LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/95 ts. 7
  • Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o Dire Botswelelopele
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Basha—Dirang Gore Botswelelopele Jwa Lona bo Bonatshege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 12/95 ts. 7

Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege

1 Ikgopotse nako ya fa o ne o utlwa molaetsa wa Bogosi la ntlha. Boammaaruri jo bo motlhofo bo ne bo dira gore o batle go itse le go tlhaloganya. Go ise go ye kae o ne wa bona go tlhokega gore o dire diphetogo ka gonne ditsela tsa ga Jehofa di kwa godimo thata go na le tsa gago. (Isa. 55:8, 9) O ne wa gatela pele, wa ineela mme wa ba wa kolobediwa.

2 Lefa gone o ne o setse o gatetse pele semoyeng, go ne go santse go na le bokoa jo o neng o tshwanetse go bo fenya. (Bar. 12:2) Gongwe o ne o tshaba batho, e leng selo se se neng se dira gore o etsaetsege go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Kana gongwe o ne o palelwa ke go bontsha maungo a moya wa Modimo. Go na le gore o ikgogone, o ne wa ititaya sehuba gore o tla gatela pele ka go ipeela mekgele ya puso ya Modimo.

3 Go ka ne go setse go fetile dingwaga di le mmalwa jaanong fa e sa le o ineela. Fa o leba kwa morago, ke kgatelopele efe e o bonang o e dirile? A o fitlheletse mekgele mengwe ya gago? A o santse o tlhoafetse jaaka o ne o tlhoafetse ‘mo tshimologong’? (Baheb. 3:14) Timotheo e ne e setse e le Mokeresete yo o godileng semoyeng e bile a na le maitemogelo a dingwaga di le dintsi fa Paulo a ne a mo kgothatsa jaana: “O tle o tlhoafale mo dilong tse; o ineele mo go tsone ka bojotlhe jwa gago; gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo go botlhe.”—1 Tim. 4:15.

4 Go Tlhokega Gore Motho a Itlhatlhobe: Fa re akanya ka ditsela tsa rona tsa nako e e fetileng, a re fitlhela gore re santse re na le bokoa bongwe jo re neng re na le jone fa re ne re simolola? A re paletswe ke go fitlhelela mekgele mengwe e re neng re e itlhometse? Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang? Le mororo re ka tswa re ne re na le maikaelelo a a siameng, gongwe re ile ra senya nako. Gongwe re ile ra dira gore ditiro tsa botshelo jono kana mathata a tsamaiso eno a re kganele.—Luke 17:28-30.

5 Lefa re sa kgone go dira sepe ka se se diragetseng mo nakong e e fetileng, eleruri re ka kgona go dira sengwe ka isagwe. Re ka nna ra itlhatlhoba ka boikanyegi, re batlisisa gore re tlhaela fa kae mme morago ga foo re bo re dira maiteko a mmatota go tokafatsa. Re ka nna ra tlhoka go tokafatsa mo go bontsheng maungo a moya wa Modimo, a a ntseng jaaka boikgapo, boingotlo kana bopelotelele. (Bagal. 5:22, 23) Fa go le thata gore re utlwane le batho ba bangwe kana go dirisana mmogo le bagolwane, go botlhokwa gore re leke go ikokobetsa le go nna boingotlo.—Bafil. 2:2, 3.

6 A re ka kgona go dira gore botswelelopele jwa rona bo bonatshege ka go dira ka natla gore re tshwanelegele tshiamelo nngwe ya tirelo? Fa bakaulengwe ba dira maiteko a a oketsegileng ba ka kgona go tshwanelega go nna batlhanka ba bodiredi kana bagolwane. Bangwe ba rona re ka kgona go ikwadisa go nna babulatsela ba ka metlha. Batho ba bangwe ba ba oketsegileng ba ka kgona go fitlhelela mokgele wa go nna babulatsela ba ba thusang. Ba bangwe ba ka nna ba leka go tokafatsa mekgwa ya bone ya go ithuta, ba nna le seabe ka mo go oketsegileng mo dipokanong tsa phuthego, kana ba nna baboledi ba phuthego ba ba nang le matswela ka mo go oketsegileng.

7 Le gale go ikaegile ka mongwe le mongwe wa rona gore re dire tshwetso ya gore re tlhoka go dira kae botswelelopele. Re ka tlhomamisega gore boiteko jwa mmatota jwa go ‘gagamalela kwa boitekanelong’ bo tla oketsa boitumelo jwa rona thata e bile bo tla dira gore re nne maloko a a nang le matswela thata a phuthego.—Baheb. 6:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela