Dikgang Tsa Bolegodimo
◆ Canada e fetile palo ya 100 000 mo baboleding botlhe ka April, ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 100 368.
◆ Ditlhaketlhake tsa Cape Verde di nnile le tlhora ya baboledi ba le 410 ka April eo eleng koketsego ya 19 lekgolong go feta palogare ya ngogola. Baboledi ba phuthego ba ne ba na le palogare ya diura di le 14,5, mme go begilwe tlhora ya dithuto tsa Bibela di le 856.
◆ Mo dikgweding tsa June le July go kgakotswe Diholo tsa Bogosi di le robonngwe. Diphuthego tseo di neng di kopanyelediwa mo go seno e ne e le ya Uitenhage Bokone, End Borwa (Port Elizabeth), Maboloka le Letlhabile (tikologo ya Brits), Pimville Botlhaba (Soweto), Duduza (Nigel), Jouberton (Klerksdorp), le Bloemhof. Holo ya Bogosi ya kwa Blairgowrie (Gauteng) e ile ya agiwa sesha. Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo tse 20 di dira tiro e e molemo thata go thusa diphuthego. Mo makgetlong mangwe bakaulengwe bano ba na le tiro e ntsi go feta eo ba ka e kgonang. Ka sekai, kwa tulong ya Nelspruit fela go tlhokafala gore bobotlana go agiwe Diholo tsa Bogosi di le 20. Go ntse jalo le kwa dikarolong tse dingwe. Re boela gape re ikuela mo go bao ba ka kgonang go thusa gore ka tswee tswee ba ikgolaganye le Mokgatlho kana le Komiti ya lona E E Agang ya Kgaolo. Go tlhokafala gore go wediwe Diholo tsa Bogosi ka bonako ka mo go ka kgonagalang ka gone gore go ke go fitlhelelwe tlhokafalo eno e e potlakileng.