Thekololo ya ga Keresete Tsela ya Modimo ya Poloko
“Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—JOHANE 3:16.
1, 2. Tlhalosa maemo a batho ba iphitlhelang ba le mo go one.
A RE re o lwala bolwetse jo bo ka nnang jwa go bolaya fa o sa ariwe. O ne o ka ikutlwa jang fa tlhwatlhwa ya karo eo e ne e ka nna e kgolo thata e o ka se kang wa e kgona? Go tweng fa le madi otlhe a a kopantsweng a ba lelapa la gago le ditsala a sa lekana go ka e duelela? Ruri go ne go ka utlwisa botlhoko thata go lebana le masetlapelo a a ntseng jalo a a tsenyang botshelo jwa motho mo kotsing!
2 Seno se tshwantsha maemo a batho ba ileng ba iphitlhela ba le mo go one. Batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ile ba bopiwa ba itekanetse. (Duteronome 32:4) Ba ne ba solofetse go tshelela ruri le go bona maikaelelo ano a Modimo a diragala: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye.” (Genesise 1:28) Le fa go ntse jalo, Adame le Efa ba ile ba tsuologela Mmopi wa bone. (Genesise 3:1-6) Go tlhoka kutlo ga ga Adame le Efa ga go a dira bone fela gore ba nne le boleo, go na le moo, go dirile jalo le ka bana ba bone. Jobe yo o ikanyegang o ile a bolela jaana moragonyana: “E mang yo o ka ntshang selo se sentle mo go se se seng sentle? Ga go na ope.”—Jobe 14:4.
3. Loso lo ile lwa anamela jang mo bathong botlhe?
3 Ka jalo boleo bo tshwana le bolwetse jo bo ileng jwa tshwaetsa mongwe le mongwe wa rona ka gonne Baebele e bolela gore “botlhe ba leofile.” Seno se baka matswela a a bayang botshelo jwa batho mo kotsing. Ee, “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 3:23; 6:23) Ga go motho ope yo o ka tilang seno. Batho botlhe ba dira boleo, ka jalo botlhe ba a swa. E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame, re ne ra tsholelwa mo maemong ano. (Pesalema 51:5) Paulo o ile a re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Seno ga se bolele gore ga go na tsholofelo ya gore re ka bona poloko.
Go Fedisa Boleo le Loso
4. Ke eng fa batho ba sa kgone go fedisa bolwetse le loso ka bobone?
4 Ke eng se se neng se ka fedisa boleo le loso lo bo le bakang? Ga go pelaelo gore go ne go tlhokega sengwe se se fetang se motho a neng a ka se dira. Mopesalema o ile a bua jaana ka khutsafalo: “Tuelo ya botshelo jwa motho e kgolo thata. Se a neng a ka se duela se ne se ka se lekane go ka mmoloka mo lebitleng, go ka mo letla go tshelela ruri.” (Pesalema 49:8, 9, Today’s English Version) Ke boammaaruri gore, re ka nna ra kgona go oketsa botshelo jwa rona ka dingwaga di le mmalwa ka go ja dijo tse di siameng le ka dilo tsa kalafi, le fa go ntse jalo, ga go ope wa rona yo o ka kgonang go fedisa maemo a re leng mo go one a boleo jo re bo ruileng. Ga go ope wa rona yo o ka baakanyang matswela a a sa itumediseng a go tsofala le go dira gore mmele wa rona o boele o itekanele ka tsela e Modimo a neng a ikaeletse gore o nne ka teng kwa tshimologong. Ruri Paulo o ne a sa feteletse dilo fa a ne a re batho ba ne ba “bewa mo taolong ya bosenangmosola” ka ntlha ya boleo jwa ga Adame—kana jaaka The Jerusalem Bible e e ranola, “ba ne ba dirwa gore ba se ka ba kgona go fitlhelela boikaelelo jwa jone.” (Baroma 8:20) Le fa go ntse jalo, selo se se itumedisang ke gore Mmopi ga a re latlha. O dirile thulaganyo e ka yone a tla tlosang boleo le loso ka bosakhutleng. Jang?
5. Molao o o neng o neilwe Baiseraele o bontsha jang gore o tsaya tshiamiso e le botlhokwa?
5 Jehofa o rata “tshiamo le tshiamiso.” (Pesalema 33:5) Melao e a neng a e naya Baiseraele e supa gore o tekatekano e bile o dira dilo ka tshiamiso a sa gobelele. Ka sekai, mo go yone melao eo, re bala gore ‘botshelo bo tshwanetse go tswelwa ke botshelo.’ Ka mafoko a mangwe, fa Moiseraele a bolaile motho, botshelo jwa motho yoo bo ne bo tshwanetse go duelwa ka botshelo jwa motho yo o mmolaileng. (Ekesodo 21:23; Dipalo 35:21) Ka go dira jalo, dilo di ne di dirwa go ya ka tshiamiso ya Modimo.—Bapisa Ekesodo 21:30.
6. (a) Go ka twe Adame ke mmolai ka tsela efe? (b) Adame o ne a latlhegelwa ke botshelo jo bo ntseng jang, mme go ne go tlhokega setlhabelo se se ntseng jang gore dilo di dirwe ka tshiamiso?
6 Fa Adame a se na go leofa o ne a nna mmolai. Ka tsela efe? Ka tsela ya gore o ne a tla fetisetsa boleo jwa gagwe—le lone loso—mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa gagwe. Ke ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga ga Adame go bo gompieno jaana mebele ya rona e koafala e re isa kwa lebitleng ka iketlo. (Pesalema 90:10) Boleo jwa ga Adame bo bakile sengwe se se masisi go feta. Se lebale gore Adame ga a dira fela gore ene le bana ba gagwe ba latlhegelwe ke botshelo fela jo bo tlwaelegileng jwa dingwaga di le 70 kana 80. O ne a latlhegelwa ke botshelo jo bo itekanetseng—botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, gore dilo di dirwe go ya ka tsela ya tshiamiso mo kgannyeng eno, go ne go tshwanetse ga ntshiwa botshelo jo bo ntseng jang e le gore ‘botshelo bo tswelwe ke botshelo’? Ga go pelaelo gore e ne e tshwanetse go nna botshelo jwa motho yo o itekanetseng—botshelo jwa motho yo o neng a ka kgona go nna le bana ba ba itekanetseng fela jaaka Adame. Botshelo jwa motho yoo yo o itekanetseng bo ne bo se kitla bo dira fela gore dilo di dirwe go ya ka tshiamiso mme gape bo ne bo tla dira gore go kgonege gore boleo le loso di fedisiwe gotlhelele.
Go Duela Tlhwatlhwa ya Boleo
7. Tlhalosa bokao jwa lefoko “thekololo.”
7 Baebele e bitsa tlhwatlhwa e e neng e batlega gore re gololwe mo boleong e re ke “thekololo.” (Pesalema 49:7) Ka Setswana lefoko leo le ka kaya madi a mogapi a a batlang pele ga a golola motho yo a mo gapileng. Ke boammaaruri gore thekololo e Jehofa a e duetseng ga e amane ka gope le go gapiwa ga mongwe. Mme gone, kgang eno le yone e naya kgopolo ya tlhwatlhwa e e duelwang. Tota e bile, lediri la lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “thekololo” totatota le kaya “go duelela.” Gore batho ba gololwe mo boleong, go ne go tlhokega gore go duelwe thekololo e e lekanang kgo le se e neng e tshwanetse go se duelela—botshelo jwa ga Adame jo bo itekanetseng.
8. (a) Tlhalosa gore molaomotheo wa go reka motho sesha o dira jang. (b) Molaomotheo ono wa go reka motho sesha o amana jang le rona baleofi?
8 Seno se dumalana le molaomotheo o o mo Molaong wa ga Moshe—wa go reka selo gape. Fa Moiseraele a ne a humanegile a bo a ithekisa go nna lekgoba la motho yo e seng Moiseraele, mongwe wa losika lwa gagwe o ne a ka mo reka gape (kana go mo rekolola) ka go duela madi a a tsewang a lekana le tlhwatlhwa ya lekgoba leo. (Lefitiko 25:47-49) Baebele e bolela gore rona batho ba ba sa itekanelang re “batlhanka ba boleo.” (Baroma 6:6; 7:14, 25) Re ne re ka rekololwa ka eng? Jaaka re setse re bone, botshelo jwa motho yo o itekanetseng bo ne bo tla batla gore bo duelwe ka botshelo jwa motho yo mongwe yo o itekanetseng—botshelo jo bo lekanang kgo le jone.
9. Jehofa o ile a dira thulaganyo ya go bipa maleo a rona jang?
9 Ke boammaaruri gore rona batho re tsholwa re sa itekanela. Ga go ope wa rona yo o lekanang le Adame; ga go ope wa rona yo o ka duelang tlhwatlhwa e e batlegang gore dilo di dirwe ka tshiamiso. Jaaka go boletswe kwa tshimologong, go ntse jaaka e kete re tshwerwe ke bolwetse jo bo ka nnang jwa re bolaya mme ga re kgone go duela madi a karo e e tlhokegang go bo alafa. Mo maemong a a ntseng jalo, a re ne re ka se itumele thata fa mongwe a ne a ka re tlhomogela pelo mme a re duelela tlhwatlhwa eo? Ke sone se Jehofa a ileng a se dira! O ile a dira thulaganyo ya go re rekolola mo boleong ka bosakhutleng. Ee, o iketleeditse go re naya selo se ka borona re neng re ka se se kgone. Jang? Paulo o ile a kwala jaana: “Mpho e Modimo o e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Johane o tlhalosa Jesu e le “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29) A re bone kafa Jehofa a ileng a dirisa Morwaawe yo o rategang ka teng go re rekolola.
“Thekololo e e Lekanang”
10. Boporofeti jo bo malebana le “losika” bo ne jwa lebisa tlhokomelo jang mo go Josefa le Marea?
10 Morago fela ga botsuolodi jwa kwa Edene, Jehofa o ile a itsise maikaelelo a gagwe a go tlhagisa “losika,” kana lotsalo lo lo neng lo tla rekolola batho mo boleong. (Genesise 3:15) Jehofa o ne a tshwaya lelapa le losika lono lo neng lo tla tlhaga mo go lone ka go dirisa metseletsele ya ditshenolo tsa bomodimo. Fa go ntse go ya, ditshenolo tseno di ile tsa lebisa go Josefa le Marea, e leng baratani bangwe ba kwa Palesetina ba ba neng ba beeletsane. Josefa o ile a bolelelwa mo torong gore Marea o imile ka moya o o boitshepo. Moengele o ne a re: “O tla tshola morwa, mme o tshwanetse go mo raya leina a re Jesu, gonne o tla boloka batho ba gagabo mo maleong a bone.”—Mathaio 1:20, 21.
11. (a) Jehofa o ne a rulaganya jang gore Morwaawe a tsholwe e le motho yo o itekanetseng? (b) Ke eng fa Jesu a ile a kgona go duela “thekololo e e lekanang”?
11 Seno e ne e se go ima go go tlwaelegileng ka gonne Jesu o ne a ntse a tshela kwa legodimong pele ga e nna motho. (Diane 8:22-31; Bakolosa 1:15) Jehofa o ile a dirisa maatla a gagwe a magolo go fetisetsa botshelo jwa gagwe mo popelong ya ga Marea, e leng se se neng sa dira gore Morwa yono yo o rategang wa Modimo a tsalwe e le motho. (Johane 1:1-3, 14; Bafilipi 2:6, 7) Jehofa o ile a dira gore Jesu a se ka a tshwaediwa ke boleo jwa ga Adame. Go na le moo, Jesu o ile a tsalwa a itekanetse. Ka gone, o ne a na le se se ileng sa latlhegela Adame—botshelo jwa motho jo bo itekanetseng. Kgabagare e ne ya nna ene motho yo o neng a ka duela tlhwatlhwa ya boleo! Mme ke sone se Jesu a ileng a se dira ka Nisane 14, 33 C.E. Mo letsatsing leo le le sa lebalesegeng, Jesu o ile a letla gore a bolawe ke baganetsi ba gagwe, ka go dira jalo a duela “thekololo e e lekanang.”—1 Timotheo 2:6.
Boleng Jwa Botshelo Jwa Motho jo bo Itekanetseng
12. (a) Tlhalosa kafa loso lwa ga Jesu lo farologanang thata ka teng le lwa ga Adame. (b) Go ne ga tla jang gore Jesu e nne “Rara wa Bosakhutleng” wa batho ba ba kutlo?
12 Loso lwa ga Jesu lo farologana le loso lwa ga Adame—e leng se se supang boleng jwa thekololo. Adame o ne a tshwanelwa ke go swa ka gonne a ile a tlola ditaelo tsa Mmopi wa gagwe ka boomo. (Genesise 2:16, 17) Jesu ene o ne a sa tshwanelwe ke go swa ka gonne “ga aa ka a dira boleo bope.” (1 Petere 2:22) Ka jalo, ka nako ya fa Jesu a swa, o ne a na le sengwe se se nang le boleng jo bogolo se moleofi Adame a neng a se na sone ka nako ya loso lwa gagwe—tshiamelo ya go nna le botshelo jwa motho jo bo itekanetseng. Ka gone, loso lwa ga Jesu ke lwa go intsha setlhabelo. Fa a tlhatlogela legodimong e le motho wa semoya, o ile a fitlha a neela Jehofa boleng jwa setlhabelo sa gagwe. (Bahebera 9:24) Ka go dira jalo, Jesu o ne a rekolola batho ba ba boleo mme a nna Rre wa bone yo mosha, a tsaya maemo a ga Adame. (1 Bakorintha 15:45) Ke gone ka moo Jesu a bidiwang gore ke “Rara wa Bosakhutleng.” (Isaia 9:6) A ko o akanye gore seno se bolelang! Adame, rre yo o leofileng, o ne a tsenya loso mo ditlogolwaneng tsa gagwe. Jesu, Rre yo o itekanetseng, o dirisa boleng jwa setlhabelo sa gagwe go dira gore batho ba ba kutlo ba nne le botshelo jo bo sa khutleng.
13. (a) Tshwantsha kafa Jesu a ileng a duelela molato o o bakilweng ke Adame ka teng. (b) Ke eng fa setlhabelo sa ga Jesu se sa duelele boleo jwa batsadi ba rona ba ntlha?
13 Mme gone, botshelo jwa motho a le mongwe fela bo ka bipa jang maleo a batho ba bantsi? (Mathaio 20:28) Mo setlhogong sengwe re ile ra tshwantsha thekololo jaana dingwaga di sekae tse di fetileng: “A o ke o akanye ka feketeri nngwe e kgolo e e nang le makgolokgolo a badiri. Manejara wa feketeri yo o sa ikanyegeng o diga kgwebo; feketeri eo e a tswalwa. Makgolokgolo a batho jaanong a felelwa ke tiro mme ga ba kgone go duela dikoloto tsa bone. Balekane ba bone ba lenyalo, bana ba bone, ee, le bone bao ba ba kolotang botlhe ba a boga ka ntlha ya go sa siama ga monna a le mongwe fela! Mme morago ga moo go tla monna mongwe yo o humileng thata mme o feta a duela molato otlhe wa khampani eo mme a bo a bula feketeri eo gape. Go phimolwa ga sekoloto se le sengwe fela seo go dira gore bahiriwa ba le bantsi, malapa a bone, le batho ba ba ba kolotang, ba gololesege ka botlalo. A mme manejara yole wa pele o nna le seabe sepe mo tswelelopeleng eno e ntšha? Nnyaa, o mo kgolegelong mme ka jalo o latlhegetswe ke tiro ya gagwe gotlhelele! Ka mo go tshwanang, go phimolwa ga molato o le mongwe wa ga Adame go leretse dimilione tsa bana ba gagwe melemo e le mentsi—mme e seng Adame.”
14, 15. Ke eng fa Adame le Efa ba ka bidiwa gore ke baleofi ba ka boomo, mme boemo jwa rona bo farologana jang le jwa bone?
14 Seo ke selo se se siameng. Se lebale gore Adame le Efa ba leofile ka boomo. Ba ile ba tlhopha go se utlwe Modimo. Mme rona, re tsalelwa mo boleong. Ga go na se re ka se dirang. Le fa re ka leka ka natla jang, re ka se kgone go tila boleo gotlhelele. (1 Johane 1:8) Ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa jaana jaaka Paulo: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna. Tota ke natefelelwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me. A nna motho yo o tlhomolang pelo!”—Baroma 7:21-24.
15 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya thekololo, re na le tsholofelo! Jesu ke ene losika lo ka lone Modimo a ileng a solofetsa gore “merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala.” (Genesise 22:18; Baroma 8:20) Setlhabelo sa ga Jesu se bulela batho ba ba dumelang mo go ene ditshono tse di molemo thata. Mma re sekaseke dingwe tsa tsone.
Go Solegelwa Molemo ke Thekololo ya ga Keresete
16. Le mororo re le baleofi, ke melemo efe e gone jaanong re kgonang go nna le yone ka ntlha ya thekololo ya ga Jesu?
16 Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o a dumalana gore “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya thekololo ya ga Keresete, maleo a rona a ka itshwarelwa. Johane a re: “Fa mongwe ruri a dira boleo, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami. Mme ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” (1 Johane 2:1, 2) Ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go mpampetsa boleo. (Jude 4; bapisa 1 Bakorintha 9:27.) Le fa go ntse jalo, fa re leofa, re ka bulela Jehofa dipelo tsa rona ka tsholofelo ya gore “o iketleeditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5; 130:3, 4; Isaia 1:18; 55:7; Ditiro 3:19) Ka gone, thekololo e re thusa go direla Modimo ka segakolodi se se phepa e dira gore go kgonege gore re buisane le ene ka thapelo ka leina la ga Jesu Keresete.—Johane 14:13, 14; Bahebera 9:14.
17. Ka ntlha ya thekololo, ke masego afe a isagwe a re ka kgonang go nna le one?
17 Thekololo ya ga Keresete e bula tsela ya gore maikaelelo a Modimo a diragadiwe—a gore batho ba ba kutlo ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Pesalema 37:29) Paulo o ile a kwala jaana: “Lefa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, jaanong ke Ee ka ene [Jesu].” (2 Bakorintha 1:20) Ke boammaaruri gore loso lo ntse lo “busa jaaka Kgosi.” (Baroma 5:17) Thekololo e thaya motheo wa gore Modimo a tlose ‘mmaba yono wa bofelo.’ (1 Bakorintha 15:26; Tshenolo 21:4) Thekololo ya ga Jesu e solegela le batho ba ba suleng molemo. Jesu o ile a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] mme ba tswe.”—Johane 5:28, 29; 1 Bakorintha 15:20-22.
18. Boleo bo ile jwa nna le matswela afe a a botlhoko mo bathong, mme seno se tla fetolwa jang mo lefatsheng le lesha la Modimo?
18 Akanya fela ka boitumelo jo re tla nnang le jone fa re tshela ka tsela e botshelo bo tshwanetseng jwa nna ka yone—re se na ditlhobaelo tsa gompieno tse di re imetsang! Boleo ga bo a re tlhoboganya fela le Modimo mme gape bo re tlhobogantse le megopolo ya rona ka borona le mebele ya rona. Le fa go ntse jalo, Baebele e re solofetsa gore mo lefatsheng le lesha la Modimo, “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” Ee, batho ga ba ne ba tlhola ba bogisiwa ke go lwala mo mmeleng le mo maikutlong. Ka ntlha yang? Isaia o araba jaana: “Batho ba ba agang gona ba tlaa itshwarelwa boikepo jwa bone.”—Isaia 33:24.
Thekololo—Sesupo sa Lorato
19. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tsibogela thekololo ya ga Keresete jang?
19 Lorato lo ile lwa tlhotlheletsa Jehofa go romela Morwawe yo o rategang. (Baroma 5:8; 1 Johane 4:9) Mme Jesu le ene lorato lo ne lwa mo tlhotlheletsa go ‘utlwela motho mongwe le mongwe loso.’ (Bahebera 2:9; Johane 15:13) Ke gone ka moo Paulo a ileng a kwala jaana: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela . . . o ne a swela botlhe e le gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Fa re anaanela se Jesu a re diretseng sone re tla se tsibogela. Kana e bile, thekololo e dira gore go kgonege gore re namolwe mo losong! Ruri ga re batle go bontsha ka ditiro tsa rona gore re tsaya setlhabelo sa ga Jesu se se botlhokwa.—Bahebera 10:29.
20. Ditsela tse dingwe tsa go boloka “lefoko” la ga Jesu ke dife?
20 Re ka bontsha jang gore ruri re anaanela thekololo? Jesu o ile a bua jaana pele fela ga gore a tshwarwe: “Fa motho a nthata, o tla boloka lefoko la me.” (Johane 14:23) “Lefoko” la ga Jesu le akaretsa gore re nne le seabe ka tlhagafalo mo go diragatseng taelo eno: “Tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobets[e].” (Mathaio 28:19) Go nna kutlo mo go Jesu go akaretsa le gore re rate bakaulengwe ba rona ba semoya.—Johane 13:34, 35.
21. Ke eng fa re tshwanetse go nna gone mo moketeng wa Segopotso ka April 1?
21 Tsela e e molemo go gaisa e re ka bontshang ka yone gore re anaanela thekololo ke ka go nna gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete se monongwaga se tla tshwarwang ka April 1.a Seno le sone ke bontlhanngwe jwa “lefoko” la ga Jesu ka gonne e ne ya re fa Jesu a tlhoma mokete ono o ile a laela balatedi ba gagwe jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Ka go nna gone mo tiragalong eno e e botlhokwatlhokwa le ka go sekegela tsebe ditaelo tsotlhe tsa ga Keresete, re tla bontsha gore re tlhatswegile pelo gore thekololo ya ga Jesu ke tsela ya Modimo ya poloko. Ruri “ga go na poloko mo go ope o sele.”—Ditiro 4:12.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Monongwaga Nisane 14, e leng letlha le Jesu a suleng ka lone ka ngwaga wa 33 C.E., e tla bo e le ka April 1. Botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona gore mokete wa Segopotso o tla tshwarelwa kae le ka nako mang.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke eng fa batho ba sa kgone go ikgolola mo boleong?
◻ Ke jang Jesu e leng “thekololo e e lekanang”?
◻ Jesu o ne a dirisa tshiamelo ya gagwe ya go nna motho yo o itekanetseng jang gore re solegelwe molemo?
◻ Ke masego afe a batho ba nnang le one ka ntlha ya thekololo ya ga Keresete?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Dilo di ne di ka dirwa ka tshiamiso fa fela go ne go ka nna le motho yo o itekanetseng yo o lekanang le Adame
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Since Jesus had the right to perfect human life, his death had sacrificial value