Pokano ya Tirelo e re Etleeletsa Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo
1 Boikaelelo jwa Pokano ya Tirelo ke go re tlhotlheletsa le go re etleeletsa gore re nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera le ya go dira barutwa. (2 Tim. 3:17) Lefa go ntse jalo, fa re sa baakanyetse dipokano sentle kana fa re sa dirise dilo tse re di ithutang, re ka se ka ra solegelwa molemo mo go kalo.
2 Go ipaakanyetsa go sa le gale go tla go thusa gore o tlhaloganye tshedimosetso eo sentle thata. Tlhatlhoba dikgatiso tse di tla dirisiwang, mme o tle le tsone gore o tle o kgone go ipalela le go nna le seabe. Nna moreetsi yo o molemo, mme o kwale dintlha gore o tle o di dirise mo nakong e tlang.
3 Molebedi yo o okamelang o tlhatlhoba dikarolo tse di rulaganyeditsweng mo pokanong ka kelotlhoko. Di abelwa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba nang le bokgoni gore ba di ipaakanyetse. (om-TN ts. 70) Diphuthego tse di senang bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba lekaneng di ka nna tsa abela bakaulengwe ba bangwe ba ba tshwanelegang gore ba ba thuse. (km-TN 10/76, Letlole la Dipotso) Sebui sengwe le sengwe se tshwanetse go ipaakanyetsa sentle, se ngaparela kaelo e e neetsweng, mme se tlhomamise gore ga se je nako.
4 Gantsi pokano e simololwa ka dikitsiso. Mokaulengwe yo o abetsweng go neela dikitsiso o tshwanetse go ikgolaganya le molebedi yo o okamelang go sa le gale gore a tle a itse gore ke dilo dife tse di tshwanetseng go umakiwa. Dilo tseno di ka tswa di akaretsa makwalo a a tswang kwa Mokgatlhong kana e le dikgakololo tse di leng malebana le dithulaganyo tsa tirelo kana tsa dipego tse di dirwang kgwedi le kgwedi. Re ka nna ra utlwa ka batho ba ba lwalang ba ba tlhokang go etelwa kana ra utlwa ka botlalo ka ditiro tsa phuthego tse di rulaganyeditsweng go dirwa mo isagweng. Tlhwaya tsebe gore o tle o itse ka dilo tseno le gore o tle o ipaakanyetse go dira karolo ya gago.
5 Fa go na le karolo nngwe mo pokanong e go tlhokegang gore bareetsi ba nne le seabe mo go yone, ipaakanyetse ka go bala karolo eo yotlhe mme o bale le dikwalo. Akanya ka moo o ka dirisang dikakantsho tseo ka teng le ka moo o ka akgelang ka teng gore o kgothatse ba bangwe. O ka nna wa supa gore tshedimosetso eo e botlhokwa jang ka go anela boitemogelo bongwe jo bo khutshwane.
6 Fa go na le pontsho, leka go ipona o le boemong jo bo tshwanang, mme o akanye gore wena o ne o tla reng. Ela dipuisano tse di dirisiwang tlhoko le tsela e go buisanwang ka gone. Leka go gakologela gore o ne wa reng mo lekgetlong la bofelo fa o ne o le mo boemong jwa mofuta ono, mme o akanye ka moo dintlha tse di supilweng mo pontshong di ka go thusang gore o nne le matswela a a botoka mo nakong e e tlang.
7 Batho ba ba dirang dipontsho le ba ba botsolodiwang ba tshwanetse go tlhatlhobiwa sentle go sa le gale. Mongwe le mongwe o tshwanetse gore a itse gore o tla reng le gore o tshwanetse go dira eng kwa seraleng. Ga se gantsi dikarolo tse di sa boelediwang di tlhotlheletsang kana di kgothatsang bareetsi. Ba bangwe ba tla ba ipaakanyeditse gore ba tle go boeletsa dikarolo tsa bone morago ga Thuto ya Tora ya Tebelo gore ba tle ba kgone go ithapisa mo seraleng le go dira gore bakaulengwe ba ba tlhokomelang dimaekorofouno ba tle ba itse gore go tla tlhokega gore ba direng.
8 Ka dinako tse dingwe thulaganyo e ka nna e e malebana le puo e e buang ka sengwe se se kgethegileng se se tlhokegang mo phuthegong kana ka setlhogo sengwe se se tswang go Tora ya Tebelo. Reetsa ka kelotlhoko, tsaya tsia kgakololo mme o leke go e dirisa.
9 Re batla go “[ipaakanyetsa NW] rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Tim. 2:21) Pokano ya Tirelo ke nngwe ya dilo tse Jehofa a re di baakanyetsang gore di re thuse go dira jalo. Fa re nna teng ka metlha mme re dira maiteko a go dirisa dilo tse re di ithutang re tla thusega tota gore re kgone go ka ‘swetsa tirelo ya rona.’—2 Tim. 4:5.