Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka A Boammaaruri
1 Mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya January 1, 1994, mo tsebeng 22, re ne ra gakololwa gore dimakasine tsa rona di gatisa “ditlhogo tse di mo nakong tse di buang ka dilo tse batho ba di tlhokang tota.” Re batla go anamisa makwalopaka ano ka bontsi jo bogolo. Ka dikgwedi tsa April le May, re tla bo re tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo bodiheding jwa rona ka peeletso. Le mororo peeletso ya Tora ya Tebelo e le yone tota re e tsamaisang, o ka buelela peeletso ya dimakasine tsoopedi mo makgetlong a mantsi.
2 Tiro ya ntlo le ntlo e re fa sebaka se se molemo thata sa go ka tsamaisa dimakasine tseno le go buelela peeletso. Go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo le go dira maeto a go boela ka tsela e e botswerere go ka dira gore re tsamaise dimakasine ka metlha. Go dira tiro ya mmila le go etela mafelo a kgwebo a a mo tshimong ya rona le gone ke ditsela tse dingwe tse re ka bonang dipeeletso ka tsone le go oketsa dimakasine tse re di tsamaisang.
3 Ditlhogo tse O ka Tlotlang ka Tsone: Tokololo ya April 1 ya Tora ya Tebelo e bua ka ditlhogo tse di reng “Lefatshe Le Le Botoka—A Ke Toro Fela?” le “Lefatshe Le Le Botoka—Le Gaufi!” Seno tota se dumalana le boikaelelo jwa makasine ono jwa go itsise ka Bogosi jwa Modimo. Setlhogo sa bobedi se konela ka go supa ka moo paradaise e e tla nnelang ruri e tla nnang selo sa mmatota kafa tlase ga puso ya ga Keresete Jesu.—Luke 23:43.
4 Go tlotliwa ka potso e e reng “Ke Kae Koo O Ka Bonang Kaelo E O Ka E Ikanyang?” mo tokololong ya April 15. Ditokololo tsa May di tla tlotla ka mo go oketsegileng ka kgang eno mo ditlhogong tse di reng “A Bodumedi Bo Go Kgotsofatsa Ka Dilo Tse O Di Tlhokang?” le “Ke Eng Fa O Tshwanetse go Bala Bibela?” Go tshwanetse ga nna motlhofo gore re kgone go tlotla le batho ba ba ikutlwang gore ga ba bone mosola ope mo botshelong jwa bone.
5 Go Oketsa Dimakasine Tse Di Tsamaisiwang: Tora ya Tebelo ya January 1 e ile ya neela dikakantsho tse nne tsa go oketsa dimakasine tse re di tsamaisang. Re ne ra kgothalediwa go (1) kgothalela dimakasine. Fa re di bala, re tshwanetse go akanya gore ke ditlhogo dife tse di tla kgatlhang batho ba ba mo tshimong ya rona. Mo godimo ga moo, fa ka metlha re tsamaya re tshotse dimakasine, re ka kgona go di tsamaisetsa batho ba re dirang le bone, baagisani, barutabana, ba re tsenang sekolo le bone, kana beng ba mabenkele.
6 Re ne ra gakololwa gore (2) re dire puisano ya rona motlhofo. Tlhopha ntlha e e kgatlhang e le nngwe mme o bue mafoko a sekaenyana fela. Fa o ka kgona go isa makasine kwa lelapeng, e tla “bua” le motho yo o kopaneng le ene kana le batho ba bangwe ba ba leng mo ntlong.
7 Selo se sengwe se se tlhokegang ke gore (3) re fetofetoge. Go molemo go akanya ka ditlhogo tse di farologaneng tse o ka tlotlang ka tsone—akanya ka se se buang ka basha, se sengwe ka banna, le sengwe se se farologaneng ka basadi.
8 Sa bofelo, (4) motho ka namana o tshwanetse go ipeela mokgele wa dimakasine tse a tla di tsamaisang. Le mororo phuthego e sa kgone go re tlhomela palo e e rileng, mongwe le mongwe a ka ipeela mokgele. Seno se ka re tlhotlheletsa thata go tlhoafalela go tsamaisa dimakasine. Fa e le gore re tsamaisa palo e e rileng ya dimakasine tse re di otarang, re tla tlhotlheletsega go tsamaisa tse di oketsegileng motho ka namana.
9 Re batla gore batho ba bangwe ba itse ka Bogosi jwa Modimo. A re direng gotlhe mo re ka go kgonang go dirisa thuso e e molemo e re e bonang mo dimakasineng tseno gore re anamise molaetsa wa Bogosi.—Math. 10:7.