LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/94 ts. 4
  • Nonotsha Tumelo mo Mmoping wa Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nonotsha Tumelo mo Mmoping wa Batho
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa ba Bangwe go Tlotla Modiri wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Dipuisano Tseo di Tsosang Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Bolela Mafoko a a Molemo ka Boikutlo jo bo Siameng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Boela Go ya Go Thusa Batho Gore ba Ithute Kafa ba ka Tshelelang Ruri ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 6/94 ts. 4

Nonotsha Tumelo mo Mmoping wa Batho

1 Batho ba bantsi mo tshimong ya rona ba bolela gore ba dumela mo Mmoping le mo Lefokong la gagwe, Bibela. Se se utlwisang botlhoko ke gore, ba bantsi ba itumelela go nna le kitso e nnye fela ka Bibela e bile ga ba akanye thata ka go nna le kamano le Modimo ka namana. Buka ya Lefoko la Modimo e sekaseka Bibela tota mme e re naya bosupi jo bontsi thata jwa gore eleruri ke Lefoko la Modimo. Re ka thusa batho ba ba tlhoafetseng ba ba itshupileng ba batla go reetsa jang? Ka go dira maeto a go boela. Go botlhokwa gore fa re boela re bo re na le sengwe se se tlhomameng se re se akantseng se re tlileng go se bolela se se tla ba thusang gore ba dumele mo go Jehofa jaaka Mmopi wa rona le mo Lefokong la gagwe, Bibela.

2 Tsela eno ya go bua e ka nna mosola thata mo go simololeng motlotlo le motho yo o neng a supa fa a dumela Bibela:

◼ “Timotheo wa Bobedi 3:16, 17 e bolela sengwe se se nonofileng mabapi le go kwalwa ga Bibela; ke rata go itse gore o akanya eng ka yone. [Bala o bo o letela kakgelo.] A ga o dumelane le nna gore fa batho ba bantsi ba ka bo ba leba Bibela ka tsela eno, re ne re tla nna le mathata a sekae fela a a masisi mo tikologong ya rona?” Mo letle a akgele. Bala serapa 4 mo go tsebe 176 mo bukeng ya Lefoko la Modimo. Botsa mong wa ntlo gore a o ka boa ka nako nngwe e e mo siametseng go tla go tsweletsa motlotlo.

3 O ka nna wa simolola motlotlo ka go bolela jaana:

◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, go ne ga tsoga potso e e reng, Go tlile go diragala eng ka motho le lefatshe leno mo isagweng? Bona gore buka e ke e go tlogeletseng e araba potso eno jang.” Bula tsebe 161 ya buka Lefoko la Modimo mme o mo kgothaletse go bala serapa 29 le 30. O ka nna wa botsa jaana fa a santse a supa kgatlhego: “Fa e le gore isagwe e tlile go nna jaana, ke eng fa lefatshe le tletse ka thubakanyo le masetlapelo jaana?” Fa go tshwanela, le ka tlotla ka ntlha eno gone fela foo kana mo loetong lo lo latelang ka go tlotla ka kgaolo 10 ya buka ya Lefoko la Modimo.

4 O ka nna wa bolela jaana fa mong wa ntlo a ne a tsere buka ya “Lefoko la Modimo” mo leetong la ntlha:

◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng re ne ra bua gore re tlhoka kaelo e e botlhale mo metlheng e e bokete eno. Mo bukeng e ke e go tlogeletseng, go na le kgaolo e e buang fela ka ntlha eno. A o ka rata go tla le buka ya gago? Ela tlhoko kgaolo 12 mo go tsebe 162, e e nang le setlhogo se se reng ‘Motswedi wa Maemo A A Kwa Godimo wa Botlhale.’ A re tlotle ka dirapa di sekae tsa ntlha tsa setlhogo seno mmogo.” Bala o bo o tlotle ka serapa 1 le 2. Rulaganya go boa le go tla go tsweledisa motlotlo pele.

5 O ka simolola loeto lwa go boela gape ka go bolela jaana:

◼ “Batho ba ile ba utlwa botlhoko ba bo ba swaba tota ka ntlha ya bosula le boikepo. Lefoko la Modimo, Bibela, le tlhalosa lebaka la go bo re na le mathata ano. [Bula tsebe 134, o bo o bala serapa 1 sa kgaolo 10.] Ba ba iphang nako ya go sekaseka Bibela ba tla kgona go tlhaloganya boperofeti jo bo tlhomologileng jono jwa Bibela mme ba tla nna le tsholofelo ya go bona lefatshe leno le fetolwa paradaise e ntle.” Tlhalosetsa mong wa ntlo ka thulaganyo ya go nna le thuto ya legae ya Bibela ya mahala, o mmolelele gore o ka boa gape ka nako e e mo siametseng.

6 Baboledi ba ba nang le boitemogelo ba ile ba lemoga gore go molemo thata go rulaganya dinako tse di tlhomameng tsa go dira maeto a go boela. Go dira dithulaganyo tse di tlhomameng mo tirong eno go tla go thusa gore o boele ka bonako kwa go ba ba kgatlhegang. Batla nako e e go siametseng le e e siametseng batho ba ba nnang mo tshimong. Go nna le seabe ka metlha mo tirong eno go tla dira gore o itumelele go dira tiro ya go ‘dira barutwa.’—Math. 28:19, 20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela