LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 8/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Ikaeletse go re Direla Eng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Botshelo bo Simologile Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Boikaelelo jwa Mmatota jwa Botshelo
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 8/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Re tshelela eng?

Monnamogolo le ngwana ba lebile kgakala

A ka dinako dingwe go lebega botshelo bo le bokhutshwane?

A o kile wa ipotsa gore a re tshelela fela go tshameka, go bereka, go nyala, go nna le lelapa le go tsofala? (Jobe 14:1, 2) Baebele ya re tota le batho ba ba botlhale ba ne ba ipotsa potso eo.—Bala Moreri 2:11.

A go na le lebaka la go bo re tshela? Sa ntlha, re tshwanetse go ipotsa gore, Botshelo bo simologile jang? Fa batho ba le bantsi ba sena go sekaseka tsela e e gakgamatsang e boboko le mebele ya rona e dirilweng ka yone, ba ne ba swetsa ka gore go na le Mmopi yo o botlhale yo o re bopileng. (Bala Pesalema 139:14.) Fa a le teng, a ka tswa a na le lebaka la go bo a re bopile! Go itse lebaka leo go ka dira gore re itse gore re tshelela eng.

Re bopetswe eng?

Modimo o ne a segofatsa banyalani ba ntlha a bo a ba naya tiro e e itumedisang. O ne a batla gore ba tlatse lefatshe, ba le dire paradaise le gore ba tshelele ruri.—Bala Genesise 1:28, 31.

Boikaelelo jwa Modimo bo ne jwa kgorelediwa fa batho ba nna kgatlhanong le taolo ya gagwe. Modimo ga a ka a re tlhoboga kgotsa a fetola boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe. Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo o ntse a dira dithulaganyo tsa go boloka batho ba ba ikanyegang le gore o tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe! Ka jalo, Modimo o batla gore o itumelele botshelo jaaka a ne a batla! (Bala Pesalema 37:29.) Ithute mo Baebeleng gore o ka solegelwa molemo jang ke se Modimo a se ikaeletseng.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.pr2711.com/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela