego teng. Mme fa kereke e ne e tlhotlheletsa babusi ba koo, re ne ra patelediwa go tsamaya. Nna le Dorothy re ne ra abelwa kwa Roma. Fa re le koo re ne ra hira phaposi e e nang le dilwana, mme re ne ra bereka tshimo e e gaufi le Vatican. Fa re le koo Dorothy o ne a ya kwa Lebanon a ya go nyalana le John Chimiklis. Re ne re nntse mmogo ka dingwaga di ka nna 12, mme ke ne ka mo tlhoafalela tota.
Ka 1955 go ne ga bulwa legae le lesha la barongwa mo karolong e nngwe ya Roma mo seterateng sa New Appian Way. Mongwe wa barongwa ba banè mo legaeng leo e ne e le Maria Merafina, mosetsana yo o neng a re tsenyeditse ditšheshe mo dikamoreng tsa rona bosigo jo re gorogileng ka jone kwa Milan. Go ne ga tlhomiwa phuthego e ntšha mo karolong eno ya toropo. Morago ga kopano ya ditšhabatšhaba kwa Roma selemo seo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna teng kwa kopanong ya kwa Nuremberg, kwa Jeremane. A bo go ne go kgatlha jang ne go kopana le bao ba neng ba itshokile thata jaana mo pusong e e gatelelang ya ga Hitler!
Ke Boela Kwa States
Ke ne ka boela kwa United States ka 1956 ka ntlha ya mathata a botsogo, ke filwe malatsi a gore ke sidilege. Mme ke ne ka nna ke ntse ke tlhomile matlho a me mo mokgeleng wa go direla Jehofa gone jaanong le ka bosakhutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha. Ke ne ke ikaeletse go boela kwa Italy. Lefa go ntse jalo, ke ne ka kopana le Orville Michael, yo o neng a direla kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. Re ne ra nyalana morago ga kopano ya ditšhabatšhaba ya 1958 kwa New York City.
Nakwana fela morago ga foo re ne ra fudugela kwa Front Royal, kwa Virginia, koo re neng ra itumelela go direla mo phuthegong e potlana. Re ne re nna mo foleteng e nnye kafa morago ga Holo ya Bogosi. Kgabagare, ka March 1960 go ne ga tlhokega gore re boele kwa Brooklyn re batle tiro gore re kgone go duela melato ya rona. Re ne re bereka bosigo mo dibankeng tse di farologaneng gore re kgone go tswelela pele re le mo tirelong ya nako e e tletseng.
Ka nako ya fa re ne re le kwa Brooklyn, papa o ne a tlhokafala, mme mmaagwe monna wa me o ne a tshwarwa ke seterouku se se sa gateleleng thata. Ka jalo re ne ra swetsa ka gore re fudugele kwa Oregon gore re nne gaufi le bommaarona. Re ne ra bona tiro ya go itshedisa e e seng ya letsatsi lotlhe ka bobedi jwa rona mme ra tswelela pele ka bodiredi jwa bobulatsela koo. Ka letlhabula la 1964, rona le bommaarona re ne ra sepela ka koloi go ralala naga gore re nne teng kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania.
Fa re ntse re etetse kwa Rhode Island, molebedi wa potologo mongwe e bong Arlen Meier le mosadi wa gagwe ba ne ba re kgothaletsa gore re fudugele kwa motsemogolong e leng Providence, koo baboledi ba Bogosi ba neng ba tlhokiwa thata teng. Bommaarona ba ne ba re rotloetsa gore re amogele kabelo eno e ntšha, ka jalo fa re boela kwa Oregon, re ne ra rekisa bontsi jwa dilwana tsa rona tsa mo ntlong mme ra fuduga.
Go ya Sekolong sa Gileate Gape
Ka selemo sa 1965, re ne ra ya kopanong kwa Yankee Stadium. Fa re le koo re ne ra kopa go ya Sekolong sa Gileate mmogo jaaka banyalani. Morago ga mo e ka nnang kgwedi, re ne ra gakgamala fa re amogela makwalokopo, a re neng re tshwanetse go a busa pele go feta malatsi a le 30. Ke ne ke tshwenyegile ka go isiwa kwa nageng e e kgakala ka gonne Mmè o ne a sa tsoga sentle. Mme lefa go ntse jalo o ne a nkgothatsa jaana: “Tlatsa makwalokopo ao. O a itse gore ka dinako tsotlhe o tshwanetse go amogela tshiamelo epe fela ya tirelo e o e fiwang ke Jehofa!”
O ne a feditse kgang. Re ne ra tlatsa makwalokopo ra ba ra a romela. A bo re ne ra gakgamala jang ne fa re lalediwa kwa setlhopheng sa bo42, se se neng se simologa ka April 25, 1966! Ka nako eo Sekolo sa Gileate se ne se le kwa Brooklyn, kwa New York. Dikgwedi tse tlhano di ise di wele, re ne ra aloga re le 106 ka September 11, 1966.
Re Abelwa Kwa Argentina
Malatsi a le mabedi morago ga kaloso, re ne re le mo tseleng re ya kwa Argentina re tsamaya ka Peruvian Airlines. Fa re goroga kwa Buenos Aires, molebedi wa lekala, Charles Eisenhower, o ne a re kgatlhantsha kwa boemadifofaneng. O ne a re thusa fa re ntsha makgetho a bo a re isa kwa lekaleng. Re ne re filwe letsatsi le le lengwe fela gore re pakolole dilwana re bo re tlwaele lefelo; go tswa foo re ne ra simolola go rutiwa Se-Spain. Mo kgweding ya ntlha re ne re ithuta Se-Spain diura tse 11 ka letsatsi. Ka kgwedi ya bobedi, re ne ra ithuta puo eo ka diura di le nnè ka letsatsi re bo re simolola go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo.
Re ne ra nna kwa Buenos Aires dikgwedi di le tlhano re bo re abelwa kwa Rosario, toropo e kgolo e e kwa bokone e go tsayang diura tse nnè ka terena go fitlha kwa go yone. Fa re sena go direla koo ka dikgwedi di le 15, re ne ra romelwa kwa bokone kwa Santiago del Estero, toropo e e mo kgaolong e e mogote ya sekaka. Fa re ntse re le koo, ka January 1973, mmè o ne a tlhokafala. Go ne go fetile dingwaga di le nnè ke sa mmona. Se se neng sa nthusa go itshokela khutsafalo ya me e ne e le tsholofelo e ke tlhomamisegang ka yone ya tsogo mmogo le go itse gore ke ne ke direla kwa Mmè a neng a ka rata ke direla teng.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.
Batho ba kwa Santiago del Estero ba ne ba le botsalano, e bile go ne go le motlhofo go simolola dithuto tsa Baebele. Fa re ne re goroga ka 1968, go ne go tla batho ba ka nna 20 kana 30 kwa dipokanong, mme dingwaga di le robedi moragonyana go ne go na le batho ba feta lekgolo mo phuthegong ya rona. Mo godimo ga moo, go ne go na le diphuthego tse disha di le pedi tsa baboledi ba ba fa gare ga 25 le 50 mo ditoropong tse di fa gaufi.
Go Boela Gape Kwa States
Ka ntlha ya mathata a botsogo, ka 1976 re ne ra abelwa gape kwa United States re le babulatsela ba ba kgethegileng—kwa Fayetteville, North Carolina. Go ne go na le batho ba le bantsi ba ba buang Se-Spain teng ba tswa kwa Amerika Bogare le Borwa, kwa Repaboliking ya Dominican, kwa Puerto Rico, le e leng kwa Spain. Re ne re na le dithuto tsa Baebele di le dintsi, mme fa nako e ntse e ya go ne ga simololwa phuthego ya Se-Spain. Re ne ra nna dingwaga di ka nna robedi mo kabelong eo.
Lefa go ntse jalo, re ne re tlhoka go nna gaufi thata le matsale, yo o neng a tsofetse thata e bile a golafetse. O ne a nna kwa Portland, kwa Oregon, ka jalo re ne ra newa kabelo e ntšha kwa phuthegong ya Se-Spain e e kwa Vancouver, Washington, e e seng kgakala le Portland. Phuthego eo e ne e le potlana fa re ne re goroga ka December 1983, mme go tla batho ba ba sa tswang go ithuta ba le bantsi.
Ka June 1996, ke ne ka digela dingwaga di le 53 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, mme monna wa me o ne a digela dingwaga di le 55 ka January 1, 1996. Mo dingwageng tseno tse dintsi, ke nnile le tshiamelo ya go thusa batho ba le makgolokgolo gore ba itse boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ba bo ba neele matshelo a bone go Jehofa. Ba le bantsi ba bone jaanong ba direla jaaka bagolwane le badiredi ba nako e e tletseng.
Batho ba a tle ba mpotse gore a ga ke eletse gore nkabo ke nnile le bana. Boammaaruri ke gore, Jehofa o ntshegofaditse ka bana le bana ba bana ba semoya ba le bantsi. Ee, botshelo jwa me bo ntse bo na le bokao e bile bo duela mo tirelong ya ga Jehofa. Ke ikutlwa ke tshwana le morwadia Jefetha, yo o neng a tshela botshelo jwa gagwe jotlhe a direla mo tempeleng mme a se ka a nna le bana ka ntlha ya tshiamelo ya gagwe e kgolo ya tirelo.—Baatlhodi 11:38-40.
Ke santse ke gakologelwa nako ya fa ke ne ke ineela mo go Jehofa ke santse ke le mosetsanyana fela. Setshwantsho sa Paradaise se santse se phatsima mo tlhaloganyong ya me fela jaaka ka nako eo. Matlho le pelo ya me e santse e tlhomilwe mo mokgeleng wa botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng la Modimo le lesha. Ee, ke eletsa go direla Jehofa, e seng ka dingwaga di ka nna 50 mme ka bosakhutleng—mo pusong ya Bogosi jwa gagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Dorothy Craden, yo o beileng diatla tsa gagwe mo magetleng a me, le ba re neng re bula tsela le bone ka 1943
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Kwa Roma, Italy, ke na le barongwakanna ka 1953
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke na le monna wa me