Go Dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Tsela E E Mosola
1 Tora ya Tebelo le Tsogang! ke dimakasine tse di botlhokwatlhokwa ebile di le mosola thata tse batho ba ka di balang gompieno. Ka ntlha yang? Ka gonne boammaaruri jwa semoya jo di nang le jone bo tla ama matshelo a batho ruri ka bosakhutleng. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba amega thata ka seo ba se tlhokang semoyeng, kana ga ba itse gore ba ka leba kae go kgotsofatsa keletso eo. Re na le tshiamelo ya go etsa moaposetoloi Paulo ka go thusa batho gore ba bulege matlho semoyeng.—Math. 5:3; Dit. 26:18.
2 Nna le Maikutlo A A Siameng Mme O Bo O Baakanyetse Sentle: Go ka tswa go na le batho ba sekadinku mo tshimong ya lona ba ba ka nnang ba amogela boammaaruri. Ba bangwe ba ka nna ba tlhoka fela kgothatso e e bonolo ya gore ba bale dimakasine tseno. Ka gone he, nna le maikutlo a a siameng le moya wa kgothatso fa o tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! Nna o tshotse dimakasine tse di lekaneng mme o sole sebaka sengwe le sengwe molemo ka go di tsamaisa, tota lefa o tsamaisa dikgatiso tse dingwe.
3 Ke eng se se ka dirang gore re nne le matswela fa re tsamaisa dimakasine? Sa ntlha, rona ka borona re tshwanetse ra anaanela botlhokwa jwa tsone thata. Re tshwanetse ra bo re tlwaelane thata le ditlhogo tse di mo dimakasineng tseno tse re di tsamaisang, mme seno se tla dira gore re nne le tshepo ebile re nne tlhaga fa re di buelela. Nna o gakologetswe seno fa o simolola fela go di bala. Tlhopha dintlha ka botlhale tse o tla di tlhomololang mo bodiheding. Ipotse jaana: ‘Totatota setlhogo seno se tla ratiwa ke bomang? A se tla anaanelwa ke mmalelapa, mosha, kana gongwe rakgwebo? A ntlha eno e tla tsosa kgatlhego mo ngwaneng wa sekolo, motho yo o nyetseng, mongwe yo o amegileng ka tikologo?’ Gore tota re nne le matswela, re tshwanetse ra kgona go buelela dimakasine tseno tse di ikaegileng ka kitso ya rona ka namana le go ipelela ditlhogo tsa tsone tse di mo nakong.
4 Dirisa Ditokololo tsa Bogologolo ka Tsela E E Mosola: Gakologelwa, Tora ya Tebelo le Tsogang! ga di felelwe ke mosola wa tsone le fa di sa tsamaisiwa tsotlhe mme di fetilwe ke kgwedi e le nngwe kana di le pedi morago ga letlha le le bontshitsweng mo tokololong ya tsone. Tshedimosetso e di nang le yone ga e felelwe ke botlhokwa fa nako e ntse e tsamaya, mme ga re a tshwanela go okaoka go tsamaisa dikopi tsa bogologolo fa e le gore di sa ntse di le mo boemong jo bo siameng. Fa re emela gore dimakasine di nne mokoakoa mme re sa di tsamaise go bontsha gore ga re anaanele didirisiwa tseno tse di botlhokwa. Makasine mongwe le mongwe o tshotse boammaaruri jo bo ka kgonang go tsosa keletso ya semoya le go e kgotsofatsa. Go na le gore re seegele ditokololo tse dikgologolo kwa thoko le go di lebala, a go ka se nne molemo gore re dire boiteko jo bo kgethegileng jwa go di neela batho ba ba kgatlhegang kana segolobogolo re di tlogela mo lefelong le di ka sekang tsa bonala teng fa go sena batho mo gae? Pele o ka dira seo tlhomamisa ka dinako tsotlhe gore di kwadilwe “Kopi ya Mahala ya Sekaelo.”
5 Makasine wa Tsogang! o thusitse batho ba le bantsi ba pele ba kileng ba bo ba sena sepe le dilo tsa semoya gore ba amege ka seo ba se tlhokang semoyeng. Tora ya Tebelo ke sedirisiwa sa konokono mo thulaganyong ya go fepa batho ba ga Jehofa semoyeng. Dimakasine tseno di nyalana ka tshwanelo, mme di dira karolo ya botlhokwa mo go rereng dikgang tse di molemo.
6 Jaaka re tla bo re sola sebaka sengwe le sengwe molemo ka go tsamaisa dimakasine tseno, re tla nna le tshepo e e tletseng ya gore di tla nna le matswela mo go fitlheleleng dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke batho ba sekadinku. Re batla go nna le boikutlo jo bo siameng, go baakanyetsa sentle, le go nna ka metlha mo bodiheding. Jaaka baboledi ba mafoko a a molemo, ekete rotlhe re ka dirisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka tsela e e mosola ka metlha.