LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/91 ts. 2
  • Dirisang Setlha sa Selemo ka Tsela E E Botlhale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisang Setlha sa Selemo ka Tsela E E Botlhale
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgakololo Tse di Tlileng ka Nako
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • O Rulagantse Go Dira Eng Mo Selemong Seno?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 11/91 ts. 2

Dirisang Setlha sa Selemo ka Tsela E E Botlhale

scanned text to be proofread

1 Gantsi bana ba sekolo ba bodiwa gore ba rulaganya go dira eng mo setlheng sa selemo, mme fa ba boela sekolong, ba ka nna ba kopiwa gore ba bege kaga seo ba se dirileng. Ruri, rotlhe fela eleng bannye le bagolo, re dira sentle go ipotsa jaana: ’Re rulagantse go dira eng ka nako ya rona ya setlha sa selemo? Ka nako ya fa e tla bo e fetile, a re tla kgona go neelana ka pego ya nako ya selemo eo re ileng ra e dirisa ka tsela e e mosola le e e nang le matswela?’ Baef. 5:15,16.

2 lkamogelele Molemo go tswa mo Dikopanong tsa Kgaolo: Ba le bantsi ba tla bo ba le gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego.“ Re dira sentle gore morago ga kopano re boeletse dintlha tseo re ileng ra di kwala e le gore re tle re bone dintlha tseo re di ithutileng le tseo re ka di dirisang mo matshelong a rona jaaka batho bao ba bakang Jehofa. Mo go Baefesia 4:25 re kgothalediwa gore “monwe le monwe a bu boamarure le oa ga gabō?.“ Batho bao re agisaneng gaufl thata nabo ke maloko a lelapa leo e leng la rona. Re ka nna ra tlotla le bone kana ra tlotla le maloko a lelapa ia rona la semoya ka dijo tse di monate thata tsa semoya tseo re neng ra tlamelwa ka tsone mo thulaganyong ya kopano.

3 Nna le seabe mo Bodiheding jwa Tshimo: A re dirile thulaganyo ya gore re tie re nne le seabe se segolo ka moo re ka kgonang ka gone mo bodiheding mo setlheng sa selemo? Fa e le gore re mo phuthegong eo e leng ya rona, re tla batla go tshegetsa dithu-laganyo tsa ka metlha tsa tirelo ya tshimo. Ereka letsatsi le le leleejana, re ka nna ra kgona go nna le seabe mo go neeleng bosupi maitseboa. Go na le batho ba le bantsi mo gae mo maitseboeng ebile ba lebega ba riti-betse tota mo maikutlong, ka go dira jalo ba re tlhofofaletsa gore re bue le bone ka mafoko a a molemo a Bogosi. Isa. 50:4.

4 Ka nako ya fa re dira dithulaganyo tsa go eta, e ka ne e le tsa go ya kopanong kana tsa go ya malatsing a boikhutso, re tshwanetse go rulaganya gore re tsamaye ka diborou-thara dingwe. Ka nako ya fa go tlhaga ditshono tsa gore re neele’bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo, re ka lebisa tlhokomelo mo go nngwe ya diborouthara tseno. Ka nako ya f a re seo mo gae, re ka nna ra kgona go batla kwa Holo ya Bogosi e leng gone, re nne gone kwa dipokanong, le go nna le seabe mo tire-long ya tshimo le bakaulengwe le bokgaitsa-di ba lefelo leo. Seno se tshwanetse gore se itshupe e le motswedi o o molemo thata wa kgothatso mo go rona le mo bakaulengweng bao re kopanang nabo. Bar. 1:12.

5 Pa e le gore re tla bo re seyo kwa phu-thegong eo e leng ya rona mo mafelong a kgwedi, re tshwanetse gore re posetse pego ya rona ya tirelo ya tshimo kwa mokwale-ding go santse go na le nako e ntsi gore e tle e kopanngwe le pego eo a e romelang ka di 6 tsa kgwedi e e latelang. Kana mo boemong jwa seo, re ka nna ra e tlogela le ene pele ga fa re tsamaya mme tiro epe fela eo re e dirang morago ga moo e ka akarediwa mo pegong ya kgwedi e e latelang.

6 Leka thata gore o Tshware Dithuto: Gantsi go tshwarwa dithuto di le mmalwanyana fela mo dikgweding tsa selemo ka gonne diithuti dingwe tsa Bibela di ya ma-latsing a boikhutso. Motshwari wa thuto le ene a ka nna a tsamaya mme lefa go ntse jalo ka nako e sele. Go na le go letla gore go fete dibeke go sa tshwarwe thuto, a re ka kgona go dira thulaganyo ya gore mongwe o sele mo phuthegong a tshware thuto eo fa re seo? Go molemo gore thuto e tshwarwe ka metlha ka moo go ka kgonegang ka gone e le gore seno se tle se gatisetse mo megopolong ya diithuti botlhokwa Jwa go iphepa ka dijo tsa semoya.

7 Ekete e ka re fa re gakologelwa setlha sa selemo sa 1991 re ikutlwe gore, jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng, ruri re il ra dirisa nako ka botlhale mo go “tshe-getsen seka sa mahoko a a tshedilen“ le mo go thuseng batho ba bangwe go ithuta mafoko ano a a tshedileng a boammaaruri go tswa mo Lefokong la ga Jehofa. 2 Tim. 1:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela