LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/92 ts. 8
  • Kafa o ka Tlhagolelang Kgatlhego ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Tlhagolelang Kgatlhego ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maeto a go Boela a re Thusa go Simolola Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Boela Go ya Go Tsosa Kgatlhego mo Bibeleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Maeto A go Boela a a Motlhofo Le a A Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 11/92 ts. 8

Kafa o ka Tlhagolelang Kgatlhego ka Gone

1 Go ya ka bukantswe nngwe re ithuta gore “go tlhagola” go raya go baakanyetsa kgolo kana go e rotloetsa. Mme lefa go ntse jalo lefoko leno gape le ka raya go tokafatsa sengwe ka go bereka, go tlhokomela, kana ka thuto. Go dira barutwa ke boikaelelo jwa rona jo bogolo mo bodiheding jwa rona. (Math. 28:19, 20) Ka gone, re tlhoka gore re dire boiteko jwa go tlhagolela kgatlhego e re e bonang mo bodiheding jwa tshimo.

2 Gantsi go dira maeto a go boela kgapetsakgapetsa go a tlhokega gore re rotloetse kgolo ya semoya mo bathong ba ba dipelo di ikanyegang. Maeto a go boela a a ungwang a tla dira gore go nne le thuto ya Bibela ya ka metlha.

3 A o boela kwa bathong bao ba bontshang kgatlhego e kgolo fela? Ga go tlhokege gore o bo o tsamaisitse buka gore o tle o itse go boela. Mmulatsela mongwe yo o sa atlegeng ka metlha go tsamaisa dibuka mo loetong lwa ntlha o boela mongwe le mongwe yo o bontshang botsalano. Go nna le motlotlo o o molemo o mo go one o abalanang ka thuto ya Dikwalo go thaya motheo o o molemo wa go dira loeto lwa go boela.

4 Dirisa Dipampitshana go Simolola Dithuto tsa Bibela mo Maetong a go Boela: Ditlhogo tse di farologaneng tsa dipampitshana tsa rona di a dira mo motlheng wa rona. Di gatelela botlhokwa jwa go bona kitso ya Bibela le go e dirisa.

O ka bolela jaana:

◼ “Mo nakong e e fetileng re ile ra ithuta ka mabaka a go bo re tshwanetse go ikanya Bibela. Bibela e bolela ka isagwe ya mofuta mang?” Simolola go bala mo serapeng sa bobedi mo tsebeng ya 3 ya pampitshana ya Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha Le Le Nang le Kagiso. Lebang dikwalo tse di moo. Botsa mong wa ntlo gore o ikutlwa jang malebana le seo o se balang. Konela ka go sekaseka kgang e e kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Ka Moo Bo Ka Kgonagalang Ka Gone mo go Wena” mo tsebeng ya 5.

5 Ka tsela e e tshwanang, o ka dirisa pampitshana e e reng Go Na Le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa Ba Ba Suleng?

O ka nna wa re:

◼ “Jaaka re ile ra sekaseka seno pelenyana, batho ba le bantsi ga ba na tsholofelo mo Modimong. Ka sekai, ba botsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o na le maatla, ke ka ntlha yang a letlelela batho gore ba swe?’ Pampitshana eno e ka go thusa go arabela potso eo.” Lebisa tlhokomelo mo karolong e e simololang ka serapa sa bone mo tsebeng ya 2. Botsa potso nngwe e e tshwanelang morago ga serapa sengwe le sengwe, lo bo lo sekaseka dikwalo tse di umakilweng mme di sa tsopolwa. Koo batho ba setseng ba na le dibuka gone o ka nna wa tsamaisa dimakasine tsa bosheng gape.

6 Go Tsweledisa Thuto: Fa o latela ditsela tse di akantshitsweng fano, o tla bo o simolotse thuto ya Bibela ya legae. Gore lo tsweledise motlotlo ono ka metlha, botsa mong wa ntlo jaana kwa bokhutlong jwa loeto lwa gago: “A o ile wa lemoga gore re arabile dipotso tse di botlhokwa mo metsotsong e sekaenyana fela? Mo bekeng e e latelang re tla senya nakonyana e e oketsegileng re bua ka tsholofelo ya tsogo kana setlhogo sengwe se se go kgatlhang.” Nako le nako fa o boela o ka dirisa nngwe ya dipotso tse di umakilweng mo ditlhogong tseno. Mo nakong e e tshwanetseng, o ka simolola go dirisa boroutšhara nngwe kana wa simolola thuto o dirisa buka ya Tshelela Ruri.

7 Abo go itumedisa jang ne go tshwara thuto ya Bibela le motho yo o batlang boammaaruri ka mmannete! Ekete re ka segofadiwa ka go nna le bodihedi jo bo nang le matswela ka go dirisa dikakantsho tseo re di neilweng malebana le go tlhagolela kgatlhego e re e bonang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela