LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/91 ts. 6-8
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BA LE BANTSI BA NEETSE THUSO E E LOBATO
  • GO TLHOKEGA BAITHAOPI BA BA OKETSEGILENG
  • SEABE SEO DIKOMITI TSE DI AGANG TSA KGAOLO DI NANG LE SONE
  • GO TSHEGETSA DITIRO TSA GO AGA DIHOLO TSA BOGOSI KA MADI
  • BOLOKA MOYA WA GO NNA O TLHAGAFETSE
  • Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo di Tlhokegang mo Thobong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Ikaega ka Jehofa mo go Tsotlhe Tseo re di Dirang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi mo Afrika Borwa le mo Dinageng Tse Di Mabapi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Thulaganyo E Ntšha ya go Agiwa ga Diholo tsa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 2/91 ts. 6-8

Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe

1 Gompieno Bakeresete ba tswelela pele ba ntse ba tlhokomela tiro ya semoya ya go aga eo Jesu o neng a e simolola mo e ka nnang dingwaga di le 1 960 tse di fetileng fa a ne a simolola go phutha barutwa. (Math. 4:17; 7:24, 25, 28; Yoh. 7:46) Jehofa o segofaditse tiro ya gagwe mo gogolo. (Dia. 10:22) Jaaka fa re ntse re tswelela re itsise Bogosi jwa Modimo, gape re a aga gore re tle re tlhokomele koketsego ya mo isagweng.—Mor. 11:6.

2 Le mororo Diholo dingwe tsa Bogosi tsa kgale di tshwanetse tsa baakanngwa, go tlhokega diholo di le dintsi tse di oketsegileng gore di kgone go lekana diphuthego tse disha le tseo di neng di ntse di le gone. Go tlhokega madi mmogo le badiri bao ba ithaopileng e le gore ditiro tseno tsa go aga di tle di wediwe ka katlego. Boikutlo jo bo molemo jo bo akgolelwang joo bakaulengwe ba nang le jone malebana le go diragatsa tlhokafalo eno bo duelwa ka mo go humileng.—Pes. 41:1; Dia. 19:17; Mor. 11:1; Luke 14:13, 14.

BA LE BANTSI BA NEETSE THUSO E E LOBATO

3 Re bontsha gore re rata ‘bokaulengwe’ ka go nna re ntsha meneelo ya Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi. (1 Pet. 2:17) Mme tlhokafalo eno e ntse e oketsega jaaka fa tiro ya go phutha e ntse e oketsa lobelo lwa yone. Ka jalo Jehofa o tswelela go nna a segofatsa thulaganyo eno, e bile bagolwane ba tshwanetse ba tlhomamisa gore lebokoso la meneelo la Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le bonala sentle e bile botlhe ba kgona go le bona. Meneelo eo e amogelwang mmogo le madi ao a amogelwang go duelwa dikadimo a dirisiwa go aga Diholo tse disha tsa Bogosi.

4 Mokgatlho, mmogo le diphuthego tsotlhe tseo di solegelwang molemo ke paakanyetso eno, di bontsha gore di anaanela batho ba le bantsi le malapa bao ba ntshang meneelo mo Letloleng la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi ka metlha. Diphuthego di le dintsi di ile tsa bolela maikemisetso a tsone a gore di tla ntshetsa letlole leno meneelo. Dipotologo dingwe le tsone di ile tsa dira one maikemisetso a a tshwanang le ano ka lorato. Tota e bile, re itumelela go bega gore diphuthego di le 504 mo go di le 1 195 mo nakong ya jaanong di tshegetsa letlole leno. Jaaka fa e le tshiamelo go thusa bakaulengwe ba rona, a bakaulengwe ba bangwe le bone ba ka akanyetsa go dira se se tshwanang le bone? Seno se ne se tla oketsa letlole leno ka bofefo ka mo go oketsegileng, ka go dira jalo seno se dira gore diphuthego tse di oketsegileng di solegelwe molemo.

GO TLHOKEGA BAITHAOPI BA BA OKETSEGILENG

5 A o na le bokgoni bongwe mo tirong ya go aga? Fa e le gore go ntse jalo, e bile fa e le gore o kgona go thusa mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi, o ka nna wa bolelela bagolwane ba lefelo la lona kana molebedi wa potologo. Go tlhokega badiri ba ba ithaopileng bao ba nang le bokgoni mo nageng eno yotlhe. Morago jaana ga go na baagi ba ba kalokalo bao ba nang le bokgoni mo go ageng, seo se bolelang gore boikarabelo jwa go aga Holo ya Bogosi bo wela fela mo bakaulengweng ba se bakae. Bakaulengwe bano ba a rata, mme le fa go ntse jalo ba utlwa ba gateletswe ke dilo tse dintsi tseo di batlegang mo go bone. Mo godimo ga moo gape ba na le dilo tse dingwe tseo ba tshwanetseng ba di dira, tse di ntseng jaaka maikarabelo a lelapa le a phuthego. Ka jalo go tsoga potso e e reng, Re ka bona kae baagi ba ba oketsegileng bao ba tshwanelegang? Ka go ba katisa!

6 Re dira boikuelo mo go botlhe, segolobogolo go bakaulengwe ba babotlana bao ba nonofileng mo mmeleng, gore ba itsise bagolwane ba bone kana molebedi wa potologo ka keletso ya bone ya go direla. Komiti E E Agang ya Kgaolo e tla lo katisa lo ntse lo dira. Dikgono tsa go aga di ka kgona go bonwa ka bofefo. Fa re ntse re aga legae la Bethele kwa Roodekrans re ne re se na badiri ba ba nang le bokgoni ba ba lekaneng, ka jalo re ne ra thapisa bakaulengwe bao ba neng ba se na maitemogelo gore ba dire tiro ya go aga ka ditena, ba dire tiro ya go polasetara, ya go tsenya dipeipi, ya go betla ka dikgong, jalo le jalo. Tota le e leng le bokgaitsadi ba ne ba katisitswe mo ditirong tse di ntseng jaaka go tsenya dithaele le go penta, mme ba ne ba dira bontle tota.

7 Re kgothaletsa Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo gore di tsose tlhoafalo ya bakaulengwe. A banna ba ba tshwanelegang ba katise bakaulengwe ba ba dipelo di ratang le bokgaitsadi. Le mororo seno se ka nna sa ngotla lobelo lwa tiro kwa tshimologong, morago ga moo ka lobaka lo loleele banna ba ba tshwanelegang ka mo go oketsegileng ba tla kgona go tlhokomela ditiro di le dintsi. Seno se tla feleletsa ka gore tiro e tsamaisiwe ka tsela e e lekalekanang sentle mme ka go dira jalo e tla dira gore thulaganyo ya go aga e dirwe ka bofefo. Molemo o mongwe ke gore go itumedisa tota go bereka le badumedi mmogo le rona mo go agiweng ga Diholo tse dintle tsa Bogosi.

8 Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o sa dire gore o thuse jaanong. O tlile go bona thapiso mo dikarolong dingwe tsa go aga o ntse o gakologelwa gore Isaia 65:21, 22 e bontsha gore bokgoni jo o nang le jone gape bo tla dirisiwa mo lefatsheng je lesha.

SEABE SEO DIKOMITI TSE DI AGANG TSA KGAOLO DI NANG LE SONE

9 Dikomiti di le 22 Tse Di Agang tsa Kgaolo di thusa mo dikgatong tsotlhe tsa go rulaganya le go aga. Bakaulengwe bao ba direlang mo dikomiting tseno ke bagolwane bao ba nang le maitemogelo, mme ba ka kgona go neela dikakantsho tse di molemo tsa go aga Diholo tse dintle tseo di lebegang sentle tsa Bogosi mmogo le go boloka nako le madi. Ka ntlha ya boitemogelo joo ba nang le jone, ba ka kgona go thusa bagolwane ba lefelo leo gore ba dire tshwetso ya gore a go tla bo go le molemo go baakanya fela Holo eo e neng e ntse e le gone ya Bogosi kana go aga e ntšha, e bile ba ka kgona go ba thusa gore ba bone pele ga ba reka setsha gore a setsha seo ba se akantseng sa go aga holo e ntšha se a tshwanela kana jang. Gape ba ka thusa bagolwane gore ba kgone go lekanyetsa madi ao kago e tlileng go a ja le gore Holo ya Bogosi eo e leng gone e ka rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kanakang.

10 Pele ga lo reka setsha, go botlhale gore lo bone Komiti E E Agang ya Kgaolo. Dikomiti tseno di abetswe tiro ya go thusa mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi mo dikarolong tseo ba di abetsweng, e bile ba ka thusa mo go rekeng setsha. Ba na le dilo tseo di ba kaelang gore ba thuse bakaulengwe gore ba tile mathata ao ba ka rakanang le one fa ba batla setsha. Molebedi mongwe le mongwe wa potologo o na le leina, aterese, le dinomoro tsa mogala tsa modulasetulo wa komiti eno e bile a ka kgona go neela bagolwane ba lefelo la lona tshedimosetso eno fa go tlhokafalang gone.

11 Fa lo tlhopha setsha seo go tlileng go agiwa Holo ya Bogosi gone mo toropong eo e nang le diphuthego tseo di fetang e le nngwe, bagolwane ba lefelo la lona ba tshwanetse go tlotla kgang eno le Komiti E E Agang ya Kgaolo, molebedi kana balebedi ba potologo, molebedi wa toropo, gongwe le bagolwane bao ba leng mo diphuthegong tse di fa gaufi. Seno se ka thusa bagolwane ba lefelo leo gore ba tlhophe lefelo leo le tla siamelang phuthego kana diphuthego tseo di nang le seabe mo tirong eno e bile gongwe se ka thusa gore Diholo tsa Bogosi tseo di leng fa gaufi di se ka tsa tlala ka mo go feteletseng, mme gape se ka dira gore go nne le phatlha ya kgolo e e tla diregang mo isagweng mo lefelong leo. Mo metsesetoropong, Holo e le nngwe ya Bogosi gantsi e dirisiwa ke diphuthego di le tharo kana go feta. Tota le e leng le mo dikarolong tseo di sa tlalang go le go kalo ka batho, go ka nna ga tlhophiwa lefelo leo le ka kgonang go direla diphuthego di le pedi kana tse di oketsegileng. Re kgothaletsa diphuthego gore di dirise Diholo tsa tsone tsa Bogosi ka botlalo.

12 E re ka di dirisa dikaelo tseo di di neetsweng ke Mokgatlho, Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo di neela tirelo e e leng botlhokwa jaaka fa di thusa diphuthego tse di mo karolong ya bone ka ditiro tsa bone tsa go baakanya le go aga dikago tse disha. Ka nako ya fa go agiwa, go rulaganngwa baithaopi bao ba tla nnang gone fela ka nako eo ba tla bong ba tlhokafala ka yone mo mafelong a go aga e le gore ba se ka ba palelwa ke go nna gone kwa dipokanong le mo tirelong ya tshimo ya phuthego ya bone. Komiti E E Agang ya Kgaolo nngwe e ne ya bolela jaana: “Ka ntlha ya go bo re tswelela re dira boiteko ka metlha go dirisa dikaelo tsa Mokgatlho, re ile ra thusiwa go bebofatsa tiro ya go aga le go dira gore e wediwe ka bofefo.” Thulaganyo le bokgoni tseo di ithutilweng mo ditirong tseno di tla nna mosola mo go agiweng ga Holo ya Dikopano le mo go thuseng bakaulengwe go aga gape morago ga tshenyo eo e dirilweng ke matlhotlhapelo a tlholego. Tota e bile, baithaopi bangwe bao ba thapisitsweng ke Mokgatlho ba ile ba thusa mo go ageng diofisi tsa boranodi kwa Windhoek e bile ba bangwe ba tla dirisiwa mo go ageng katoloso e ntšha kwa Bethele.

13 Botlhe ba ka bontsha leungo la bopelonomi ka go dirisana mmogo le bao ba ba eteletseng pele mo tirong ya go aga. Ka tsela eno tiro eo e tlhokafalang e ‘wediwa ka botlalo’ e bile e dirwa ka “boitumèlō, e señ ka bohutsana.” (Dit. 14:26; Baheb. 13:17) Komiti E E Agang ya Kgaolo e ne ya kgona go bega jaana: “Tsela eo diphuthego di le tharo di neng di dirisana mmogo ka yone e ne e le eo e tlhomologileng. . . Bakaulengwe botlhe ba ne ba bontsha go gola semoyeng. Go ne go ipedisa go bereka le bone. E ne e le tiro eo motho a ka nnang a e gakologelwa ka metlha.”

GO TSHEGETSA DITIRO TSA GO AGA DIHOLO TSA BOGOSI KA MADI

14 Dithulaganyo tsa madi mangwe le mangwe ao a tlhokegang di tshwanetse tsa dirwa kwa tshimologong. (Luke 14: 28-30) Bagolwane ba tshwanetse ba leka go bona gore phuthego e kgona go duela ditshenyegelo tse di leng gone go le kana kang ka go batlisisa gore ba bone gore (1) go tla ntshiwa moneelo wa bokae ka kakaretso gore go thusiwe mo go rekeng setsha le ditshenyegelo tsa go aga, (2) go ka adimiwa bokae mo lefelong la lona le gore madi a tla nna gone ka lobaka lo lo kae, le gore (3) baboledi ba akantse go ntsha moneelo wa bokae kgwedi le kgwedi gore go duelwe dikadimo dipe fela mo godimo ga go tlhokomela ditshenyegelo tsotlhe tse dingwe tsa go dira.

15 Morago ga moo, bagolwane ba diphuthego tseo di tlhokang go thusiwa ka madi go tswa mo Letloleng la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi ba tshwanetse ba tlotla ka tiro eo ba akantseng go e dira le gore ba tla tlhoka madi a a kana kang ba tlotla tseno le molebedi wa potologo, yo o ka nnang a ba thusa ka go bolelela Mokgatlho ka ditlhokafalo tsa bone le dintlha ka botlalo tse di malebana le tiro eno. Morago ga gore tshedimosetso eno e romelwe kwa Mokgatlhong ke molebedi wa potologo, makwalo a romelwa ka tlhamalalo kwa diphuthegong tseo di amegang. Thuso ya madi e ntse e neelwa ka metlha fa madi a ntse a le gone le go ya ka tlhokafalo.

BOLOKA MOYA WA GO NNA O TLHAGAFETSE

16 Botlhe ba tshwanetse ba akgolelwa lebaka la go bo ba le pelotshweu jaana mo go tshegetseng Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi. Diphuthego tseo di ileng tsa thusiwa di ile tsa bolela kafa di anaanetseng ka teng. ‘Go lekalekanya’ go a diragala mo diphuthegong. (2 Bakor. 8: 14,15) Diphuthego di le nnè mo karolong e nngwe di ne tsa kwala jaana: “Abo re anaanela thulaganyo e e molemo eno jang ne, e bile abo re leboga bakaulengwe botlhe ba bantsi ba ba pelotshweu bao ba ileng ba ntsha moneelo mo Letloleng la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi . . . Eleruri, ba ile ba re bontsha lorato lo lo tlhomologileng lwa Bokeresete. Tsweetswee amogelang ditebogo tsa rona ka ntlha ya thuso yotlhe eo lo re neelang yone mo go direng gore tiro eno ya Diholo tsa Bogosi e atlege.” Phuthego e nngwe kwa Natala e ne ya kwala jaana: “Ka jalo bakaulengwe, re kwala lekwalo leno e le go lo leboga thata ka ntlha ya go bo lo re adimile madi ano gore re age holo ya rona. Kwa ntle ga kadimo eno eo re e anaanelang thata, bakaulengwe, re ne re ka se ka ra kgona go aga Holo ya Bogosi. Ka jalo bakaulengwe, re boa gape re re ‘Re A Leboga’ mo gogolo.”

17 Ka nako ya fa go agiwa Holo e ntšha ya Bogosi, tlhagafalo, tlhoafalo, le moya wa go leba dilo ka tlhomamo o dira gore tiro eno e atlege. One moya oo o tshwanetse wa tswelela jaaka fa re batla go lere batho ba bangwe ba le bantsi gore ba itse boammaaruri le gore re ba kgothaletse gore ba kopanele le rona mo Holong ya Bogosi. Tlhoafalo e e ntseng jalo ke pontsho e e bonalang ya kanaanelo eo e felelang ka koketsego e e tlhomologileng mo go bao ba nnang gone kwa dipokanong le ka tsela eo phuthego e golang ka yone ka kakaretso.

18 Jaaka fa re tswelela re ntse re atolosa bodihedi jwa rona, re iteka ka natla mo tirong eo re e dirang, ga go na pelaelo gore Jehofa o tla tswelela a ntse a re segofatsa. (Luke 13:24) Ga re itse gore re tlile go nna le kgolo le koketsego e e kana kang mo isagweng. Mme re tshwanetse ra nna re ntse re ipaakanyeditse go amogela koketsego epe fela eo e tla nnang gone ya baobamedi mo isagweng. Seno se batla gore re baakanyetse jaanong. Ka jalo, re rapela gore Jehofa a tswelele a ntse a re segofatsa le gore a re kaele. Fa re agela isagwe, e kete rotlhe re ka nna badiri mmogo le Jehofa—mo mmeleng, ka dilo tse di bonalang, le ka tsela ya semoya. Eleruri o tla re segofatsa jaaka fa re tlhokomela bao ba ologelang kwa thulaganyong ya gagwe ya Bogosi re ba tlhokomela ka tsela e e siameng mo karolong ya bofelo ya malatsi ano a bofelo.—Isa. 60:8, 10, 11, 22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela