Go Bona Batho ba ba Kgatlhegang ka Bosupi Jwa Mmila jo bo Nang le Matswela
1 Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba batle batho ba ba tshwanelegang go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi. (Math. 10:11) Lefa go ntse jalo, mo mafelong a mantsi gompieno go nna thata le go feta gompieno go kopana le batho mo magaeng a bone. Ka jalo, ke eng se re ka se dirang gore re fitlhelele batho ba ba tshwanelegang ba re sa ba fitlheleng?
2 Bosupi jwa mmila e ka nna tsela e e molemolemo e re ka bonang ka yone batho ba re sa ba fitlheleng mo tirong ya ntlo le ntlo. Re ka neela bosupi jwa mmila fa maemelong a dibese, gaufi le difolete tse di disiwang thata, mo diparakeng, le mo mafelong a mangwe ao mo go one batho ba dirang ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.
3 Fa go umakiwa bosupi jwa mmila, batho ba bangwe ba a tshoga. Ba ka tswa ba okaoka go nna le seabe mo tirong eo ka go bo ba le ditlhong kana ka go bo ba akanya gore ba tla kgesiwa ke batho ba ba sa batleng go utlwa molaetsa wa Bogosi. Gantsi dilo tseno ga di direge. Batho bao e leng kgale ba dira tiro eno ba bolela gore ga e boima go feta bosupi jwa ka ntlo le ntlo. Gone mme, ba fitlhela gore bontsi jwa batho ba setse ba tlwaetse go tlhola ba emisiwa ke batho ka mabaka a a farologaneng, mme bangwe ba ka tswa ba rata go bua kana go reetsa foo go na le jaaka ba ka bo ba dira fa motho a ba etetse kwa matlong a bone. Ka jalo fa re ‘sosologa,’ re ka nna ra gakgamadiwa fa re nna le matswela a a itumedisang.—1 Bathes. 2:2.
4 Tiro ya mmila e ka dirwa jang ka tsela e e molemolemo? Go botlhokwa gore motho a baakanyetse sentle. Bala makasine go sa le gale, mme o tlhophe dintlha tse o tla buang ka tsone tse o bonang gore di tla kgatlha batho ba o tla kopanang le bone. Puisano ya metsotswana e le 30 e siame. Mokgele wa rona ke go kopana le batho, tlhopha lefelo le mo go lone go fetang batho ba bantsi gone ka metlha. Le mororo go le molemo gore o nne le mmoledi yo mongwe gautshwane, gantsi go botoka gore mongwe le mongwe a bereke a le nosi. Baboledi ba ba emang mmogo ba ka nna ba senya nako ba bua mmogo ba sa ele batho ba ba batlang go reetsa molaetsa wa Bogosi tlhoko.
5 Go ema fela mo lefelong le le lengwe o supa dimakasine ga se tsela e e molemolemo jaaka fa e ka bo e nna wena o atamelang batho. Leka go leba batho mo matlhong. Bontsha lorato, nna botsalano, mme o tlhamalale fa o leka go simolola motlotlo. Mo makgetlong a mangwe, go ka nna ga tlhokega gore o tsamaye go sekaenyana le motho fa o ntse o bua le ene. Fa a kgatlhega, mo tsamaisetse dimakasine. Fa motho a sa tseye dimakasine, o ka nna wa mo tsamaisetsa pampitshana.
6 Gantsi go botoka go baakanyetsa puisano e e tla tsosang potso kana go bua sengwe se se tla tsosang kgatlhego. Fa motho a arabela sentle, leka go kwala leina, le aterese ya motho yoo, mme gongwe o ka nna wa kwala le nomoro ya gagwe ya mogala gore o tle o kgone go ka ikgolaganya gape le ene. O ka nna wa bolela jaana: “Fa e le gore o rata go ithuta mo go oketsegileng, nka rata go go etela kwa legaeng la gago kana go rulaganya gore Mosupi yo mongwe a dire jalo.”
7 Mogolwane mongwe yo o neng a neela bosupi jwa mmila o ne a atamela mosadi mongwe mme a utlwa gore ga a ise a ko a bue le Basupi kwa legaeng la gagwe. O ne a tsaya buka mme a dumela gore kgaitsadi mongwe a mo etele kwa lelapeng la gagwe ka nako e e mo tshwanelang. Eleruri re ka bona batho ba bangwe ba bantsi ba ba tshwanelegang ba re ka ba thusang fa re neela bosupi jwa mmila ka tsela e e molemolemo.—Dit. 17:17.