Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Dira Ditshono Tsa go Neela Bosupi jo Eseng Jwa ka Tlwaelo
1 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba phatsimise lesedi la bone. (Math. 5:14-16) O ne a batla gore ba bolelele ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka sebaka sengwe le sengwe se se tshwanetseng. Jesu e ne e le sekao mo ntlheng eno. Sekai sa seno e ne e le fa a ne a dirisa tshono go bua ka boammaaruri go mosadi mongwe wa Mosamaria kwa sedibeng sengwe sa kwa Sikara. (Yoh. 4:5-30) Go tweng ka rona? A re dira ditshono tse di ntseng jalo tsa go ka neela bosupi?
2 Ga se rotlhe bao re ka kgonang go ka nna le seabe mo tirelong ya tshimo letsatsi le letsatsi. Mme lefa go ntse jalo go na le ditshono mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe tseo mo go tsone re ka neelang bosupi. Ka tsela efe? Ka bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. Ba le dikete di le dintsi ba ile ba itse boammaaruri ka tsela eno. Fa re ka ntsha matlho dinameng go ka lemoga ditshono mme morago re bo re dira boiteko, go ka fitlhelelwa batho ba le bantsi ba ba oketsegileng.
RE KA RERELA BOMANG?
3 Mo godimo ga bosupi jwa ka tlwaelo jwa ka ntlo le ntlo, maeto a go boela, le dithuto tsa Bibela, re ka neela bosupi go badirikarona, bao re tsenang sekolo nabo, badirimmogo mo kgwebong, balosika, le ba bangwe bao re tlwaelaneng nabo ka tsela eo eseng ya ka tlwaelo. Fa re le mo loetong ka bese, terena, kana sefofane, re ka nna ra tsosa motlotlo le bao re leng mo loetong nabo. Fa re le mo nakong ya boikhutso, re ka nna ra abalana mafoko a a molemo le badiri ba hotele le ba motele, badiri ba kwa seteitšheneng sa peterolo, badiri ba kwa resetšhurenteng, le bakgweetsi ba ditekesi. Re ka nna ra buisana le ba bangwe fa re ntse re letile mo ofising ya ngaka kana koo botlhe ba tlhatswetsang gone. Fa re le kwa gae, gongwe re ka nna ra neela bosupi go baagelani, barekisi, kana batho ba ba tsamaisang dilwana. Le eleng fa re robaditswe kwa kokelong, re ka nna ra neela bosupi go dingaka, baoki, le balwetsi ba bangwe.
TSELA EO RE KA SIMOLOLANG KA YONE
4 Fa go na le sengwe seo re beelaneng nako ka sone mme re itse gore re tla senya nako e e rileng re letile, re ka nna ra tsamaya ka dimakasine tsa bosheng mme re ipaakanyetse go ka tlotla ka setlhogo sengwe se se kgatlhisang le mongwe yo re ka kopanang nae. Kana re ka nna ra dirisa pampitshana kana boroutšhara jaaka sengwe seo re ka simololang motlotlo ka sone. Mo maemong a a ntseng jalo, bangwe ba ile ba go fitlhela go na le matswela go simolola motlotlo ka go bua ka sengwe se se tsosang maikutlo seo se theilweng mo tiragalong nngwe ya bosheng mme morago ga moo ba botse motho yoo gore o ikutlwa jang ka seo. Bangwe ba ile ba fitlhela gore go botsa potso eo e tlhotlheletsang motho go akanya e eleng malebana le tiragalo nngwe ya bosheng go ka nna ga felela ka gore go neelwe bosupi jo bo molemo. Mo makgetlong ano otlhe, go ithaopela gore e nne wena o simololang ke sone se se tlhokafalang go dira gore dilo di tsamaye.
GO NEELA BOSUPI KWA TIRONG
5 Bao ba nang le ditiro tsa boitshediso ba ka nna ba dira ditshono tsa gore ba neele bosupi go badirikabone. Bokgaitsadi bangwe ba babedi ba ne ba kwala maina a bao ba berekang nabo bao ba neng ba akanya gore ba ka nna ba ba nna le kgatlhego mo baommaaruring. Ka go buisana le bao ba neng ba le mo lenaaneng leo mmogo le ba bangwe ba sekae, ba ne ba kgona go tsamaisa dibuka tse di fetang 65 tsa Tshenolō Konelo ya Yone le go ka tsosa kgatlhego e ntsi.
6 Mo lekgetlong le lengwe, mokaulengwe mongwe o ne a ikemisetsa gore o tlile go neela bosupi go motho wa ntlha yo o tla dulang fa thoko ga gagwe mo nakong ya gagwe ya boikhutso ya metsotso e le 15 kwa tirong. Monna yo a neng a buisana le ene o ne a itse kaga boammaruri mme lefa go ntse jalo o ne a bolela gore o ne a sa batle go tswelela ka kgang eo. Legale, mokaulengwe wa rona o ne a tlogela dibuka fa monna yoo a neng a ka kgona go di sela motlhofo gone. Mo dikgweding di le thataro monna yoo le lelapa la gagwe lotlhe ba ne ba kolobeditswe.
7 Jaaka “lesedi ya lehatshe,” Jesu o ne a dira ditshono tsa go ka neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. (Yoh. 8:12) Fa re ntshitse matlho dinameng mme re iketleeleditse go ka abalana le ba bangwe tsholofelo ya rona e e theilweng mo Bibeleng, le rona re ka se fetwe ke ditshono tsa go ka neela bosupi. Ka jalo, jaaka barutwa ba ga Jesu, re tla nna ‘masedi mo lefatsheng.’—Bafil. 2:15, 16.